Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batla Jehofa, Motlhatlhobi wa Dipelo

Batla Jehofa, Motlhatlhobi wa Dipelo

Batla Jehofa, Motlhatlhobi wa Dipelo

1, 2. Fa Dikwalo di re Jehofa “o bona se pelo e leng sone” di kaya eng?

JEHOFA MODIMO o ne a bolelela moporofeti Samuele mafoko ano: “Motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.” (1 Samuele 16:7) Jehofa o bona jang “se pelo e leng sone”?

2 Mo Dikwalong, gantsi pelo e dirisiwa go tshwantshetsa se motho a leng sone kafa teng—dikeletso tsa gagwe, dikakanyo tsa gagwe, maikutlo a gagwe le dilo tse a di ratang. Ka jalo, fa Baebele e re Modimo o bona pelo, e kaya gore ga a lebe fela tsela e motho a lebegang ka yone kafa ntle mme o tlhoma mogopolo mo go se motho a leng sone tota.

Modimo o Tlhatlhoba Iseraele

3, 4. Go ya ka Amose 6:4-6, seemo e ne e le sefe mo bogosing jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome?

3 Fa Motlhatlhobi wa dipelo a ne a lebelela bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele mo motlheng wa ga Amose, o ne a bona eng? Amose 6:4-6 e bua ka batho ba ba neng ba ‘rapame mo dikanamelong tsa lonaka lwa tlou mme ba namaletse mo malawaneng a bone.’ Ba ne “baa ja diphelefu tse di tswang mo letsomaneng le dipowana tse di tswang mo dinamaneng tse di nontshitsweng.” Banna bano ba ne ba ‘itlhametse diletswa tsa pina’ e bile ba ‘nwa ka megopo ya beine.’

4 Fa o leba fela, maemo ano a ka lebega e le a a itumedisang. Batho ba ba humileng ba ne ba itumelela dijo le dino tse di monate e bile ba itlosa bodutu ka mmino wa diletswa tsa maemo a a kwa godimo mo matlong a bone a manobonobo. Gape ba ne ba na le ‘dikanamelo tsa lonaka lwa tlou.’ Baithutamarope ba ile ba ribolola dilo tse di betlilweng bontle ka dinaka tsa tlou kwa Samarea, motsemogolo wa bogosi jwa Iseraele. (1 Dikgosi 10:22) Go ka direga gore bontsi jwa dilo tseno di ne di manegilwe mo difanitšhareng, le dipota di ne di kgabisitswe ka tsone.

5. Ke eng se Modimo a neng a sa se rate ka Baiseraele ba motlha wa ga Amose?

5 A Jehofa Modimo o ne a sa rate gore Baiseraele ba tshele botshelo jwa manobonobo, ba je dijo tse di monate, ba nwe beine e e monate le go reetsa mmino o o monate? Nnyaa ga go a nna jalo le e seng! Tota e bile, ke ene a abang dilo tse di ntseng jalo ka bontsi gore batho ba di itumelele. (1 Timotheo 6:17) Se Jehofa a neng a sa se rate e ne e le dikeletso tse di sa siamang tse ba neng ba na le tsone, boemo jo bo boikepo jwa dipelo tsa bone, tsela e ba neng ba sa tlotle Modimo ka yone le go se rate Baiseraele ka bone.

