Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Bona Se o Se Balang ka Leitlho la Mogopolo?

A o Ka Kgona go Bona Se o Se Balang ka Leitlho la Mogopolo?

A o Ka Kgona go Bona Se o Se Balang ka Leitlho la Mogopolo?

FA O batla go bona ditiragalo ka leitlho la mogopolo, sengwe se se ka go thusang ke go tlwaelana le mafelo a o balang ka one.” Ka sekai, akanya ka maeto a borongwa a ga moaposetoloi Paulo, a go kwadilweng ka one mo bukeng ya Baebele ya Ditiro. Mo loetong lwa gagwe lwa ntlha lwa borongwa, o ne a simolola kwa Antioka, kwa balatedi ba ga Jesu ba neng ba bidiwa Bakeresete ka lekgetlho la ntlha teng. Go tswa foo o ne a ya kwa mafelong a a tshwanang le Salamisa, Antioka wa Pisidia, Ikonio, Lisetera le Derebe. A o kgona go bona ka leitlho la mogopolo gore mafelo ano a ne a le kae?

Gongwe o ka se kgone, kwantle ga fa o na le mmapa. Mo boroutšhareng jo bosha jwa ditsebe tse 36, jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ go na le mmapa o o ntseng jalo. Mmadi mongwe wa kwa Montana kwa U.S.A., o akgela jaana ka kanaanelo: “Ke kgona go bona maeto a ga Paulo mme ke leke go akanya gore o ne a dirisa sepalangwa sa mofuta ofe e bile ke akanya le ka tiro e ene le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba e dirileng go anamisa dikgang tse di molemo. Ke lebogela mmapa ono o montle.”

Mmapa wa maeto a ga Paulo ke mongwe wa dimmapa tse dintsintsi tse di mo boroutšhareng jono tse di tla thusang mmadi go bona ka leitlho la mogopolo se go buiwang ka sone mo Baebeleng. O ka nna wa kopa khopi ya ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ ka go tlatsa foromo e e fa tlase le go e romela kwa atereseng e e bontshitsweng kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 2 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele khopi ya boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ kwantle ga gore ke itlame ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna mabapi le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.