Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tla Tsamaya re Bona Tshireletsego ya Mmatota?

A re Tla Tsamaya re Bona Tshireletsego ya Mmatota?

A re Tla Tsamaya re Bona Tshireletsego ya Mmatota?

KE MANG yo o sa itumeleleng go lebelela bana ba itumetse ba tshameka le batsadi ba bone ba ba ba ratang? Bana ba ikutlwa ba sireletsegile tota fa ba na le batsadi ba ba lorato. Le fa go ntse jalo, bana ba bantsi ga ba bone boitumelo jo bo ntseng jalo. Go na le moo, bana ba bangwe ba tshwenyega letsatsi le letsatsi ka gore ba tla robala kae bosigo. A bana ba ba ntseng jalo ba ba se nang magae le batho ba bangwe ba ba tshelang ba sa sireletsega, ba ka nna le tsholofelo?

Le fa bokamoso bo ka lebega bo se na tsholofelo, Lefoko la Modimo le naya tsholofelo. Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go tla tla letsatsi le ka lone rotlhe re tla tshelang re sireletsegile ka botlalo. O ne a kwala jaana: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”—Isaia 65:21, 22.

A mme go na le lebaka le le utlwalang la go nna le tsholofelo e e ntseng jalo? Kana tota, lefoko “tsholofelo” ga se ka metlha le rayang gore selo se tla direga. Ka sekai, kwa Brazil, go tlwaelegile go utlwa polelwana eno: “A esperança é a última que morre.” Seo se raya gore, “Tsholofelo ga e fele.” Se raya gore batho ba bantsi ba nna ba na le tsholofelo le fa go se na lebaka le le utlwalang la go nna le yone. Le fa go ntse jalo, tsholofelo e re e newang ke Modimo yo o tshelang ga e tshwane le eo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ga go na ope yo o dumelang mo [Modimong] yo o tla swabisiwang.” (Baroma 10:11) Boporofeti jwa Baebele jo bo setseng bo diragaditswe bo re naya tshepo ya gore dilo tsotlhe tse dingwe tse Jehofa Modimo a di solofeditseng le tsone di tla direga. Fa ditsholofetso tseo di direga, maemo a a pateletsang bana gore ba nne mo mebileng a tla bo a fedile.

Le gompieno kgakololo e e botlhale e e fitlhelwang mo Baebeleng e ka thusa ba ba se nang tsholofelo gore ba tokafatse matshelo a bone le gore ba bone tshireletsego ya mmatota. Seo se ka kgonega jang? Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go bona karabo ya potso eo.