Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Nna Moeteledipele Gompieno?

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Nna Moeteledipele Gompieno?

Ke Mang yo o Tshwanelegang go Nna Moeteledipele Gompieno?

Ka 1940 go ne go na le mathata a boeteledipele kwa Palamenteng ya Boritane. David Lloyd George wa dingwaga tse 77, yo o neng a reeditse kganetsano ya bothata joo, e ne e le moeteledipele wa Boritane fa e ne e fenya ka Ntwa ya Lefatshe I, mme e re ka a ne a na le dingwaga tse dintsi a le mo dipolotiking o ne a kgona go sekaseka sentle tiro ya badiredibagolo. O ne a bua jaana kwa House of Commons ka May 8: “Setšhaba se iketleeleditse go dira sengwe le sengwe fa fela se na le moeteledipele, fa fela Puso e bontsha sentle mekgele ya yone le fa setšhaba se tlhomamisegile gore batho ba ba se eteletseng pele ba dira bojotlhe.”

MAFOKO a ga Lloyd George a bontsha sentle gore batho ba lebeletse gore baeteledipele ba bone ba kgone go diragatsa maikarabelo a bone sentle le gore ba leke ka natla go leka go tokafatsa dilo. Mosadi mongwe yo o neng a buelela ditlhopho o ne a re: “Fa batho ba tlhopha poresidente, ba a bo ba tlhopha motho yo ba mo ikanyang gore o tla tlhokomela matshelo a bone, isagwe ya bone le bana ba bone.” Go dira gore batho ba nne ba go ikanye jalo ke namane e tona ya tiro. Ka ntlha yang?

Lefatshe la rona le wetswe ke mathata a go lebegang a le thata go a rarabolola. Ka sekai, ke moeteledipele ofe yo o itshupileng a le botlhale e bile a le maatla mo a ka fedisang bokebekwa le ntwa? Ke mang wa baeteledipele ba gompieno yo o nang le bokgoni le kutlwelobotlhoko mo a ka nayang motho mongwe le mongwe dijo, metsi a a phepa, le kalafi? Ke mang yo o nang le kitso le boikemisetso mo a ka sireletsang le go tsosolosa tikologo? Ke mang yo o tshwanelegang e bile a le maatla mo a ka dirang gore batho botlhe ba tshele matshelo a maleele le a a itumetseng?

Batho Ba ka Se Kgone

Ke boammaaruri gore baeteledipele bangwe ba atlegile ka selekanyo se se rileng. Le fa go ntse jalo, ba ka busa fela dingwaga di se dintsi go le kalo—go tswa foo go tsena mang? Mongwe wa baeteledipele ba ba tshwanelegang thata yo o kileng a tshela, Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo, o ne a akanya ka potso eno. O ne a swetsa jaana: “Mme nna, e leng nna, ke ne ka tlhoa tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ke e dira ka natla kafa tlase ga letsatsi, e ke neng ke tla e tlogelela motho yo o neng a tla nna teng morago ga me. Mme ke mang yo o leng teng yo o itseng gore a o tla nna botlhale kgotsa seeleele? Le fa go ntse jalo o tla laola tiro yotlhe ya me ya bonatla e ke neng ka e dira ka natla le e ke neng ka bontsha botlhale mo go yone kafa tlase ga letsatsi. Seno le sone ke lefela.”—Moreri 2:18, 19.

Solomone o ne a sa itse gore a motho yo o neng a tlile go mo tlhatlhama o ne a tla tsweletsa tiro e e molemo e a neng a e dirile kana o ne a tla e senya yotlhe fela. Mo go Solomone, kgang eno ya go fetofetola babusi e ne e le “lefela.” Dithanolo tse dingwe tsa Baebele tsa re seno “ga se thuse sepe” kgotsa “ga se na mosola.” Thanolo e nngwe ya re: “Ke boithamako fela.”

