Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Batla go Tshelela Ruri?

A o Batla go Tshelela Ruri?

A o Batla go Tshelela Ruri?

“MOSADIMOGOLO mongwe kwa Japane o ne a re: “Ga ke tshabe go swa. Mme ke utlwisiwa botlhoko ke gore ke tla tshwanelwa ke go kgaogana le dithunya tseno.” Modiredi wa Mokeresete yo o neng a mo etetse kwa legaeng la gagwe o ne a tlhaloganya lebaka la go bo a ne a ikutlwa jalo ka gonne mosadi yono o ne a na le tshingwana e ntle. Batho ba bantsi ba ba reng ga ba tshabe go swa ba itumelela thata go bona dikgakgamatso tsa popo e bile tota ba ka tswa ba eletsa go tshelela ruri.

Go tshelela ruri? Batho ba le bantsi ba ne ba ka kgaphela kgopolo eno kwa thoko. E bile bangwe ba ka nna ba re ga ba kgatlhegele go tshelela ruri. Ke ka ntlha yang fa motho a ka ikutlwa jalo?

A Botshelo Jo bo Sa Khutleng bo ka Lapisa?

Bangwe ba akanya gore go tshelela ruri go ka lapisa. Ba ka nna ba umaka kafa botshelo jwa batho ba ba tlogetseng tiro bo lapisang ka teng ka gonne ba se na sepe se sentsi se ba se dirang fa e se fela gore ba nne fa fatshe ba lebelele thelebishene. Fa e le gore o ikutlwa jalo, akanya ka se moithutadinaledi Robert Jastrow a neng a se bua fa a ne a bodiwa gore a botshelo jo bo sa khutleng ke tshegofatso kgotsa phutso. Jastrow o ne a araba a re: “E ka nna tshegofatso mo go ba ba ratang go itse dilo le ba ba ratang go nna ba ithuta. Go akanya fela gore ba ka ithutela ruri go ka ba gomotsa tota. Mme seno e ka nna phutso e e maswe mo go bangwe ba ba akanyang gore ba ithutile dilo tsotlhe tse ba tlhokang go di ithuta le ba ba tswalegileng megopolo. Ba tla bo ba se na tsela e ba ka dirisang nako ya bone ka yone.”

Go ikaegile thata ka boikutlo jwa gago gore a o tla bona botshelo jo bo sa khutleng bo lapisa kgotsa nnyaa. Fa e le gore ‘o motho yo o ratang go itse dilo e bile o rata go nna o ithuta,’ akanya fela gore o ne o ka ithuta dilo di le dintsi jang mo dilong tse di amanang le botaki, mmino, go aga, go lema kgotsa sengwe le sengwe fela se se neng se ka go kgatlha. Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo ne bo tla go naya sebaka se se molemo sa go tokafatsa bokgoni jwa gago mo ditirong tse di farologaneng tse o di kgatlhegelang.

Go kgona go bontsha le go bontshiwa lorato ka bosakhutleng go ka dira gore botshelo jo bo sa khutleng bo kgotsofatse eletota. Re bopilwe re na le bokgoni jwa go bontsha lorato, mme re phophoma ka boitumelo fa re bontshiwa lorato. Go bontsha ba bangwe lorato go tlisa kgotsofalo e e sa fedisiweng ke go feta ga nako. Go tshelela ruri go ka bulela batho sebaka sa go bontsha gore ba rata Modimo segolobogolo, e seng fela gore ba rata batho ba bangwe. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.” (1 Bakorintha 8:3) A bo go ka itumedisa jang—go itse le go itsiwe ke Molaodimogolo wa lobopo! Gape re ka ithuta ka Mmopi wa rona yo o lorato ka bosakhutleng. Ka jalo, ga go na kafa botshelo jo bo sa khutleng bo ka lapisang ka teng le kafa bo ka tlhokang go itumedisa ka teng.

A Botshelo bo Tlhwatlhwakgolo Ka go Bo bo Le Bokhutshwane?

Batho bangwe ba akanya gore se se dirang gore botshelo bo nne tlhwatlhwakgolo ke gore bo bokhutshwane. Ba ka bapisa botshelo le gouta, e e sa bonweng ka bontsi. Gatwe fa gouta e ne e ka fitlhelwa gongwe le gongwe, e ne e se na go nna tlhwatlhwakgolo. Le fa go ntse jalo, gouta e ne e tla bo e ntse e le ntle. Go ntse jalo le ka botshelo.

Re ka nna ra bapisa go tshelela ruri le go nna le moya o montsi o motho a ka o hemang. Batho ba ba tsamayang ka sekepe sa sapomarine se se sa kgoneng go ya kwa godimo ga metsi ba ka tsaya moya o le botlhokwa thata. Fa ba sena go namolwa, a o akanya gore ba ne ba ka ngongorega ka go tlhoka tebogo fa ba boela ba nna le moya o montsi o ba ka o hemang? Legoka!

Jaaka batho bao ba ba tsamayang ka sekepe, le rona re ka namolwa mme rona re na le tsholofelo ya botlhokwa go gaisa, e leng go tshelela ruri. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Ka setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo, Modimo o tla tlosa bosaitekanelang jwa batho le loso mme o tla naya batho ba ba kutlo mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. A bo re tshwanetse go anaanela thulaganyo eo e e lorato jang ne!

Go Tweng ka Baratiwa ba Gago?

