Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O na Le Boikutlo jo bo Ntseng Jang Jwa go Leta?

O na Le Boikutlo jo bo Ntseng Jang Jwa go Leta?

O na Le Boikutlo jo bo Ntseng Jang Jwa go Leta?

GOMPIENO mo lefatsheng, batho ba le bantsi ga ba rate go letela mongwe kgotsa sengwe. Seno se ba fedisa pelo. Le fa go ntse jalo, Dikwalo di kgothaletsa batho ba Modimo gore ba nne le “boikutlo jwa go leta.” Moporofeti Mika o ne a bua jaana go farologana le batho ba a neng a tshela le bone: “Ke tla supa boikutlo jwa go leta mo Modimong wa poloko ya me.”—Mika 7:7; Dikhutsafalo 3:26.

Le fa go ntse jalo, go letela Jehofa go kaya eng? Mokeresete o tshwanetse go letela Modimo jang? A go na le ditsela tse di siameng le tse di sa siamang tsa go leta? Se se neng sa diragalela moporofeti Jona wa lekgolo la borobongwe la dingwaga B.C.E. se re ruta sengwe malebana le kgang eno.

Sekai sa go Leta ka Lebaka le e Seng Lone

Jehofa Modimo o ne a laela Jona gore a tsamaye a ye go rerela batho ba Ninife, motsemogolo wa Mmusomogolo wa Asiria. Ninife e ne e itsege e le “motse wa tshololo ya madi” ka ntlha ya bopeloethata le bosetlhogo jwa yone jo bo feteletseng, e leng seemo se bakwalahisitori le baithutamarope ba neng ba se supela. (Nahume 3:1) Kwa tshimologong Jona o ne a leka go gana kabelo eno, mme Jehofa o ne a tlhomamisa gore moporofeti yono o feleletsa a ile Ninefe.—Jona 1:3–3:2.

“Jona a simolola go tsena mo motseng sekgala sa go ka tsamaiwa letsatsi le le lengwe, mme a nna a bolela a re: ‘Go setse malatsi a le masome a manè fela, mme Ninife o tla ribegediwa.’” (Jona 3:4) Batho ba ne ba tsibogela maiteko a ga Jona ka tsela e e gakgamatsang: “Banna ba Ninife ba simolola go dumela mo Modimong, mme ba bolela gore go itingwe dijo ba bo ba apara letsela la kgetsi, go simolola ka yo mogolo thata mo go bone go ya go yo mmotlana thata mo go bone.” (Jona 3:5) Ka gone, Jehofa, Modimo yo o sa ‘eletseng gore ope a senngwe mme a eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong,’ ga a ka a senya motse oo.—2 Petere 3:9.

Jona o ne a itshwara jang? Pego eno ya re: “Le fa go ntse jalo mo go Jona, go ne go sa itumedise ka gope, mme a tuka bogale.” (Jona 4:1) Ka ntlha yang? Jona o ka tswa a ne a akanya gore lebaka la go bo a ne a boletse gore motse o tla senngwa ka letlha le le rileng mme o bo o sa senngwe, le ne le mo diga seriti jaaka moporofeti. Go bonala sentle gore o ne a simolola go amega thata ka seriti sa gagwe go na le go amega ka gore batho ba bangwe ba utlwelwe botlhoko mme ba se ka ba senngwa.

Gone mme, Jona ga a ka a ya bokgakaleng jwa gore a tlogele kabelo ya gagwe ya go nna moporofeti. Le fa go ntse jalo, o ne a leta “go fitlha a bona se se tla diragalelang motse.” Ee, o ne a nna le boikutlo jo bo sa siamang jwa go nna fela a bo a emela go bona gore dilo di tla felela kae. Fa a lemoga gore dilo ga di a direga jaaka a ne a lebeletse, o ne a itirela loobo, a nna kafa tlase ga moriti wa lone, mme a leta a tenegile go bona se se tla diragalang. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a sa rate boikutlo jono jwa ga Jona, ka jalo o ne a baakanya ka lorato tsela ya gagwe e e phoso ya go akanya.—Jona 4:5, 9-11.

Lebaka La go Bo Jehofa a le Pelotelele

Le mororo batho ba Ninife ba ne ba ikwatlhaya mme ba se ka ba senngwa, moragonyana ba ne ba boela mo ditseleng tsa bone tse di boikepo. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Nahume le Sefania, go bolelela pele tshenyego ya motse ono. Fa Jehofa a bua ka “motse wa tshololo ya madi,” o ne a bolela gore o tla senya Asiria mme a dire Ninefe kgakgabalo. (Nahume 3:1; Sefania 2:13) Ka 632 B.C.E., motse wa Ninife o ne wa senngwa ka tsela e o neng o se kitla o tlhola o tsosolosiwa gape.

