Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse

Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse

Ba a Bogisiwa Mme ba Itumetse

“Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.”—MATHAIO 5:11.

1. Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe jang malebana le go itumela le go bogisiwa?

FA Jesu a ne a simolola go romela baaposetoloi ba gagwe gore ba ye go rera ka Bogosi, o ne a ba tlhagisa gore ba ne ba tla ganediwa. O ne a ba raya a re: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 10:5-18, 22) Le fa go ntse jalo, pelenyana ga foo, mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, o ne a tlhomamisetsa baaposetoloi ba gagwe le batho ba bangwe gore kganetso eo e ne e ka se fedise boitumelo jwa bone jo ba neng ba bo utlwa go tswa pelong. Tota e bile, Jesu o ne a ba a amanya go itumela le go bogisiwa ga Bakeresete! Pogiso e ne e ka tlisa boitumelo jang?

Go Boga ka Ntlha ya Tshiamo

2. Go ya ka Jesu le moaposetoloi Petere, ke go boga gofe mo go tlisang boitumelo?

2 Lebaka la borobedi la go itumela le Jesu a neng a le bolela ke gore: “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.” (Mathaio 5:10) Go boga ka bogone ga go monate. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Gonne go na le tlotla efe mo go seo, fa e re lo leofa lo bo lo fapholwa, lo go itshokela? Mme, fa e re lo dira molemo lo bo lo boga, lo go itshokela, seno ke selo se se itumedisang mo Modimong.” Gape o ne a bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, a ope wa lona a se ka a boga ka go bo e le mmolai kgotsa legodu kgotsa modirabosula kgotsa e le yo o itshunyang nko mo dikgannyeng tsa batho ba bangwe. Mme fa a boga e le Mokeresete, a a se ka a ikutlwa a tlhabiwa ke ditlhong, mme a a nne a galaletse Modimo mo leineng leno.” (1 Petere 2:20; 4:15, 16) Go ya ka mafoko a ga Jesu, go boga go tlisa boitumelo fa go itshokelwa ka ntlha ya tshiamo.

3. (a) Go bogisediwa tshiamo go kaya eng? (b) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba amiwa jang ke pogiso?

3 Tshiamo ya boammaaruri e bonala fa motho a dira thato ya Modimo le go ikobela ditaelo tsa gagwe. Ka jalo, go boga ka ntlha ya tshiamo go kaya go boga ka gonne motho a gana go gatelelwa gore a tlole melao ya Modimo. Baaposetoloi ba ne ba bogisiwa ke baeteledipele ba Bajuda ka gonne ba ne ba gana go emisa go rera mo leineng la ga Jesu. (Ditiro 4:18-20; 5:27-29, 40) A seno se ne sa ba tseela boipelo kgotsa sa emisa go rera ga bone? Le eseng! “[Ba ne] ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe. Mme letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.” (Ditiro 5:41, 42) Pogiso eno e ne ya ba tlisetsa boipelo mme ya tsosolosa tlhoafalo ya bone mo tirong ya go rera. Moragonyana, Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bogisiwa ke Baroma ka gonne ba ne ba gana go obamela mmusimogolo.

4. Mabaka mangwe a go bo Bakeresete ba bogisiwa ke afe?

4 Mo metlheng ya gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa ka gonne ba gana go tlogela go rera “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Fa dipokano tsa bone tsa Bokeresete di thibetswe, ba ka mpa ba boga go na le go tlogela go kopana mmogo jaaka Baebele e laela. (Bahebera 10:24, 25) Ba ile ba bogisiwa ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone jwa Bokeresete kgotsa ka ntlha ya go gana go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang. (Johane 17:14; Ditiro 15:28, 29) Le fa go ntse jalo, go emela tshiamo jalo ga batho ba Modimo gompieno go ba tlisetsa kagiso le boitumelo tsa mmatota.—1 Petere 3:14.

