Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikanya Tlhokomelo e e Lorato ya ga Jehofa

Go Ikanya Tlhokomelo e e Lorato ya ga Jehofa

Kgang ya Botshelo

Go Ikanya Tlhokomelo e e Lorato ya ga Jehofa

JAAKA GO BOLETSE ANNA DENZ TURPIN

Mmè o ne a bua jaana a nyenya: “O mmadipotso!” Fa ke ne ke sa ntse ke le mosetsanyana, ke ne ke rata go botsa batsadi ba me dipotso. Mme gone, Rre le Mmè ba ne ba sa nkomanyetse mokgwa ono wa me wa bongwana wa go rata go itse dilo. Go na le moo, ba ne ba nthuta go akanyetsa dilo kwa teng le go itirela ditshwetso tse di theilweng mo segakoloding se se thapisitsweng ka Baebele. A bo thapiso eo e ile ya nna mosola thata jang ne! Ka letsatsi lengwe fa ke ne ke na le dingwaga tse 14, Banasi ba ne ba nkgaoganya le batsadi ba me ba ba rategang, mme ga ke a ka ka tlhola ke ba bona gape.

BATSADI ba me e bong Oskar Denz le Anna Maria, ba ne ba nna kwa Lörrach, e leng motse mongwe kwa Jeremane o o gaufi le molelwane wa Switzerland. Fa ba ne ba sa ntse ba le basha, ba ne ba tlhagafetse tota mo dipolotiking, mme batho mo setšhabeng ba ne ba ba itse e bile ba ba tlotla. Mme ka 1922, ka bonako fela fa batsadi ba me ba sena go nyalana, ba ne ba fetola mekgele ya bone mo botshelong le tsela e ba neng ba leba dipolotiki ka yone. Mmè o ne a simolola go ithuta Baebele le Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo, mme o ne a itumelela go utlwa gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa kagiso mo lefatsheng. Go ise go ye kae Rre le ene o ne a ithuta mmogo le Mmè, mme ba ne ba simolola go ya dipokanong tsa Baithuti ba Baebele. Ka ngwaga oo Rre o ne a ba a naya Mmè mpho ya Keresemose ya buka ya go ithuta Baebele ya The Harp of God. Ke belegwe ka March 25, 1923, mme batsadi ba me ga ba a ka ba nna le ngwana yo mongwe gape.

Go na le dilo tse di itumedisang thata tse ke di gakologelwang ka botshelo jwa lelapa la gaetsho—maeto a re neng re a tsaya ka selemo re tsamaya ka maoto mo sekgweng sengwe se se didimetseng sa Black Forest le dilo tse Mmè a neng a di nthuta malebana le go tlhokomela legae. Ke sa ntse ke kgona go mmona a eme mo kitsing a nthuta go apaya. Selo sa botlhokwa le go feta, batsadi ba me ba nthutile go rata Jehofa Modimo le go mo ikanya.

Phuthego ya rona e ne e na le baboledi ba Bogosi ba ka nna 40 ba ba tlhoafetseng. Batsadi ba me ba ne ba na le bokgoni bongwe jo bo kgethegileng jwa go bula ditsela tsa go bua le batho ka Bogosi. E re ka ba ne ba kile ba bo ba na le dilo tse ba neng ba di dira mo setšhabeng, ba ne ba se na bothata jwa go bua le batho, mme ba ne ba amogelwa sentle. Fa ke tshwara dingwaga tse supa, le nna ke ne ka batla go rera ka ntlo le ntlo. Ka letsatsi la me la ntlha, kgaitsadi yo ke neng ke tsamaya le ene o ne a mpha dibuka, a bo a supa ntlo nngwe, a bo a re fela, “Tsamaya o ye go bona gore a ga ba di batle.” Ka 1931, re ne ra ya kwa kopanong ya Baithuti ba Baebele kwa Basel, kwa Switzerland. Batsadi ba me ba ne ba fitlha ba kolobediwa teng.

