Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Letlang Batsadi go lo Thusa go Dibela Dipelo Tsa Lona!

Basha—Letlang Batsadi go lo Thusa go Dibela Dipelo Tsa Lona!

Basha—Letlang Batsadi go lo Thusa go Dibela Dipelo Tsa Lona!

OAKANYA gore ke kgwetlho efe e kgolo go di gaisa tsotlhe e motsamaisimogolo wa sekepe a lebanang le yone? A ke go kgabaganya lewatle le legolo ka pabalesego? E seng ka dinako tsotlhe. Gantsi dikepe di thubega fa lotshitshing lwa lewatle e seng fa gare ga lewatle. Tota e bile go emisa sekepe go ka nna kotsi go feta go kotamisa sefofane. Ka ntlha yang?

Pele ga motsamaisimogolo wa sekepe a se emisa ka pabalesego, o tshwanetse a tila dikotsi tsotlhe tse di ka nnang teng mo boemakepeng. O tshwanetse go itse gore go na le metsi a a elelang kafa tlase ga lewatle fa a ntse a leka gore a se ka a thula dikepe tse dingwe. Gape o tshwanetse a katoga dithota tsa motlhaba, maje kgotsa matlhekge a a sa bonaleng a dikepe a a kafa tlase ga metsi. Mme selo se se dirang gore seemo se nne kotsi le go feta ke gore e ka tswa e le la ntlha a tla mo boemakepeng jono.

Go fenya mathata ano, motsamaisimogolo yo o botlhale wa sekepe a ka batla thuso ya mokaedi yo o itseng boemakepe jono sentle. Mokaedi yono o ema fa thoko ga motsamaisimogolo mo phaposing e sekepe se laolwang mo go yone, a bo a mo kaela ka botswerere. Boobabedi ba akanya ka dikotsi tse di ka tlhagang, ba bo ba tsamaisa sekepe ka ditselana tse ditshesane tsa boemakepe.

Botswerere jo bogolo jwa mokaedi wa sekepe bo tshwantshetsa thuso e e seng kana ka sepe e e ka newang basha ba Bakeresete ba ba tshwanelwang ke go rulaganya tsela ya go kgabaganya mathata a botshelo. Thuso eno ke efe? Ke eng fa basha ba e tlhoka?

A re tsweleleng pele ka setshwantsho sa sekepe. Fa o le mosha, o tshwana le motsamaisimogolo wa sekepe ka tsela e e rileng, ka gonne kgabagare ke wena o tshwanetseng go bona gore o laola botshelo jwa gago jang. Mme batsadi ba gago ba tshwana le mokaedi wa sekepe jaaka fa ba ntse ba leka go go kaela mo maemong a a thata tota a botshelo a go ka diregang gore o lebane le one. Le fa go ntse jalo, fa o le mo dingwageng tsa bosha, o ka nna wa fitlhela go le thata go amogela kaelo ya batsadi ba gago. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?

Gantsi bothata bo amana le seemo sa pelo ya gago. Pelo ya gago ya tshwantshetso e ka nna ya dira gore o rate go dira dilo tse o di ileditsweng kgotsa o nne kgatlhanong le sengwe le sengwe fela se o akanyang gore se kgoreletsa kgololesego ya gago. Baebele ya re: “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele.” (Genesise 8:21) Jehofa o go bontsha sentle gore o tlile go lebana le kgwetlho e kgolo. O tlhagisa jaana: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe, e itaola ka tsela e e kotsi.” (Jeremia 17:9, Roth­er­ham) Mo godimo ga gore pelo e ka tlhagolela dikeletso tse di sa siamang, gape e ka tsietsa mosha, mme ya dira gore a akanye gore o itse dilo botoka go gaisa batsadi ba gagwe, le fa tota ba na le maitemogelo a magolo go mo feta. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang a gore o batle thuso ya batsadi ba gago fa o ntse o kgabaganya dingwaga tse di tletseng mathata tsa bosha.

Ke Eng fa o Tshwanetse go Ikobela Batsadi ba Gago?

