Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Itse Gore go Aba go Itumedisa Jang?

A o Itse Gore go Aba go Itumedisa Jang?

A o Itse Gore go Aba go Itumedisa Jang?

KGAITSADI mongwe yo o ikanyegang wa Mokeresete o ne a feditse mo e ka nnang dingwaga di le 50 a le matlhagatlhaga mo tirelong ya Bokeresete. Le mororo botsofe bo ne bo dirile gore a nne bokoa mo mmeleng, o ne a ikemiseditse go ya go bona Holo ya Bogosi e e neng e sa tswa go agiwa. A itshegeditse ka letsogo la mokaulengwe mongwe wa Mokeresete yo a neng a mo thusa, o ne a tsena mo holong a tsamaya a iketlile, mme gone a lebile ka tlhamalalo kwa lebokosong la moneelo. O ne a fitlha a tsenya madinyana a a neng a sa le a a kokoanyetsa lebaka leo. Le fa a ile a se ka a kgona go tsenya seatla ka tlhamalalo mo tirong ya go aga, o ne a batla go thusa.

Mosadi yono wa Mokeresete a ka tswa a go gopotsa mosadi yo mongwe yo o ikanyegang—“motlholagadi mongwe wa mohumanegi” yo Jesu a neng a mmona a latlhela madinyana a le mabedi a tshipi mo letloleng la tempele. Ga re bolelelwe gore seemo sa botshelo jwa gagwe se ne se ntse jang, mme gone mo metlheng eo, fa mosadi a ne a se na monna, seno se ne se ka dira gore a nne mo mathateng a magolo a madi. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a utlwela mosadi yono botlhoko, ka gonne o ne a tlhaloganya seemo sa gagwe sentle. Fa a mo tlhalosa e le sekao mo barutweng ba gagwe, o ne a bolela gore mpho ya gagwe e nnye e ne e le “gotlhe mo a neng a na le gone, gotlhe mo a tshelang ka gone.”—Mareko 12:41-44.

Ke ka ntlha yang fa mosadi yo o tlhokang yo o tshwanang le motlholagadi yono wa mohumanegi a ne a ka ntsha moneelo o o ntseng jalo? Go bonala sentle gore ke ka gonne o ne a ineetse tota mo go Jehofa Modimo, yo boremelelo jwa kobamelo ya gagwe e neng e le tempele ya kwa Jerusalema. Le mororo a ne a ka kgona go ntsha moneelo o monnye fela, o ne a batla go tsweledisetsa tirelo e e boitshepo pele. Mme o tshwanetse a bo a ile a itumela tota go bo a ile a aba sotlhe se a se kgonang.

Go Tshegetsa Tiro ya ga Jehofa ka go Aba

Go ntsha meneelo ya dithoto le madi e sa le e ntse e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo e e itshekileng, mme e sa le e le sengwe se se tlisang boipelo jo bogolo. (1 Ditiragalo 29:9) Kwa Iseraeleng wa bogologolo, meneelo e ne e sa ntshediwe go kgabisa tempele fela, mme gape e ne e ntshediwa go dira gore dikarolo tsotlhe tsa kobamelo ya ga Jehofa di tswelele pele sentle letsatsi le letsatsi. Molao o ne o laela gore Baiseraele ba ntshe sa bosome sa thobo le letsomane la bone go tshegetsa Balefi, ba ba neng ba direla kwa tempeleng. Mme Balefi le bone ba ne ba tshwanetse go neela Jehofa sa bosome sa dilo tse ba neng ba di abelwa.—Dipalo 18:21-29.

Le fa Bakeresete ba ne ba sa tlhole ba tlhoka go dira dilo tse di neng di laelwa mo kgolaganong ya Molao, molaomotheo wa gore batlhanka ba Modimo ba abe dithoto tsa bone go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri o ne wa nna o sa fetoge. (Bagalatia 5:1) Mo godimo ga moo, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itumelela go ntsha meneelo go thusa bakaulengwe ba bone ka dilo tse ba di tlhokang. (Ditiro 2:45, 46) Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete gore fela jaaka Modimo a ba neile dilo tsotlhe tse di molemo ka bopelotshweu, le bone ba tshwanetse go abela ba bangwe ka bopelotshweu. O ne a kwala jaana: “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba se ka ba solofela mo dikhumong tse di sa tlhomamang, mme ba solofele mo Modimong, yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele; ba lwele go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana, ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.” (1 Timotheo 6:17-19; 2 Bakorintha 9:11) Ee ruri, Paulo o ne a ka tlhomamisa mafoko ano a ga Jesu go ya ka se ene a se iponetseng: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Tsela e Bakeresete ba Abang ka Yone Gompieno