Go Kgobiwa ka Ntlha ya ga Keresete

5. Ke lebaka lefe la konokono la go bo batho ba ga Jehofa ba bogisiwa gompieno?

5 Lebaka la borobongwe la go itumela le Jesu a neng a bua ka lone mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng le lone le amana le kgang ya go bogisiwa. O ne a re: “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka.” (Mathaio 5:11) Lebaka la konokono la go bo batho ba ga Jehofa ba bogisiwa ke gore ga ba karolo ya tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo. Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Fa lo ne lo le karolo ya lefatshe, lefatshe le ne le tla rata se e leng sa lone. Jaanong ka gonne ga lo karolo ya lefatshe, mme ke lo tlhophile mo lefatsheng, ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile.” (Johane 15:19) Ka tsela e e tshwanang, moaposetoloi Petere o ne a re: “Ka gonne lo sa tswelele lo siana le bone mo tseleng eno go ya kwa lekadibeng leno le le kwa tlase la botlhapelwa, ba akabetse e bile ba tswelela ba bua ka lona ka go lo kgoba.”—1 Petere 4:4.

6. (a) Ke ka ntlha yang fa masalela le ditsala tsa bone ba kgobiwa le go bogisiwa? (b) A go kgobiwa jalo go fokotsa boitumelo jwa rona?

6 Re setse re bone gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba gana go tlogela go rera mo leineng la ga Jesu. Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Lo tla nna basupi ba me . . . go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Masalela a a ikanyegang a bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng, ba ile ba diragatsa thomo eo ka tlhoafalo, ba thusiwa ke ditsala tsa bone tse di ikanyegang tsa “boidiidi jo bogolo.” (Tshenolo 7:9) Ka jalo, Satane o lwa “le ba ba setseng ba losika lwa gagwe [losika lwa “mosadi,” karolo ya selegodimo ya phuthego ya Modimo], ba ba bolokang ditaolo tsa Modimo e bile ba na le tiro ya go naya bosupi ka Jesu.” (Tshenolo 12:9, 17) Rona Basupi ba ga Jehofa, re supa kaga Jesu, Kgosi e jaanong e busang ya puso ya Bogosi, e e tla senyang dipuso tsa batho tse di emeng pele lefatshe la Modimo le lesha la tshiamo. (Daniele 2:44; 2 Petere 3:13) Ka lebaka leo re a kgobiwa e bile re a bogisiwa, mme re itumelela go boga ka ntlha ya leina la ga Keresete.—1 Petere 4:14.

7, 8. Baganetsi ba ne ba bua eng ka maaka kgatlhanong le Bakeresete ba bogologolo?

7 Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba tshwanetse ba itumela le fa batho “ba bua ka [bone] selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya [gagwe], e bile ba aka.” (Mathaio 5:11) Seno ruri se ne sa diragalela Bakeresete ba bogologolo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a le mo kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 59-61 C.E., baeteledipele ba Bajuda koo ba ne ba bolela jaana ka Bakeresete: “Ruri re a itse gore lekoko leno le a kgalwa gongwe le gongwe.” (Ditiro 28:22) Paulo le Silase ba ne ba latofadiwa ka gore ba ne ba ‘pitikolotse lefatshe le le nang le banni, ba ganetsa ditaelo tsa ga Kaesara.’—Ditiro 17:6, 7.

8 Mokwalahisitori K. S. Latourette o ne a bolela jaana fa a ne a kwala ka Bakeresete ka nako ya Mmusomogolo wa Roma: “Ba ne ba latofadiwa ka dilo tse di farologaneng. Bakeresete ba ne ba tsewa e le balatolamodimo ka gonne ba ne ba gana go nna le seabe mo meletlong ya boheitane. E re ka ba ne ba sa inaakanye le dilo tse dintsi tse di neng di dirwa mo setšhabeng—meletlo ya boheitane, ditiro tsa setšhaba tsa go itlosa bodutu . . .—ba ne ba sotliwa go twe ba tlhoile lotso lwa batho. . . . Go ne go bolelwa gore banna le basadi ba ne ba kopana mmogo bosigo, . . . ba bo ba tlhakanela dikobo le batho ba ba farologaneng. . . . E re ka [Segopotso sa loso lwa ga Keresete] se ne se ketekwa ke badumedi fela, go ne ga simologa magatwe a gore ka metlha Bakeresete ba ne ba ntsha losea setlhabelo ba bo ba ja nama le madi a lone.” Mo godimo ga moo, e re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba gana go obamela mmusimogolo, ba ne ba latofadiwa ka gore ke baba ba Puso.

9. Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba arabela jang fa ba latofadiwa ka maaka, mme gompieno gone go ntse jang?

9 Ditatofatso tseo tsa maaka ga di a ka tsa thibela Bakeresete ba bogologolo go diragatsa thomo ya bone ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka 60-61 C.E., Paulo o ne a kgona go bua ka “dikgang tse di molemo” a re “di ungwa maungo e bile di oketsega mo lefatsheng lotlhe” e bile ‘di ne tsa rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ (Bakolosa 1:5, 6, 23) Le gompieno go ntse fela jalo. Basupi ba ga Jehofa ba latofadiwa ka maaka, fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Le fa go ntse jalo, gompieno tiro ya go rera molaetsa wa Bogosi e a atlega e bile e tlisetsa ba ba e dirang boitumelo jo bogolo.

Ba Itumelela go Bogisiwa

Jaaka Baporofeti

10, 11. (a) Jesu o ne a konela jang tlhaloso ya gagwe ya lebaka la borobongwe la go itumela, mme ka ntlha yang? (b) Ke ka ntlha yang fa baporofeti ba ne ba bogisiwa? Naya dikai.

10 Jesu o ne a konela tlhaloso ya gagwe ya lebaka la borobongwe la go itumela ka go re: “Ipeleng . . . , gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Mathaio 5:12) Baporofeti ba Jehofa a neng a ba romela go ya go tlhagisa Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba ne ba sa amogelwe sentle e bile gantsi ba ne ba bogisiwa. (Jeremia 7:25, 26) Moaposetoloi Paulo o ne a supela ntlha eno ka go kwala jaana: “Ke eng gape se ke ka se buang? Gonne ke tla felelwa ke nako fa ke ka tswelela ke anela kaga . . . baporofeti ba bangwe, ba ka tumelo ba neng ba . . . amogela go lekwa ka ditshotlo le go kgwathisiwa, eleruri, go feta moo, ka dikgole le dikgolegelo.”—Bahebera 11:32-38.

11 Ka nako ya fa go ne go busa Kgosi Ahabe yo o boikepo le mosadi wa gagwe, Jesebele, baporofeti ba ga Jehofa ba le bantsi ba ne ba bolawa ka tšhaka. (1 Dikgosi 18:4, 13; 19:10) Moporofeti Jeremia o ne a tsenngwa mo disaneng mme moragonyana a latlhelwa mo mogobeng o o loraga. (Jeremia 20:1, 2; 38:6) Moporofeti Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau. (Daniele 6:16, 17) Baporofeti bano botlhe ba pele ga motlha wa Bokeresete ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba buelela kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa. Baporofeti ba le bantsi ba ne ba bogisiwa ke baeteledipele ba Bajuda ba bodumedi. Jesu o ne a bitsa bakwadi le Bafarasai a re ke “bana ba bao ba neng ba bolaya baporofeti.”—Mathaio 23:31.

12. Ke ka ntlha yang fa rona Basupi ba ga Jehofa re go tsaya e le tshiamelo go bogisiwa jaaka baporofeti ba bogologolo?

12 Gompieno, gantsi rona Basupi ba ga Jehofa re a bogisiwa ka gonne re tlhoafetse mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Baba ba rona ba re latofatsa ka gore re “sokolola batho ka manganga,” mme re itse gore baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba ba tlileng pele ga rona ba ne ba tshwaiwa diphoso fela jalo. (Jeremia 11:21; 20:8, 11) Re bona e le tshiamelo gore re bogisediwe se baporofeti ba ba ikanyegang ba bogologolo ba neng ba se bogisediwa. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Bakaulengwe, tsayang baporofeti e le sekao sa go boga bosula le go bontshiwa ga bopelotelele, bone ba ba neng ba bua mo leineng la ga Jehofa. Bonang! Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng.”—Jakobe 5:10, 11.

