Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa

Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa

Nna le Pono e e Tshwanetseng ka Tiriso ya Bojalwa

“Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.”—DIANE 20:1.

1. Mopesalema o ne a bontsha jang gore o leboga dingwe tsa dimpho tse di molemo tse di tswang kwa go Jehofa?

MORUTWA Jakobe o ne a kwala jaana: “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng e tswa kwa godimo, gonne e fologa e tswa kwa go Rara wa masedi a selegodimo.” (Jakobe 1:17) Mopesalema o ne a opela jaana a lebogela dimpho tse dintsi tse di molemo tsa Modimo: “O dira gore bojang jo botala bo tlhogele dibatana, le dimela gore di dirisiwe ke batho, go dira gore dijo di tlhoge mo lefatsheng, le beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa, go dira gore sefatlhego se phatsime leokwane, le senkgwe se se tshegetsang pelo ya motho yo o nang le go swa.” (Pesalema 104:14, 15) Beine le majalwa a mangwe ke dimpho tse di molemo tse di tswang kwa Modimong, fela jaaka merogo, senkgwe le leokwane. Re tshwanetse go di dirisa jang?

2. Re tla sekaseka dipotso dife malebana le go dirisa bojalwa?

2 Mpho e e monate, e molemo fela fa e dirisiwa sentle. Ka sekai, tswina ya dinotshe “e molemo,” mme “go ja tswina e ntsi ya dinotshe ga go a siama.” (Diane 24:13; 25:27) Le fa go nwa “beine e nnye” go se na molato, go nwa bojalwa mo go feteletseng ke bothata jo bo masisi. (1 Timotheo 5:23) Baebele e tlhagisa jaana: “Beine ke mosotli, bojalwa jo bo tagang bo a fudua, mme mongwe le mongwe yo o timetswang ke jone ga a botlhale.” (Diane 20:1) Le fa go ntse jalo, go timetswa ke bojalwa go kaya eng? * Bojalwa jo bontsi ke jo bo kana kang? Pono e e tshwanetseng mo ntlheng eno ke efe?

O ka ‘Timetswa’ Jang ke Bojalwa?

3, 4. (a) Ke eng se se bontshang gore Baebele e kgala gore motho a nwe go fitlha a tagwa? (b) Mangwe a matshwao a botagwa ke afe?

3 Bogologolo kwa Iseraele, morwa yo o neng a ja bobe e bile a le letagwa mme a sa ikwatlhaye, o ne a tshwanetse go kgobotlediwa ka maje go fitlha a swa. (Duteronome 21:18-21) Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo.” Go utlwala sentle gore Dikwalo di kgala go nwa go fitlha motho a tagwa.—1 Bakorintha 5:11; 6:9, 10.

4 Baebele e bolela jaana fa e tlhalosa matshwao a botagwa: “O se ka wa leba beine fa e ntsha mmala o mohibidu, fa e tlhanasela mo senwelong, fa e relela. Kwa bofelelong jwa yone e loma jaaka noga, e bile e ntsha botlhole fela jaaka noga e e nang le botlhole. Matlho a gago a tla bona dilo tse di sa tlwaelegang, le pelo ya gago e tla bua dilo tse di sokameng.” (Diane 23:31-33) Go nwa mo go feteletseng go loma jaaka noga e e botlhole, go ka dira gore motho a lwale, a tlhakane tlhogo a bo a idibale. Motho yo o tagilweng a ka bona “dilo tse di sa tlwaelegang” ka gonne a ka bona dipono kgotsa dilo tse di seyong. Gape a ka nna a gololesega go bua dikakanyo le dikeletso tse di sokameng tse a tlholang a ithiba go di bua.

5. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go kotsi ka tsela efe?

5 Go tweng fa motho a nwa bojalwa mme a le kelotlhoko gore a se ka a nwa go fitlha batho ba lemoga gore o tagilwe? Batho ba bangwe ga ba bonale gore ba tagilwe, tota le fa ba nole digalase di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, fa o dumela gore mokgwa oo ga o kotsi, o a itsietsa. (Jeremia 17:9) Fa nako e ntse e ya, motho a ka simolola ka iketlo go tshwakgolwa ke bojalwa mme a nna ‘motlhanka wa beine e ntsi.’ (Tito 2:3) Mokwadi Caroline Knapp o bolela jaana malebana le go fetoga lekgoba la bojalwa: “O fetoga ka bonya, kgato ka kgato, ka tsela e e bofitlha le e e sa lemotshegeng.” A bo go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng e le serai se se kotsi jang ne!