6. Seemo sa Iseraele sa semoya e ne e le sefe mo motlheng wa ga Amose?

6 Ba ba neng ba ‘rapame mo dikanamelong tsa bone, ba ja mo letsomaneng, ba nwa beine, e bile ba itirela diletswa tsa mmino’ ba ne ba tla diragalelwa ke sengwe se ba neng ba sa se letela. Banna bao ba ne ba bodiwa go twe: “A lo tlosa letsatsi la masetlapelo mo megopolong ya lona?” Ba tshwanetse go ka bo ba ile ba tshwenngwa thata ke maemo a a neng a le kwa Iseraele, mme ba ne ba sa “[bobodisiwe] ke matlhotlhapelo a magolo a ga Josefa.” (Amose 6:3-6) Le fa setšhaba se ne se humile mo go tsa ikonomi, Modimo o ne a bona Josefa—kgotsa Iseraele—a le mo seemong se se maswe sa semoya. Mme batho ba ne ba tswelela pele ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ba sa kgathale. Batho ba le bantsi gompieno ba na le boikutlo jo bo ntseng jalo. Ba ka tswa ba dumela gore re tshela mo dinakong tsa mathata, mme fa fela dilo tseno di sa ba ame ka bobone, ga ba tshwenyege ka mathata a batho ba bangwe e bile ga ba kgatlhegele dilo tsa semoya.

Iseraele—Setšhaba se se Senyegang

7. Go ne go tla diragala eng fa batho ba Iseraele ba ne ba sa tseye tlhagiso ya Modimo tsia?

7 Buka ya Amose e re tlhalosetsa kafa setšhaba seo se neng se senyegile ka teng le fa se ne se bonala se humile. E re ka batho ba ne ba sa tseye ditlhagiso tsa Modimo tsia le go fetola tsela e ba lebang dilo ka yone, Jehofa o ne a ka se tlhole a ba sireletsa mo babeng ba bone. Baasiria ba ne ba tla ba phamola mo dikanamelong tsa bone tse dintle tsa lonaka lwa tlou ba bo ba ba gogagogela kwa botshwarwa. Ba ne ba tla bo ba feletswe ke manobonobo!

8. Go ne go tlile jang gore Iseraele a tsene mo seemong se se maswe sa semoya?

8 Go ne go tlile jang gore Baiseraele ba tsene mo seemong seno? Seemo seno se ne sa simologa ka 997 B.C.E., fa Kgosi Solomone a ne a tlhatlhamiwa ke morwawe e bong Rehoboame mme ditso tse di lesome tsa Iseraele di bo di itlhaola mo ditsong tsa Juda le Benjamine. Kgosi ya ntlha ya bogosi jwa ditso tse di lesome jwa Iseraele e ne e le Jeroboame I, “morwa Nebate.” (1 Dikgosi 11:26) Jeroboame o ne a dira gore batho ba bogosi jwa gagwe ba bone gore go ne go ba thatafalela gore ba nne ba ya Jerusalema go ya go obamela Jehofa teng. Le fa go ntse jalo, tota o ne a sa amega ka batho. Go na le moo, o ne a ikakanyetsa a le esi. (1 Dikgosi 12:26) Jeroboame o ne a boifa gore fa Baiseraele ba ka tswelela ba ya go dira meletlo ya go tlotla Jehofa kwa tempeleng ya Jerusalema ngwaga le ngwaga, kgabagare ba ne ba tla feleletsa ba ineetse mo bogosing jwa Juda. E le gore a ba thibele gore ba se ka ba mo tlogela, Jeroboame o ne a tlhoma dinamane tse pedi tsa gouta, e nngwe kwa Dana, e nngwe kwa Bethele. Ka jalo kobamelo ya namane e ne ya nna bodumedi jwa Naga jwa bogosi jwa Iseraele.—2 Ditiragalo 11:13-15.

9, 10. (a) Kgosi Jeroboame I o ne a rulaganya meletlo efe ya bodumedi? (b) Modimo o ne a leba jang meletlo e e neng e tshwarwa kwa Iseraele mo metlheng ya ga Kgosi Jeroboame II?

9 Jeroboame o ne a leka go dira gore bodumedi jo bosha jono bo lebege bo amogelesega. O ne a rulaganya meletlo e e neng e batla e tshwana le meletlo e e neng e tshwarelwa kwa Jerusalema. Mo go 1 Dikgosi 12:32, re bala jaana: “Jeroboame a dira moletlo mo kgweding ya borobedi mo letsatsing la bolesome le botlhano la kgwedi, jaaka moletlo o o neng o le mo Juda, gore a tle a dire ditshupelo mo sebesong se a neng a se dirile mo Bethele.”

