Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batlhanka ba ba Itumetseng ba ga Jehofa

Batlhanka ba ba Itumetseng ba ga Jehofa

Batlhanka ba ba Itumetseng ba ga Jehofa

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—MATHAIO 5:3.

1. Boitumelo jwa boammaaruri ke eng, mme bo bontsha eng?

BATHO ba ga Jehofa ba tsaya boitumelo jo ba nang le jone bo le botlhokwa thata. Mopesalema Dafide o ne a bolela jaana a itumetse: “Go itumela setšhaba se Modimo wa sone e leng Jehofa!” (Pesalema 144:15) Boitumelo ke mowa wa go se ngongorege. Re nna le boitumelo jo bogolo jo re bo utlwang go tswa mo teng ka gonne re itse gore re amogelwa ke Jehofa. (Diane 10:22) Boitumelo jo bo ntseng jalo bo bontsha gore re na le kamano e e gaufi le Rraarona wa selegodimo le gore re a itse gore re dira thato ya gagwe. (Pesalema 112:1; 119:1, 2) Se se kgatlhang ke gore, Jesu o ne a balolola mabaka a le robongwe a go bo re ka itumela. Mo setlhogong seno le se se latelang, re tla sekaseka mabaka ano a go itumela mme seno se tla re thusa go lemoga kafa re ka itumelang ka teng fa re direla “Modimo yo o itumetseng” e bong Jehofa ka boikanyegi.—1 Timotheo 1:11.

Go Lemoga Se re Se Tlhokang Semoyeng

2. Jesu o ne a bua kaga boitumelo leng, mme mafoko a gagwe a ntlha a ne a reng?

2 Ka 31 C.E., Jesu o ne a neela puo e e itsegeng go feta tsotlhe tse di kileng tsa newa. E bidiwa Thero ya kwa Thabeng ka gonne Jesu o ne a e neela a le mo mofapheng wa thaba bolebana le Lewatle la Galalea. Efangele ya ga Mathaio ya re: “E rile [Jesu] a bona boidiidi a tlhatlogela kwa thabeng; mme fa a sena go nna fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene; mme a bula molomo a simolola go ba ruta, a re: ‘Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng, e re ka bogosi jwa magodimo e le jwa bone.’” Fa mafoko a Jesu a simolotseng ka one a ranolwa lefoko ka lefoko, a balega jaana: “Go itumela ba ba humanegileng (malebana le) moya,” kgotsa “Go itumela ba e leng bakopi ba moya.” (Mathaio 5:1-3; Kingdom Interlinear; ntlha e e kwa tlase) Today’s English Version e balega jaana: “Go itumela ba ba itseng gore ba humanegile semoyeng.”

3. Boikokobetso bo thusa jang gore re nne re itumetse?

3 Mo therong e Jesu a neng a e neela a le mo mofapheng wa thaba, o ne a bontsha gore motho o itumela thata fa a itse gore o a tlhoka semoyeng. E re ka Bakeresete ba ba ikokobeditseng ba itse sentle gore ke baleofi, ba kopa Jehofa gore a ba itshwarele mo motheong wa setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. (1 Johane 1:9) Ka jalo ba nna le kagiso ya mogopolo le boitumelo jwa boammaaruri. “Go itumela yo go tlhanoga ga gagwe go itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng.”—Pesalema 32:1; 119:165.

4. (a) Re ka bontsha ka ditsela dife gore re lemoga dilo tse re di tlhokang semoyeng, le tse di tlhokwang ke ba bangwe? (b) Ke eng se se oketsang boitumelo jwa rona fa re lemoga se re se tlhokang semoyeng?