Dikhuduego di Latelwa ke Puso ya Kgatelelo

Go ne go tletse khuduego kwa Jeremane mo metlheng eo, mme ditlhopha tse di farologaneng tsa dipolotiki di ne di lwantshana setlhogo mo mebileng. Bosigo bongwe ke ne ka tsosiwa ke modumo wa batho ba goa ka fa ntlong ya moagelani wa rona. Basimane bangwe ba babedi ba basha ba ne ba bolaile mogoloabone ka foroko ya bojang ka gonne ba ne ba sa dumalane le dikgopolo tsa gagwe tsa bopolotiki. Gape Bajuda ba ne ba simolola go tlhoiwa thata fela. Kwa sekolong, mosetsana mongwe o ne a emisiwa kwa thoko a le esi, fela ka gonne e ne e le Mojuda. Ke ne ke mo utlwela botlhoko tota, ke sa itse gore go ise go ye kae le nna ke ne ke tlile go utlwa gore go ntse jang go kgaphelwa kwa thoko.

Ka January 30, 1933, Adolf Hitler e ne ya nna mmusi wa Jeremane. Re ne ra bona Banasi ba tsholetsa ka boitumelo jo bogolo fologa ya bone ya swastika kwa holong ya motse e e leng sekgalanyana go tloga fa gae. Kwa sekolong, morutabana wa rona yo o matlhagatlhaga o ne a re ruta tumediso e e reng “Heil Hitler!” Ke ne ka bolelela Rre ka seno mo maitseboeng ao. O ne a tshwenyega thata. Mme o ne a re: “Seno ga se itumedise. Lefoko ‘Heil’ le kaya poloko. Fa re re ‘Heil Hitler,’ go tla bo go raya gore re tsaya gore ke ene yo o tla re bolokang, e seng Jehofa. Ke akanya gore seno ga se a siama, mme gone ke wena yo o tla itirelang tshwetso malebana le se o tshwanetseng go se dira.”

Bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba simolola go nkgaphela kwa thoko ka gonne ke ne ka swetsa ka gore ke se ka ka dirisa tumediso ya ga Hitler. E bile basimane bangwe ba ne ba mpetsa fa barutabana ba lebile go sele. Kgabagare ba ne ba ntlogela, mme ba e neng e le ditsala tsa me le bone ba ne ba mpolelela gore borraabone ba ba boleletse gore ba se ka ba tlhola ba tshameka le nna ka gonne ke le kotsi thata.

Dikgwedi di le pedi morago ga gore Banasi ba tseye puso mo Jeremane, ba ne ba thibela Basupi ba ga Jehofa ba re ke batho ba ba kotsi mo Pusong. Masole a Banasi a a dikgoka a ne a tswala ofisi ya lekala kwa Magdeburg mme a thibela dipokano tsa rona. Mme e re ka re ne re nna gaufi le molelwane, Rre o ne a re batlela makwalo a a re dumelelang go kgabaganyetsa kwa Basel, kwa re neng re ya dipokanong tsa Sontaga gone. Gantsi o ne a re o eletsa e kete bakaulengwe ba rona kwa Jeremane ba ka bo ba bona dijo tseno tsa semoya go ba thusa go nna pelokgale fa ba lebana le se se tlileng go ba diragalela mo isagweng.

Mesepele e e Kotsi

Fa ofisi ya kwa Magdeburg e sena go tswalwa, mongwe yo o kileng a bo a bereka gone e bong Julius Riffel o ne a ya kwa toropong ya gagabo ya Lörrach, go rulaganya tiro ya go rera mo sephiring. Ka bonako fela Rre o ne a ithaopela go thusa. O ne a re nna le Mmè re nne fa fatshe a bo a re tlhalosetsa gore o dumetse go thusa go tsaya dibuka tse di buang ka Baebele kwa Switzerland a bo a di fetisetsa mo Jeremane. O ne a re bolelela gore seno se ne se tlile go nna kotsi thata e bile o ne a ka golegwa nako nngwe le nngwe. O ne a sa batle go dira gore re ikutlwe re patelesega go mo thusa ka gonne le rona re ne re ka tsena mo kotsing. Ka yone nako eo, Mmè o ne a raya Rre a re: “Ke tla go thusa.” Ka bobedi jwa bone ba ne ba nteba, mme ke ne ka re: “Le nna ke tla go thusa!”