Mo godimo ga tsotlhe, Jehofa, Mosimolodi wa lelapa, o go bolelela gore o tshwanetse go ikobela kaelo ya batsadi ba gago. (Baefeso 3:15) E re ka Modimo a neile batsadi ba gago boikarabelo jwa gore ba go tlhokomele, o go naya kgakololo eno: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena, gonne seno se siame.” (Baefeso 6:1-3; Pesalema 78:5) Le fa gone jaanong o ka tswa o le mo dingwageng tsa bolesome, batsadi ba gago ba sa ntse ba na le boikarabelo jwa go go kaela, mme o tshwanetse go ba reetsa. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwala gore bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone, o ne a dirisa lefoko la Segerika le le amang bana ba dingwaga tsotlhe. Ka sekai, jaaka go kwadilwe mo go Mathaio 23:37, Jesu o ne a tlhalosa baagi ba Jerusalema a re ke “bana” ba yone, le fa bontsi jwa bone e ne e le batho ba bagolo.

Banna ba le bantsi ba ba ikanyegang ba bogologolo, ba ne ba tswelela ba ikobela batsadi ba bone le fa ba ne ba setse ba na le lobaka lo loleele e le bagolo. Le fa Jakobe a ne a setse a godile, o ne a tlhaloganya gore o tshwanetse go ikobela taelo ya ga rraagwe ya gore a se ka a nyala mosadi yo e neng e se moobamedi wa ga Jehofa. (Genesise 28:1, 2) Gape ga go pelaelo gore Jakobe o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore tshwetso ya ga morwarraagwe ya go nyala basadi ba baheitane ba Bakanana e ne e utlwisitse batsadi ba gagwe botlhoko tota.—Genesise 27:46.

Mo godimo ga gore batsadi ba gago ba Bakeresete ba na le boikarabelo jo ba bo filweng ke Modimo jwa go go kaela, gape ke bone ba ba ka tshwanelegang thata gore e nne bagakolodi ba gago. Go ntse jalo segolobogolo ka gonne ba go itse sentle mme ga go pelaelo gore ba ile ba go bontsha lorato lwa bone lo logolo ka dingwaga tse dintsi. Fela jaaka mokaedi wa sekepe, ba bua se ba se itseng. Le bone ba kile ba nna le “dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone.” Mme e re ka e le Bakeresete ba boammaaruri, le bone ba iponetse botlhokwa jwa go latela melaometheo ya Baebele.—2 Timotheo 2:22.

E re ka o na le thuso e e molemo jalo ya batho ba ba nang le boitemogelo, o ka kgona go lebana le maemo a a bokete tota a botshelo ka katlego. Ka sekai, akanya ka kamano ya gago le batho ba bong bo sele. Batsadi ba gago ba Bakeresete ba ka go kaela jang mo kgannyeng eno e e masisi?

Go Kgatlhegela Batho ba Bong bo Sele

Bakaedi ba dikepe ba gakolola batsamaisi ba bagolo ba tsone gore ba katogele kgakala le dithota tsa motlhaba. Dithota tsa motlhaba ga di thata, mme gone di kotsi ka gonne di na le go suta. Batsadi ba gago le bone ba tla batla gore o katogele kgakala le maemo a a ka tsenyang maikutlo a gago mo thaelong. Ka sekai, batsadi ba a itse gore maikutlo a go kgatlhegela motho wa bong bo sele a ka nna boteng mme go ka nna thata go a tlhalosa. Mme gone, fa maikutlo ano a setse a le teng, a ka dira gore o nwele jaaka sekepe.

Sekai sa ga Dina se bontsha kotsi ya go tsamaela gaufi le seemo se se kotsi. Go rata go lekeletsa dilo le go batla go ijesa monate e ka tswa e le tsone dilo tse di dirileng gore Dina a batle go itsalanya le basetsana ba Bakanana, ba go se nang pelaelo gore ba ne ba se na boitsholo. Se kwa tshimologong se neng se lebega e le go itlosa bodutu fela, go ise go ye kae se ile sa felela ka masetlapelo—o ne a betelelwa ke lekawana lengwe le le neng le ‘tlotlega thata’ mo motseng.—Genesise 34:1, 2, 19.

