Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Bolelela Bana ba a Tsenang le Bone mo Tlelaseng Dilo Tse a di Dumelang

O ne A Bolelela Bana ba a Tsenang le Bone mo Tlelaseng Dilo Tse a di Dumelang

O ne A Bolelela Bana ba a Tsenang le Bone mo Tlelaseng Dilo Tse a di Dumelang

A O KA rata go thusa bana ba o tsenang le bone mo tlelaseng gore ba tlhaloganye botoka dilo tse o di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng? Magdalena, moithuti yo o nang le dingwaga tse 18 kwa sekolong sengwe se segolwane kwa Poland, gantsi o tlotla le bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ka dilo tse a di dumelang jaaka Mosupi wa ga Jehofa. Ka ntlha ya seno, o aga a bodiwa dipotso tse di jaaka, ‘Ke eng se se kaiwang ke go nna Mosupi wa ga Jehofa?’ le gore ‘A ga lo dumele mo go Jesu Keresete?’ O ne a ka thusa bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng jang? Magdalena o ne a rapelela gore Jehofa a mo kaele mme a bo a dira tumalanong le se a neng a se rapelela.—Jakobe 1:5.

Ka letsatsi lengwe, Magdalena o ne a kopa morutabana mongwe yo o pelontle gore a mo letlelele go bontsha tlelase ya bone bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. * Morutabana yono o ne a mo letlelela go dira jalo. Go tswa foo Magdalena o ne a bolelela bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng a re: “Ke rulaganya gore tsala ya me e tle go re bontsha thulaganyo nngwe ya metsotso e le 90 mo tlelaseng. E tla akaretsa bidio le motlotlo malebana le Basupi ba ga Jehofa. A lo ka rata go tla?” Botlhe ba ne ba dumela. Magdalena le Wojciech, yo e leng mmoledi yo o nang le maitemogelo wa nako e e tletseng, ba ne ba simolola go baakanyetsa porojeke eno.

Ba ne ba rulagantse go simolola motlotlo wa bone ka puo ya metsotso e le 20 e e theilweng mo boroutšhareng jwa Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? * go bo go latela motlotlo wa dipotso le dikarabo. Go tswa foo ba ne ba tla ba bontsha bidio kwa laeboraring ya sekolo. Moithuti mongwe le mongwe mo tlelaseng o ne a tlile go fiwa mpho—enfelopo e kgolo e e nang le diboroutšhara di se kae, buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, * le dipampitshana le dimakasine di se kae.

Ka letsatsi la go neela tshedimosetso eno, batho ba ba neng ba le teng go tla go reetsa e ne e le bana ba tlelase ba le 14, morutabana, le baithuti ba bangwe ba le 4 ba ba neng ba le kwa laeboraring ka nako eo. Wojciech o ne a simolola ka go tlhalosa gore baboki le bakwadi bangwe ba kwa Poland ba ne ba dirisa leina la Modimo e bong Jehofa mo dibukeng tsa bone. Gape o ne a umaka dikatekasima dingwe tsa bogologolo tsa Katoliki tse di neng di na le leina la Modimo. Fa a tlhalosa tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang gompieno, o ne a bontsha diboroutšhara tsa diofisi tse di farologaneng tsa makala le ditshwantsho tsa Diholo tse dintsinyana tsa Dikopano.

Go ne ga simolola motlotlo o o kgatlhang. Mag­dalena le Wojciech ba ne ba dirisa Baebele fa ba araba dipotso. Seno se ne sa kgatlha bareetsi ba bone thata, mme sa dira gore ba lemoge gore fa Basupi ba ga Jehofa ba rerela batho, ga ba ba bolelele dilo tse bone ba di ikakanyetsang. Dingwe tsa dipotso tse ba neng ba di bodiwa ke dife, mme ba ne ba di araba jang?

Potso: Baebele e tletse dipolelwana tse di sa utlwaleng sentle le ditshwantshiso, tse di ka tlhalosiwang ka ditsela tse dintsi. Motho a ka kgona jang gore a tshele tumalanong le se Baebele e se buang?

Karabo: Bangwe ba re Baebele e tshwana le seletswa sa mmino sa baeyolene se motho a ka letsang molodi mongwe le mongwe fela o a o ratang mo go sone. Mme gone, akanya ka seno: Fa o batla go itse se mokwadi a se tlhalosang mo mafokong a gagwe, a ga go botlhale gore o mmotse? Go farologana le bakwadi ba ba sa tlholeng ba tshela ba dibuka tse di kwadilweng ke batho, Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa Modimo o a tshela. (Baroma 1:20; 1 Bakorintha 8:5, 6) Kgang e go buiwang ka yone mo ditemaneng tse di dikologileng temana nngwe e ka thusa motho go bona tlhaloso e e leng yone. Mo godimo ga moo, gantsi Baebele e bua ka kgang e le nngwe mo ditemaneng di le mmalwa, mme go di bapisa go ka thusa. Ka jalo, re ka letlelela Modimo gore a kaele tsela e re akanyang ka yone, jaaka e kete o re tlhalosetsa lekwalo lengwe ka boene. Fa re dira jalo, re ka kgona go itse thato ya gagwe le go tshela tumalanong le yone jaaka e senolwa mo Baebeleng, a ga go jalo?

Potso: Go na le pharologanyo efe magareng ga Bakeresete le Basupi ba ga Jehofa?

Karabo: Re Bakeresete! Mme go na le gore Basupi ba ga Jehofa ba ipolele fela gore ke Bakeresete, ba leka ka natla go tshela tumalanong le se ba se dumelang le se Modimo a se ba rutang gore ba solegelwe molemo. (Isaia 48:17, 18) Ka ntlha ya gore dilo tsotlhe tse ba di rutang di theilwe mo Baebeleng, ba a itse gore se ba se buang se boammaaruri.—Mathaio 7:13, 14, 21-23.

Potso: Ke eng fa lo ya kwa bathong ba lo sa ba itseng gotlhelele, lo bo lo batla go bua le bone? A seno ga se go pateletsa batho ba bangwe tumelo ya lona?

Karabo: A o akanya gore go phoso fa mongwe mo mmileng a bua le wena ka maitseo a batla go utlwa maikutlo a gago ka sengwe? (Jeremia 5:1; Sefania 2:2, 3) (Go tswa foo, Wojciech le Magdalena ba ne ba dira pontsho e e bontshang kafa ba ileng ba botsa batho ba ba neng a iphetela mo mmileng ka teng gore a Modimo o amega ka batho ba ba neng ba welwa ke masetlapelo a morwalela bosheng jaana kwa Poland.) Fa re sena go utlwa karabo ya motho, re mmontsha se Baebele e se buang. Fa motho a sa batle go bua le rona, re mo sadisa sentle re bo re fetela kwa pele. (Mathaio 10:11-14) A re pateletsa batho go bua le rona fa re dira jalo? Kgotsa a batho ga ba a tshwanela go tlhola ba buisana?

Potso: Ke eng fa lo sa keteke malatsi a boikhutso?

Karabo: Re keteka tiragalo e le nngwe fela e Baebele e re laelang gore re e keteke—Segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete. (1 Bakorintha 11:23-26) Fa e le ka malatsi a boikhutso, o ka bona tshedimosetso malebana le tshimologo ya one ka go leba disaetlopedia le metswedi e mengwe e e ikanyegang ya tshedimosetso. Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo gore o bone gore ke eng fa re sa keteke epe fela ya ditiragalo tse di ntseng jalo.—2 Bakorintha 6:14-18.

Go ne ga bodiwa dipotso tse dingwe tse dintsi, mme di ne tsa arabiwa. Motlotlo ono o ne wa tsaya lobaka lo loleele tota mo go neng ga rulaganngwa gore bidio e lejwe ka nako e nngwe.

Baithuti ba ile ba itshwara jang? A Magdalena a re bolelele: “Ke ne ka gakgamadiwa ke gore baithuti bangwe ba ba neng ba tlhola ba dira dilo tsa boeleele le go ja bana ba bangwe ditshego ba ne ba botsa dipotso tse di nang le tlhaloganyo. Le mororo ba ne ba ipolela gore ke balatolamodimo, fa go ntse go tlotliwa ba ne ba bontsha gore ba dumela mo Modimong!” Ba ba neng ba le teng go tla go reetsa ba ne ba amogela dimpho tsa bone ka boitumelo—ba ne ba newa palogotlhe ya dibuka di le 35, diboroutšhara di le 63 le dimakasine di le 34.

A bo porojeke eno ya sekolo e ile ya nna le diphelelo tse di molemo thata jang ne! Ga e ya ka ya thusa fela bana ba ba tsenang le Magdalena mo tlelaseng gore ba itse Basupi ba ga Jehofa le go ba tlhaloganya botoka, mme gape e ile ya kgothaletsa bontsi jwa basha gore ba akanye ka se tota ba se tshelelang. Ke eng fa o sa leke go thusa bana ba o tsenang le bone mo tlelaseng gore ba ithute mo go oketsegileng ka dilo tse o di dumelang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 4 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 4 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Magdalena le Wojciech ba baakanyetsa motlotlo wa bone