Ka dinako tse dingwe, go dirisiwa thubakanyo go fetola babusi. Baeteledipele ba ba nang le bokgoni ba ile ba bolawa fa ba ntse ba le mo maemong a bone. Abraham Lincoln, poresidente yo o neng a tseetswe kwa godimo thata wa United States, o kile a raya batho ba ba neng ba mo reeditse a re: “Ke tlhophilwe gore ke nne mo maemong a botlhokwa ka nakwana fela mme jaanong mo go lona ke neilwe taolo e e tlogang e fela.” Eleruri o ile a nna moeteledipele ka nakwana fela. Poresidente Lincoln o ne a busa naga ya gagabo ka dingwaga di le nnè fela, go sa kgathalesege sotlhe se a neng a se dirile le go bo a ne a rata go direla batho dilo tse di oketsegileng. Fa a sena go tlhophelwa maemo ano lekgetlho la bobedi, o ne a bolawa ke motho yo o neng a batla moeteledipele yo mosha.

Tota le baeteledipele ba ba molemo thata ba batho ba ka se tlhomamise isagwe ya bone. Ka jalo, a wena o ka ba ikanya gore ba ka go naya bokamoso jo bo siameng? Baebele ya re: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene. Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” Thanolo ya Byington e baya karolo ya bofelo ya temana ya 4 jaana: “Ka letsatsi leo, bopelonomi jwa gagwe bo a fela.”—Pesalema 146:3, 4.

Go ka nna thata go amogela kgakololo ya gore re se ka ra ikanya baeteledipele ba batho. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re batho ba ka se tsamaye ba nnile le moeteledipele yo o molemo, yo o tlhomameng. Isaia 32:1 ya re: “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo.” Jehofa Modimo, Mmopi wa batho, o dirile gore go nne le “kgosi,” Moeteledipele yo go iseng go ye kae a tlileng go laola dilo mo lefatsheng. Ke mang? Boporofeti jwa Baebele bo a mo tlhalosa.

Motho yo o Tshwanelegang Tota go Etelela Pele

Dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, moengele o ne a raya mosadi yo mmotlana wa Mojuda yo o neng a bidiwa Marea a re: “O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:31-33) Ee, Jesu wa Nasaretha ke ene Kgosi e go buiwang ka yone mo boporofeting jwa Baebele.

Gantsi ditshwantsho tsa bodumedi di tlhagisa Jesu e le lesea, motho yo o sekoa yo o sa fepegang sentle, kgotsa moitlami yo o ineelang fela mo go sengwe le sengwe se se mo welang. Ditshwantsho tseno ga di dire gore batho ba mo ikanye jaaka Mmusi. Le fa go ntse jalo, fa Jesu Keresete wa mmatota yo o tlhalosiwang mo Baebeleng a gola, o ne a nna motho yo o nang le maikatlapelo, yo o godileng sentle, yo o nonofileng le yo o matlhagatlhaga e bile a rata go tsaya kgato. Gape o ne a na le mekgwa e mengwe e e neng e dira gore a tshwanelege go nna moeteledipele. (Luke 2:52) Dintlha tse mmalwa tse di latelang di tlhalosa botho jwa gagwe jo bo tlhomologileng.

Jesu o ne a ikanyega ka botlalo. Tsela e a neng a ikanyega ka yone e ne ya bo ya dira gore a gwetlhe baba ba gagwe mo pepeneneng gore ba mo latofatse ka tatofatso nngwe e e boammaaruri. Ga ba a ka ba kgona. (Johane 8:46) Dithuto tsa gagwe tse e seng tsa boitimokanyo di ne tsa tlhotlheletsa batho ba bantsi ba ba ikanyegang gore ba nne balatedi ba gagwe.—Johane 7:46; 8:28-30; 12:19.

Jesu o ne a ineetse ka botlalo mo Modimong. O ne a ikemiseditse go wetsa tiro ya gagwe e a e neilweng ke Modimo mo e leng gore go ne go se na moganetsi ope—wa motho kgotsa wa ledimona—yo o neng a ka mo thiba. O ne a sa tshosiwe ke go tlhaselwa ka tsela e e mabifi. (Luke 4:28-30) Letsapa le le tseneletseng le tlala ga di a ka tsa mo kgoba marapo. (Johane 4:5-16, 31-34) Le fa ditsala tsa gagwe di ne tsa mo latlha, ga a ka a fapoga mo mokgeleng wa gagwe.—Mathaio 26:55, 56; Johane 18:3-9.