Mmè o ne a loga sepatšhe se se batlang se lekana le makasine wa Tora ya Tebelo. O ne a na le go tsenya dibuka mo phatlheng ya sepatšhe seno a bo a se loga a tswalela dibuka tseno mo gare. O ne a dira dipotla tse di sa bonaleng mo diaparong tsa ga Rre le meitlamo e mebedi, e nna le ene re neng re ka tsenya ka botlhale mo go yone dibuka tse dinnye tsa go ithuta Baebele. Nako le nako fa re ne re atlega go tlisa letlotlo la rona la sephiri gae, re ne re wela makgwafo re bo re leboga Jehofa. Re ne re fitlha dibuka mo kamoreng ya rona e e kwa godimo.

Kwa tshimologong, Banasi ba ne ba sa re belaele ka sepe. Ba ne ba sa re botse sepe le fa e le go phuruphutsa legae la rona. Le fa go ntse jalo, re ne ra swetsa ka gore re dire khoute e re neng re tla e dirisa go tlhagisa bakaulengwe ba rona fa go na le bothata—khoute ya 4711, e leng leina la senkgisamonate sengwe se se itsegeng thata. Fa go ne go le kotsi gore ba tle mo ntlong, re ne re ba tlhagisa—re dirisa nomoro eno ka tsela nngwe. Gape Rre o ne a ba bolelela gore ba lebe difensetere tsa phaposi ya rona ya bonno pele ba ka tsena mo kagong. Fa fensetere e e kafa molemeng e butswe, seno se ne se raya gore go na le bothata bongwe, mme ba se ka ba tsena.

Ka 1936 le 1937, mapodise a Gestapo a ne a tswa letsholo go ya go tshwara batho ka bontsi mme ba ile ba isa Basupi ba le diketekete kwa dikgolegelong le kwa dikampeng tsa pogisetso, kwa ba neng ba fitlha ba tshwarwa ka tsela e e setlhogo tota. Ofisi ya lekala kwa Bern, kwa Switzerland, e ne ya simolola go kokoanya dipego malebana le se se neng se direga kwa dikampeng tseno, go akaretsa le dipego tse di neng tsa ntshiwa ka sephiri mo dikampeng tseno gore di gatisiwe mo bukeng ya Kreuzzug gegen das Christentum (Botlhabanelatumelo Kgatlhanong le Bokeresete) e e neng e senola ditiro tsa Banasi tsa tlolomolao. Re ne ra simolola tiro e e kotsi ya go kgabaganya molelwane ka dipego tseno tsa sephiri re di isa kwa Basel. Fa Banasi ba ka bo ba re tshwere ka dikwalo tseo tse di neng di thibetswe ke molao, re ne re tla isiwa kgolegelong ka yone nako eo. Ke ne ke lela fa ke ntse ke bala ka ditsela tse bakaulengwe ba rona ba neng ba tlhokofadiwa ka tsone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa boife. Ke ne ke tlhomamisegile gore ditsala tsa me tse dikgolo e bong Jehofa le batsadi ba me ba ne ba tla ntlhokomela.

Ke ne ka aloga kwa sekolong ke na le dingwaga tse 14 mme ka simolola tiro ya go nna tlelereke mo lebenkeleng lengwe le le rekisang didirisiwa tse di farologaneng. Gantsi re ne re tsaya maeto a rona a go tsamaisa dibuka ka Matlhatso maitseboa kgotsa ka Sontaga, fa Rre a ne a sa bereke. Ka kakaretso re ne re tsamaya mo e ka nnang ka beke nngwe le nngwe ya bobedi. Re ne re tshwana le lelapa lengwe le lengwe fela le le neng le ya go iphokisa phefo mafelobeke, mme go ne ga feta mo e ka nnang dingwaga di le nnè re sa emisiwe kgotsa go phuruphudiwa ke badisa ba molelwane—go fitlha letsatsi lengwe ka February 1938.