4 Go lemoga se re se tlhokang semoyeng go re tlhotlheletsa gore re bale Baebele letsatsi le letsatsi, re iphepe ka dijo tsa semoya tse re di newang “ka nako e e tshwanetseng” ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” re bo re ye kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha. (Mathaio 24:45; Pesalema 1:1, 2; 119:111; Bahebera 10:25) Go rata baagelani go re thusa go lemoga se ba bangwe ba se tlhokang semoyeng e bile go re kgothaletsa go tlhoafala mo tirong ya go rera le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Mareko 13:10; Baroma 1:14-16) Go ithuta Baebele le ba bangwe go a re itumedisa. (Ditiro 20:20, 35) Boitumelo jwa rona bo okediwa le ke go tlhatlhanya ka tsholofelo e e molemo ya Bogosi le masego a Bogosi joo bo tla a tlisang. Mo ‘letsomanyaneng’ la Bakeresete ba ba tloditsweng, tsholofelo ya Bogosi ke go tshela botshelo jwa bosasweng kwa legodimong ba le karolo ya puso ya Bogosi jwa ga Keresete. (Luke 12:32; 1 Bakorintha 15:50, 54) Mme ba “dinku tse dingwe” bone ba solofetse go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le le tla bong le laolwa ke puso eo ya Bogosi.—Johane 10:16; Pesalema 37:11; Mathaio 25:34, 46.

Kafa ba ba Hutsafetseng ba ka Itumelang ka Teng

5. (a) Polelwana e e reng “ba ba hutsafetseng” e kayang? (b) Bano ba ba hutsafetseng ba gomodiwa jang?

5 Mafoko a Jesu a a dirisang go tlhalosa lebaka le le latelang la go itumela a bonala a ikganetsa. O ne a re: “Go itumela ba ba hutsafetseng, e re ka ba tla gomodiwa.” (Mathaio 5:4) Motho a ka itumela jang a ntse a hutsafetse? Fa re batla go tlhaloganya bokao jwa mafoko a ga Jesu, re tshwanetse go ela tlhoko gore o ne a bua ka mofuta ofe wa go hutsafala. Morutwa Jakobe o tlhalosa gore seemo sa rona sa go nna baleofi se tshwanetse sa re hutsafatsa. O ne a kwala jaana: “Ntlafatsang diatla tsa lona, lona baleofi, mme lo itshekise dipelo tsa lona, lona ba lo sa kgoneng go dira tshwetso. Simololang go tlhokofala dipelo mme lo hutsafale lo bo lo lele. A setshego sa lona se fetoge khutsafalo, le boipelo jwa lona kotlomano ya pelo. Ikokobetseng mo matlhong a ga Jehofa, mme o tla lo godisa.” (Jakobe 4:8-10) Bao ruri ba hutsafadiwang ke seemo sa bone sa go nna baleofi ba a gomotsega fa ba utlwa gore maleo a bone a ka itshwarelwa fa ba nna le tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete sa thekololo, e bile ba bontsha go ikwatlhaya ga boammaaruri ka go dira thato ya ga Jehofa. (Johane 3:16; 2 Bakorintha 7:9, 10) Ka jalo ba ka nna le kamano e e molemo le Jehofa ba bo ba solofele go tshelela ruri gore ba mo direle le go mmaka. Seno se ba tlisetsa boitumelo jo bogolo.—Baroma 4:7, 8.

6. Bangwe ba hutsafala ka tsela efe, mme ba gomodiwa jang?

6 Mafoko a ga Jesu a akaretsa le batho ba ba hutsafetseng ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a a anameng mo lefatsheng. Jesu o ne a lebisa boporofeti jo bo mo go Isaia 61:1, 2 mo go ene fa bo re: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, . . . go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.” Taelo eo e dira le mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ba ba sa ntseng ba le mo lefatsheng, ba ba e diragatsang ka thuso ya ditsala tsa bone, “dinku tse dingwe.” Botlhe ba dira tiro e e tshwantshetsang go tshwaya diphatla tsa “batho ba ba fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha tse di dirwang mo gare ga one [Jerusalema wa motlhanogi, yo o tshwantshetsang Labokeresete].” (Esekiele 9:4) Ba ba hutsafetseng jalo ba gomodiwa ke ‘dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Ba itumelela go utlwa gore tsamaiso e e boikepo ya ga Satane e tla tloga e emisediwa ke lefatshe la ga Jehofa le lesha la tshiamo.

