Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Madimona a tla bo a le kae ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete?

Baebele ga e arabe potso eno ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, re ka fitlha mo karabong e e utlwalang ya gore madimona a tla bo a le kae ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete.

Fa moaposetoloi Johane a ne a bolelela pele ka se se tla diregang kwa tshimologong le kwa bokhutlong jwa Dingwaga Tse di Sekete, o ne a re: “Ka bona moengele a fologa kwa legodimong a tshotse selotlolo sa molete o o se nang bolekanngo le keetane e kgolo mo seatleng sa gagwe. Mme a tshwara kgogela, noga ya kwa tshimologong, yo e leng Diabolo le Satane, a ba a mmofa dingwaga di le sekete. Mme a mo piriganyetsa mo moleteng o o se nang bolekanngo a ba a o tswala a o kana mo godimo ga gagwe, gore a se ka a tlhola a tsietsa ditšhaba go fitlha dingwaga tse di sekete di khutla. Morago ga dilo tseno o tla gololwa ka lobakanyana.” (Tshenolo 20:1-3) Ditemana tseno di bua fela ka go latlhelwa mo moleteng ga ga Satane le gore moragonyana o tla gololwa ka nakwana. Le fa go sa buiwe sepe ka madimona, go a utlwala gore fa moengele yo o tshotseng selotlolo sa molete—Jesu Keresete yo o galaleditsweng—a tshwara a bo a latlhela Diabolo mo moleteng, o tla dira jalo le ka madimona.—Tshenolo 9:11.

Fa Jesu Keresete a ne a nna Kgosi kwa legodimong ka 1914, o ne a tsaya kgato e e neng ya ama Satane le madimona a gagwe ka tsela e kgolo. Tshenolo 12:7-9 ya re: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone [madimona] ba tlhabana mme ya se ka ya fenya, le gone ba se ka ba tlhola ba bonelwa bonno kwa legodimong. Jalo kgogela e kgolo ya piriganyediwa kwa tlase, noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni; ya piriganyediwa kwa tlase kwa lefatsheng, le baengele ba yone ba piriganyediwa kwa tlase le yone.” Fa e sa le ka nako eo, Satane le madimona a gagwe ba ntse ba tswaletswe mo lefatsheng. Go a utlwala go swetsa ka gore fa Jesu Keresete a tswelela go thibela ditiro tsa ga Satane gore a tle a kgone go golola lefatshe mo tlhotlheletsong ya gagwe e e bosula, O tla dira jalo le ka madimona a gagwe.

Gape, akanya ka boporofeti jwa ntlha jwa Baebele. Bo balega jaana: “Ke [Modimo] tla tsenya bobaba fa gare ga gago [Satane] le mosadi [phuthego ya ga Jehofa ya kwa legodimong] le fa gare ga losika lwa gago [lwa ga Satane] le losika lwa gagwe [lwa ga Jesu Keresete]. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Go gobadiwa ga noga mo tlhogong go akaretsa go latlhelwa ga ga Satane mo moleteng ka Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete. Boporofeti jono bo bontsha le gore go na le bobaba fa gare ga losika lwa ga Satane le Yo o le gobatsang. Losika lono, kana phuthego, lo akaretsa karolo e e sa bonaleng e e dirwang ke baengele ba ba boikepo kana madimona. Ka jalo, go a utlwala go swetsa ka gore fa Jesu a latlhela Satane mo moleteng, o tla golega madimona a bo a a latlhela mo moleteng. Lebaka la go bo meya eno e e bosula e boifa go latlhelwa mo moleteng le bontsha gore meya eno e a itse gore e tlile go golegwa mo nakong e e tlang.—Luke 8:31.

A mme gone go ka direga gore Tshenolo 20:1-3 ga e bue ka madimona ka gonne a senngwa ka nako ya Haramagedona mmogo le karolo e e bonalang ya losika lwa ga Satane? Baebele e bontsha gore go ka se ka ga nna jalo. E bua jaana fa e bua ka phelelo ya ga Satane: “Diabolo yo o neng a ba tsietsa a piriganyediwa mo bodibeng jwa molelo le sulefera, koo sebatana mmogo le moporofeti wa maaka ba neng ba setse ba le gone; mme ba tla tlhokofadiwa bosigo le motshegare ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 20:10) Sebatana le moporofeti wa maaka ke mekgatlho ya sepolotiki mme ke karolo ya phuthego e e bonalang ya ga Satane. (Tshenolo 13:1, 2, 11-14; 16:13, 14) Ba tla senngwa ka nako ya Haramagedona, fa Bogosi jwa Modimo bo ba thubaganya bo bo bo fedisa dipuso tsotlhe tsa lefatshe. (Daniele 2:44) Baebele e bua ka ‘molelo o o sa khutleng o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe.’ (Mathaio 25:41) Satane le madimona a gagwe ba tla latlhelwa mo “bodibeng jwa molelo le sulefera,” one o sebatana le moporofeti wa maaka ba latlhelwang mo go one, ka gore ba nyelediwe ruri. Fa karolo e e sa bonaleng ya losika lwa ga Satane, ba ba nang le maatla a magolwane go feta, ba ka bo ba sentswe ka nako ya Haramagedona, go ne go ka bo go umakilwe gore madimona ao a setse a le mo moleteng wa tshwantshetso mmogo le sebatana le moporofeti wa maaka. Go bo ba sa umakiwa mo go Tshenolo 20:10 go bontsha gore madimona ga a senngwe ka nako ya Haramagedona.

E re ka go sa umakiwe ka tlhamalalo gore madimona a latlhelwa mo moleteng, gape ga go buiwe ka tlhamalalo gore a tla gololwa mo go one. Le fa go ntse jalo, a diragalelwa ke selo se se tshwanang le se se tla diragalelang Diabolo. Fa madimona a sena go gololwa le Diabolo, a bo a dirisana mmogo le ene go tlisa teko ya bofelo mo bathong kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, le one madimona a tla latlhelwa mo moleteng wa molelo mme a senyediwe ruri.—Tshenolo 20:7-9.

Ka jalo, le fa gone Tshenolo 20:1-3 e bua fela ka gore Satane o tla golegwa a bo a latlhelwa mo moleteng wa go sa dire sepe, go a utlwala gore re konele ka gore baengele ba gagwe le bone ba tla golegwa ba bo ba latlhelwa mo moleteng. Satane, le e leng madimona a gagwe, ga ba kitla ba letlwa go thibela maikaelelo a Modimo a go fetola lefatshe go nna paradaise le go dira gore batho ba itekanele gape ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete.