Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thapelo ya Morena—Se e Se Kayang mo go Wena

Thapelo ya Morena—Se e Se Kayang mo go Wena

Thapelo ya Morena—Se e Se Kayang mo go Wena

MAFOKO a Thapelo ya Morena, a Jesu Keresete a neng a a bua mo Therong ya kwa Thabeng, a fitlhelwa mo Baebeleng mo go Mathaio kgaolo 6, temana 9 go ya go 13. Jesu o ne a bolela jaana pele ga a rapela thapelo eno: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe, fela jaaka batho ba ditšhaba ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a le mantsi.”—Mathaio 6:7.

Go bonala sentle gore Jesu o ne a sa reye gore Thapelo ya Morena e boelediwe fela jaaka e ntse lefoko ka lefoko. Ee gone, moragonyana o ne a boeletsa thapelo eno gore e utlwiwe ke bareetsi ba bangwe. (Luke 11:2-4) Mme mafoko a thapelo eno ga a tshwane mo pegong ya Efangele ya ga Mathaio le ya ga Luke. Gape, dithapelo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba di rapela morago ga foo di ne di sa dirise mafoko a thapelo ya sekao fela jaaka a ntse.

Ke eng fa Thapelo ya Morena e kwadilwe mo Baebeleng? Jesu, ka thapelo eo ya sekao, o re ruta kafa dithapelo tsa rona di ka amogelwang ka teng ke Modimo. Gape mo thapelong eno re fitlhela dikarabo tsa dipotso dingwe tsa konokono tsa botshelo. Ka jalo a re sekasekeng karolo nngwe le nngwe ya Thapelo ya Morena.

Leina la Modimo ke Mang?

“Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Mafoko ao a ntlha a thapelo ya sekao a re thusa go atamalana le Modimo ka go mmitsa “Rraarona.” Jaaka ngwana yo ka tlholego fela a ratang motsadi wa gagwe yo o lorato le yo o akanyetsang, re ka atamela Rraarona yo o kwa legodimong re tlhomamisegile gore o batla go re utlwa. Kgosi Dafide o ne a opela jaana: “Wena Moutlwi wa thapelo, batho ba nama yotlhe ba tla tla kwa go wena.”—Pesalema 65:2.

Jesu o re laela gore re rapelele gore leina la Modimo le itshepisiwe kgotsa le tsewe le le boitshepo. Mme gone leina la Modimo ke mang? Baebele e araba ka mafoko ano: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) A o kile wa bala leina Jehofa mo Baebeleng?

Totatota leina la Modimo, e bong Jehofa, le tlhaga makgetlho a ka nna 7 000 mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele. Le fa go ntse jalo, baranodi bangwe ba ntshitse leina leno mo dithanolong tsa bone tsa Baebele. Ka jalo, go a tshwanela go rapelela gore Mmopi wa rona a itshepise leina la gagwe kgotsa a le dire boitshepo. (Esekiele 36:23) Tsela e nngwe ya go dira tumalanong le thapelo eo ke go dirisa leina Jehofa fa re rapela Modimo.

Mosadi mongwe yo o bidiwang Patricia o ne a godisitswe e le Mokatoliki mme o ne a itse Thapelo ya Morena sentle. O ne a arabela jang fa Mosupi wa ga Jehofa mongwe a ne a mmontsha leina la Modimo mo Baebeleng? A re: “Ke ne ke sa dumele! Ka jalo ke ne ka ipalela mo Baebeleng ya me, mme le ne le le teng le mo go yone. Go tswa foo Mosupi yoo o ne a mpontsha Mathaio 6:9, 10 mme a tlhalosa gore leina la Modimo le a umakiwa mo Thapelong ya Morena. Ke ne ke itumetse tota mme ka mo kopa gore a ithute Baebele le nna.”