Go Itumela ba ba Bonolo

7. Ke eng se se sa kaiweng ke lefoko “bonolo”?

7 Jesu o ne a tswelela jaana ka Thero ya gagwe ya mo Thabeng: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Ka dinako tse dingwe go nna bonolo go tsewa e le go nna bokoa. Mme ga go a nna jalo. Mokanoki mongwe wa Baebele o ne a kwala jaana a tlhalosa bokao jwa lefoko le le ranotsweng go twe “bonolo”: “Letshwao le legolo la motho yo o [bonolo] ke gore o na le boikgapo tota. [Bonolo] ga bo dire gore motho a se ka a kgona go ikemela, a ye le maikutlo mangwe le mangwe fela, e bile ga bo dire gore a nne moriti o tsididi. Ke go nna le nonofo mme o kgona go ikgapa.” Jesu o ne a itlhalosa jaana: “Ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong.” (Mathaio 11:29) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a buelela melaometheo ya tshiamo ka bopelokgale.—Mathaio 21:12, 13; 23:13-33.

8. Bonolo bo amana thata le eng, mme ke ka ntlha yang fa re tlhoka nonofo eno mo ditirisanong tsa rona le batho ba bangwe?

8 Ka jalo, bonolo bo amana thata le boikgapo. Ee ruri, moaposetoloi Paulo o ne a bala bonolo le boikgapo mmogo fa a ne a balolola “maungo a moya.” (Bagalatia 5:22, 23) Motho o tshwanetse a tlhagolela bonolo ka thuso ya moya o o boitshepo. Ke nonofo ya Bokeresete e e thusang gore re nne le kagiso le batho ba e seng badumedi, mmogo le batho ba ba mo phuthegong. Paulo o ne a kwala jaana: “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.”—Bakolosa 3:12, 13.

9. (a) Ke ka ntlha yang fa go nna bonolo go sa felele mo ditirisanong tsa rona le batho ba bangwe fela? (b) Ba ba bonolo ba “rua lefatshe” jang?

9 Le fa go ntse jalo, ga re tlhoke bonolo fela mo ditirisanong tsa rona le batho ba bangwe. Fa re ineela mo bolaoding jwa ga Jehofa ka go rata, re bontsha gore re bonolo. Sekai se segolo mo ntlheng eno ke Jesu Keresete, yo o neng a bontsha bonolo fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng mme a ineela gotlhelele go dira thato ya ga Rraagwe. (Johane 5:19, 30) Jesu ke ene wa konokono yo o ruang lefatshe, ka gonne ke ene a tlhomilweng go nna Mmusi wa lone. (Pesalema 2:6-8; Daniele 7:13, 14) O rua boswa jono mmogo le “baruaboswammogo” ba le 144000 ba ba tlhophilweng “mo bathong” gore ba ‘buse lefatshe e le dikgosi.’ (Baroma 8:17; Tshenolo 5:9, 10; 14:1, 3, 4; Daniele 7:27) Keresete le babusi ka ene ba tla laola dimilione tsa banna le basadi ba sekadinku ba pesalema eno ya boporofeti e tla diragadiwang mo go bone ka tsela e e itumedisang: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11; Mathaio 25:33, 34, 46.

Go Itumela ba ba Tshwerweng ke Tlala ya Tshiamo

10. Tsela nngwe e ba ba ‘tshwerweng ke tlala le ba ba nyoretsweng tshiamo’ ba ka kgorisiwang ka yone ke efe?

10 Fa Jesu a ne a bua a le mo mofapheng wa thaba ya Galalea o ne a bolela lebaka le lengwe la go itumela a re: “Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, e re ka ba tla kgora.” (Mathaio 5:6) Jehofa ke ene a tlhomelang Bakeresete ditekanyetso tsa tshiamo. Ka gone, ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, totatota ba tshwerwe ke tlala e bile ba nyoretswe kaelo ya Modimo. Batho ba ba ntseng jalo ba itse sentle gore ke baleofi e bile ga ba a itekanela mme ba eletsa go nna le boemo jo bo siameng le Jehofa. A bo ba itumela jang ne fa ba utlwa mo Lefokong la Modimo gore fa ba ikwatlhaya ba bo ba kopa go itshwarelwa mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, ba tla kgona go tsewa e le batho ba ba siameng fa pele ga Modimo!—Ditiro 2:38; 10:43; 13:38, 39; Baroma 5:19.