Le gompieno lefatshe le na le molato o mogolo wa madi, o o fetang wa Ninefe wa bogologolo. Ka ntlha ya lebaka leno le a mangwe, Jehofa o laotse gore tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tla fedisiwa ka “pitlagano e kgolo” e e iseng e ko e nne teng.—Mathaio 24:21, 22.

Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ise a diragatse tsholofetso ya gagwe ya go senya tsamaiso eno, gore batho ba ba peloephepa gompieno ba ikwatlhaye mme ba bolokwe fela jaaka batho ba Ninefe ba ba neng ba ikwatlhaya. Moaposetoloi Petere o tlhalosa bopelotelele jwa Modimo ka tsela eno: “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.”—2 Petere 3:9, 10, 13.

Go Leta ka Tsela e e Siameng

Petere o tswelela ka go re: “E re ka dilo tseno tsotlhe di tshwanetse tsa nyerologa jalo, ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, lo letetse e bile lo ntse lo akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa!” (2 Petere 3:11, 12) Ela tlhoko gore fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa, re tshwanetse go nna re tshwaregile mo “ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo”—ke nako ya go dira, e seng ya go nna fela.

Ee, go nna le boikutlo jo bo siameng jwa go leta go bontsha gore re dumela ka botlalo gore letsatsi la ga Jehofa le tla tla ka yone nako e Jehofa a ikaeletseng gore le tle ka yone. Go nna le tumelo e e ntseng jalo go dira gore re dire ditiro tse di boitshepo le tsa bomodimo, mme tiro e kgolo mo go tsone ke go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo malebana le go rera, mme o ne a laela balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng jaana: “A matheka a lona a gatlhiwe le dipone tsa lona di tuke, mme lona ka bolona lo nne jaaka banna ba ba letetseng mong wa bone fa a boa kwa lenyalong, e le gore fa a goroga a ba a kokota ba tle ba akofe ba mmulele. Go itumela batlhanka bao fa mong a goroga a ba fitlhelang ba lebeletse!”—Luke 12:35-37.

Batho ba e neng e le batlhanka mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba ka ‘ikgatlha matheka’ ka go bofaganya seaparo sa bone sa ka fa ntle mo tlase ga moitlamo go ipaakanyetsa go dira tiro e e bokete. Ka jalo, Mokeresete o tshwanetse go tlhagafala mo ditirong tse di molemo. O tshwanetse go lwantsha boikutlo bope fela jwa go “nyahala” ka go sa dire ditiro tsa semoya, gongwe a dirisa maatla a gagwe go ijesa monate kgotsa go batla dithoto. Go na le moo, o tshwanetse go nna le “mo go ntsi go go dira mo tirong ya Morena” fa a ntse a letetse letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.—Baroma 12:11; 1 Bakorintha 15:58.

Go Nna re Tshwaregile fa re Ntse re Letile

Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tshwaregile fa ba ntse ba letetse letsatsi la ga Jehofa. Ka sekai, mo ngwageng wa tirelo wa 2003, ba ne ba fetsa palogare ya diura di le 3 383 000 letsatsi le letsatsi ba rera lefoko la ga Jehofa. Akanya fela, Mosupi a le mongwe o ne a tla tshwanelwa ke go rera dingwaga di le 386 a sa kgaotse gore a dire diura tseo tse di dirilweng ka letsatsi le le lengwe!

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ipotsa gore, ‘Ke na le boikutlo jo bo ntseng jang jwa go leta?’ Jesu o ne a anela setshwantsho se se tlhalosang tsela e go lebeletsweng gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng ba dire ka natla ka yone. O ne a bua ka batlhanka ba bararo: “Yo mongwe [mong] o ne a mo naya ditalenta di le tlhano, yo mongwe di le pedi, yo mongwe gape e le nngwe, mongwe le mongwe go ya ka bokgoni jwa gagwe, mme a ya nageng e e kgakala. Ka yone nako eo yo o neng a amogela ditalenta di le tlhano a tsena mo tseleng mme a dira kgwebo ka tsone a ba a bona di le tlhano mo godimo ga tseo. Ka tsela e e tshwanang yo o neng a amogela di le pedi a bona di le pedi mo godimo ga tseo. Mme yo o neng a amogela e le nngwe fela a tswa, a epa mo mmung a bo a fitlha madi a selefera a mong wa gagwe. Morago ga nako e telele mong wa batlhanka bao a tla mme a baakanya melato le bone.”—Mathaio 25:15-19.