Re a Tshwarwa!

Nka se lebale kafa sefatlhego sa ga Rre se neng sa nna ka teng fa re goroga kwa lefelong lengwe le re neng re tsaya dibuka kwa go lone gaufi le Basel mme re bona mokoa o mogolo wa dibuka tse re neng re tshwanetse go di tsaya. Re ne ra tshwanelwa ke go tsamaya re tshotse dibuka tse di oketsegileng ka gonne lelapa le lengwe le le neng le thotha dibuka le ne le tshwerwe. Kwa molelwaneng, modiredimogolo mongwe wa lephata la lekgetho la dithoto o ne a re belaela mme a laela gore re phuruphudiwe. Fa a bona dibuka, o ne a re isa kwa dikoloing tsa mapodise tse di neng di letile, a re supile ka tlhobolo. Fa badiredibagolo ba tswa ba tsamaya le rona ka koloi, Rre o ne a ntshwara seatla thata a bo a ntshebetsa a re: “O se ka wa rekisa ope!” Ke ne ka mo tlhomamisetsa jaana: “Nka se dire jalo.” Fa re fitlha kwa Lörrach, ba ne ba nkgaoganya le Rre yo o rategang. Ke ne ka mmona la bofelo fa ba ne ba mo tswalela mo kgolegelong.

Banna ba Gestapo ba le banè ba ne ba fetsa diura di le nnè ba mpotsolotsa, ba batla gore ke ba bolelele maina le diaterese tsa Basupi ba bangwe. Fa ke gana go ba bolelela, modiredimogolo mongwe o ne a shakgala mme a ntshosetsa ka go re, “Re na le ditsela tse dingwe tse di tla dirang gore o bue!” Ga ke a ka ka ba bolelela sepe. Go tswa foo ba ne ba re tsaya nna le Mmè, mme ba boela le rona kwa ntlong ya gaetsho e ba neng ba fitlha ba e phuruphutsa e le la ntlha. Ba ne ba isa Mmè kwa kgolegelong, mme ba nthomela kwa ntlong ya ga mmamogolo gore a ntlhokomele, ba sa lemoge gore le ene e ne e le Mosupi. Le fa ke ne ke letleletswe go ya tirong, banna ba le banè ba Gestapo ba ne ba emisa koloi fa pele ga ntlo ba bo ba nna mo go yone go leba sengwe le sengwe se ke se dirang mme gape go ne go na le monna mongwe wa lepodise yo o neng a tsamayatsamaya a disitse fa thoko ga tsela.

Morago ga malatsi a le mmalwa ka nako ya dijo tsa motshegare, ke ne ka tswa mo ntlong mme ka bona kgaitsadi mongwe yo mmotlana a tla kwa go nna a pagame baesekele. Fa a ntse a nkatamela, ke ne ke kgona go mmona gore o tlile go ntatlhelela pampitshana nngwe. Fela fa ke sena go e kapa, ke ne ka retologa go bona gore a banna bale ba Gestapo ba ka tswa ba bone se ke se dirileng. Ke ne ka gakgamadiwa ke gore ka nako eo, botlhe ba ne ba lebile go sele ba tshega!

Lekwalo la kgaitsadi yono le ne le mpolelela gore ke ye go kopana le batsadi ba gagwe kwa gagabo thapama. Mme e re ka banna ba Gestapo ba ne ba ntlhomile matlho, ke ne ke tla dira jang gore ke se ka ka tsenya batsadi ba gagwe mo bothateng jwa go latofadiwa? Ke ne ka leba banna bao ba banè ba Gestapo ba ba ntseng mo koloing, mme ka leba le monna yole wa lepodise yo o neng a ntse a tlhatloga a fologa mmila. Ke ne ke sa itse gore ke direng, mme ka rapela ka tlhoafalo gore Jehofa a nthuse. Ka ponyo ya leitlho fela, monna yoo wa lepodise o ne a ya kwa koloing ya banna ba Gestapo mme a fitlha a bua le bone. Go tswa foo o ne a tsena mo koloing ya bone, ba bo ba tsamaya!

