Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa moaposetoloi Johane a ne a kwala gore “lorato lo lo itekanetseng lo latlhela poifo kwa ntle,” o ne a kaya eng fa a re “lorato lo lo itekanetseng,” le gone ke “poifo” efe e e latlhelwang kwa ntle?

Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ga go na poifo mo loratong, mme lorato lo lo itekanetseng lo latlhela poifo kwa ntle, ka gonne poifo e dira gore go nne le thibelo. Eleruri, yo o mo poifong ga a ise a itekanedisiwe mo loratong.”—1 Johane 4:18.

Kgang e go buiwang ka yone mo ditemaneng tse di dikologileng eno e bontsha gore Johane o ne a bua ka kgololesego ya go bua—segolobogolo ka kamano e e leng teng magareng ga go rata Modimo le go bua le ene ka kgololesego. Seno se ka bonwa mo go se re se balang mo temaneng ya 17: “Lorato lo itekanedisitswe jaana mo go rona, gore re tle re nne le kgololesego ya go bua mo letsatsing la katlholo.” Selekanyo se Mokeresete a ratang Modimo ka sone le kafa a lemogang ka gone gore Modimo o a mo rata se ama ka tlhamalalo go nna ga gagwe le kgololesego ya go bua—kgotsa go se nne le yone—fa a atamela Modimo ka thapelo.

Polelwana e e reng “lorato lo lo itekanetseng” e na le bokao jo bogolo. Lefoko leno ‘go itekanela’ fa le dirisiwa mo Baebeleng, ga se ka metlha le kayang go itekanela ka tsela e e feletseng, ke gore ka selekanyo se se kwa godimodimo, go na le moo gantsi le kaya ka tsela e e lekanyeditsweng. Ka sekai, Jesu o ne a bua jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Lo tshwanetse go itekanela, jaaka Rraalona wa selegodimo a itekanetse.” Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe gore fa ba rata fela batho ba le bone ba ba ratang, ba ne ba tla bo ba na le lorato lo lo sa felelang, lo lo tlhaelang. Ba ne ba tshwanetse go itekanedisa lorato lwa bone kgotsa go lo bontsha ka botlalo ka gore ba rate le baba ba bone. Ka gone, Johane le ene fa a ne a kwala ka “lorato lo lo itekanetseng,” o ne a bua ka go rata Modimo ka pelo yotlhe, ka botlalo le go bontsha lorato lono mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.—Mathaio 5:46-48; 19:20, 21.

Fa Mokeresete a bua le Modimo ka thapelo, o itse sentle gore ke moleofi le gore ga a itekanela. Le fa go ntse jalo, fa a rata Modimo e bile a lemoga ka botlalo gore Modimo le ene o a mo rata, ga a kgorelediwe ke go boifa gore Modimo a ka mo tshwaya phoso kgotsa a se amogele thapelo ya gagwe. Go na le moo, o bua se se mo pelong ya gagwe ka kgololesego le go kopa gore a itshwarelwe mo motheong wa setlhabelo sa thekololo se Modimo a se rulagantseng ka lorato ka Jesu Keresete. O tlhomamisegile gore Modimo o utlwa dikopo tsa gagwe.

Ke eng se motho a ka se dirang gore a “itekanedisiwe mo loratong” mme ka jalo a ‘latlhele kwa ntle’ poifo ya go tshwaiwa phoso kgotsa go se amogelwe? Moaposetoloi Johane o ne a re: “Le fa e le mang yo a bolokang lefoko la [Modimo], ammaaruri lorato lwa Modimo lo itekanedisitswe mo mothong yono.” (1 Johane 2:5) Akanya ka seno: Fa Modimo a ile a re rata re sa ntse re le baleofi, a o ne a se kitla a re rata le go feta fa re ikwatlhaya tota, mme re ‘boloka lefoko la gagwe’ ka tlhoafalo? (Baroma 5:8; 1 Johane 4:10) Ee ruri, fa fela re nna re ikanyega, re ka bua re tlhomamisegile jaaka moaposetoloi Paulo fa a ne a bua jaana ka Modimo: “Yo o neng a se ka a dibela le Morwawe mme a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang gape fa ka bopelonomi a ka se ka a re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?”—Baroma 8:32.