Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Baeteledipele ba ba Molemo

Go Batla Baeteledipele ba ba Molemo

Go Batla Baeteledipele ba ba Molemo

“Ka re tsamaya, re feditse ka wena. Tsamaya mo leineng la Modimo!”—Oliver Cromwell; a nopolwa ke Leopold Amery, leloko la Palamente ya Boritane.

Ntwa ya Lefatshe II e ne e setse e na le dikgwedi di le robedi e tsweletse e bile e bakile tshenyo e kgolo, mme dilo di ne di sa tsamaele Boritane le dinaga tse di neng di e eme nokeng sentle. Leopold Amery le ba bangwe mo pusong ba ne ba bona go tlhokega moeteledipele yo mosha. Ka jalo, ka May 7, 1940, kwa House of Commons, Rre Amery o ne a nopolela Tonakgolo Neville Chamberlain mafoko a a fa godimo. Malatsi a le mararo morago ga foo, Rre Chamberlain o ne a tswa mo tirong mme Winston Churchill a tsaya maemo a gagwe.

BATHO ba tlhoka go etelelwa pele, mme ga se baeteledipele botlhe ba ba tshwanelegang. Le mo lelapeng tota, rre o tshwanetse gore a bo a na le bokgoni jwa go etelela pele gore mosadi wa gagwe le bana ba itumele. Ka jalo, akanya fela gore go ka batlega dilo tse dintsi go le kana kang mo mothong yo o eteletseng setšhaba kgotsa lefatshe pele! Ga go gakgamatse go bo go le thata jaana go bona baeteledipele ba ba molemo.

Ka gone, ka diketekete tsa dingwaga batho ba le bantsi ba ile ba bewa mo maemong a a kwa godimo a go laola, go ile ga nna le diphetogo tse dintsintsi tse dikgolo, ga menolwa dipuso gantsintsi, ga tlhongwa batho go laola, ga nna le ditlhopho tse dintsi, batho ba bantsi ba bolaelwa maemo, mme dipuso tsa fetofetolwa. Dikgosi, ditonakgolo, dikgosana, diporesidente, bakwaledikakaretso le babusaesi ba ile ba iphitlhela ba tswa e bile ba tsena mo pusong. Diphetogo tse di sa lebelelwang di ile tsa dira gore le babusi ba ba maatla ba ntshiwe mo maemong a bone. (Bona lebokose le le reng “Go Tlosiwa ka Tshoganyetso mo Pusong,” mo tsebeng ya 5.) Le fa go ntse jalo, ga go motlhofo go bona baeteledipele ba ba tshwanelegang ba ba ka busang lobaka lo loleele.

A “Re Tshwanetse go Itshokela Bone Bano”—Kgotsa Go na Le Tsela e Nngwe?

Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba bantsi ba itlhobogile fa go tliwa mo kgannyeng ya go bona baeteledipele ba ba molemo. Mo dinageng dingwe, go bonala sentle gore batho ba itlhobogile, segolobogolo ka nako ya ditlhopho. Geoff Hill, mmegadikgang mongwe mo Afrika, o ne a re: “Batho ba le bantsi ga ba kgatlhegele [go tlhopha] fa ba ikutlwa ba palelwa ke go fetola matlhotlhapelo a ba leng mo go one. . . . Mo Afrika, fa batho ba sa tlhophe, seo ga se reye gore ba kgotsofetse. Gantsi, e a bo e le boikuelo jwa batho ba ba bonang go se na ope yo o amegang ka bone.” Ka tsela e e tshwanang, mokwaladikgang mongwe kwa United States o ne a kwala jaana mabapi le ditlhopho tse di neng di atamela: “Ke eletsa e kete go ka bo go na le mongwe yo o nang le bokgoni tota mo go bontlhopheng.” Gape o ne a re: “Ga go na motho yo o ntseng jalo. Ga a ke a nna teng. Re tshwanetse go itshokela bone bano.”

A mme gone ga go na sepe se batho ba ka se dirang fa e se fela gore ba ‘itshokele’ baeteledipele ba ba dirang diphoso? A lebaka la go bo baeteledipele ba batho ba sa kgone go naya batho ba ba ba busang dilo tse ba di tlhokang le kaya gore re ka se tlhole re nnile le moeteledipele yo o molemo? Nnyaa. Go na le moeteledipele yo o molemo go gaisa. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore moeteledipele yo o tshwanelegang ke mang le gore boeteledipele jwa gagwe bo ka solegela molemo jang batho ba bantsi ba ditso tse di farologaneng—go akaretsa le wena.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Fa godimo kafa molemeng: Neville Chamberlain

Fa godimo kafa mojeng: Leopold Amery

Fa tlase: Winston Churchill

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Chamberlain: Setshwantsho ka Jimmy Sime/Central Press/Getty Images; Amery: Setshwantsho ka Kurt Hutton/Picture Post/Getty Images; Churchill: The Trustees of the Imperial War Museum (MH 26392)