10 Jehofa ga a ise a ke a tsamaye a amogele meletlo e e ntseng jalo ya bodumedi jwa maaka. O ne a bontsha seo sentle dingwaga di feta lekgolo moragonyana a dirisa Amose ka nako ya fa go ne go busa Jeroboame II, yo o neng a nna kgosi ya bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele mo e ka nnang ka 844 B.C.E. (Amose 1:1) Go ya ka Amose 5:21-24, Modimo o ne a re: “Ke tlhoile meletlo ya lona, ke e ganne, e bile ga nkitla ke ipelela lonko lwa dikopano tsa lona tse di masisi. Mme fa lo nkisetsa ditshupelo tse di fisiwang di feletse, le ditshupelo tsa lona tsa mpho ga nkitla ke di ipelela, e bile ga nkitla ke leba ditlhabelo tsa lona tsa kabalano tsa diphologotswana tse di nontshitsweng. Tlosang pheretlhego ya dipina tsa lona mo go nna; le modumo o o molodi wa diletswa tsa lona tsa megala mma ke se ka ka o utlwa. Mme a tshiamiso e phothosele fela jaaka metsi, le tshiamo jaaka molatswana o o phothoselang, o o elelang ka metlha.”

Kafa Dilo Tsa Metlha eo di Tshwanang ka Teng le Tsa Motlha wa Gompieno

11, 12. Kobamelo ya Baiseraele ba bogologolo e tshwana ka ditsela dife le e e fitlhelwang mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete?

11 Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a tlhatlhoba dipelo tsa batho ba ba neng ba na le seabe mo meletlong ya Iseraele mme ga a ka a amogela meletlo ya bone le ditshupelo tsa bone. Gompieno le gone, Modimo ga a amogele meletlo ya boheitane ya ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete, e e jaaka Keresemose le Ista. Mo baobameding ba ga Jehofa, go ka se ka ga nna le bolekane bope fa gare ga tshiamo le go tlhoka molao le fa gare ga lesedi le lefifi.—2 Bakorintha 6:14-16.

12 Go na le dilo tse dingwe tse di tshwanang ka kobamelo ya Baiseraele ya namane le kobamelo ya ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete. Le fa bangwe ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba amogela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, kobamelo ya bone ka boyone ga e tlhotlhelediwe ke go rata Modimo tota. Fa go ka bo go ntse jalo, e ka bo e gatelela gore Jehofa a obamelwe “ka moya le ka boammaaruri” ka gonne ke yone kobamelo e a e batlang. (Johane 4:24) Mo godimo ga moo, ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ga di dire gore “tshiamiso e phothosele fela jaaka metsi, le tshiamo jaaka molatswana o o phothoselang, o o elelang ka metlha.” Go na le moo, di tswelela pele di nyatsa melao ya Modimo ya boitsholo. Di letlelela boaka le maleo a mangwe a a masisi di bo di ye bokgakaleng jwa go letlelela go nyalana ga batho ba bong bo le bongwe!

“Lo Rate se se Molemo”

13. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dira tumalanong le mafoko a Amose 5:15?

13 Jehofa o bolelela botlhe ba ba batlang go mo obamela ka tsela e a e amogelang mafoko ano: “Tlhoang se se bosula, mme lo rate se se molemo.” (Amose 5:15) Lorato le letlhoo ke maikutlo a a nonofileng a a tswang mo pelong ya tshwantshetso. E re ka pelo e le boferefere, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang go e dibela. (Diane 4:23; Jeremia 17:9) Fa re letla dikeletso tse di sa siamang go tsena mo dipelong tsa rona, re ka iphitlhela re rata se se bosula mme re tlhoile se se molemo. Mme fa re kgotsofatsa dikeletso tseo ka go dira boleo, Modimo a ka se ka a re amogela le fa re ka tlhoafala go le kana kang. Ka jalo a re rapeleng gore Modimo a re thuse go ‘tlhoa se se bosula le go rata se se molemo.’

14, 15. (a) Kwa Iseraele, bangwe ba bao ba neng ba dira se se molemo e ne e le bomang, mme bangwe ba bone ba ne ba tshwarwa jang? (b) Re ka kgothatsa jang ba ba mo tirelong ya nako e e tletseng gompieno?

14 Ga se Baiseraele botlhe ba ba neng ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa. Ka sekai, Hosea le Amose ba ne ba ‘rata se se molemo’ mme ba nna baporofeti ba Modimo ba ba ikanyegang. Ba bangwe ba ne ba ikana go nna Banasirite. Ka nako e ba neng ba le Banasirite ka yone, ba ne ba sa dirise sepe se se dirilweng ka mofine, segolobogolo beine. (Dipalo 6:1-4) Baiseraele ba bangwe ba ne ba leba jang mokgwa wa go intsha setlhabelo wa batho bano ba ba neng ba dira dilo tse di molemo? Karabo e e tshosang ya potso eno e bontsha kafa bomoya jwa setšhaba seno bo neng bo senyegile ka gone. Amose 2:12 ya re: “Lo ne lwa nna lwa naya Banasirite beine gore ba nwe, e bile lo ne lwa laela baporofeti, lwa re: ‘Lo se ka lwa porofeta.’”

15 Sekao sa go ikanyega sa Banasirite le baporofeti se ne se tshwanetse sa dira gore Baiseraele bano ba tlhajwe ke ditlhong le go tlhotlheletsega go fetola ditsela tsa bone. Mo boemong jwa go dira jalo, ba ne ba bontsha go tlhoka lorato ka go leka go kgoba batho ba ba ikanyegang bano marapo gore ba se ka ba galaletsa Modimo. A le ka motlha re se ka ra tlhotlheletsa Bakeresete ka rona ba e leng babulatsela, barongwa, balebedi ba ba etang kgotsa maloko a lelapa la Bethele go tlogela tirelo ya bone ya nako e e tletseng e le fela gore ba boele mo go se go tweng ke botshelo jo bo tlwaelegileng. Go na le moo, a re ba kgothaletseng gore ba tswelele pele ba dira tiro ya bone e e molemo!

16. Ke ka ntlha yang fa seemo sa Baiseraele se ne se le botoka mo motlheng wa ga Moshe go feta mo motlheng wa ga Amose?

16 Le fa Baiseraele ba le bantsi ba ne ba na le dithoto tse di lekaneng mo motlheng wa ga Amose, ba ne ba “sa huma malebana le Modimo.” (Luke 12:13-21) Fa bagologolwane ba bone ba ne ba le kwa nageng ka dingwaga di le 40, ba ne ba ja mana fela. Ba ne ba sa je dipoo tse di fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa e bile ba ne ba sa rapame mo dikanamelong tsa lonaka lwa tlou. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a ba boleletse sentle a re: “Jehofa Modimo wa gago o go segofaditse mo tirong nngwe le nngwe ya seatla sa gago. . . . Jehofa Modimo wa gago o ntse a na le wena dingwaga tseno di le masome a manè. Ga o a tlhaela sepe.” (Duteronome 2:7) Ee, fa Baiseraele ba le kwa nageng ba ne ba nna ba na le dilo tse ruri ba di tlhokang. Se se botlhokwa le go feta, Modimo o ne a ba rata, a ba sireletsa le go ba segofatsa!

17. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a etelela pele Baiseraele ba bogologolo go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng?

