Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Dilo Tse Dintsi

Go Batla Dilo Tse Dintsi

Go Batla Dilo Tse Dintsi

“Fa re nna re batla dilo tse dintsi re sa kgotsofale, ga re nke re bona go lekane.”—Pego ya Worldwatch Institute.

“RE BATLA eng? Sengwe le sengwe. Re se batla leng? Gone jaanong.” Moono ono o ne o tlwaelegile thata mo baithuting bangwe ba kholetšhe ka bo1960. Gompieno o ka nna wa se ka wa utlwa batho ba bua mafoko ao, mme fela ba sa ntse ba na le kgopolo eo. Ee ruri, go lebega go batla dilo tse dintsi go tlwaelegile thata mo motlheng wa rona.

Go batla khumo le dithoto e setse e le selo sa botlhokwa thata mo matshelong a batho ba bantsi. Jimmy Carter, yo e kileng ya bo e le Poresidente wa United States, o kile a re: “Motho ga a tlhole a itsiwe ka se a se dirang, o itsiwe ka se a nang le sone.” A go na le dilo tsa botlhokwa go feta dithoto? Fa e le gore go ntse jalo, ke dife mme di ka solegela motho molemo jang?