Jesu o ne a amega thata ka batho. O ne a naya ba ba tshwerweng ke tlala dijo. (Johane 6:10, 11) O ne a gomotsa ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong. (Luke 7:11-15) O ne a fodisa difofu, bosusu le ba ba lwalang. (Mathaio 12:22; Luke 8:43-48; Johane 9:1-6) O ne a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba dira ka natla. (Johane, kgaolo 13-17) O ne a itshupa e le “modisa yo o molemo” yo o tlhokomelang dinku tsa gagwe.—Johane 10:11-14.

Jesu o ne a rata go dira. O ne a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao gore a ba rute thuto nngwe ya botlhokwa. (Johane 13:4-15) Le ene dinao tsa gagwe di ne di nna leswe fa a ntse a rera dikgang tse di molemo mo ditseleng tse di lorole tsa kwa Iseraele. (Luke 8:1) Le fa a ne a ikaeletse go ya go ikhutsa mo ‘lefelong le le se nang batho,’ o ne a tsaya kgato fa boidiidi jwa batho bo ne bo mmatla gore a ba rute dilo tse di oketsegileng. (Mareko 6:30-34) Ka go dira jalo o ne a tlhomela Bakeresete botlhe sekao se se molemo sa go dira ka tlhoafalo.—1 Johane 2:6.

Jesu o ne a wetsa kabelo ya gagwe mme a tswa mo lefatsheng. Jehofa Modimo o ne a mo naya bogosi le botshelo jwa bosasweng kwa legodimong e le tuelo ka gonne a ne a ikanyega. Baebele e bolela jaana ka Jesu yo o tsositsweng: “Keresete, e re ka jaanong a tsositswe mo baswing, ga a tlhole a swa; loso ga lo tlhole lo le mong wa gagwe.” (Baroma 6:9) O ka tlhomamisega gore ke ene Moeteledipele wa batho yo o molemo go gaisa. Fela fa lefatshe le nna mo taolong ya ga Keresete Jesu ka botlalo, go tla bo go sa tlhokege gore motho ope yo mongwe a newe maatla, e bile go ka se tlhole go tlhokega gore baeteledipele ba refosane. A ka se tlosiwe mo maemong a gagwe mme tiro ya gagwe e ka se dirololwe kgotsa ya senngwa ke motho yo o seeleele yo o mo tlhatlhamang. Mme ke eng tota se a tla se dirang se se tla solegelang batho molemo?

Se Moeteledipele Yono yo Mosha a Tla se Dirang

Pesalema 72 e re naya dintlha dingwe tsa boporofeti tsa kafa Kgosi eno e e itekanetseng, e e sa sweng e tla busang ka teng. Mo temaneng ya 7 le 8, re bala jaana: “Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. Mme o tla nna le babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng le go tswa Nokeng go ya kwa mafelelong a lefatshe.” Mo pusong ya gagwe e e molemo, banni ba mo lefatsheng ba tla sireletsega ka bosakhutleng. O tla senya dibetsa tsotlhe tse di leng teng mme o tla tlosa le keletso ya ntwa mo dipelong tsa batho. Batho ba gompieno ba tlhaselang batho ba bangwe jaaka ditau tse di gagolakang kgotsa ba ba itshwarang jaaka dibera tse di bogale mo baagelaning ba bone ba tla bo ba fetotse mekgwa ya bone gotlhelele. (Isaia 11:1-9) Go tla bo go na le letlotlo la kagiso.

Pesalema 72 e tswelela e bua jaana mo go temana 12 go ya go 14: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong, mme madi a bone a tla nna tlhwatlhwakgolo mo matlhong a gagwe.” Batho ba maemo a a kwa tlase, ba ba humanegileng le ba ba bogisiwang ba tla nna karolo ya lelapa le le itumetseng la batho, ba le seoposengwe ba eteletswe pele ke Kgosi Jesu Keresete. Matshelo a bone a tla bo a tletse boipelo, e seng botlhoko le boitlhobogo.—Isaia 35:10.

Temana ya 16 e solofetsa jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” Batho ba le bantsintsi ba sotlwa ke tlala mo lefatsheng gompieno. Dipolotiki le bopelotshetlha gantsi di dira gore dijo tse di lekaneng tse di leng teng di se ka tsa abiwa sentle, ka jalo boidiidi jwa batho, segolobogolo bana ba a swa ka ntlha ya tlala. Mme mo pusong ya ga Jesu Keresete, bothata jono bo tlile go fela. Lefatshe le tla tlhagisa nala ya dijo tse di monate. Batho botlhe ba tla kgora.

A o ka rata go itumelela masego ano a a tla tlisiwang ke moeteledipele yo o molemo? Fa go ntse jalo, re go kgothaletsa gore o ithute ka Moeteledipele yo o tla tlogang a laola lefatshe lotlhe ka botlalo. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go dira jalo. Ga o na go swabisiwa ke seno, ka gonne Jehofa Modimo o bua jaana ka Morwawe: “Nna, e leng nna, ke tlhomile kgosi ya me mo Siona, thaba ya me e e boitshepo.”—Pesalema 2:6, 12.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

GO TLOSIWA KA TSHOGANYETSO MO PUSONG

Gantsi mmusi o tshepa gore batho ba a ba busang ba tla mo tlotla e bile ba tla mo ema nokeng fa a ba tlisetsa kagiso le maemo a a sireletsegileng a botshelo. Le fa go ntse jalo, fa batho ba sa tlhole ba mo ikanya ka lebaka le fa e ka nna lefe fela, go ka direga gore go ise go ye kae go bo go ntse mongwe o sele mo setulong. Dikai tse di latelang ke tsa maemo mangwe a a neng a pateletsa babusi ba ba maatla gore ba tswe mo pusong ka tshoganyetso.

Maemo a a sa itumediseng a botshelo. Kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, baagi ba bantsi ba Fora ba ne ba patelesega go tshela ka go duela makgetho a a kwa godimo mme ba tlhaelelwa ke dijo. Maemo ano a ne a dira gore go nne le Phetogo e Kgolo ya Fora, e ka 1793 e neng ya felela ka gore Kgosi Louis XVI a bolawe ka go kgaolwa tlhogo.

Ntwa. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya fedisa puso ya bangwe ba babusibagolo ba ba neng ba le maatla thata mo hisitoring. Ka sekai, ka 1917, tlhaelo ya dijo e e neng e bakilwe ke ntwa kwa St. Petersburg, kwa Russia, e ne ya fetoga Phetogo e Kgolo ya February. Botsuolodi joo bo ne jwa tlosa Mmusimogolo Nicholas II mo setulong mme jwa felela ka puso ya Bokomonisi. Ka November 1918, Jeremane e ne e batla kagiso, mme Dinaga tse di neng di itirile seoposengwe ga di a ka tsa tlogela go lwa go fitlha go simolola go busa mmusi o sele. Ka ntlha ya seo, Mmusimogolo wa Mojeremane Wilhem II o ne a patelesega go ya botshwarwa kwa Netherlands.

Go eletsa ditsamaiso tse di farologaneng tsa puso. Soviet Union e ne ya phutlhama ka 1989. Dipuso tse di neng di lebega di nonofile thata di ne tsa phutlhama fa batho ba di neng di ba busa ba ne ba gana puso ya Bokomonisi mme ba tlhoma mefuta e e farologaneng ya dipuso.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a fepa ba ba tshwerweng ke tlala, a fodisa balwetse, mme a tlhomela Bakeresete botlhe sekao

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

Lloyd George: Setshwantsho ka Kurt Hutton/Picture Post/Getty Images