Gompieno batlhanka ba ga Jehofa ba ntse ba dirisa dithoto tsa bone go thusana le go tshegetsa tiro ya Modimo. Tota le ba ba humanegileng ba ntsha moneelo o ba ka o kgonang. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ikutlwa a na le boikarabelo fa pele ga ga Jehofa jwa gore a dirise meneelo eno yotlhe sentle kafa go ka kgonegang ka teng. (Mathaio 24:45) Meneelo e dirisediwa go tsamaisa diofisi tsa makala, go ranola le go gatisa Dibaebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng, go rulaganya dipokano tse dikgolo tsa Bokeresete, go thapisa balebedi ba ba etang le barongwa le go ba romela kwa dikabelong tsa bone, go thusa ka tsa namolo ka dinako tsa masetlapelo, le go dira dilo tse dingwe tse dintsi tsa botlhokwa. A re sekasekeng nngwe ya dilo tseno—go thusa gore go nne le mafelo a kobamelo.

Basupi ba ga Jehofa ba kopana makgetlho a le mmalwa ka beke kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi go solegelwa molemo ke thuto ya semoya le ke botsalano jo bo molemo. Le fa go ntse jalo, kwa dinageng di le dintsi, maemo a tsa ikonomi a dira gore Basupi ba mafelo ao ba tlhoke go thusiwa ka madi pele gore ba kgone go aga Diholo tsa Bogosi. Ka jalo, ka 1999, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola thulaganyo ya go dirisa meneelo go tswa kwa dinageng tse di humileng go thusa go aga Diholo tsa Bogosi mo dinageng tse di humanegileng. Mo godimo ga moo, baithaopi ba le diketekete ba ile ba dirisa nako le bokgoni jwa bone, mme gantsi ba dira kwa mafelong a a kwa kgakala a dinaga tseno. Ka nako ya fa go agiwa, Basupi ba lefelo le go agiwang mo go lone ba ithuta ditsela tsa go aga le go tlhokomela holo, mme Letlole la Diholo tsa Bogosi le dira gore didirisiwa tse di tlhokegang tsa kago di kgone go rekwa. Basupi ba gone jaanong ba dirisang diholo tseno tse disha, ba lebogela thata gore badumedi ka bone ba ile ba dirisa nako le madi a bone go ba thusa. Le bone ba ntsha meneelo kgwedi le kgwedi go tlhokomela Holo ya bone e ntšha ya Bogosi le go thusa go duelela ditshenyegelo tsa go e aga, mme seno se thusa gore go agiwe Diholo tse dingwe tsa Bogosi.

Fa go agiwa Diholo tsa Bogosi, go dirisiwa mekgwa ya lefelo leo ya go aga le didirisiwa tsa lone. Le mororo diholo tseno di se magasigasi, di dintle, di tshwanela seemo e bile batho ba nna ka phuthologo mo go tsone. Fa thulaganyo ya go aga e ne e simololwa ka 1999, go ne go rulagantswe gore tiro e dirwe mo dinageng di le 40 tse di humanegileng. Fa e sa le ka nako eo, tiro ya go aga e ile ya atolosiwa gore e dirwe mo dinageng di le 116 tse di humanegileng, mme palo eno e akaretsa mo e ka nnang halofo ya diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, go ile ga agiwa Diholo tsa Bogosi di feta 9 000 ka thulaganyo eno, mme palo eno e bontsha gore go ne go agiwa palogare ya diholo di le 5 tse disha letsatsi le letsatsi! Le fa go ntse jalo, go sa ntse go tlhokega Diholo tse disha tsa Bogosi di le 14 500 mo dinageng tseno tse 116. Ka tshegofatso ya ga Jehofa le ka boikemisetso jwa Basupi mo lefatsheng lotlhe le boikutlo jwa bone jwa go aba ka go rata, go solofelwa gore go tla nna le meneelo e e lekaneng e e tla thusang go aga diholo tseno.—Pesalema 127:1.

Diholo Tsa Bogosi di Thusa Gore go Nne le Koketsego

Tiro eno e kgolo e ile ya ama jang Basupi ba lefelo le holo e agiwang mo go lone le tiro ya go rera ka Bogosi? Mo mafelong a le mantsi, palo ya batho ba ba tlang dipokanong e oketsega ka tsela e e gakgamatsang fa go sena go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi. Sekai sa seno se bonala mo pegong eno go tswa kwa Burundi: “Ka bonako fela fa Holo ya Bogosi e sena go agiwa, e a tlala. Ka sekai, Holo nngwe ya Bogosi e ne ya agelwa phuthego e e nang le palogare ya batho ba le 100 ba ba nnang teng mo dipokanong. Holo ya bone e ntšha ya Bogosi e ne e na le manno a a lekaneng gore batho ba ba 150 ba nne sentle mo go yone. Fa e sena go wediwa, go ne ga nna le batho ba le 250 ba ba tlang dipokanong.”

