O ka Itse Jang se se Siameng Le se Se Phoso?
O ka Itse Jang se se Siameng Le se Se Phoso?
KE MANG yo o nang le thata ya go tlhoma melao ya se se siameng le se se phoso? Potso eo e ne ya tsoga fa batho ba simolola go nna teng. Go ya ka buka ya Baebele ya Genesise, Modimo o ne a bitsa setlhare sengwe se se neng se gola mo tshingwaneng ya Edene a re ke “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:9) Modimo o ne a laela banyalani ba ntlha gore ba se ka ba ja maungo a setlhare seo. Le fa go ntse jalo, mmaba wa Modimo, Satane Diabolo, o ne a re fa ba ka ja maungo a setlhare seo, matlho a bone “a tla bulega” mme ba “tla tshwana le Modimo, [ba] itse molemo le bosula.”—Genesise 2:16, 17; 3:1, 5; Tshenolo 12:9.
Adame le Efa ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso—a ba amogele melao ya Modimo ka se se siameng le se se phoso kana ba latele se bone ba se akanyang? (Genesise 3:6) Ba ne ba tlhopha gore ba se ka ba utlwa Modimo mme ba ja leungo la setlhare. Go dira jalo go ne go kaya eng? Ka go gana melao e ba neng ba e beetswe ke Modimo, ba ne ba bontsha gore bone le bana ba bone ba tla tshela botoka fa ba ipeela melao ka se se siameng le se se phoso. Batho ba atlegile go le kae mo maitekong a bone a go batla go ipeela melao e tota ba ka bong ba e beelwa ke Modimo?
Dikakanyo Tse di sa Tshwaneng
Fa Encyclopædia Britannica e sena go sekaseka dithuto tsa bafilosofi ba ba itsegeng go ralala makgolo a dingwaga, e bolela gore go simolola ka motlha wa mofilosofi wa Mogerika Socrates go fitlha mo lekgolong la bo20 la dingwaga, go nnile le “dikganetsano tse dintsi malebana le gore tota bomolemo le molao wa se se siameng le se se phoso ke eng.”
Ka sekai, bafilosofi ba Ba-Sophist e ne e le setlhopha se se tlhomologileng sa barutisi ba Bagerika mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Ba ne ba ruta gore melao ya se se siameng le se se phoso e ne e laolwa ke se se ratwang ke bontsi jwa batho. Morutisi mongwe wa setlhopha seno o ne a re: “Fa batho ba motse ba tsaya sengwe se siame e bile se amogelesega, seo se raya gore se siame e bile se a amogelesega mo motseng oo.” Go ya ka seno, Jodie yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o tshwanetse go itseela madi ao ka gonne bontsi jwa batho ba mo a nnang teng, kgotsa ba “motse” ba ne ba ka dira jalo.
Immanuel Kant, mofilosofi yo o itsegeng wa lekgolo la bo18 la dingwaga, o ne a leba dilo ka tsela e sele. Lokwalopaka lwa Issues in Ethics lwa re: “Immanuel Kant le ba bangwe ba ba tshwanang le ene . . . ba ne ba gatelela gore motho o na le tshwanelo ya go itlhophela.” Go ya ka filosofi ya ga Kant, fa fela Jodie a sa kgoreletse ditshwanelo tsa ba bangwe, go ne go tla tswa fela mo go ene gore o dirang. Ga a tshwanela go letla tsela e batho ba bantsi mo lefelong la gabone ba lebang dilo ka yone gore e mo tlhomele melao ya se se siameng le se se phoso.
Ka jalo Jodie o ne a rarabolola jang bothata jwa gagwe? O ne a tlhopha go dira ka tsela e nngwe. O ne a dirisa thuto ya ga Jesu Keresete, yo melao ya gagwe ka se se siameng le se se phoso e builweng bontle ke Bakeresete mmogo le batho ba e seng Bakeresete. Jesu o ne a ruta jaana: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Mosadi yo Jodie a neng a mo thusa o ne a gakgamala fa Jodie a ne a mo naya $82,000. Fa Jodie a ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a sa itseela madi ao, o ne a tlhalosa gore ke Mosupi wa ga Jehofa mme a re: “Madi ao e ne e se a me.” Jodie o ne a tsaya mafoko a ga Jesu masisi a a kwadilweng mo Baebeleng mo go Mathaio 19:18: “O se ka wa utswa.”