Dikotsi tse di ntseng jalo di gakadiwa ke tsela e mo motlheng wa rona go agang go gatelelwa tlhakanelodikobo ka yone. (Hosea 5:4) Basha ba le bantsi ba ka dira gore o akanye gore go itlosa bodutu le motho wa bong bo sele ke selo se se itumedisang go gaisa tsotlhe. Pelo ya gago e ka itumedisiwa ke kakanyo ya gore o fetse nako le motho yo o mo kgatlhegelang lo le babedi fela. Mme gone, batsadi ba ba lorato ba tla leka go go sireletsa gore o se ka wa itsalanya le basha ba ba sa tlotleng melao ya Modimo.

Laura o bolela gore go rata go lekeletsa dilo go ka dira gore basha ba se ka ba bona dikotsi. “Fa basetsana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba mpolelela gore ba ne ba tantsha le basimane bangwe ba bantle go fitlha go nna bosigo tota, ba dira gore seno se utlwale e kete ke sengwe se se itumedisang thata se motho a ka se se lebaleng. Ke lemoga gore gantsi ba feteletsa dilo, mme gone ke sa ntse ke batla go lekeletsa e bile ke akanya gore gongwe ke fetwa ke monate. Le mororo ke itse gore batsadi ba me ba dira sentle fa ba sa ntetlelele go ya kwa mafelong a a ntseng jalo, ke sa ntse ke ikutlwa ke raelesega.”

Sekepe ga se na mariki, ka jalo se tsaya nako pele se ema. Batsadi ba a itse gore go fisega maikutlo le gone go ntse jalo. Buka ya Diane e bua ka motho yo o tlhotlhelediwang ke go fisega maikutlo ka tsela e e sa laolesegeng, mme e mo tshwantsha le poo e e yang go tlhabiwa. (Diane 7:21-23) Ga o batle go diragalelwa ke sengwe se se ntseng jalo, se se tla felelang ka gore o nne mo mathateng a maikutlo le a semoya, mme mathata ano a tshwana le go thubegelwa ke sekepe. Batsadi ba gago ba ka nna ba lemoga fa pelo ya gago e setse e simolotse go go faposa mo kgannyeng eno, mme ba ka go naya kgakololo e e tshwanelang. A o tla nna botlhale mme o ba reetse gore o se ka wa welwa ke masetlapelo?—Diane 1:8; 27:12.

Gape o tlhoka thuso ya batsadi ba gago fa o tshwanelwa ke go lebana le kgatelelo ya dithaka. Ba ka go thusa jang?

Tlhotlheletso e e Maatla ya Dithaka Tsa Gago

Makhubu a a maatla a ka faposa sekepe mo tseleng. Sekepe se tshwanetse sa isiwa ntlheng e nngwe go lwantsha maatla ao. Ka tsela e e tshwanang, tlhotlheletso e e maatla ya basha ba bangwe e ka go faposa mo tseleng ya semoya, ntle le fa o ka tsaya dikgato tsa go e lwantsha.

Fela jaaka sekai sa ga Dina se bontsha, “fa o itsalanya le batho ba ba dimatla, o tla senyega.” (Diane 13:20, Today’s English Version) Se lebale gore go ya ka Baebele, “sematla” ke motho yo o sa itseng Jehofa kgotsa yo o tlhophang gore a se ka a tsamaya mo ditseleng tsa gagwe.

Le fa go ntse jalo, go ka nna ga se nne motlhofo go gana dikgopolo kgotsa mekgwa ya bana ba o tsenang le bone mo tlelaseng. María José o tlhalosa jaana: “Ke ne ke batla go ratwa ke basha ba bangwe. E re ka ke ne ke batla gore ba ntseye ke tshwana le bone, ke ne ke ba etsa thata ka mo nka kgonang ka teng.” Dithaka tsa gago di ka go tlhotlheletsa o sa lemoge—mo mminong o o o tlhophang, mo go se o batlang go se apara, tota le mo tseleng e o buang ka yone. Gongwe o ikutlwa o gololesegile fa o na le basha ba ba lekanang le wena. Ke ga tlholego go ikutlwa jalo, mme go ka dira gore go nne motlhofo gore ba go tlhotlheletse thata, mme seno se ka nna kotsi.—Diane 1:10-16.

Caroline o gakologelwa jaana bothata jo a neng a lebana le jone dingwaga di le mmalwa tse di fetileng: “Bontsi jwa basetsana ba ke ba itseng ba ne ba na le makau go tloga ba le dingwaga tse 13, mme ke feditse dingwaga di le mmalwa ke le mo kgatelelong e kgolo ya gore ke latele sekao sa bone. Le fa go ntse jalo, mmè o ne a nkaela mo dinakong tseno tsa mathata. O ne a fetsa nako e ntsi a ntheetsa, a mpontsha mabaka mme a nthusa go bona botlhokwa jwa go se nne le dikamano tse di ntseng jalo go fitlha ke nna motho yo o godileng sentle.”

Fela jaaka mmaagwe Caroline, batsadi ba gago ba ka nna ba ikutlwa ba tshwanelwa ke go go tlhagisa ka dithaka tsa gago kgotsa le e leng go go thibela go dira ditiro dingwe kgotsa go itsalanya le batho bangwe. Nathan o gakologelwa dikgotlhang di le mmalwa tse a ileng a nna le tsone le batsadi ba gagwe mo dikgannyeng tse di ntseng jalo. O tlhalosa jaana: “Gantsi ditsala tsa me di ne di ntaletsa go intsha le tsone, mme batsadi ba me ba ne ba sa batle gore ke tsamaye le ditlhopha tse dikgolo tsa batho kgotsa go ya kwa diphathing tse di sa okamelwang ke ope. Ka nako eo, ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke eng fa batsadi ba bangwe ba letlelela bana ba bone go dira dilo tseno mme ba me ba sa ntetlelele.”

Le fa go ntse jalo, moragonyana Nathan o ne a tlhaloganya lebaka la seo. A re: “Ke a itse gore ‘boeleele bo ne bo bofeletswe mo pelong ya me.’ Go bonala boeleele jono bo tlhagelela motlhofo fa basimane ba tsamaya ba le setlhopha. A le mongwe o simolola sengwe se se sa siamang, yo mongwe a bo a dira se se maswe go feta seo mme wa boraro ene a bo a fetelela go ba gaisa botlhe. Go ise go ye kae, botlhe ba tlhotlheletsega go nna le seabe. Tota le basha ba ba ipolelang gore ba direla Jehofa ba ka wela mo seraing seno.”—Diane 22:15.

Nathan le María José boobabedi ba ne ba lwantshana le maikutlo a bone fa batsadi ba bone ba ne ba sa ba letlelele go dira dilo tse dithaka tsa bone di neng di batla gore ba di dire. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ba reetsa, mme moragonyana ba ne ba itumelela go bo ba dirile jalo. Seane sa re: “Sekega tsebe ya gago mme o utlwe mafoko a ba ba botlhale, gore o tle o tlhome pelo ya gago mo kitsong ya me.”—Diane 22:17.

Ba Tshwanelwa ke go Tlotlwa

Go thata go tsamaisa sekepe se se sekametseng ka fa letlhakoreng le le lengwe, mme fa se ka sekama thata go ka nna motlhofo gore se menoge. Ka ntlha ya gore ga re a itekanela, rotlhe re na le tshekamelo ya go nna pelotshetlha le go dira dilo tse re di ileditsweng. Le fa basha ba ka tswa ba na le ditshekamelo tseno, ba sa ntse ba ka atlega mo botshelong fa ba latela kaelo ya batsadi ba bone ka kelotlhoko.

Ka sekai, batsadi ba gago ba ka go thusa gore o se ka wa dumela kgopolo ya gore go na le tsela e nngwe e e leng fa gare ga e tshesane e e isang botshelong le e e atlhameng e e isang tshenyegong. (Mathaio 7:13, 14) Ga go utlwale go akanya gore o ka itumelela go dira sengwe se se phoso go se kae mme o bo o sa tsene mo mathateng. Batho ba ba lekang go dira jalo ba “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng”—ba direla Jehofa ka selekanyo se se rileng mme gape ba rata lefatshe le dilo tsa lone—mme go ka nna motlhofo gore ba menoge semoyeng. (1 Dikgosi 18:21; 1 Johane 2:15) Ke ka ntlha yang fa seno se direga? Ka gonne re sekametse go dira boleo.

Dikeletso tsa rona tse di sa itekanelang di a gakala fa re di letla gore di re laole. ‘Pelo ya rona e e boferefere’ ga e na go kgotsofalela lemmenyana fela la boleo. E tla batla go dira se se fetang seo. (Jeremia 17:9) Fa re simolola go katogela kgakala le dilo tsa semoya, lefatshe le tla re tlhotlheletsa ka tsela e kgolo tota. (Bahebera 2:1) O ka nna wa se ka wa lemoga gore o setse o simolotse go wa semoyeng, mme go ka direga gore batsadi ba gago ba Bakeresete ba lemoge. Ke boammaaruri gore ba ka tswa ba se bonako jaaka wena go ithuta khomputara, mme gone ba itse dilo tse dintsi go go feta malebana le pelo e e boferefere. Mme ba batla go go thusa gore o “goge pelo ya gago mo tseleng” e e ka go nayang botshelo.—Diane 23:19.

Gone mme, o se ka wa lebelela gore batsadi ba gago ba ka se dire diphoso mo tseleng e ba lebang dilo ka yone fa ba tshwanelwa ke go go kaela mo dikgannyeng tse di thata, jaaka mo kgannyeng ya mmino, boitlosobodutu le tsela e o ipaakanyang mmele ka yone. Batsadi ba gago ba ka tswa ba se botlhale jaaka Solomone kgotsa ba se pelotelele jaaka Jobe. Fela jaaka mokaedi wa sekepe, ka dinako tse dingwe le bone ba ka nna kelotlhoko ka tsela e e feteletseng. Le fa go ntse jalo, kaelo ya bone e tla go solegela molemo thata fa o ka sekegela tsebe ‘kotlhao ya ga rrago, mme wa se ka wa latlha molao wa ga mmago.’—Diane 1:8, 9.

Basha ba bangwe ba ka bua dilo tse di bontshang gore ba nyatsa batsadi ba bone. Mme gone, fa e le gore batsadi ba gago ba leka ka natla go latela Dikwalo, ba tla go ema nokeng mo maemong otlhe, ka dinako tsotlhe le mo mathateng otlhe a o lebanang le one. Fela jaaka motsamaisimogolo wa sekepe a newa kgakololo ke mokaedi yo o nang le maitemogelo, le wena o tlhoka batsadi ba gago gore ba go kaele, ba go bontshe tsela e e botlhale e o tshwanetseng go e tsaya. O tla bona maduo a a seng kana ka sepe.

“Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula, mo mothong yo o buang dilo tse di sokameng, mo go ba ba tlogelang ditselana tsa thokgamo gore ba tsamaye mo ditseleng tsa lefifi . . . Gonne bathokgami ke bone ba ba tla agang mo lefatsheng, mme ba ba se nang molato ke bone ba ba tla salang mo go lone.”—Diane 2:10-13, 21.

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Tlhotlheletso ya basha ba bangwe e ka go faposa mo tseleng ya semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Se lebale se se neng sa diragalela Dina

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fela jaaka motsamaisimogolo wa sekepe a batla kgakololo ya mokaedi yo o nang le maitemogelo, basha ba tshwanetse go batla kaelo ya batsadi ba bone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Setshwantsho: www.comstock.com