Ke eng fa go nna le koketsego e e ntseng jalo? Lebaka lengwe ke gore ka dinako tse dingwe batho ba belaela ditlhopha tsa baboledi ba Bogosi ba ba se nang lefelo le le siameng la go kopanela mme ba tshwanelwa ke go tshwara dipokano ka fa tlase ga setlhare kgotsa mo patlelong. Kwa nageng nngwe, go tsewa gore ditlhopha tse dinnye tseno tsa bodumedi ke tsone tse di bakang dintwa tsa merafe, mme molao o batla gore dipokano tsotlhe tsa bodumedi di tshwarelwe mo teng ga ntlo ya kobamelo.

Fa Basupi ba ga Jehofa ba na le diholo tsa bone, seno se ba thusa le gore ba bontshe batho ba lefelo la bone gore ga se barutwa ba moruti mongwe. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Zimbabwe e kwala jaana: “Mo nakong e e fetileng, bakaulengwe mo lefelong leno ba ne ba kopanela mo magaeng a bone, mme seno se ne se dira gore batho ba lefelo la bone ba tseye gore phuthego ke ya mong wa legae le ba kopanelang kwa go lone. Ba ne ba na le go tlhalosa bakaulengwe ba re ke ba kereke ya ga Rre Semangmang. Seno sotlhe se a fetoga jaanong, e re ka batho ba bona matshwao a a bitsang holo nngwe le nngwe gore ke ‘Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa.’”

Batho ba ba Abang ka Boipelo

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Ke boammaaruri gore meneelo ya madi a mantsi e thusa thata. Mme gone, bontsi jwa meneelo e e ntshediwang tiro ya Basupi ba ga Jehofa e tswa mo mabokoseng a meneelo a a leng mo Diholong tsa Bogosi. Le fa meneelo e ka nna ya madi a mannye kgotsa a mantsi, yotlhe ke ya botlhokwa mme ga e tseelwe kwa tlase. Se lebale gore Jesu o ne a leba motlholagadi yo o humanegileng ka kelotlhoko fa a ne a ntsha moneelo wa madinyana a le mabedi a tshipi. O ne a ba a bonwa le ke Jehofa le baengele. Ga re itse le gore leina la motlholagadi yono ke mang, mme gone Jehofa o ne a tlhomamisa gore tiro eno e a e dirileng ka bopelotshweu e kwalwa mo Baebeleng.

Meneelo ya rona ga e tshegetse tiro ya go aga Diholo tsa Bogosi fela, mme gape e tshegetsa le dikarolo tse dingwe tsotlhe tsa tiro ya botlhokwa ya Bogosi. Fa re thusa ka meneelo eno, seno se re naya lebaka la go ipela le go “huma dipontsho di le dintsi tsa go leboga Modimo.” (2 Bakorintha 9:12) Bakaulengwe ba rona ba Bakeresete kwa Benin ba bega jaana: “Letsatsi le letsatsi go rapelwa dithapelo di le dintsi go leboga Jehofa ka thuso ya madi e e tswang mo bakaulengweng ba ditšhabatšhaba.” Kafa letlhakoreng le lengwe, rona rotlhe ba re nang le seabe mo go tshegetseng tiro ya Bogosi ka madi re bona boitumelo jo bo tlisiwang ke fa re aba ka tsela ya Bokeresete!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone

MENEELO YA TIRO YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”

Kgwedi le kgwedi, diphuthego di romela madi ano kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya gaeno. Ditšheke di tshwanetse go kwalwa ka leina la “Watch Tower.” Dibenya kana dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

GO RULAGANYETSA GO ABA

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le Dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abiwa e le mpho kana fa e le ntlo gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela mme a tswelele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.

Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, o ka ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo atereseng e e kwadilweng fa tlase fano kana kwa ofising ya Basupi ba ga Jehofa e e tlhokometseng naga ya gaeno.

Accounting Office

Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

Private Bag X2067,

Krugersdorp, 1740

South Africa

Nomoro ya mogala: (011) 761 1000

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Mafelo a dipokano a bogologolo le a masha a Basupi ba ga Jehofa

Zambia

Central African Republic