Ka yone nako eo, ke fa mmamogolo a tlhaga ka mmila. E ne e setse e le motshegare. O ne a bala lekwalo leo a bo a akanya gore re tshwanetse go ya kwa ntlong eo jaaka re laetswe, a belaela gore bakaulengwe ba ka tswa ba rulagantse go nkisa kwa Switzerland. Fa re fitlha teng, ba lelapa leo ba ne ba nkitsise monna mongwe yo ke neng ke sa mo itse e bong Heinrich Reiff. O ne a mpolelela gore o ne a itumeletse go mpona ke dule kwa ntlong ke sireletsegile mme o ne a tletse go nthusa go tshabela kwa Switzerland. O ne a mpolelela gore ke kopane le ene mo lefelong lengwe mo sekgweng morago ga metsotso e le masome a mararo.

Go Nna Mofaladi

Ke ne ka kopana le Mokaulengwe Reiff ke elela dikeledi, pelo ya me e utlwisitswe botlhoko ke go akanya gore ke tlogela batsadi ba me kwa morago. Seno se diragetse ka bonako tota. Morago ga nakwana re tshogile, re ne ra itswakanya le setlhopha sengwe sa bajanala mme ra kgabaganya molelwane wa Switzerland re sireletsegile.

Fa ke fitlha kwa ofising ya lekala kwa Bern, ke ne ka utlwa gore bakaulengwe koo ke bone ba ba neng ba rulagantse leano leno la gore ke tshabe. Ka bopelonomi ba ne ba nnaya lefelo le nka nnang mo go lone. Ke ne ke bereka mo kitsing, e leng tiro e ke neng ke e itumelela tota. Mme gone, a bo go ne go le bokete jang ne go nna mofaladi, ke sa itse gore batsadi ba me ba tlile go diragalelwa ke eng, ba ka bobedi jwa bone ba neng ba atlholetswe dingwaga tse pedi kwa kgolegelong! Ka dinako tse dingwe, ke ne ke hutsafala tota e bile ke ikutlwa ke tlaletswe, mme ke ne ke tle ke itswalele mo phaposing ya botlhapelo ke bo ke lela tota. Mme gone, ke ne ke kgona go kwalelana makwalo le batsadi ba me ka metlha, mme ba ne ba nkgothaletsa gore ke ikanyege ka dinako tsotlhe.

Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke sekao sa batsadi ba me sa tumelo, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka kolobediwa ka July 25, 1938. Morago ga go fetsa ngwaga ke le kwa Bethele, ke ne ka ya go bereka kwa Chanélaz, e leng polasi e e neng e rekilwe ke lekala la Switzerland go tlamela lelapa la Bethele ka dijo e bile e le lefelo le bakaulengwe ba ba neng ba tshabile ka ntlha ya go bogisiwa ba neng ba nna kwa go lone.

Fa dingwaga tse batsadi ba me ba neng ba di atlholetswe kwa kgolegelong di fela ka 1940, Banasi ba ne ba ba bolelela gore ba tla ba golola fa ba ka itatola tumelo ya bone. Ba ne ba ema ba nitame mme go tswa foo ba romelwa kwa dikampeng tsa pogisetso. Rre o ne a romelwa kwa Dachau mme Mmè ene kwa Ravensbrück. Ka mariga a 1941, Mmè le basadi ba bangwe ba Basupi mo kampeng eo ba ne ba gana go direla ba sesole tiro nngwe. Ba ne ba otlhaiwa ka gore ba eme mo serameng malatsi a le 3 le masigo a le 3 mme go tswa foo ba ne ba tswalelwa mo diseleng tse di lefifi ba bo ba fiwa dijo tse dinnye thata malatsi a le 40. Morago ga moo ba ne ba kgwathisiwa. Mmè o ne a tlhokafala ka January 31, 1942, dibeke di le tharo morago ga go itewa setlhogo.