Batho bangwe ba ka nna ba akanya jaana: ‘Go tweng ka baratiwa ba me? Botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng bo ka se nne le bokao bope mo go nna fa ba seyo.’ Gongwe o setse o na le kitso ya Baebele mme o ithutile gore go ka kgonega go itumelela botshelo mo lefatsheng la paradaise. (Luke 23:43; Johane 3:16; 17:3) Ga go na pelaelo gore o ka batla gore ba lelapa la gago, baratiwa ba gago le ditsala tse o di ratang ba nne teng mme ba itumelele dilo tsotlhe tse o solofetseng go di itumelela mo lefatsheng la Modimo le le solofeditsweng la tshiamo.—2 Petere 3:13.

Mme go tweng fa e le gore ditsala tsa gago le baratiwa ba gago ga ba kgatlhegele go tshelela ruri mo paradaiseng mo lefatsheng? O se ka wa kgobiwa marapo ke seo. Tswelela o ithuta kitso ya boammaaruri ya Dikwalo mme o dire tumalanong le yone. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne, mosadi yo o nyetsweng, o itse jang gore o tla boloka monna wa gago? Kgotsa, monna yo o nyetseng, o itse jang gore o tla boloka mosadi wa gago?” (1 Bakorintha 7:16) Batho ba ka fetoga. Ka sekai, monna mongwe yo pele a neng a ganetsa tumelo ya Bokeresete o ne a fetoga mme moragonyana a nna mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete. A re: “Ke itumelela go bo ba lelapa la me ba ba rategang ba ile ba ema ba nitame mo dilong tse ba di dumelang go tswa mo Baebeleng le fa ke ne ke ba ganetsa.”

Modimo o tshwenyegile thata ka botshelo jwa gago le matshelo a batho ba o ba ratang. Eleruri, “Jehofa . . . ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Jehofa Modimo o batla gore wena le baratiwa ba gago lo tshelele ruri. Lorato lwa gagwe lo feta lwa batho ba ba sa itekanelang. (Isaia 49:15) Ka jalo, ke eng fa o sa dire gore o nne le kamano e e molemo le Modimo? Gongwe go tswa foo o ka kgona go thusa baratiwa ba gago gore ba dire se se tshwanang. Le fa ba se na tsholofelo ya go tshelela ruri gone jaanong, boikutlo jwa bone bo ka fetoga fa ba go bona o tshela tumalanong le kitso ya boammaaruri e e mo Baebeleng.

Go tweng ka baratiwa ba gago ba ba ka tswang ba tlhokafetse? Baebele e solofetsa gore ba ba dimilione ba ba tlhokafetseng ba tla tsoga—ba tsoga mo losong ba bo ba tshela mo lefatsheng la Paradaise. Jesu Keresete o ne a solofetsa jaana: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla . . . [tswang].” (Johane 5:28, 29) Le ba ba suleng ba sa itse Modimo ba tla busediwa botshelong gape, ka gonne Baebele ya re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) A bo go tla itumedisa jang ne go bona batho bao ba boa ba tshela gape!

Botshelo Jo bo Sa Khutleng—Tsholofelo e e Itumedisang

Fa e le gore o ka bona boitumelo le kgotsofalo gone jaanong le fa go na le mathata mo lefatsheng leno, kwantle ga pelaelo o tla kgona go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. Fa Mosupi wa ga Jehofa a ne a tlhalosetsa mosadi mongwe ka masego a botshelo jo bo sa khutleng, mosadi yoo o ne a re: “Ga ke batle go tshelela ruri. Botshelo jono jwa dingwaga tse 70 le 80 bo ntekane.” Mogolwane mongwe wa Mokeresete yo o neng a le foo o ne a mmotsa jaana: “A o kile wa ipotsa gore bana ba gago ba tla ikutlwa jang fa o ka swa?” O ne a elela dikeledi fa a akanya kafa ba tla hutsafalang ka teng fa ba tlhokafaletswe ke mmè. A re: “E ne e le gone ke lemogang kafa ke neng ke ntse ke ikakanyetsa ke le esi ka teng, mme ke ne ka lemoga gore tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ga se tsholofelo ya motho a ikakanyetsa a le esi, mme e ama batho ba bangwe.”

Go na le batho bangwe ba ba akanyang gore ga go na ope yo o nang le sepe gore a ba a tshela kana ba a swa. Le fa go ntse jalo, Moneibotshelo wa rona yo o buang jaana, o a amega: “Jaaka ke tshedile, . . . ke natefelelwa, e seng ke loso lwa moikepi, mme ke gore motho yo o boikepo a boe mo tseleng ya gagwe mme a tswelele a tshela.” (Esekiele 33:11) E re ka Modimo a amega go le kalo le ka botshelo jwa batho ba ba bosula, eleruri o amega thata ka ba ba mo ratang.

Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a ikanya tlhokomelo ya ga Jehofa e e lorato. O kile a re: “Fa rre le mme ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” (Pesalema 27:10) Dafide o tshwanetse a bo a ne a tlhomamisegile gore batsadi ba gagwe ba a mo rata. Mme le fa batsadi ba gagwe—batho ba a amanang thata le bone—ba ne ba ka mo tlogela, o ne a itse gore Modimo o ne a ka se ka a mo latlha. Jehofa ka ntlha ya lorato le kamego ya gagwe, o re naya botshelo jo bo sa khutleng le botsalano jwa bosakhutleng le ene. (Jakobe 2:23) A ga re a tshwanela go amogela dimpho tseno tse di molemo?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go rata Modimo le moagelani go tla dira gore go tshelela ruri go itumedise