A Tsela e Bontsi Jwa Batho ba Lebang Dilo ka Yone ke Kaelo E e Ka Ikanngwang?
Batho ba bangwe ba ka nna ba re Jodie o ne a le seeleele ka go ikanyega jalo. Mme tsela e bontsi jwa batho ba lebang dilo ka yone ga se kaelo e e ka ikanngwang. Ka sekai, fa e le gore o ne o tshela mo setšhabeng se bontsi jwa batho ba sone ba neng ba dumela gore ditlhabelo tsa bana di siame, jaaka ditšhaba dingwe bogologolo di ne di akanya, a seo se ne se tla dira gore mokgwa oo o lebege o siame? (2 Dikgosi 16:3) O ne o tla dirang fa o ne o tsholetswe mo setšhabeng se se neng se leba go ja nama ya motho e le selo se se siameng? A seo se ne se tla bo se raya gore go ja nama ya motho ga go phoso tota? Go bo selo se dirwa ke batho ba bantsi ga go reye gore se siame. Bogologolo Baebele e ne ya tlhagisa ka serai seo fa e re: “O se ka wa sala mmudubudu morago ka boikaelelo jwa go dira bosula.”—Ekesodo 23:2.
Jesu Keresete o ne a tlhalosa lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra amogela kgang ya gore tsela e bontsi jwa batho bo lebang dilo ka yone ke kaelo e e molemo ya go itse se se siameng le se se phoso. O ne a senola Satane a re ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30; Luke 4:6) Satane o dirisa maemo a gagwe go tsietsa “lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) Ka jalo fa o ipeela melao ya se se siameng le se se phoso, mme o ya fela ka se bontsi jwa batho ba se akanyang, o ka tswa o latela pono ya ga Satane ka se se siameng le se se phoso mme seo se ka nna le diphelelo tse di kotsi tota.
A o Ka Ikanya Tsela e Wena o Lebang Dilo ka Yone?
Ka jalo, a motho mongwe le mongwe o tshwanetse go itirela tshwetso malebana le se se siameng le se se phoso? Baebele ya re: “O se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” (Diane 3:5) Ka ntlha yang? Ka gonne batho botlhe ba ruile bokoa bongwe jo bogolo jo bo ka dirang gore ba se ka ba leba dilo sentle. Fa Adame le Efa ba ne ba tsuologela Modimo, ba ne ba dirisa melao ya motsietsi yo o pelotshetlha Satane, mme ba mo tlhopha gore e nne rraabone wa semoya. Go tswa foo ba ne ba fetisetsa mokgwa mongwe mo baneng ba bone—pelo e e boferefere e e nang le bokgoni jwa go lemoga se se siameng mme gape e sekametse mo go se se phoso.—Genesise 6:5; Baroma 5:12; 7:21-24.
Encyclopædia Britannica, e bolela jaana fa e bua ka melao ya se se siameng le se se phoso: “Ga go gakgamatse fa batho ba itse se ba tshwanetseng go se dira mme ba bo ba dira se bone ba se ratang. Bothata jo bogolo mo melaong ya se siameng le se se phoso kwa dinageng tsa Bophirima e ntse e le go bona tsela ya go naya batho mabaka a go dira se se siameng.” Baebele e baya kgang eno sentle fa e re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang. Ke mang yo o ka e itseng?” (Jeremia 17:9) A o ne o ka ikanya mongwe yo o itsegeng e le leferefere e bile a gagamalela se a se batlang?
Mme gone, tota le batho ba ba sa dumeleng mo Modimong ba ka kgona go itshwara sentle mme ba nne le melao e e mosola e e tlotlegang ya se se siameng le se se phoso. Le fa go ntse jalo, gantsi melao ya maemo a a kwa godimo e ba tshelang ka yone e tshwana fela le melao ya Baebele e e malebana le se se siameng le se se phoso. Le fa batho bano ba ka ganetsa gore Modimo o teng, dikgopolo tsa bone di bontsha gore ba na le bokgoni jwa go etsa botho jwa Modimo. Seno se supela gore jaaka Baebele e bontsha, kwa tshimologong batho ba ne ba bopiwa “mo setshwanong sa Modimo.” (Genesise 1:27; Ditiro 17:26-28) Moaposetoloi Paulo a re: “Ke bone tota ba ba bontshang fa kgang ya molao e kwadilwe mo dipelong tsa bone.”—Baroma 2:15.