Batlhanka botlhe ba bararo ba ne ba letela gore mong wa bone a boe. Fa a goroga, o ne a raya batlhanka ba gagwe ba babedi ba ba neng ba nna ba tshwaregile fa ba ntse ba mo letile a re: “O dirile sentle, motlhanka yo o molemo le yo o ikanyegang!” Le fa go ntse jalo, motlhanka yo o neng a letile a sa dire sepe, ene o ne a tshwarwa ka tsela e e farologaneng. Mong wa gagwe o ne a mo raya a re: “Latlhelang motlhanka yono yo o se nang molemo wa sepe kwa ntle kwa lefifing le le kwa ntle.”—Mathaio 25:20-30.

Le mororo setshwantsho seno se dira mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, go na le sengwe se rotlhe re ka se ithutang mo go sone le fa tsholofelo ya rona ya botshelo e ka tswa e le efe. Mong wa rona e bong Jesu Keresete, o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a dire ka natla mo tirelong ya gagwe fa re ntse re mo letile gore a goroge mo letsatsing le legolo la ga Jehofa. O anaanela tiro e mongwe le mongwe a e dirang “go ya ka bokgoni jwa gagwe” le maemo a gagwe. A bo go tla itumedisa jang go utlwa Mong wa rona a re raya a re ‘re dirile sentle’ ka nako eo fa re tla bo re sa tlhole re tlhoka go leta!

Go Nna Pelotelele ga Morena wa Rona go Kaya Poloko

Go tweng fa tsamaiso eno e tsaya lobaka lo loleele go feta jaaka re ne re akantse pele kgotsa re lebeletse? Go na le lebaka la go bo go ntse jalo. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Tsayang bopelotelele jwa Morena wa rona e le poloko.” (2 Petere 3:15) Fa re na le kitso e e tlhomameng ka boikaelelo jwa Modimo e bile re lemoga ka boikokobetso gore ga re botlhokwa thata mme se se botlhokwa ke gore boikaelelo jwa Modimo bo diragadiwe, seo se tla re thusa go nna pelotelele fa fela Jehofa a sa ntse a bona go tshwanela gore a nne pelotelele malebana le tsamaiso eno ya bogologolo.

Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Jakobe o ne a dira setshwantsho sengwe go kgothaletsa Bakeresete go nna pelotelele. O ne a kwala jaana: “Bonang! Molemirui o nna a letetse leungo le le tlhokegang la lefatshe, a le pelo telele ka ga lone go fitlha a bona pula ya ntlha le pula ya morago. Le lona nnang pelotelele; nitamisang dipelo tsa lona, ka gonne go nna gone ga Morena go atametse.”—Jakobe 5:7, 8.

Jehofa Modimo ga a batle gore re lape kgotsa re itlhoboge fa re ntse re letile. Go na le tiro e a batlang gore re e dire, mme o a itumela fa re dirisa nako ya go leta go dira ka natla mo tirong eo. O batla gore re nne bangwe ba batho ba moaposetoloi Paulo a ba tlhalosang jaana mo lekwalong le a le kwaletseng Bahebera: “Re eletsa gore mongwe le mongwe wa lona a bontshe botlhaga jo bo tshwanang gore lo nne le tlhomamisego e e tletseng ya tsholofelo go fitlha fela kwa bokhutlong, gore lo se ka lwa nna bobodu, mme lo nne baetsi ba bao ka tumelo le bopelotelele ba ruang ditsholofetso.”—Bahebera 6:11, 12.

Ka jalo, ga re a tshwanela go lapa le ka motlha. Go na le moo, e kete kamano ya rona le Jehofa Modimo, tumelo e re nang le yone mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu, le tsholofelo ya rona e e itumedisang ya tsamaiso e ntšha ya dilo, di ka re nonotsha mo botshelong. Fela jaaka batlhanka ba ba ‘molemo le ba ba ikanyegang’ ba setshwantsho sa ga Jesu, e kete re ka dira gore re tshwanelegele go akgolwa le go segofadiwa ka go nna re tshwaregile mo tirong ya go baka Modimo wa rona, jaaka mopesalema yo o ileng a re: “Fa e le nna, ke tla leta ka metlha, mme ke tla oketsa pako yotlhe ya gago.”—Pesalema 71:14.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jona o ne a leta a kgobegile marapo go bona se se neng se tla diragalela Ninefe

[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

A re bontsheng boineelo jwa bomodimo fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa