Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuto ya Botshelo Jotlhe

Thuto ya Botshelo Jotlhe

Kgang ya Botshelo

Thuto ya Botshelo Jotlhe

JAAKA GO BOLETSE HAROLD GLUYAS

Ke feditse dingwaga di feta 70 ke akanya ka sengwe se ke neng ka se bona fa ke ne ke sa ntse ke le ngwana. Ke ne ke ntse mo kitsing ya ga Mmè, ke lebile lebokose lengwe le na le pampiri e e kwadilweng “Ceylon Tea.” Gape le ne le na le setshwantsho sa basadi bangwe ba kgetla matlhare a tee mo masimong a mantle a matala a kwa Ceylon (e jaanong e bidiwang Sri Lanka). Lefelo leo le ke neng ke le bona, le le neng le le kgakala tota le legae la rona le le mo lefelong le le omeletseng kwa Australia Borwa, le ne la dira gore ke akanye thata. A bo naga eno ya Ceylon e tshwanetse ya bo e le ntle e bile e kgatlha thata jang ne! Ka nako eo ke ne ke sa itse gore ke ne ke tlile go fetsa dingwaga di le 45 tsa botshelo jwa me ke le morongwa kwa setlhaketlhakeng seo se sentle.

KE BELEGWE ka April 1922, mme ka nako eo lefatshe le ne le sa nna jaaka le ntse gompieno. Lelapa la gaetsho le ne le bereka mo polasing e e ikemetseng kwa thoko ya dijo tsa dithoro gaufi le motse o o kwa kgakala wa Kimba, o o neng o le mo bogareng jwa kontinente e kgolo ya Australia, ka fa molelwaneng wa borwa wa sekaka se segolo sa kgaolo eno. Botshelo bo ne bo le thata, go akaretsa le gore ka metlha re ne re tlhaselwa ke leuba, ditshenekegi le mogote o o seng kana ka sepe. Mmè o ne a dira ka natla gore a tlhokomele Rre le rona bana ba le barataro kwa ntlong ya gaetsho e e kwa sekgweng e tota e neng e le mokhukhu.

Le fa go ntse jalo, lefelo leno la sekaka le ne le dira gore ke ikutlwe ke gololesegile e bile ke itumetse. Ke gakologelwa kafa ke neng ka kgatlhwa thata ka teng ke go bona ditlhopha tsa dipholo tse di nonofileng di kumola ditlhatshana tsa sekgwa, le go bona difefo le dithole tse di tsubutlang di aparela lefelo la rona. Ka jalo, tota thuto ya me e sa le e simologa le pele ga ke tsena sekolo sengwe se sennye, sa morutabana a le mongwe, se se neng se le dikilometara di le tlhano go tswa kwa gae.

Batsadi ba me ba ne ba rata bodumedi, le fa ba ne ba ise ba ko ba ye kerekeng—segolobogolo ka ntlha ya gore kereke e ne e le kgakala le polasi ya rona. Le fa go ntse jalo, mo masimologong a bo1930, Mmè o ne a simolola go reetsa dithero tsa Baebele tse di neng di neelwa ke Judge Rutherford, tse di neng di gasiwa beke le beke mo seteisheneng sa radio sa Adelaide. Ke ne ke akanya gore Judge Rutherford e ne e le mongwe fela wa baruti ba kwa Adelaide, mme ke ne ke sa kgatlhegele go mo reetsa go le kalo. Mme gone, Mmè o ne a leta beke le beke ka tlhoafalo go reetsa dithero tsa ga Rutherford, mme o ne a mo reetsa ka kelotlhoko jaaka fa lentswe la gagwe le ne le tswa le sa utlwale sentle mo radiong ya rona ya bogologolo e e neng e bereka ka dibeteri.

Mo maitseboeng mangwe, go le mogote e bile go le lorole, go ne ga ema lori nngwe ya bogologolo fa pele ga ntlo ya gaetsho, mme banna bangwe ba babedi ba ba neng ba apere bontle ba ne ba fologa mo go yone. E ne e le Basupi ba ga Jehofa. Mmè o ne a reetsa molaetsa wa bone mme a ntshetsa dibuka di le mmalwa tse a neng a di tsere mo go bone moneelo, mme a simolola go di bala ka yone nako eo. Dibuka tseno di ne tsa mo ama thata jaana mo ka bonako fela a neng a kopa Rre gore a mo ise ka koloi kwa baagelaning gore a bue le bone ka se a neng a se ithuta.

Melemo ya go Tlhotlhelediwa ka Tsela e e Siameng

Ka bonako fela morago ga moo, botshelo jo bo bokete jwa sekaka bo ne jwa re pateletsa go fudugela kwa toropong ya Adelaide, e e neng e le dikilometara di le 500 go tswa kwa gae. Lelapa la gaetsho le ne la simolola go kopanela le Phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ya Adelaide, mme le ne la gatela pele semoyeng. Gape go fuduga gono go ne ga dira gore ke se ka ka tlhola ke tswelela ka dithuto tsa me tsa sekolo. Ke feditse sekolo ke na le dingwaga tse 13 fela, ka mophato wa bosupa. Ke ne ke le motho yo o tsayang botshelo motlhofo, mme seno se ka bo se ile sa dira gore ke se ka ka gagamalela dilo tsa semoya fa e ka bo e se ka thuso ya bakaulengwe bangwe ba le mmalwa ba ba molemo—ba babulatsela, kgotsa badiredi ba nako e e tletseng—ba ba neng ba nkgatlhegela thata.

Fa nako e ntse e tsamaya, tlhotlheletso ya bakaulengwe bano ba ba tlhoafetseng e ne ya dira gore ke thanye semoyeng. Ke ne ke rata go tsamaya le bone, mme ke kgatlhwa ke boikutlo jo ba neng ba na le jone jwa go dira ka natla. Ka jalo, fa go ne go dirwa kitsiso e e neng e kgothaletsa bodiredi jwa nako e e tletseng kwa kopanong nngwe e e neng e tshwaretswe kwa Adelaide ka 1940, ke ne ka ikgakgamalela fa ke ipona ke ikwadisa. Ke ne ke ise ke kolobediwe ka nako eo, mme ke ne ke se na boitemogelo jo bo kalo mo tirong ya go neela bosupi. Le fa go ntse jalo, malatsi a le mmalwa moragonyana, ke ne ka kopiwa gore ke ye go dira le setlhotshwana sengwe sa babulatsela kwa toropong ya Warrnambool, e e dikilometara di le makgolo a se kae go tswa kwa Adelaide, kwa kgaolong e e fa gaufi ya Victoria.

Le fa ke ne ke okaoka kwa tshimologong, go ise go ye kae ke ne ka simolola go rata bodiredi jwa tshimo ka lorato lo ke itumelelang gore ga lo a ka lwa fokotsega fa dingwaga di ntse di feta. Tota e bile, eno e ne e le nako ya diphetogo tse dikgolo mo go nna, mme ke ne ka simolola go gatela pele thata semoyeng. Ke ne ka ithuta botlhokwa jwa go atamalana le batho ba ba ratang dilo tsa semoya. Ke ne ka lemoga kafa tlhotlheletso ya bone e e molemo e ka dirang gore re dire bojotlhe jwa rona ka teng go sa kgathalesege thutego e re nang le yone, mme gape ke ne ka lemoga kafa se re se ithutang mo go bone se ka re solegelang molemo ka teng botshelo jotlhe jwa rona.

Go Nonotshiwa ke Diteko

E ne e se lobaka lo loleele ke le mo tirelong ya bobulatsela fa tiro ya Basupi ba ga Jehofa e thibelwa kwa Australia. E re ka ke ne ke sa itse sentle gore ke dire eng, ke ne ka batla kaelo mo bakaulengweng, mme ba ne ba ntlhalosetsa gore re ne re sa thibelwa go bua le batho ka Baebele. Ka jalo, nna le babulatsela ba bangwe, re ne ra simolola go ya ka ntlo le ntlo re tlotla le batho ka molaetsa o o tswang mo Baebeleng o o motlhofo go tlhaloganngwa. Seno se ne sa nnonotsha gore ke kgone go emelana le diteko tse di neng di tla tloga di tla.

Ke ne ka tshwara ngwaga wa bo18 dikgwedi di le nnè moragonyana, mme ka bilediwa gore ke tsenele bosole. Seno se ne sa nnaya sebaka sa go femela tumelo ya me fa pele ga badiredibagolo ba le mmalwa ba sesole le magiseterata. Ka nako eo, bakaulengwe ba ka nna 20 ba ne ba tsentswe mo kgolegelong kwa Adelaide ka ntlha ya go se tseye letlhakore, mme go ise go ye kae le nna ke ne ka golegwa le bone. Re ne ra newa tiro e e bokete ya go epa maje le go baakanya ditsela. Tiro eno e ne ya nthusa gore ke nne le dinonofo tse di jaaka boitshoko le boikemisetso. Kgabagare badisa ba le bantsi ba kgolegelo ba ne ba simolola go re tlotla ka ntlha ya boitshwaro jwa rona jo bo molemo le go ema ga rona re nitame.

Fa ke gololwa dikgwedi di se kae moragonyana, ke ne ka itumelela go ja dijo tse di monate gape, mme ka tsenela tiro ya bobulatsela gape. Le fa go ntse jalo, go ne go se na babulatsela ba ke neng nka dira le bone, ka jalo ke ne ka bodiwa gore a nka ya go dira ke le esi kwa kgaolong nngwe e e kwa thoko ya dipolasi kwa Australia Borwa. Ke ne ka dumela mme ka tsaya loeto ka sekepe go ya kwa Sekasetlhakeng sa ­Yorke, ke tshotse fela dilo tse ke neng ke di dirisa mo tirong ya go rera le baesekele ya me. Fa ke goroga, lelapa lengwe le le neng le kgatlhega le ne la nkisa kwa ntlong nngwe e nnye e e hirisediwang baeng kwa mosadi mongwe yo o pelonomi a neng a fitlha a ntshwara jaaka morwawe gone. Motshegare ke ne ke tsamaya ka baesekele mo ditseleng tse di lorole, ke rera mo ditorotswaneng tse di neng di gasame le sekasetlhake seno. Ka dinako tse dingwe ke ne ke robala mo dihoteleng tse dinnye kgotsa mo matlong a a hirisediwang baeng gore ke kgone go rera kwa mafelong a a kwa kgakala. Ka go dira jalo, ke ne ke tsamaya dikilometara di le makgolokgolo ka baesekele, mme ke ne ka diragalelwa ke dilo tse dintsi tse di itumedisang. Kgang ya go bereka tshimo ke le esi e ne e sa ntshwenye go le kalo, mme fa ke ntse ke lemoga ka fa Jehofa a ntlhokomelang ka teng, ke ne ka atamalana le ene.

Go Lwantsha go Ikutlwa ke sa Tshwanelege

Ka 1946, ke ne ka amogela lekwalo lengwe le ntaletsa go tsenela tirelo ya go eta ya go nna motlhanka wa bakaulengwe (yo jaanong a bidiwang molebedi wa potologo). Tiro eno e ne e akaretsa go etela diphuthego di le mmalwa mo potologong e ke e abetsweng. Ruri tiro eno e ne e se motlhofo. Ka letsatsi lengwe ke ne ka utlwa mokaulengwe mongwe a re, “Harold ga se sebui go le kalo, mme gone o dira bontle thata mo tirong ya go rera.” Mafoko ano a ne a nkgothatsa thata. Ke ne ke itse sentle gore ga ke sebui se se molemo le gore ga ke kgone go rulaganya dilo tsa phuthego go le kalo, mme gone ke ne ke dumela gore tiro ya go rera ke tiro ya konokono ya Bakeresete.

Ka 1947, re ne re itumeletse thata go etelwa ke Mokaulengwe Nathan Knorr le Milton Henschel go tswa kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn. Leno e ne e le lekgetlho la ntlha re etelwa ke bakaulengwe go tswa kwa ntlokgolong fa e sa le Mokaulengwe Rutherford a etela lefelo leno ka 1938. Go ne ga tshwarwa kopano e kgolo kwa Sydney ka nako ya ketelo eno. Fela jaaka babulatsela ba bangwe ba le bantsi ba basha, ke ne ke kgatlhegela thapiso e e neng e newa barongwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade, se se neng se sa tswa go bulwa kwa South Lansing, New York, U.S.A. Bontsi jwa rona re ne re ipotsa gore a sekolo seno se ne se tlile go tlhoka gore batho ba ba ikwadisang mo go sone e nne batho ba ba rutegileng thata kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, Mokaulengwe Knorr o ne a re tlhalosetsa gore fa e le gore re kgona go bala setlhogo mo makasineng wa Tora ya Tebelo re bo re gopola dintlha tsa sone tsa konokono, re ka kgona go dira sentle kwa Sekolong sa Gileade.

Ke ne ke akanya gore lebaka la go bo ke ne ke sa rutega le ne le tla dira gore ke se ka ka tshwanelega. Se se neng sa nkgakgamatsa ke gore, dikgwedi di le mmalwa moragonyana ke ne ka lalediwa go ikwadisetsa go thapisiwa kwa sekolong sa Gileade. Morago ga moo, ke ne ka amogelwa go nna moithuti kwa sekolong seno, mme ka tsenngwa mo tlelaseng ya bo16 e e neng ya tshwarwa ka 1950. Sekolo seno se ne se itumedisa thata, mme se ne sa dira gore ke itshepe tota. Se ne sa mpontsha gore go rutega e ne e se sone selo se se tlhokegang thata gore motho a atlege. Go na le moo, dilo tsa botlhokwa thata e ne e le gore motho a dire ka tlhoafalo le go nna kutlo. Bakaedi ba rona ba ne ba re kgothaletsa go dira bojotlhe. Ka go tsaya kgakololo ya bone tsia, ke ne ka gatela pele mme ka kgona go tlhaloganya sentle dilo tse ba neng ba di re ruta.

Go Tswa Kwa Kontinenteng e e Omeletseng go ya Kwa Setlhaketlhakeng se Sentle

Fa re sena go aloga, nna le bakaulengwe ba bangwe ba babedi go tswa kwa Australia re ne ra abelwa go ya kwa Ceylon (e jaanong e bidiwang Sri Lanka). Re ne ra fitlha kwa motsemogolo wa yone wa Co­lom­bo ka September 1951. Go ne go le mogote e bile go le bongola, mme re ne ra bona mafelo, ra utlwa medumo le menko e re neng re sa e tlwaela. Fa re fologa sekepe, mongwe wa barongwa yo o neng a setse a direla kwa nageng eno o ne a nkgatlhantsha ka pampitshana ya taletso e e neng e bua ka puo ya phatlalatsa e e neng e tlile go neelwa ka Sontaga se se tlang kwa lefelong lengwe le le bulegileng la toropo eno. Ke ne ka gakgamadiwa ke go bona leina la me le kwadilwe mo pampitshaneng eno gore ke nna ke abetsweng go neela puo eo! O ka akanya fela gore ke ne ke tshogile go le kana kang. Le fa go ntse jalo, dingwaga tse ke di feditseng ke le mmulatsela kwa Aus­tra­lia di ne di nthutile go amogela kabelo epe fela e ke neng ke e newa. Ka jalo, ka thuso ya ga Jehofa ke ne ka neela puo eno ya phatlalatsa sentle. Nna le bakaulengwe ba le babedi ba ke tlileng le bone, mmogo le bakaulengwe ba le banè ba ba sa nyalang ba ba neng ba setse ba nna mo legaeng la barongwa kwa Colombo, re ne ra simolola go ithuta puo e e thata ya Se-Sinhala le go nna le seabe mo bodireding jwa tshimo. Re ne re fetsa bontsi jwa nako mongwe le mongwe a dira a le esi, mme re ne ra itumelela go bona batho ba lefelo leno ba re tlotla le go re amogela. Go ise go ye kae, palo ya batho ba ba tlang dipokanong e ne ya simolola go oketsega.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka simolola go akanya thata ka kgaitsadi mongwe yo montle wa mmulatsela e bong Sybil, yo ke neng ka kopana le ene fa ke ne ke le mo sekepeng go ya kwa Sekolong sa Gileade. O ne a ya kopanong ya ditšhabatšhaba kwa New York. Moragonyana o ne a tsenela tlelase ya bo21 ya Gileade mme o ne a abelwa go ya go dira kwa Hong Kong ka 1953. Ke ne ka swetsa ka gore ke mo kwalele lekwalo, mme re ne ra kwalelana jalo go fitlha ka 1955 fa Sybil a ne a tla go dira le nna mo Ceylon, kwa re neng ra fitlha ra nyalana gone.

Kabelo ya rona ya ntlha re le banyalani ba barongwa e ne e le go ya go dira kwa toropong nngwe e e kwa bokone jo bo kwa kgakala jwa Sri Lanka ya Jaff­na. Mo magareng a bo1950, merafe ya Ba-Sinhala le Ba-Tamil e ne ya simolola go nna makgaoganyane ka ntlha ya dikgogakgogano tsa dipolotiki, tse di neng tsa felela ka ntwa mo masomeng a dingwaga moragonyana. A bo go ne go itumedisa jang go bona Basupi ba Ba-Sinhala le ba Ba-Tamil ba sireletsana ka dikgwedi tse dintsi mo dingwageng tseo tsa mathata! Diteko tseo di ne tsa itshekisa tumelo ya bakaulengwe le go e nonotsha.

Go Rera le go Ruta Kwa Sri Lanka

Re ne re tshwanetse go nna pelotelele le go itshoka gore re tlwaele setso sa Bahindu le sa Bamoseleme. Le fa go ntse jalo, re ne ra simolola go tlhaloganya ditso tseno tse pedi le mekgwa mengwe e e rategang ya tsone. E re ka go ne go sa tlwaelega go bona batswakwa ba tsamaya ka dibese tsa lefelo leno, batho ba ne ba re leba ba gakgamatse fa re di pagame. Sybil o ne a swetsa ka gore o ne a tla nyenya fa ba mo leba. A bo go ne go itumedisa jang go bona batho bano ba ba neng ba re leba ba gakgametse le bone ba simolola go nyenya bontle le rona!

Nako nngwe re ne ra emisiwa, tsela e tswetswe ke batlhokomedi. Motlhokomedi yo o neng a theogetse o ne a re botsa gore re tswa kae le gore re ya kae, mme o ne a simolola go re botsa dipotso tsa botho.

“Mosadi yono ke mang?”

Ke ne ka re, “Ke mogatsake.”

“Lo na le nako e kae lo nyalane?”

“Dingwaga tse robedi.”

“A lo na le bana?”

“Nnyaa.”

O ne a re: “Ijoo! A lo kile lwa ya go bona ngaka?”

Mokgwa ono o ba neng ba o tlwaetse wa go batla go itse dilo o ne o re gakgamatsa kwa tshimologong, mme gone fa nako e ntse e tsamaya re ne ra simolola go lemoga gore e ne e le tsela ya mmatota e batho ba lefelo leno ba neng ba bontsha ka yone gore ba kgatlhegela batho ba bangwe. Tota e bile, e ne e le mongwe wa mekgwa ya bone e e rategang. Motho o ne a ka ema fela mo lefelong la batho botlhe, mme go ise go ye kae o tla bona mongwe a tla mo go ene a bo a mmotsa ka bopelonomi gore a ka mo thusa jang.

Diphetogo le go Akanya ka Dilo Tse di Fetileng

Fa dingwaga di ntse di feta, re ile ra newa dikabelo tse di farologaneng mo godimo ga tiro ya rona ya borongwa kwa Sri Lanka. Ke ne ka abelwa tiro ya go nna molebedi wa potologo le wa kgaolo le go nna leloko la Komiti ya Lekala. Ka 1996, ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bo70. Ke ne ka itumelela go akanya ka dingwaga tse 45 tse ke di feditseng ke le mo tirelong ya borongwa kwa Sri Lanka. Go ne go na le batho ba ka nna 20 kwa pokanong ya ntlha e ke neng ka ya kwa go yone kwa Colombo. Gone jaanong palo eo e oketsegile go nna 3 500! Nna le Sybil re tsaya bontsi jwa batho bano ba ba rategang e le bana le ditlogolwana tsa rona tsa semoya. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le tiro e ntsi e e neng e tshwanetse go dirwa mo nageng eno yotlhe—tiro e e neng e tlhoka maatla le bokgoni jwa ba ba neng ba le bannye mo go rona. Ka ntlha ya seno, re ne ra amogela taletso go tswa kwa Setlhopheng se se Laolang ya gore re boele Australia. Go tsamaya ga rona go ne ga dira gore banyalani ba basha ba ba neng ba tshwanelega ba ye go nna barongwa kwa Sri Lanka mo boemong jwa rona.

Gone jaanong ke mo ngwageng wa bo83 wa botshelo jwa me, mme nna le Sybil re itumelela gore re sa ntse re itekanetse sentle gore re ka tswelela mo tirelong ya go nna babulatsela ba ba kgethegileng kwa lefelong la gaetsho la bogologolo la Adelaide. Bodiredi jwa rona bo dira gore re nne re thantse mo mogopolong le go fetofetoga le maemo. Gape bo re thusitse go tlwaela sesha botshelo jwa mo nageng eno jo bo farologaneng thata le jwa kwa re tswang teng.

Jehofa o ntse a re tlamela ka dilo tsotlhe tse re di tlhokang mo nameng, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona ba a re rata e bile ba a re tshegetsa. Bosheng jaana ke ne ka newa kabelo e ntšha. Ke abetswe go nna mokwaledi mo phuthegong ya rona. Ka jalo, ke lemogile gore fa ke ntse ke leka ka natla go direla Jehofa ka boikanyegi, ke tla nna ke thapisiwa go ya go ile. Fa ke akanya ka dingwaga tse di fetileng, ke nna ke gakgamadiwa ke gore mosimane yo o neng a tsaya botshelo motlhofo yo o goletseng kwa sekgweng o ne a ka newa thuto e e molemolemo jalo—thuto e e ntseng e tswelela pele botshelo jwa me jotlhe.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Ka letsatsi la rona la lenyalo, ka 1955

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le mokaulengwe Rajan Kadirgamar kwa tirelong ya tshimo ka 1957

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Ke na le Sybil gompieno