11, 12. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba fitlha jang mo seemong sa go bolelwa ba siame? (b) Lenyora la tshiamo la ditsala tsa batlodiwa le kgotsofadiwa jang?

11 Jesu o ne a re ba ba ntseng jalo ba ne ba tla itumela, ka gonne ba “tla kgora.” (Mathaio 5:6) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba bileditsweng go ya go “busa e le dikgosi” le Keresete kwa legodimong ba bolelwa e le ba ba “siametseng botshelo.” (Baroma 5:1, 9, 16-18) Jehofa e nna Rraabone a bo a ba amogela gore e nne barwa ba gagwe ba semoya. E nna baruaboswa mmogo le Keresete, ba bilediwa go ya go nna dikgosi le baperesiti mo pusong ya gagwe ya Bogosi jwa selegodimo.—Johane 3:3; 1 Petere 2:9.

12 Ba ditsala tsa batlodiwa ga ba ise ba bolelwe e le ba ba siametseng botshelo. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ba tsaya ba siame ka selekanyo se se rileng ka gonne ba na le tumelo mo mading a ga Keresete a a tsholotsweng. (Jakobe 2:22-25; Tshenolo 7:9, 10) Ba bolelwa e le ba ba siameng jaaka ditsala tsa ga Jehofa tse di tla gololwang ka nako ya ‘pitlagano e kgolo.’ (Tshenolo 7:14) Lenyora la bone la tshiamo le tla kgotsofadiwa gape fa ba tla bo ba nna karolo ya lefatshe le lesha le ‘go tla nnang tshiamo’ mo go lone le busiwa ke “magodimo a masha.”—2 Petere 3:13; Pesalema 37:29.

Go Itumela ba ba Kutlwelobotlhoko

13, 14. Re tshwanetse ra bontsha jang ka ditiro gore re kutlwelobotlhoko, mme re ka solegelwa molemo jang?

13 Fa Jesu a tswelela mo Therong ya gagwe ya mo Thabeng, o ne a re: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Mathaio 5:7) Mo dikgannyeng tsa molao, kutlwelobotlhoko e tsewa e le bopelotlhomogi jwa moatlhodi fa a sa neye modiraphoso katlholo e e feletseng e e beilweng ke molao. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng, mafoko a puo ya ntlhantlha a a ranotsweng go twe “kutlwelobotlhoko” gantsi a kaya go bontsha kamego kgotsa go tlhomoga pelo ka tsela e e tla thusang ba ba mo bothateng. Ka jalo, ba ba kutlwelobotlhoko ba bontsha ka ditiro gore ba pelotlhomogi. Setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o molemo ke sekai se sentle sa motho yo o neng a ‘direla mongwe yo o tlhokang thuso ka kutlwelobotlhoko.’—Luke 10:29-37.

14 Fa re batla go itumedisiwa ke go nna kutlwelobotlhoko, re tshwanetse go dira ditiro tse di molemo tse di bontshang bopelonomi mo bathong ba ba bo tlhokang. (Bagalatia 6:10) Jesu o ne a tlhomogela batho ba a neng a ba bona pelo. “[O ne] a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:34) Jesu o ne a lemoga gore se batho ba se tlhokang thata ke dilo tsa semoya. Le rona re ka itshupa re le pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko ka go bolelela ba bangwe se ba se tlhokang thata—“dikgang tse di molemo . . . tsa bogosi.” (Mathaio 24:14) Gape re ka thusa Bakeresete ka rona ba ba godileng, batlholagadi le masiela ka go ba direla dilo dingwe le go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.’ (1 Bathesalonika 5:14; Diane 12:25; Jakobe 1:27) Seno se tla re itumedisa, mme gape se tla dira gore Jehofa a re utlwele botlhoko.—Ditiro 20:35; Jakobe 2:13.