Mabaka a Konokono a go Itumela

13. (a) Ke ka ntlha yang fa re sa kgobiwe marapo ke pogiso? (b) Ke eng se se dirang gore re kgone go ema re nitame, mme seno se supa eng?

13 Pogiso ga e re kgobe marapo, go na le moo, re gomodiwa ke go itse gore re tsamaya mo dikgatong tsa baporofeti, tsa Bakeresete ba bogologolo le mo go tsa ga Keresete Jesu ka boene. (1 Petere 2:21) Re kgotsofadiwa thata ke mafoko a Dikwalo, jaaka a a latelang a ga moaposetoloi Petere: “Baratwa, lo se ka lwa akabadiwa ke go sha mo go mo gare ga lona, mo go lo diragalelang e le teko, jaaka e kete lo diragalelwa ke selo se se sa tlwaelegang. Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse, ka gonne moya wa kgalalelo, one moya wa Modimo, o ntse mo go lona.” (1 Petere 4:12, 14) Go ya ka se re se lemogileng, re a itse gore re ka kgona go ema re nitame fa re bogisiwa, fela ka gonne moya wa ga Jehofa o le mo go rona e bile o re nonotsha. Go tshegediwa ke moya o o boitshepo ke bosupi jwa gore Jehofa o a re segofatsa, mme seno se re itumedisa fela thata.—Pesalema 5:12; Bafilipi 1:27-29.

14. Ke mabaka afe a a ka dirang gore re ipele fa re bogisediwa tshiamo?

14 Lebaka le lengwe la go bo kganetso le go bogisediwa tshiamo di re itumedisa ke gore di supa gore re tshela jaaka Bakeresete ba boammaaruri ba ba nang le boineelo jwa bomodimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:12) Re itumedisiwa thata ke go akanya gore go ikanyega ga rona fa re lekwa ke tsela e nngwe ya go supa gore kgwetlho ya ga Satane ga e boammaaruri ya gore dibopiwa tsotlhe tsa ga Jehofa di mo direla fela ka gonne di batla gore di solegelwe molemo. (Jobe 1:9-11; 2:3, 4) Re ipelela gore re na le seabe, le fa se ka nna sennye jang, mo go tlotlomadiweng ga bolaodi jwa ga Jehofa jwa tshiamo.—Diane 27:11.

Tlolakang ka Boipelo ka Ntlha ya Maduo

15, 16. (a) Jesu o ne a naya lebaka lefe la gore re ‘ipele re bo re tlolake ka boipelo’? (b) Bakeresete ba ba tloditsweng ba beetswe maduo afe kwa magodimong, mme ditsala tsa bone tsa ba “dinku tse dingwe” le bone ba tla newa maduo afe?

15 Jesu o ne a naya lebaka le lengwe gape la go bo re ka ipela fa re senngwa leina le fa re bogisiwa jaaka baporofeti ba bogologolo. Go ela kwa bofelong jwa lebaka la borobongwe la go itumela, o ne a re: “Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong.” (Mathaio 5:12) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Ee, ‘maduo a magolo’ ke botshelo, mme ga se tuelo e re ka e berekelang. Ke mpho ya mahala. Jesu o ne a bolela gore maduo a “kwa magodimong” ka gonne a tswa kwa go Jehofa.