17 Jehofa o ne a gakolola batho ba motlha wa ga Amose gore o ne a tlisitse bagologolwane ba bone mo Lefatsheng le le Solofeditsweng a bo a ba thusa go tlosa baba botlhe ba bone mo go lone. (Amose 2:9, 10) Mme ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a etelela pele Baiseraele bao ba bogologolo go tswa kwa Egepeto go ya kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng? A e ne e le gore ba tle ba tshele botshelo jwa manobonobo ba bo ba latlha Mmopi wa bone? Nnyaa! E ne e le gore ba tle ba kgone go mo obamela e le setšhaba se se gololesegileng le se se phepa semoyeng. Mme banni ba bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele ba ne ba sa tlhoa se se bosula e bile ba sa rate se se molemo. Mo boemong jwa moo, ba ne ba galaletsa ditshwantsho tse di betlilweng, e seng Jehofa Modimo. A matlhabisaditlhong!

Jehofa o Dira Gore ba Ikarabelele

18. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a re neile kgololesego ya semoya?

18 Modimo o ne a ka se ka a tlhokomologa boitshwaro jwa matlhabisaditlhong jwa Baiseraele. O ne a tlhalosa sentle kafa a ikutlwang ka teng fa a re: “Ke tla [dira] gore lo ikarabelele ditlolo tsotlhe tsa lona.” (Amose 3:2) Mafoko ao a tshwanetse a dira gore re akanye ka tsela e rona re golotsweng ka yone mo bokgobeng jwa Egepeto wa segompieno, tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Jehofa o ne a sa re golole semoyeng gore re latelele mekgele ya bopelotshetlha. Mme o ne a re golola gore re tle re mo galaletse go tswa pelong re le batho ba ba gololesegileng ba ba mo nayang kobamelo e e phepa. Mme rotlhe re tla ikarabelela tsela e re dirisang kgololesego ya rona ka yone e re e neilweng ke Modimo.—Baroma 14:12.

19. Go ya ka Amose 4:4, 5, bontsi jwa Baiseraele ba ne ba simolola go rata eng?

19 Ka maswabi, bontsi jwa banni ba Iseraele ba ne ba itlhokomolosa molaetsa o o maatla o o neng o bolelwa ke Amose. Moporofeti yono o ne a senola boemo jwa semoya jwa dipelo tsa bone tse di senyegileng ka go bolela mafoko ano a a mo go Amose 4:4, 5: “Tlang mo Bethele mme lo dire tlolo. Dirang tlolo gangwe le gape kwa Gilegala, . . . gonne ke tsela e lo ratileng ka yone, lona bomorwa Iseraele.” Baiseraele ba ne ba sa tlhagolela dikeletso tse di siameng. Ba ne ba sa dibela dipelo tsa bone. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa bone ba ne ba simolola go rata se se bosula le go tlhoa se se molemo. Baobamedi bao ba dinamane ba ba tlhogoethata ga ba a ka ba fetoga. Jehofa o ne a tla dira gore ba ikarabelele mme ba ne ba tla swela mo maleong a bone!

20. Motho a ka tshela jang go dumalana le Amose 5:4?

20 Go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo gore le fa e le mang yo o neng a tshela kwa Iseraele mo metlheng eo a nne a ikanyega mo go Jehofa. Ga go motlhofo go nna o farologane le batho ba bangwe, jaaka Bakeresete gompieno ba itse, e ka tswa e le ba basha kgotsa ba bagolo. Le fa go ntse jalo, go rata Modimo le go batla go mo itumedisa go ile ga tlhotlheletsa Baiseraele bangwe gore ba latele kobamelo ya boammaaruri. Jehofa o ne a ba laletsa jaana ka lorato jaaka go kwadilwe mo go Amose 5:4: “Mpatlang, mme lo nne lo tshele.” Gompieno le gone, Modimo o utlwela botlhoko batho ba ba ikwatlhayang ba bo ba mmatla ka go kokoanya kitso ya boammaaruri go tswa mo Lefokong la gagwe ba bo ba dira thato ya gagwe. Go dira jalo ga go motlhofo, mme go isa kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Johane 17:3.