Rre o ne a ntshiwa kwa Dachau mme a isiwa kwa Mauthausen kwa Austria. Kwa kampeng eno, Banasi ba ne ba na le thulaganyo ya go bolaya magolegwa ka go ba bolaisa tlala le go ba pateletsa go dira tiro e e bokete thata. Mme dikgwedi di le thataro fa Mmè a sena go tlhokafala, Banasi ba ne ba bolaya Rre ba dirisa mokgwa mongwe o o farologaneng—ditekeletso tsa kalafi. Dingaka tsa kampa eno di ne di tsenya magolegwa thiibi ka boomo di dira ditekeletso mo go bone. Morago ga moo, batho bao ba e leng magolegwa ba ne ba tlhabiwa mo pelong ka lemao le le bolayang. Pego ya semolao e tlhalosa gore Rre o bolailwe ke “mesifa e e bokoa ya pelo.” O ne a na le dingwaga tse 43. Go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa pele ke utlwa ka dipolao tseno tse di setlhogo. Ke sa ntse ke lela tota fa ke akanya ka batsadi ba me ba ba rategang. Le fa go ntse jalo, fela jaaka go ne go ntse le mo nakong e e fetileng, gompieno ke sa ntse ke gomodiwa ke go itse gore Rre le Mmè, ba ba neng ba na le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, ba sireletsegile mo diatleng tsa ga Jehofa.

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka nna le tshiamelo ya go nna mongwe wa baithuti mo tlelaseng ya bo11 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade kwa New York. A bo go ne go itumedisa jang ne go fetsa dikgwedi tse tlhano ke ithuta Dikwalo ka tlhoafalo! Fa ke ne ke aloga ka 1948, ke ne ka romelwa go ya go nna morongwa kwa Switzerland. Nakwana fela morago ga moo, ke ne ka kopana le James L. Turpin, mokaulengwe yo o neng a ikanyega yo o neng a aloga mo tlelaseng ya botlhano ya Gileade. Fa go ne go tlhongwa ofisi ya ntlha ya lekala kwa Turkey, o ne a nna mookamedi wa yone. Re ne ra nyalana ka March 1951, mme ka bonako fela morago ga moo, re ne ra lemoga gore re solofetse ngwana! Re ne ra fudugela kwa United States mme ra tshola morwadiarona Marlene, ka December.

Fa dingwaga di ntse di feta, nna le Jim re ile ra bona boitumelo jo bogolo tota mo tirelong ya rona ya Bogosi. Ke gakologelwa sentle motho mongwe yo re neng re ithuta Baebele le ene, e leng mosadi mongwe wa Mo-China e bong Penny, yo o neng a rata go ithuta Baebele tota. O ne a kolobediwa mme moragonyana a nyalwa ke Guy Pierce, yo jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Batho bano ba ba rategang ba ile ba nthusa go kokobetsa botlhoko jwa go swelwa ke batsadi.

Mo masimologong a ngwaga wa 2004, bakaulengwe ba kwa toropong e batsadi ba me ba neng ba nna kwa go yone ya Lörrach, ba ne ba aga Holo e ntšha ya Bogosi kwa mmileng wa Stich Street. Khansele ya toropo eo e ne ya anaanela se Basupi ba ga Jehofa ba se dirileng ka go swetsa ka gore ba teye mmila oo leina le lesha la Denzstraße (Denz Street) go tlotla batsadi ba me. Lokwalodikgang lwa lefelo leno lwa Badische Zeitung, mo setlhogong se segolo sa lone se se reng “Go Gopolwa Banyalani ba ba Bolailweng Boorra Denz ka go Naya Mmila Leina le Lesha,” lo ne lwa bolela gore batsadi ba me “ba ne ba bolawa kwa kampeng ya pogisetso ka nako ya puso ya Third Reich ka ntlha ya tumelo ya bone.” Ke ne ke sa lebelela gore khansele ya toropo eo e ka dira jalo, mme gone seno se ne se supa kafa maemo a neng a fetogile ka tsela e e itumedisang ka gone.