16 Batlodiwa ba newa “serwalo sa botshelo,” ke gore, bone ba newa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong ba na le Keresete. (Jakobe 1:12, 17) Ba ba nang le tsholofelo ya mo lefatsheng, ba “dinku tse dingwe,” ba solofetse go rua botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Johane 10:16; Tshenolo 21:3-5) Ditlhopha tseno ka bobedi ga di berekele “maduo” a tsone. Batlodiwa mmogo le ba “dinku tse dingwe” ba amogela maduo a bone ka “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo bogolo thata” jwa ga Jehofa, jo bo neng jwa tlhotlheletsa moaposetoloi Paulo gore a re: “A re lebogeng Modimo ka ntlha ya mpho ya gagwe ya mahala e e ka se kang ya tlhalosiwa.”—2 Bakorintha 9:14, 15.

17. Ke ka ntlha yang fa re ka itumela fa re bogisiwa ra ba ra ‘tlolaka ka boipelo’ ka tsela ya tshwantshetso?

17 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a kwalela Bakeresete, ba bangwe ba bone ba neng ba tla tloga ba bogisiwa setlhogo ke Mmusimogolo Nero: “A re itumeleng fa re le mo dipitlaganong, e re ka re itse gore pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko jone, boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang jone, tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise.” Gape o ne a re: “Ipeleng mo tsholofelong. Itshokeng mo pitlaganong.” (Baroma 5:3-5; 12:12) Le fa re ka tswa re na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng, maduo a rona a go ikanyega le fa re lekwa a magolo go feta sepe fela se se neng se ka re tshwanela. Boipelo jwa rona jwa go solofela go tshelela ruri gore re tle re direle le go baka Rraarona yo o lorato, Jehofa, re eteletswe pele ke Kgosi ya rona Jesu Keresete bo bogolo fela thata. Ka tsela ya tshwantshetso re ‘tlolaka ka boipelo.’

18. Ke eng se go ka lebelelwang gore ditšhaba di se dire fa bokhutlo bo ntse bo atamela, mme Jehofa o tla dira eng?

18 Mo dinageng dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba bogisiwa, mme le jaanong ba sa ntse ba bogisiwa. Jesu o ne a tlhagisa Bakeresete ba boammaaruri jaana mo boporofeting jwa gagwe kaga bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo: “Lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Fa re ntse re atamela bokhutlo, Satane o tla dira gore ditšhaba di bontshe gore di tlhoile batho ba ga Jehofa. (Esekiele 38:10-12, 14-16) Seno se tla supa gore ke nako ya gore Jehofa a tseye kgato. “Ke tla ikgodisa ke bo ke iitshepisa ke dira gore ke itsiwe fa pele ga matlho a ditšhaba di le dintsi; mme ba tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esekiele 38:23) Ka jalo Jehofa o tla itshepisa leina la gagwe le legolo a bo a golola batho ba gagwe mo pogisong. Ka gone, ‘go itumela motho yo o nnang a itshoka.’—Jakobe 1:12.

19. Fa re ntse re emetse “letsatsi la ga Jehofa” le legolo, re tshwanetse go dira eng?

19 Fa “letsatsi la ga Jehofa” le legolo le ntse le atamela, a re ipeleng ka gonne re ‘kailwe re tshwanela go tlontlololelwa’ leina la ga Jesu. (2 Petere 3:10-13; Ditiro 5:41) Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, a re tsweleleng re ‘sa kgaotse re ruta e bile re bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete’ le puso ya Bogosi jwa gagwe fa re ntse re emetse maduo a rona a re tla a bonang mo lefatsheng la ga Jehofa le lesha la tshiamo.—Ditiro 5:42; Jakobe 5:11.

Poeletso

• Go bogisediwa tshiamo go kaya eng?

• Pogiso e ne ya ama Bakeresete ba bogologolo jang?

• Ke ka ntlha yang fa go ka twe Basupi ba ga Jehofa ba bogisiwa jaaka baporofeti ba bogologolo?

• Ke ka ntlha yang fa re ka ‘ipela ra ba ra tlolaka ka boipelo’ fa re bogisiwa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

“Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Setlhopha sengwe mo kgolegelong: Chicago Herald-American