6. Ke ka ntlha yang fa motho a tshwanetse a tila go nwa bojalwa bobe le go ja bobe?

6 Ela tlhoko le tlhagiso eno ya ga Jesu: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe.” (Luke 21:34, 35) Le fa motho a sa tagwe, go nwa bojalwa go ka dira gore a nne boroko a bo a nne setshwakga—ka tsela ya mmatota le ya semoya. Akanya fela gore go ne go tla diragala eng fa letsatsi la ga Jehofa le ka tla a le mo seemo seo?

Matswela a go Nwa Bojalwa mo go Feteletseng

7. Ke ka ntlha yang fa go nwa bojalwa mo go feteletseng go sa tsamaisane le kaelo e e mo go 2 Bakorintha 7:1?

7 Go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka tsenya motho mo kotsing ka ditsela tse dintsi—mo mmeleng le mo semoyeng. Mangwe a malwetse a a bakwang ke go nwa bojalwa mo go feteletseng ke go ruruga sebete, bolwetse jwa sebete jo bo bakwang ke bojalwa, le malwetse a ditshika a a jaaka delirium tremens a a bakang go bona dipono le go roroma mmele. Gape go se dirise bojalwa sentle ka nako e telele go ka baka kankere, bolwetse jwa sukiri le malwetse mangwe a pelo le a mala. Go bonala sentle gore go se dirise bojalwa sentle ga go tsamaisane le kaelo eno ya Dikwalo: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.”—2 Bakorintha 7:1.

8. Go ya ka Diane 23:20, 21, go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka felela ka eng?

8 Gape go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka felela ka go senya madi, le e leng go felelwa ke tiro. Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o ne a tlhagisa jaana: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe, mo gare ga ba ba jang nama bobe.” Ka ntlha yang? O ne a tlhalosa jaana: “Gonne letagwa le yo o jang bobe ba tla humanega, mme kotselo e tla apesa motho dikatana.”—Diane 23:20, 21.

9. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go ithiba mo go nweng bojalwa fa e le gore o tlile go kgweetsa koloi?

9 The Encyclopedia of Alcoholism e tlhalosa kotsi e nngwe gape e re: “Dipatlisiso di bontshitse gore bojalwa bo fokotsa bokgoni jwa motho jwa go kgweetsa, mme bo ama nako e a e tsayang go tsibogela maemo, tsela e mmele o dirang dilo ka yone, tsela e a tlhomang mogopolo ka yone le bokgoni jwa gagwe jwa go bona le jwa go akanya sentle.” Ditlamorago tsa go kgweetsa motho a nole bojalwa di kotsi fela thata. Kwa United States fela, batho ba le dikete di le masomesome ba a swa mme ba ba dikete di le makgolokgolo ba a gobala ngwaga le ngwaga mo dikotsing tsa dikoloi tse di bakilweng ke bojalwa. Batho ba ba ka welwang ke kotsi eno thata ke basha ka gonne ga ba na maitemogelo a go kgweetsa le a go nwa. A motho a ka kgweetsa a sena go nwa digalase di le mmalwa tsa bojalwa mme a ntse a bolela gore o tlotla botshelo jaaka mpho e e tswang kwa go Jehofa Modimo? (Pesalema 36:9) Ka ntlha ya boitshepo jwa botshelo, go molemo gore motho a se ka a nwa bojalwa gotlhelele fa e le gore o tlile go kgweetsa.

10. Bojalwa bo ka ama mogopolo wa rona jang, mme ke ka ntlha yang fa seo se le kotsi?

10 Go nwa mo go feteletseng go gobatsa batho mo mmeleng le mo semoyeng. Baebele ya re: “Beine le beine e e monate ke dilo tse di tlosang boitlhomo jo bo molemo.” (Hosea 4:11) Bojalwa bo ama tlhaloganyo. Kgatiso nngwe ya U.S. National Institute on Drug Abuse e tlhalosa jaana: “Fa motho a nwa bojalwa, bo tsena mo thulaganyong ya mmele ya go sila dijo, bo bo bo tsena mo mading mme bo goroga ka bonako kwa bobokong. Bo simolola go dira gore dikarolo tsa boboko tse di laolang dikakanyo le maikutlo di dire ka bonya. Motho o felelwa ke boithibo.” Fa re le mo seemong seo, go motlhofo gore re ka ‘timela,’ ra tlhoka boikgapo, mme ra nna mo kotsing ya go raelesega mo dilong tse dintsi.—Diane 20:1.