Ee gone, go itse se se siameng le go nna le maatla a go se dira ke dilo tse pedi tse di sa tshwaneng. Motho o nna jang le maatla a a tlhokegang a go dira se se siameng? E re ka se motho a se dirang se tlhotlhelediwa ke pelo, go tlhagolela go rata Mokwadi wa Baebele, Jehofa Modimo, go ka thusa motho go nna le maatla ao.—Pesalema 25:4, 5.
Go Bona Maatla a go Dira se se Siameng
Kgato ya ntlha ya go ithuta go rata Modimo ke go lemoga kafa ditaelo tsa gagwe di utlwalang ka teng le kafa di leng mosola ka teng. Moaposetoloi Johane a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.” (1 Johane 5:3) Ka sekai, Baebele e na le kgakololo e e mosola e e ka thusang basha go lemoga se se siameng le se se phoso fa ba dira ditshwetso ka gore a ba nwe bojalwa, ba dirise diokobatsi kgotsa ba tlhakanele dikobo pele ga lenyalo. Baebele e ka thusa banyalani gore ba lemoge kafa ba ka rarabololang dikgotlhang ka teng e bile e ka naya batsadi kaelo ya go godisa bana. * Fa melao ya Baebele ya se se siameng le se se phoso e dirisiwa, e ka thusa basha le bagolo, go sa kgathalesege setšhaba, thutego kana setso sa bone.
Go ja dijo tse di nang le dikotla go go naya maatla a go bereka, mme go bala Lefoko la Modimo go go naya maatla a go tshela ka melao ya gagwe. Jesu o ne a tshwantsha mafoko a Modimo le senkgwe se se nayang botshelo. (Mathaio 4:4) Gape o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng.” (Johane 4:34) Go iphepa ka Lefoko la Modimo go ne ga thusa Jesu go emelana le dithaelo le go dira ditshwetso tse di siameng.—Luke 4:1-13.
Sa ntlha, o ka nna wa fitlhela go le thata go iphepa ka Lefoko la Modimo le go dirisa melao ya gagwe. Mme gakologelwa gore fa o ne o le mmotlana, o ka tswa o ne o sa rate tatso ya dijo dingwe tse di neng di go siametse. Gore o nonofe, o ne wa tshwanelwa ke go ithuta go rata dijo tse di ntseng jalo tse di siameng. Ka tsela e e tshwanang, go ka nna ga go tsaya nako gore o rate melao ya Modimo. Fa o tswelela o leka, o tla e rata mme o tla nonofa semoyeng. (Pesalema 34:8; 2 Timotheo 3:15-17) O tla ithuta go ikanya Jehofa mme o tla tlhotlheletsega go ‘dira molemo.’—Pesalema 37:3.
Go ka direga gore mo botshelong jwa gago jotlhe o se ka wa lebana le boemo jo Jodie a neng a lebane le jone. Le fa go ntse jalo, letsatsi le letsatsi o dira ditshwetso tse dinnye le tse dikgolo tsa se se siameng le se se phoso. Ka jalo Baebele e go kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) Go ithuta go ikanya Jehofa ga go na go go solegela molemo fela gone jaanong mme gape go tla go bulela sebaka sa go tshelela ruri, ka gonne go nna kutlo mo go Jehofa Modimo go isa botshelong.—Mathaio 7:13, 14.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 18 Kgakololo e e mosola e e tswang mo Baebeleng e e amanang le dikgang tseno le tse dingwe tsa botlhokwa e fitlhelwa mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
Maatla a a sa bonaleng a ka tlhotlheletsa tsela e bontsi jwa batho ba lebang dilo ka yone
[Ditshwantsho mo go tsebe 5]
Go ralala hisitori, bafilosofi ba ntse ba ganetsana ka kgang ya gore ke eng se se siameng le se se phoso
SOCRATES
KANT
CONFUCIUS
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Kant: Go tswa mo bukeng ya The Historian’s History of the World;
Socrates: Go tswa mo bukeng ya A General History for Colleges and High Schools; Confucius: Sung Kyun Kwan University, Seoul, Korea
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Baebele ga e re thuse fela go itse se se siameng le se se phoso mme gape e re tlhotlheletsa go dira se se siameng