Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa Jesu yo o tsositsweng a ile a re Thomase a mo ame mme a ganne gore Marea Magadalena a dire jalo nako nngwe pele ga moo?

Dithanolo dingwe tsa bogologolo tsa Baebele di naya kgopolo ya gore Jesu o ne a raya Marea Magadalena a re a se ka a mo ama. Ka sekai, Baebele e e Boitshepo e baya mafoko a ga Jesu jaana: “Se nkame; gonne ga ke ise ke tlhatlogele kwa go Rara.” (Johane 20:17) Le fa go ntse jalo, lediri la puo ya ntlhantlha ya Segerika, le gantsi le ranolwang ka go re “ama,” le kaya “go tlamparela, go ngaparela, go tshwara.” Go bonala sentle gore Jesu o ne a sa ganele Marea Magadalena gore a mo ame, ka gonne morago ga moo o ne a letlelela basadi ba bangwe ba ba neng ba le kwa lebitleng la gagwe gore ba ‘mo tshware mo dinaong.’—Mathaio 28:9.

Dithanolo di le dintsi tsa puo ya segompieno, tse di jaaka Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, The New Jerusalem Bible, le The New English Bible, di re thusa go tlhaloganya bokao jwa mmatota jwa mafoko a ga Jesu ka go a kwala jaana: “Tlogela go ntlamparela.” Ke eng fa Jesu a ne a ka bua jalo le Marea Magadalena, yo o neng a tlwaelane thata le ene?—Luke 8:1-3.

Go bonala Marea Magadalena a ne a boifa gore Jesu o ne a tla tloga a tsamaya a bo a tlhatlogela kwa legodimong. E re ka a ne a na le keletso e kgolo ya go nna le Morena wa gagwe, o ne a tlamparela Jesu, a sa mo tlogele. Jesu o ne a tlhomamisetsa Marea gore nako ya gore a tsamaye e ne e ise e fitlhe ka go mmolelela gore a tlogele go mo tlamparela mme a tsamaye a ye go bolelela barutwa ba gagwe dikgang tsa gore o tsositswe.—Johane 20:17.

Puisano ya ga Jesu le Thomase e ne e sa tshwane le eno. Thomase o ne a seyo fa Jesu a ne a iponatsha mo barutweng bangwe ba gagwe. Moragonyana, Thomase o ne a belaela gore a tota Jesu o tsositswe, a re ga a ka ke a dumela ntle le fa a ka bona dintho tsa ga Jesu tsa dimapo mme a tsenye seatla sa gagwe mo letlhakoreng le Jesu a neng a tlhabilwe mo go lone. Malatsi a le robedi morago ga moo, Jesu o ne a iponatsha gape mo barutweng ba gagwe. Thomase o ne a le teng mo lekgetlhong leno, mme Jesu o ne a mo raya a re a tshware dintho tsa gagwe.—Johane 20:24-27.

Ka jalo, mo kgannyeng ya ga Marea Magadalena, Jesu o ne a bua le motho yo o neng a na le keletso e e phoso ya go mo thibela gore a se ka a tsamaya; mo kgannyeng ya ga Thomase, Jesu o ne a thusa mongwe yo o neng a na le dipelaelo. Mo maemong ano ka bobedi, Jesu o ne a na le mabaka a a utlwalang a go dira kafa a dirileng ka teng.