Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa Jesu a ne a laela balatedi ba gagwe go ‘adima batho kwantle ga morokotso ba sa solofele go boelwa ke sepe,’ a o ne a kaya gore ba ne ba sa tshwanela go kopa go busediwa le e leng madi a ba a adimileng motho?

Mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 6:35 a ka tlhaloganngwa botoka fa re ka akanya ka Molao wa ga Moshe. Modimo o ne a laela Baiseraele gore fa Baiseraele ka bone ba se na madi mme ba tlhoka thuso, ba ba adime madi ano kwantle ga morokotso. (Ekesodo 22:25; Lefitiko 25:35-37; Mathaio 5:42) Ba ne ba sa ba adime madi ano ka boikaelelo jwa go dira kgwebo. Go na le moo, madi ano a ba neng ba a adima ba bangwe kwantle ga morokotso a ne a thusa batho go tswa mo lehumeng le mo mathateng. Tota e bile, e ne e tla bo e se go bontsha lorato gore fa moagelani a le mo mathateng a tsa madi motho a bo a batla go dirisa seemo seo go ikhumisa. Le fa go ntse jalo, motho yo o adimang yo mongwe madi o ne a tshwanetse go busediwa one madi ao, mme ka dinako tse dingwe go ne go ntshiwa sebeelo (go tlhomamisa gore madi ao a tla busiwa).—Duteronome 15:7, 8.

Le mororo Jesu a ne a tlotla Molao, o ne a dira gore o tlhaloganngwe ka tsela e kgolwane, a bolela gore motho yo o thusang yo mongwe ga a tshwanela go ‘solofela go boelwa ke sepe.’ Fela jaaka Baiseraele, ka dinako tse dingwe Bakeresete ba tlhagelwa ke mathata a madi kgotsa maemo mangwe a a ka dirang gore ba sale ba humanegile. Fa mokaulengwe wa Mokeresete yo o leng mo seemong seno se se utlwisang botlhoko a tlhoka go thusiwa ka madi, a ga re a tshwanela go nna pelonomi mme re mo thuse? Ee ruri, lorato lwa mmatota lo tla dira gore Mokeresete a batle go thusa mokaulengwe wa gagwe yo o tseneng mo mathateng a magolo a madi ka ntlha ya maemo mangwe a a neng a sa kgone go a laola. (Diane 3:27) Motho a ka kgona go naya mokaulengwe yono yo o tlhokang jalo mpho ya madi, le fa madi ao a ka nna mannye mo go a a neng a ka mo a adima.—Pesalema 37:21.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ne ba laelwa gore ba tle le meneelo go tswa kwa Bakereseteng ba kwa Asia Minor mme ba e neye bakaulengwe ba kwa Judea ka ntlha ya leuba. (Ditiro 11:28-30) Le gompieno, fa go nna le masetlapelo, gantsi Bakeresete ba romela dimpho ba di romelela bakaulengwe ba bone ba ba tlhokang. Gape ka go dira jalo, ba neela batho ba bangwe bosupi jo bo molemo. (Mathaio 5:16) Gone mme, sengwe se se tshwanetseng sa akanyediwa ke boikutlo jo motho yo o tlhokang thuso a nang le jone le seemo sa gagwe. Ke ka ntlha yang fa a tlhoka thuso? Re tshwanetse go ela tlhoko thata mafoko ano a ga Paulo: “Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.”—2 Bathesalonika 3:10.

Fa mokaulengwe yo o kopang gore a adimiwe madi a se mo bothateng jo bogolo go le kalo, mme gone a batla go thusiwa go se kae fela gore a tokafatse seemo sa gagwe morago ga gore a nne le mathata a a rileng a madi, go ka nna ga tshwanela gore motho a mo adime madi kwantle ga morokotso. Mo maemong a a ntseng jalo, go adima motho yono madi ka boikaelelo jwa gore o tla a busa otlhe go tla bo go sa thulane le mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 6:35. Go tshwanetse ga dirwa tumalano mme e kwalwe fa fatshe, mme motho yo o adingwang madi o tshwanetse go dira boiteko jotlhe gore a buse madi ao go ya ka tsela e go dumalanweng ka yone. Ee ruri, lorato lwa Bokeresete lo tshwanetse go tlhotlheletsa motho yo o adingwang madi gore a buse madi ao fela jaaka lorato lono lo ile lwa tlhotlheletsa yo mongwe gore a mo a adime.

Gape motho yo o akanyetsang go adima yo mongwe madi (kgotsa go mo naya mpho) a ka tlhoka go akanyetsa seemo sa ba lelapa la gagwe pele. Ka sekai, fa a ka adima motho madi, a seo se tla dira gore a palelwe ke go tlamela ba lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang, e leng sengwe sa botlhokwa go ya ka Dikwalo? (2 Bakorintha 8:12; 1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba batla ditsela tsa go bontshana lorato, ba lo bontsha ka ditsela tsa mmatota tse di dumalanang le melaometheo ya Baebele.—Jakobe 1:27; 1 Johane 3:18; 4:7-11.