Ba ba Itshekileng mo Pelong e Bile ba le Kagiso

15. Re ka dira jang gore re itsheke mo pelong re bo re nne kagiso?

15 Jesu o ne a tlhalosa lebaka la borataro le la bosupa la go itumela jaana: “Go itumela ba ba itshekileng mo pelong, e re ka ba tla bona Modimo. Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’” (Mathaio 5:8, 9) Pelo e e itshekileng ga se fela gore e phepa mo boitsholong mme gape ga e a kgotlelwa semoyeng e bile e ineetse mo go Jehofa e feletse. (1 Ditiragalo 28:9; Pesalema 86:11) Lefoko la puo ya ntlhantlha le le ranotsweng go twe “ba ba kagiso” totatota le kaya “ba ba dirang kagiso.” Batho ba ba kagiso ba nna le bakaulengwe ba bone ba Bakeresete ka kagiso, mme fa go kgonega, ba nna ka kagiso le baagelani ba bone. (Baroma 12:17-21) Ba ‘senka kagiso mme ba e latelele.’—1 Petere 3:11.

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa batlodiwa ba bidiwa “bomorwa Modimo,” mme ba “bona Modimo” jang? (b) Ba “dinku tse dingwe” ba “bona Modimo” jang? (c) Ba “dinku tse dingwe” ba nna “bomorwa Modimo” ka tsela e e feletseng jang le gone leng?

16 Batho ba ba kagiso e bile ba itshekile mo pelong ba solofediwa gore “ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo’” mme “ba tla bona Modimo.” Bakeresete ba ba tloditsweng ba tsetswe ka moya mme Jehofa o ba amogetse jaaka “barwa” fa ba sa ntse ba le mo lefatsheng. (Baroma 8:14-17) Fa ba sena go tsosediwa go ya go nna le Keresete kwa legodimong, ba direla fa Jehofa a leng teng e bile tota ba a mmona.—1 Johane 3:1, 2; Tshenolo 4:9-11.

17 Ba “dinku tse dingwe” ba ba kagiso ba direla Jehofa ba eteletswe pele ke Modisa yo o Molemo, Keresete Jesu, yo o nnang “Rara [wa bone] wa Bosakhutleng.” (Johane 10:14, 16; Isaia 9:6) Ba ba fenyang teko ya bofelo morago ga Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete ba tla amogelwa go nna barwa ba ga Jehofa ba mo lefatsheng mme ba “nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21; Tshenolo 20:7, 9) Fa ba ntse ba letetse seno, ba bitsa Jehofa ba re Rraabone, ka gonne ba neela matshelo a bone mo go ene, ba mo tsaya e le Moneibotshelo wa bone. (Isaia 64:8) Fela jaaka Jobe le Moshe wa bogologolo, ba kgona go “bona Modimo” ka matlho a tumelo. (Jobe 42:5; Bahebera 11:27) Ka ‘matlho a dipelo tsa bone’ le ka kitso e e tlhomameng ya Modimo, ba lemoga dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa mme ba leka go mo etsa ka go dira thato ya gagwe.—Baefeso 1:18; Baroma 1:19, 20; 3 Johane 11.

18. Go ya ka mabaka a ntlha a a supa a go itumela a a tlhalositsweng ke Jesu, ke bomang ba ba bonang boitumelo jwa boammaaruri gompieno?

18 Re bone gore ba ba lemogang se ba se tlhokang semoyeng, ba ba hutsafetseng, ba ba bonolo, ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo, ba ba itshekileng mo pelong le ba ba kagiso, ba bona boitumelo jwa boammaaruri fa ba direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, bano ga ba bolo go ganediwa, le eleng go bogisiwa. A seno se fetsa boitumelo jwa bone? Potso eo e tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

Poeletso

• Ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng ba itumela jang?

• Ba ba hutsafetseng ba gomodiwa jang?

• Re ka bontsha bonolo jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko, go itsheka mo pelong le go nna kagiso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Go itumela ba ba tshwerweng ke tlala e bile ba nyoretswe tshiamo”