Rre o ne a tle a re re tshwanetse go rulaganyetsa dilo kwa pele jaaka e kete Haramagedona ga e na e tla mo motlheng wa rona, mme re tshele jaaka e kete e tla tla kamoso—eno e ne e le kgakololo e e molemo tota e ke ileng ka leka go e dirisa ka dinako tsotlhe. Ka dinako tse dingwe ga go motlhofo go nna pelotelele mme gape o letetse sengwe ka tlhoafalo, segolo jang ka gonne jaanong ke nna fela ke le kwa gae ka ntlha ya mathata a botsofe. Le fa go ntse jalo, ga ke ise ke ko ke belaele tsholofetso eno ya ga Jehofa e a e solofeditseng batlhanka botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe . . . Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

MAFOKO A BOTLHOKWA A A KWADILWENG BOGOLOGOLO

Mosadi mongwe go tswa kwa motseng mongwe o o kwa kgakala o ne a etela toropo ya Lörrach ka bo1980. Ka nako eo, batho ba toropo eno ba ne ba tlisa dilo tse ba neng ba sa tlhole ba di batla mme ba di baya mo lefelong la batho botlhe gore batho ba bangwe ba ka di leba mme ba itseele se ba se batlang. Mosadi yono o ne a bona lebokose lengwe le le nang le didirisiwa tsa go roka mme a tsamaya ka lone kwa ntlong ya gagwe. Moragonyana, o ne a bona dinepe dingwe kwa tlase mo lebokoseng leno tsa mosetsanyana mongwe le makwalo a a neng a kwaletswe mo dipampiring tse di neng di dirisiwa kwa kampeng ya pogisetso. Mosadi yono o ne a kgatlhwa thata ke makwalo ano a bo a ipotsa gore mosetsanyana yono yo o logileng moriri e ka tswa e le mang.

Letsatsi lengwe ka ngwaga wa 2000, mosadi yono o ne a bona setlhogo sengwe mo lokwalodikgannyeng se bua ka dipontsho dingwe tsa hisitori kwa Lörrach. Setlhogo seno se ne se tlhalosa hisitori ya Basupi ba ga Jehofa mo metlheng ya Banasi, go akaretsa le lelapa la gaetsho. Se ne se na le ditshwantsho tsa me fa ke ne ke sa ntse ke le mosha. Fa mosadi yono a bona kafa ditshwantsho tse di mo setlhogong seno di tshwanang ka teng le dinepe tse a neng a di tshwere, o ne a ikgolaganya le mokwadi wa setlhogo seo a bo a mmolelela ka makwalo a a neng a a tshotse—otlhe a le 42! Dibeke di le mmalwa moragonyana, ke ne ke a tshotse mo seatleng sa me. Mo makwalong ano a a neng a kwadilwe ke batsadi ba me ka seatla, ba ne ba aga ba botsa mmamogolo ka nna. Ga ba a ka ba kgaotsa go amega ka nna ka tsela e e lorato. Eleruri go a gakgamatsa go bona gore makwalo ano a sa ntse a le teng mme a bonwe gape morago ga dingwaga di feta di le 60!

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Lelapa la gaetsho le le itumetseng le ne la kgaogana fa Hitler a ne a simolola go busa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Hitler: Setshwantsho sa Sesole sa U.S.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

1. Ofisi ya kwa Magdeburg

2. Ba-Gestapo ba ne ba tshwara Basupi ba le diketekete

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Nna le Jim re ile ra bona boitumelo jo bogolo mo tirelong ya rona ya Bogosi