11, 12. Go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka baka kotsi efe ya semoya?

11 Mo godimo ga moo, Baebele e laela jaana: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) A go nwa bojalwa jo bontsi go ka galaletsa Modimo? Ruri Mokeresete a ka rata go tila go itsege jaaka motho yo o nwang bobe. Go itsege ka tsela e e ntseng jalo go ka tlisetsa leina la ga Jehofa kgobo, e seng kgalalelo.

12 Go tweng fa Mokeresete mongwe a sa lekanyetse mo bojalweng mme a bo a kgopisa modumedi ka ene, gongwe e le morutwa yo mosha? (Baroma 14:21) Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Le fa e le mang yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go molemo segolo gore a gokelelwe lelwala mo molaleng wa gagwe le le tshwanang le leo le pitikololwang ke esele mme a nwediwe mo lewatleng le le atlhameng, le le bulegileng.” (Mathaio 18:6) Go nwa mo go feteletseng gape go ka felela ka gore motho a tseelwe dikabelo tse a nang le tsone mo phuthegong. (1 Timotheo 3:1-3, 8) Sengwe se se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke kgotlhang e e ka nnang teng mo lelapeng ka ntlha ya go nwa bojalwa mo go feteletseng.

O ka Tila Dikotsi Jang?

13. Ke eng se se ka re thusang thata go tila go nwa bojalwa mo go feteletseng?

13 Sengwe se se ka re thusang thata go tila dikotsi tsa go se dirise bojalwa sentle ke go nna le mokgele wa go se nwe mo go feteletseng, e seng fela go se tagwe. Ke mang yo o ka go beelang gore selekanyo se se go lekaneng ke sefe le gore go nwa mo go feteletseng ke go nwa mo go kana kang? E re ka go amega dilo tse dintsi, go ka se bewe molao o o gagametseng wa gore fa motho a nole thata ke fa a nole go le kana kang. Mongwe le mongwe o tshwanetse a itse gore selekanyo se a felelang fa go sone ke sefe a bo a sa se fete. Ke eng se se ka go thusang go bona gore bojalwa jo bontsi mo go wena ke jo bo kana kang? A go na le molaomotheo o o ka go kaelang?

14. Ke molaomotheo ofe o o kaelang o o ka go thusang go bona gore o a lekanyetsa, ga o nwe mo go feteletseng?

14 Baebele e bolela jaana: “Dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya, mme di tla itshupa e le botshelo mo moyeng wa gago le bontle jo bo kgatlhang mo molaleng wa gago.” (Diane 3:21, 22) Ka jalo molaomotheo o re ka o latelang ke ono: Selekanyo sepe fela sa bojalwa se se kgoreletsang tsela e o lebang dilo ka yone le e o akanyang ka yone ga se a go siamela. Mme o tshwanetse wa sekaseka boemo jwa gago kafa tota bo leng ka teng fa o ntse o leka go bona selekanyo se se go siametseng!

15. Ke mo maemong afe go ka se tshwaneleng le eleng go nwa galase e le nngwe fela ya bojalwa?

15 Mo maemong mangwe go ka nna ga bo go sa tshwanela go nwa tota le galase e le nngwe fela. Mmè yo o moimana a ka nna a swetsa ka gore a se ka a nwa gotlhelele ka ntlha ya kotsi e e ka nnang ya diragalela ngwana yo o iseng a tsholwe. Mme e tla bo e le bopelontle gore o se ka wa nwa fa o na le motho yo o kileng a nna le bothata jwa go nwa bojalwa mo go feteletseng kgotsa yo segakolodi sa gagwe se sa mo letleng go nwa. Jehofa o ne a laela batho ba ba neng ba dira tiro ya boperesiti kwa motlaaganeng jaana: “[Lo se ka lwa] nwa beine kgotsa bojalwa jo bo tagang . . . fa lo tla mo mogopeng wa bokopanelo, gore lo se ka lwa swa.” (Lefitiko 10:8, 9) Ka jalo, se nwe bojalwa pele ga o ya dipokanong tsa Bokeresete, fa o le mo tshimong le fa o dira maikarabelo a mangwe a semoya. Mo godimo ga moo, kwa dinageng tse bojalwa bo thibetsweng kwa go tsone kgotsa bo letlelelwa fela mo bathong ba ba fetileng dingwaga tse di rileng, melao ya naga e tshwanetse ya latelwa.—Baroma 13:1.

16. O tshwanetse wa dira tshwetso jang malebana le se o ka se dirang fa bojalwa bo beilwe fa pele ga gago?

16 Fa o fiwa bojalwa kgotsa bo bewa fa pele ga gago, potso ya ntlha e o tshwanetseng go e ipotsa ke gore: ‘A gone ke tshwanetse go nwa?’ Fa o swetsa ka gore o nwe, ipolelele gore o tla nwa selekanyo se se kana kang, mme o se ka wa nwa go se feta. O se ka wa tlhotlhelediwa ke bopelotshweu jwa motho yo o go laleditseng. O itlhokomele le mo meletlong e e jaaka manyalo fa bojalwa bo ntshiwa fela bo sa lekanyediwe. Mo mafelong a le mantsi, molao o letlelela bana go nwa bojalwa. Batsadi ba na le boikarabelo jwa go laya bana ba bone malebana le tiriso ya bojalwa le go ba tlhokomela gore ba dira jang mo ntlheng eno.—Diane 22:6.

O ka Kgona go Fenya Bothata

17. Ke eng se se ka go thusang go lemoga gore a o na le bothata jwa go nwa bojalwa mo go feteletseng?

17 A o na le bothata jwa go se dirise beine le dino tse di tagang sentle? Itse fela gore, fa e le gore go nwa bojalwa mo go feteletseng e setse e le boleo jo o bo fitlhang, kgabagare bo tla nna le ditlamorago. Ka jalo, iphe nako ya go itlhatlhoba sentle. Ipotse dipotso tse di fatang maikutlo tse di jaaka: ‘A ke nwa gantsi go feta pele? A ke setse ke nwa majalwa a a bogale go feta pele? A ke nwa bojalwa gore ke itebatse matshwenyego kgotsa mathata? A mongwe wa lelapa kgotsa tsala o setse a bontshitse gore go nwa ga me go a mo tshwenya? A tsela e ke nwang ka yone e baka mathata mo lelapeng la me? A ke palelwa ke go nna ke sa nwe bojalwa beke, kgwedi kgotsa dikgwedi di le mmalwa? A ke fitlhela ba bangwe selekanyo se ke se nwang sa bojalwa?’ Go tweng fa e le gore dingwe tsa dipotso tseno o di arabile ka ee? O se ka wa nna jaaka motho yo o ‘lebileng sefatlhego sa gagwe sa tlholego mo seiponeng mme ka yone nako eo a bo a lebala gore ke motho wa mofuta ofe.’ (Jakobe 1:22-24) Tsaya dikgato tsa go baakanya bothata jono. O ka dirang?

18, 19. O ka tlogela jang go nwa bojalwa mo go feteletseng?

18 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “Lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya.” (Baefeso 5:18) Dira tshwetso ya gore selekanyo se se feteletseng sa bojalwa ke se se kana kang mo go wena mme o lekanyetse ka tsela e e tshwanetseng. Ititeye sehuba gore o se ka wa feta selekanyo seo; nna le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) A o na le ditsala tse di go gatelelang gore o nwe mo go feteletseng? Itise. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

19 Fa e le gore o dirisa bojalwa go itebatsa bothata bongwe, lebana le bothata joo ka tlhamalalo. Mathata a ka rarabololwa ka go dirisa kgakololo ya Lefoko la Modimo. (Pesalema 119:105) O se ka wa okaoka go batla thuso ya mogolwane yo o mo ikanyang wa Mokeresete. Dirisa dithulaganyo tsa ga Jehofa go ikaga semoyeng. Nonotsha kamano ya gago le Modimo. Mo rapele ka metlha—bogolo jang ka makoa a gago. Kopa Modimo gore a ‘itshekise diphilo tsa gago le pelo ya gago.’ (Pesalema 26:2) Jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, dira bojotlhe jwa gago go tsamaya mo tseleng ya bothokgami.

