Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Phuthego ya Bokeresete e leba jang go ja bobe?

Lefoko la Modimo le kgala botagwa le go ja bobe mme le tsaya dilo tseno e le boitshwaro jo bo sa amogelesegeng mo bathong ba ba direlang Modimo. Ka jalo phuthego ya Bokeresete e leba motho yo o nang le mokgwa wa go ja bobe fela jaaka e leba letagwa. Letagwa le motho yo o jang bobe ba ka se nne karolo ya phuthego ya Bokeresete.

Diane 23:20, 21 ya re: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe. Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega, mme kotselo e tla apesa motho dikatana.” Mo go Duteronome 21:20, re bala ka motho yo o “tlhogoethata e bile a tletse botsuolodi” yo go ya ka Molao wa ga Moshe a neng a tshwanetse go bolawa. Go ya ka temana eno, matshwao a mabedi a motho yoo wa setsuolodi yo o sa ikwatlhaeng e ne e le gore “o ja bobe e bile ke letagwa.” Go bonala sentle gore kwa Iseraele wa bogologolo, go ja bobe go ne go tsewa e le mokgwa o o sa amogelesegeng mo bathong ba ba neng ba rata go direla Modimo.

Ke eng se se dirang gore go twe motho o ja bobe, mme Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tsa reng ka kgang eno? Motho yo o jang bobe o tlhalosiwa e le “motho yo o itlwaeditseng go ja le go nwa a le pelotshetlha e bile a le bogagaru a sa kgotsofale.” Boammaaruri ke gore go ja bobe ke mofuta wa bogagaru, mme Lefoko la Modimo le re bolelela gore “batho ba ba bogagaru” ga ba na go rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10; Bafilipi 3:18, 19; 1 Petere 4:3) Gape, fa moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisa Bakeresete kgatlhanong le go dira “ditiro tsa nama,” o ne a umaka “mediro ya botagwa, mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.” (Bagalatia 5:19-21) Go ja bobe gantsi go tsamaisana le mediro ya botagwa le mediro ya ditlhapelo. Gape kwantle ga pelaelo go ja bobe go a akarediwa mo mafokong a ga Paulo a a reng “le dilo tse di tshwanang le tseno.” Fela jaaka ‘ditiro tse dingwe tsa nama,’ Mokeresete yo o itsegeng ka gore o ja bobe e bile a le tlhogoethata a sa batle go fetola mokgwa wa gagwe wa bogagaru, o tshwanetse go tlosiwa mo phuthegong.—1 Bakorintha 5:11, 13. *

Le fa Lefoko la Modimo le tshwantsha motho yo o jang bobe le letagwa, go motlhofo go lemoga letagwa go na le go lemoga motho yo o jang bobe. Gantsi matshwao a botagwa a bonala motlhofo fela. Le fa go ntse jalo, go thata go bona gore ke leng go ka tlhomamisiwang tota gore motho o ja bobe ka gonne seo se ka se bonwe fela ka go leba motho kafa ntle. Ka jalo, go tlhokega gore bagolwane ba phuthego ba nne kelotlhoko thata e bile ba nne le temogo fa ba tshwere dikgang tse di amanang le boemo jono jo bo masisi.

Ka sekai, bokima jo bo feteletseng e ka tswa e le sesupo sa gore motho o ja bobe, mme ga se ka metlha go ntseng jalo. Go bo motho a le mokima thata go ka tswa go bakwa ke bolwetse. Lefutso le lone le ka dira gore motho a nne mokima ka tsela e e feteletseng. Gape re tshwanetse go ela tlhoko gore bokima jo bo feteletseng bo amana le tsela e mmele wa motho o lebegang ka yone mme go ja bobe gone go amana le tsela e motho a ikutlwang ka yone ka dijo. Bokima jo bo feteletseng bo tlhalosiwa go twe ke “fa motho a na le mafura a a feteletseng a mmele,” fa go ja bobe gone e le “go ja ka bogagaru kgotsa go ja mo go feteletseng.” Ka jalo gore motho o ja bobe go ka se lemogiwe ka boima jwa mmele wa gagwe mme go lemogiwa ka tsela e motho a ikutlwang ka yone ka dijo. Motho a ka tswa a na le mmele o o lekanetseng kgotsa e bile a le mosesane mme a ja bobe. Gape bokete jwa mmele kgotsa popego e go tsewang e le yone e e siameng ya mmele wa motho e farologana go ya ka mafelo.

Matshwao a go ja bobe ke afe? Motho yo o jang bobe ga a na boikgapo, o ja ka bogagaru le ka tsela e e feteletseng go fitlha a ikutlwa a se monate kgotsa a feroga sebete. Go tlhoka boikgapo ga gagwe go bontsha gore ga a tshwenyege ka kgobo e a e tlisang mo go Jehofa le mo leineng le lentle la batho ba Gagwe. (1 Bakorintha 10:31) Mme gone motho yo o jang thata ka sewelo a ka se tsewe e le “motho yo o pelotshetlha.” (Baefeso 5:5) Le fa go ntse jalo, go ya ka se se buiwang mo go Bagalatia 6:1, Mokeresete yo o ntseng jalo a ka tswa a tlhoka go thusiwa. Paulo a re: “Bakaulengwe, le eleng fa motho mongwe a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, lona ba lo nang le ditshwanelego tsa semoya, lekang go lolamisa motho yo o ntseng jalo ka moya o o bonolo.”

Ke ka ntlha yang fa kgakololo ya Baebele kgatlhanong le go ja mo go feteletseng e le botlhokwa thata gompieno? Ka gonne Jesu o ne a tlhagisa jaana, segolobogolo ka motlha wa rona: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.” (Luke 21:34, 35) Go tila go ja mo go feteletseng ke tsela e nngwe e e botlhokwa ya go tila mokgwa wa botshelo o o ka senyang bomoya jwa gago.

Go lekanyetsa ke mokgwa o montle wa Bokeresete. (1 Timotheo 3:2, 11) Ka jalo, Jehofa ruri o tla thusa botlhe ba ka tlhoafalo ba lekang go dirisa kgakololo ya Baebele ya go ja le go nwa ka selekanyo.—Bahebera 4:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya May 1, 1986.