Thato ya Modimo e Dirwe mo Lefatsheng

“A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Karolo eno ya thapelo ya ga Jesu ya sekao e tla diragadiwa jang? Batho ba bantsi ba akanya gore legodimo ke lefelo le le nang le kagiso le le le ritibetseng. Dikwalo tsa re legodimo ke ‘bonno jo bo kwa godimo jo bo boitshepo le jo bontle’ jwa ga Jehofa. (Isaia 63:15) Ke gone ka moo re rapelelang thato ya Modimo gore e diragale mo lefatsheng “jaaka kwa legodimong”! A mme seno se tla tsamaya se direga?

Moporofeti wa ga Jehofa e bong Daniele o ne a bolelela pele jaana: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a lefatshe], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Go ise go ye kae Bogosi jono jwa kwa legodimong, kgotsa puso, e tla tsaya kgato ya go tlisa kagiso mo lefatsheng lotlhe ka puso ya tshiamo.—2 Petere 3:13.

Go rapelela gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore thato ya gagwe e diragale mo lefatsheng go bontsha gore re na le tumelo e e se nang go re swabisa. Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Johane o ne a kwala jaana: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’” Go tswa foo Johane a oketsa a re: “Mme Yo o ntseng mo setulong sa bogosi a re: . . . ‘Kwala, ka gonne mafoko ano a a ikanyega e bile a boammaaruri.’”—Tshenolo 21:3-5.

Thapelo le Dilo Tse re di Tlhokang

Go ya ka se Jesu a se buileng mo thapelong ya sekao, o ne a bontsha gore fa re rapela, re tshwanetse go tshwenyega thata ka leina la Modimo le thato ya gagwe. Le fa go ntse jalo, thapelo ya sekao e bua gape le ka dilo tse motho a ka di ikopelang mo go Jehofa ka tsela e e tshwanetseng.

Ya ntlha mo go tseno ke: “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno.” (Mathaio 6:11) Eno ga se kopo ya dikhumo. Jesu o ne a re kgothaletsa go rapelela “senkgwe sa rona sa letsatsi go ya ka se re se tlhokang mo letsatsing leo.” (Luke 11:3) Go dumalana le Thapelo ya Morena, re ka rapela re na le tumelo gore Modimo o tla re naya dilo tse re di tlhokang letsatsi le letsatsi fa re mo rata e bile re mo utlwa.

Go tlhobaela ka tsela e e feteletseng ka mathata a itsholelo go ka dira gore re tlhokomologe dilo tse re di tlhokang semoyeng mme ka jalo re palelwe ke go dira se Modimo a se batlang mo go rona. Mme fa re baya kobamelo ya Modimo kwa pele mo matshelong a rona, re ka tlhomamisega gore dikopo tsa rona tsa dilo tse re di tlhokang, jaaka dijo le diaparo, di tla utlwiwa mme di arabiwe. Jesu o ne a re: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo], mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:26-33) Go batla tshiamo ya Modimo ga go motlhofo ka gonne rotlhe re baleofi e bile re tlhoka go itshwarelwa. (Baroma 5:12) Thapelo ya Morena e akaretsa le kgang eo.

Kafa Dithapelo Tsa Rona di Amanang ka Teng le go Itshwarelwa

“O re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.” (Mathaio 6:12) Mo pegong ya ga Luke ya Thapelo ya Morena “melato” eno e bidiwa “maleo.” (Luke 11:4) A ruri Jehofa Modimo o tla itshwarela maleo a rona?

Le fa Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo a ne a dirile maleo a a masisi, o ne a ikwatlhaya mme a rapela jaana a tlhomamisegile: “Wena, Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela; mme bopelonomi jwa lorato mo go botlhe ba ba biletsang kwa go wena bo bogolo.” (Pesalema 86:5) Abo mafoko ao a gomotsa jang ne! Rraarona yo o kwa legodimong o “iketleeleditse go itshwarela” maleo a ba ba mo rapelang ka boikwatlhao. Fela jaaka sekoloto se ka phimolwa gotlhelele, le Jehofa Modimo o ka re itshwarela maleo ka botlalo.

Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a umaka se re tshwanetseng go se dira: Gore Modimo a re itshwarele, re tshwanetse go itshwarela ba bangwe. (Mathaio 6:14, 15) Le fa monna yo o siameng Jobe a ne a sotlwa ke balekane ba gagwe ba bararo, o ne a ba itshwarela a bo a ba rapelela. (Jobe 42:10) Fa re itshwarela ba ba re direlang diphoso, re tla itumedisa Modimo mme re tla bona kutlwelobotlhoko ya gagwe.

Lebaka la go bo Modimo a iketleeleditse go utlwa dikopo tsa rona le tshwanetse la re tlhotlheletsa gore re batle gore a re amogele. Mme re ka dira jalo le fa re sa itekanela. (Mathaio 26:41) Le mo go seno Jehofa a ka re thusa fela jaaka Jesu a ne a bontsha fa a konela thapelo ya sekao ka kopo ya botlhokwa.

Go Rapelela Thuso ya go Dira se se Siameng

“O se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.” (Mathaio 6:13) Jehofa ga a re tlogelele fela gore re lekwe kgotsa ga a dire gore re wele mo boleong. Lefoko la gagwe la re: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Modimo o letlelela gore re lekwe, mme o ka re golola mo Moraeding yo Mogolo—“yo o boikepo” yo o bidiwang Satane Diabolo.

Moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene jaana: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. Mmaba wa lona, Diabolo, o tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe.” (1 Petere 5:8) Tota e bile Satane o ne a leka go raela monna yo o itekanetseng, Jesu Keresete! Mokgele wa ga Diabolo e ne e le eng? Go tlosa Jesu mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa Modimo. (Mathaio 4:1-11) Fa e le gore o batla go direla Modimo, mokgele wa ga Satane ke go go kometsa le wena!

Diabolo, a dirisa lefatshe le le mo taolong ya gagwe, o ka nna a re raela gore re dire ditiro tse Modimo a sa di amogeleng. (1 Johane 5:19) Ka jalo go botlhokwa gore ka metlha re kope thuso kwa Modimong, segolobogolo fa re lebane le thaelo e e sa kgaotseng. Mme fa re direla Jehofa go ya ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, Baebele, o tla re golola ka go re thusa gore re ganetse Diabolo. Baebele e re bolelela jaana: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang.”—1 Bakorintha 10:13.

Go Botlhokwa go Nna le Tumelo mo Modimong

Go itumedisa tota go itse gore Rraarona yo o kwa legodimong o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona! E bile o ne a dira gore Morwawe, Jesu Keresete, a re rute go rapela. Kwantle ga pelaelo seno se dira gore re batle go itumedisa Jehofa Modimo. Re ka dira seo jang?

Baebele ya re: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go itumedisa [Modimo] sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Re ka nna jang le tumelo e e ntseng jalo? Baebele ya re: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go bua ka dikgang tsa Baebele le batho botlhe ba ba batlang go direla Modimo ba le mo tumelong ya boammaaruri.

Re solofela gore tlhaloso eno ya Thapelo ya Morena e dirile gore o anaanele bokao jwa yone thata. O ka nonotsha tumelo ya gago mo Modimong ka go nna le kitso e e oketsegileng ka Jehofa le ka tuelo e a tla e nayang “ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” E kete o ka ithuta dilo tse di oketsegileng ka ene le ka maikaelelo a gagwe gore o tle o nne le kamano e e gaufi le Rrago yo o kwa legodimong ka bosakhutleng.—Johane 17:3.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong. Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno; mme o re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona. Mme o se ka wa re tsenya mo thaelong, o re golole mo go yo o boikepo.”—Mathaio 6:9-13

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jehofa o naya batho ba ba mo ratang dilo tse ba di tlhokang

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Gape Modimo o re thusa go ganetsa Diabolo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa rona, jaaka Jobe, re itshwarela ba ba re direlang diphoso, Modimo a ka re utlwela botlhoko