Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mokgwa o o Bonwang Fela mo Bathong

Mokgwa o o Bonwang Fela mo Bathong

Mokgwa o o Bonwang Fela mo Bathong

Jodie o na le kgwebo e e thusang batho go bona gore fa ba batla go rekisa dithoto ba ka di rekisa bokae. O thusa mosadi mongwe go rekisa dithoto tsa mo ntlong tsa ga mogolowe yo o tlhokafetseng. Fa a ntse a batla fa leisong o bona dibokose tse pedi tse go bewang didirisiwa mo go tsone. Fa a tlhodumela mo go nngwe ya tsone, ga a dumele se a se bonang. Go na le madi a dipampiri a di-$100 a a phuthetsweng a dirilwe dingatanyana—otlhe e le $82,000! Jodie o esi mo phaposing eo. A direng jaanong? A a itseele lebokose leo ka setu kana a bolelele mosadi yoo gore o bone madi ao?

BOTHATA jo Jodie a leng mo go jone bo bontsha mokgwa o o re farologanyang le diphologolo. The World Book Encyclopedia ya re: “Mongwe wa mekgwa e e bonwang fela mo bathong ke gore re sekaseka ka kelotlhoko se re tshwanetseng go se dira le se re sa tshwanelang go se dira.” Ntša e e tshwerweng ke tlala mme e bona setoki sa nama mo godimo ga tafole ga e na go ikatla tlhogo ka go akanya gore a e se je kana nnyaa. Le fa go ntse jalo, Jodie o na le bokgoni jwa go sekaseka gore a tshwetso ya gagwe e siame kgotsa e phoso. Fa a ka ipolokela madi ao, o tla bo a utswa, mme ga go lebege a ka tshwarwa. Madi ao ga se a gagwe; mme mosadi yo o ntseng a mo thusa ga a itse gore a teng. E bile batho ba mo lefelong le Jodie a nnang mo go lone ba tla mo tsaya a le seeleele fa a ka naya mosadi yo a mo thusang madi ao.

O ne o tla dirang fa o ne o le mo boemong jwa ga Jodie? Tsela e o arabang potso eo ka yone e tla ikaega ka gore o itlhophetse go tshela ka melao efe ya se se siameng le se se phoso.

Melao Ya se Se Siameng Le se Se Phoso

Bodumedi ga bo bolo go beela batho melao e ba tshwanetseng go tshela ka yone ya se se siameng le se se phoso. Lefoko la Modimo, Baebele, ga le bolo go nna le tlhotlheletso e e maatla mo ditšhabeng di le dintsi. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba ile ba gana ditekanyetso dingwe tsa bodumedi ba re ga di na mosola e bile ba re molao wa Baebele malebana le se se siameng le se se phoso o fetilwe ke nako. Jaanong batho ba latela molao ofe mo boemong jwa oo? Buka ya Ethics in Business Life ya re: “Dikakanyo tse e seng tsa bodumedi . . . ke tsone di setseng di laola mo boemong jwa bodumedi jo pele go neng go laola jone.” Batho ba le bantsi ba batla kaelo ya baitse ba e seng ba bodumedi ba melao ya se se siameng le se se phoso, go na le go e batla mo bodumeding. Moitse wa melao ya se se siameng le se se phoso, Paul McNeill a re: “Ke akanya gore baitse ba se se siameng le se se phoso ba dira seabe sa baruti fa go tliwa mo boitsholong. . . . Gone jaanong batho ba kaelwa ke melao ya se se siameng le se se phoso mme mo nakong e e fetileng ba ne ba kaelwa ke bodumedi.”

Fa o lebane le go dira ditshwetso tse di thata, o lemoga jang se se siameng le se se phoso? A o ipeela melao ya se se siameng le se se phoso kana o e beelwa ke Modimo?