Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ka Tshela Lobaka lo lo Kae?

Batho ba ka Tshela Lobaka lo lo Kae?

Batho ba ka Tshela Lobaka lo lo Kae?

KA March 3, 1513, mmatlisisi mongwe wa kwa Spain, Juan Ponce de León, o ne a simolola letsholo la botlhokwa. O ne a tsamaya ka sekepe go tswa kwa Puerto Rico a na le tsholofelo ya go fitlha kwa setlhaketlhakeng sa Bimini. Go ya ka ditlhamane, o ne a ya go batla motswedi mongwe wa dikgakgamatso—Motswedi wa Bosha. Mme o ne a goroga mo lefelong le jaanong le bidiwang Florida, kwa U.S.A. Ga a ka a bona motswedi oo ka gonne tota ga o yo.

Gompieno batho ka kakaretso ga ba tshele lobaka lo lo fetang dingwaga di le 70 kana 80. Le fa Baebele e na le lenaane la batho ba ba tshedileng lobaka lo loleele thata, 2002 Guinness Book of World Records ya re motho yo mogolo ka dingwaga go feta botlhe yo o kileng a tshela o ne a na le dingwaga di le 122 le malatsi a le 164. (Genesise 5:3-32) Le fa go ntse jalo, moitse wa melao ya boitsholo mo go tsa kalafi e bong John Harris, o ne a re: “Patlisiso ya bosheng e bontsha gore go ka kgonega gore botsofe, tota le loso di bo di ka tilwa.” Babatlisisi ba le mmalwa ba lekgolo la bo21 la dingwaga ba bua ka se “go tweng ke go sa sweng ga batho,” “go tshelela ruri ga batho ka 2099,” “bokgoni jwa gore disele di oketsege di sa kgaotse,” le dilo tse di ntseng jalo.

Mark Benecke mo bukeng ya gagwe ya The Dream of Eternal Life, a re: “Mo e ka nnang disele tsotlhe mo mmeleng di ntšhafala makgetlo a le mmalwa fa motho a ntse a tshela. . . . Morago ga dingwaga di ka nna supa, tota go ka twe re fetoga batho ba basha.” Le fa go ntse jalo seno se direga fela ka lobaka lo lo rileng ka gonne disele di kgaotsa go intsifatsa morago ga go dira jalo ka makgetlo a a rileng. Mme Benecke a re fa go ne go sa nna jalo, “mmele wa motho o ne o ka intšhafatsa ka lobaka lo loleele—le e leng ka bosakhutleng.”

Gape akanya ka bokgoni jo bo gakgamatsang jwa boboko jwa motho jo bo fetang kgakala se re bo dirisetsang sone mo nakong e khutshwane ya botshelo jwa rona. Go ya ka Encyclopædia Britannica, boboko jwa motho “bo na le bokgoni jo bogolo tota jo motho a ka se kang a bo dirisa jotlhe mo botshelong jwa gagwe.” (Kgatiso ya 1976, Bolumo 12, tsebe 998) Buka ya How the Brain Learns, ya ga David A. Sousa, ya re: “Tota re ka re bokgoni jwa boboko jwa go boloka tshedimosetso ga bo na fa bo felelang teng.”—Tsebe 78, Kgatiso ya Bobedi, copyright 2001.

Ke ka ntlha yang fa babatlisisi ba sa kgone go bona lebaka la go bo re swa fa ba leba tsela e mebele ya rona e dirang ka yone? Mme ke ka ntlha yang fa boboko jwa motho bo kgona go boloka dilo tse dintsi jaana? A re ka tswa re ne re bopetswe go ithutela ruri? Ke ka ntlha yang fa le gone re kgona go akanya ka botshelo jo bo sa khutleng?

Baebele ya re: “E bile [Modimo] o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.” (Moreri 3:11) Mafoko ano a bontsha gore Modimo o tsentse kgopolo ya go tshelela ruri mo go rona. Ka jalo, re tla nna re na le sengwe se re ka se ithutang ka Modimo le ka ditiro tsa gagwe. Fa re ne re ka tshela dimilione di le diketekete tsa dingwaga, ee ka bosakhutleng, re ne re tla kgona go nna re ithuta dilo tse di oketsegileng ka ditiro tse di gakgamatsang tsa popo ya Modimo.

Mafoko a ga Jesu Keresete le one a bontsha gore go ka kgonega gore batho ba tshelele ruri. O ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go tweng ka wena? A o batla go tshelela ruri?

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Juan Ponce de León o ne a batla motswedi wa bosha

[Motswedi wa Setshwantsho]

Ponce de León: Harper’s Encyclopædia of United States History