Ba Atlega Le fa Ba le Mo Leubeng la Semoya

21. Batho ba ba seng mo kobamelong ya boammaaruri ba welwa ke leuba lefe?

21 Ke eng se se neng se tla diragala ka batho ba ba neng ba sa eme kobamelo ya boammaaruri nokeng? Ba ne ba lebanwe ke leuba le le maswe thata—leuba la semoya! Morena Molaodimogolo Jehofa o ne a re: “Metlha e etla . . . mme ke tla romela leuba mo lefatsheng, leuba, e seng la dijo, le lenyora, e seng la metsi, mme la go utlwa mafoko a ga Jehofa.” (Amose 8:11) Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete di mo leubeng le le ntseng jalo la semoya. Mme batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba mo go tsone, ba kgona go bona kafa batho ba Modimo ba humileng ka teng semoyeng mme ba thelegela mo phuthegong ya ga Jehofa. Pharologano e e leng gone fa gare ga boemo jwa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete le boemo jwa Bakeresete ba boammaaruri e tlhalosiwa sentle ke mafoko ano a ga Jehofa: “Bonang! Batlhanka ba me ba tla ja, mme lona lo tla tshwarwa ke tlala. Bonang! Batlhanka ba me ba tla nwa, mme lona lo tla tshwarwa ke lenyora. Bonang! Batlhanka ba me ba tla ipela, mme lona lo tla tlhajwa ke ditlhong.”—Isaia 65:13.

22. Ke ka ntlha yang fa re ipela?

22 Rona batlhanka ba ga Jehofa, a tota re anaanela dilo tsa semoya le masego a re nang le one? Fa re ithuta Baebele le dikgatiso tsa Bokeresete e bile re nna teng kwa dipokanong le kwa dikopanong tsa rona, ruri re ikutlwa e kete re ka goa ka boipelo ka ntlha ya seemo se se molemo sa pelo. Re a ipela ka go bo re tlhaloganya Lefoko la Modimo sentle, go akaretsa le boporofeti jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo jwa ga Amose.

23. Batho ba ba galaletsang Modimo ba ipelela eng?

23 Boporofeti jwa ga Amose bo na le molaetsa o o nayang tsholofelo mo bathong botlhe ba ba ratang Modimo e bile ba batla go mo naya kgalalelo. Go sa kgathalesege gore gone jaanong boemo jwa rona jwa ikonomi bo ntse jang kgotsa gore re lebana le diteko dife mo lefatsheng leno le le tletseng mathata, rona ba re ratang Modimo re ipelela masego a gagwe le dijo tsa semoya tse di molemo go gaisa tsotlhe. (Diane 10:22; Mathaio 24:45-47) Ka gone, kgalalelo yotlhe re e naya Modimo, yo o re nayang dilo tsotlhe ka bontsi gore di re solegele molemo. Ka jalo, a re ikemisetseng go tswelela re mmaka go tswa pelong ka bosakhutleng. Re tla nna le tshiamelo eo e e itumedisang fa re batla Jehofa, Motlhatlhobi wa dipelo.

O ne O ka Araba Jang?

• Maemo a ne a ntse jang kwa Iseraele mo motlheng wa ga Amose?

• Maemo a bogosi jwa ditso tse di lesome tsa Iseraele a ne a tshwana jang le maemo a motlha wa gompieno?

• Go na le leuba lefe gone jaanong le go boleletsweng pele ka lone, mme ke bomang ba le sa ba ameng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Baiseraele ba le bantsi ba ne ba tshela mo manobonobong mme ba ne ba sa huma semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kgothaletsa batlhanka ba nako e e tletseng gore ba tswelele pele ka tiro ya bone e e molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ga go na leuba la semoya mo bathong ba ga Jehofa ba ba itumetseng