20. Ke dikgato dife tse o ka nnang wa tshwanelwa ke go di tsaya gore o lebane le bothata jo bo sa feleng jwa go nwa mo go feteletseng?

20 Go tweng fa bothata jwa go nwa mo go feteletseng bo tswelela pele le fa o dira maiteko a go tlogela mokgwa ono? Latela kgakololo eno ya ga Jesu: “Fa go direga gore seatla sa gago se dire gore o kgotšwe, se kgaole; go molemo thata gore o tsene mo botshelong o golafetse go na le go ya mo Gehena . . . o na le diatla tsoopedi.” (Mareko 9:43) Tharabololo ke e: O se ka wa nwa gotlhelele. Ke sone se mosadi mongwe yo re tla mmitsang Irene a ileng a swetsa ka gore a se dire. A re: “E ne ya re ke na le dingwaga di ka nna pedi le sephatlo ke sa kgome bojalwa, ka simolola go akanya gore gongwe fa nka nwa galase e le nngwe fela go ka se re sepe, gore ke bone fela gore bo tla ntshwara jang. Mme fela fa ke tlelwa ke maikutlo ao, ke rapela Jehofa. Ke ititeile sehuba gore ke se ka ka tlhola ke nwa bojalwa gape go fitlha mo tsamaisong e ntšha, fa e le gore le teng ke tla bo nwa.” Go ka se senye sepe gore o tlogele bojalwa gotlhelele e le fela gore o tle o tshele mo lefatsheng la Modimo le lesha.—2 Petere 3:13.

“Sianang ka Tsela ya Gore lo se Gape”

21, 22. Ke eng se se ka re thibelang go wetsa lobelo lwa botshelo, mme re ka se tila jang?

21 Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha botshelo jwa Mokeresete le lobelo kgotsa kgaisano, a re: “A ga lo itse gore basiani mo lobelong botlhe ba a siana, mme ke a le mongwe fela yo o amogelang sekgele? Sianang ka tsela ya gore lo se gape. Mo godimo ga moo, motho mongwe le mongwe yo o tsayang karolo mo kgaisanong o ikgapa mo dilong tsotlhe. Jaanong bone, ba dira jalo gore ba tle ba bone serwalo se se senyegang, mme rona se se sa senyegeng. Ka jalo, tsela e ke sianang ka yone ga se ka go sa tlhomamisege; tsela e ke lebantshang go itaya ga me ka yone ke gore ke se ka ka itaya phefo; mme ke itaya mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka, gore fa ke sena go rerela ba bangwe, nna ka bonna ke se ka ka nna yo o sa amogelweng ka tsela nngwe.”—1 Bakorintha 9:24-27.

22 Ba ba wetsang lobelo sentle ke bone fela ba newang sekgele. Mo lobelong lwa botshelo, go nwa bojalwa mo go feteletseng go ka re thibela go wetsa lobelo. Re tshwanetse go ithiba. Go taboga ka go tlhomamisega go re tlhoka gore re se ka ra “nwa beine mo go feteletseng.” (1 Petere 4:3) Go na le moo, re tshwanetse go ikgapa mo dilong tsotlhe. Fa e le ka go nwa bojalwa, go ka nna molemo gore re “gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo.”—Tito 2:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Mo setlhogong seno, lefoko “bojalwa” le tla dirisiwa go akaretsa biri, beine le majalwa a mangwe a a bogale.

A o A Gakologelwa?

• Go nwa bojalwa mo go feteletseng ke eng?

• Go se dirise bojalwa sentle go na le ditlamorago dife tse di botlhoko?

• O ka tila jang dikotsi tsa go nwa bojalwa mo go feteletseng?

• Motho a ka lebana jang le bothata jwa go nwa bojalwa mo go feteletseng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Beine e ‘ipedisa pelo ya motho yo o nang le go swa’

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Re tshwanetse go itse selekanyo se re felelang mo go sone mme re se ka ra se feta

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dira tshwetso go sa le gale gore selekanyo se se go siametseng ke se se kana kang

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Rapela Jehofa ka metlha ka makoa a gago

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batsadi ba na le boikarabelo jwa go laya bana ba bone ka tiriso ya bojalwa