Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete o Tshwanetse go Gopolwa Jang?

Jesu Keresete o Tshwanetse go Gopolwa Jang?

Jesu Keresete o Tshwanetse go Gopolwa Jang?

Jesu Keresete “eleruri e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba na le tlhotlheletso e kgolo thata go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.”—“The World Book Encyclopedia.”

GANTSI batho ba ba tlhomologileng ba gopolwa ka dilo tse ba di dirileng. Ka jalo ke ka ntlha yang fa bontsi jwa batho ba gopola Jesu ka letsatsi la gagwe la botsalo e seng ka dilo tse a di dirileng? Mo ditumelong tsotlhe tse di ipitsang tsa Bokeresete, batho ba bantsi ba kgona go anela ditiragalo tse di amanang le botsalo jwa gagwe. Ke ba le kae ba ba gakologelwang le go leka go dirisa thuto ya gagwe ya maemo a a kwa godimo e e fitlhelwang mo Therong ya kwa Thabeng?

Gone ke boammaaruri gore botsalo jwa ga Jesu bo ne bo tlhomologile mme barutwa ba gagwe ba pele ba ne ba tsaya se se botlhokwa thata e le se a neng a se dira le se a neng a se ruta. Eleruri Modimo o ne a sa ikaelela gore botsalo jwa ga Keresete bo nne botlhokwa thata go feta botshelo jwa gagwe fa e setse e le monna yo o godileng. Mme le fa go ntse jalo, Keresemose e kgonne go dira gore go se ka ga bonala sentle gore tota Keresete e ne e le motho yo o ntseng jang, ka go dirisa tlhakatlhakano ya ditlhamane tsa Botsalo jwa gagwe.

Tsela e Keresemose e ketekwang ka yone e tsosa potso e nngwe e e tshwenyang. Fa Jesu a ne a ka boela mo lefatsheng gompieno, o ne a tla reng ka kgwebo e e dirwang ka tlhamalalo ka Keresemose? Dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, Jesu o ne a ya kwa tempeleng kwa Jerusalema. O ne a galefisiwa thata ke baananyi ba madi le barekisi ba ba neng ba dirisa mokete wa Bajuda wa bodumedi gore ba itirele madi. O ne a re: “Tlosang dilo tse fano! Tlogelang go dira ntlo ya ga Rre ntlo ya thekisetso!” (Johane 2:13-16) Go bonala sentle gore Jesu o ne a sa dumalane le go kopanya kgwebo le bodumedi.

Bakatoliki ba le bantsi ba ba peloephepa ba kwa Spain ba tshwenngwa ke tsela e go setseng go dirwa kgwebo ka yone ka Keresemose. Le fa go ntse jalo, go bonala mokgwa ono wa go dira kgwebo o ka se ka wa tilwa, fa go lejwa kwa mekgwa e mentsi ya Keresemose e tswang teng. Mokwaladikgang Juan Arias a re: “Batho ba e leng Bakeresete, ba ba tshwayang phoso tsela e Keresemose e setseng ‘e dirilwe ya boheitane’ ka yone, le kafa go ijesiwang monate e bile go dirwang kgwebo ka teng mo boemong jwa gore e amanngwe le bodumedi, ga ba itse gore tota le fa mekete ya Botsalo jwa Morena e ne e simologa . . . go ne go dirwa dilo dingwe tse di neng di dirwa mo moketeng wa boheitane [wa letsatsi] wa Baroma.”—El País, December 24, 2001.

Mo dingwageng tsa bosheng, disaetlopedia le bakwaladikgang ba bantsi ba kwa Spain ba ile ba akgela ka gore mekete e e tlwaetsweng go dirwa ka Keresemose e simologile mo boheitaneng le gore e tsenelela mo kgwebong. Enciclopedia de la Religión Católica e bolela jaana malebana le letsatsi le go ketekwang Keresemose ka lone: “Go bonala Kereke ya Roma e ile ya swetsa ka gore e dire mekete eno ka Keresemose ka ntlha ya go latela mokgwa wa yone wa go emisetsa mekete ya boheitane ka ya Bokeresete. . . . Re itse gore kwa Roma ka nako eo, baheitane ba ne ba tsaya December 25 e le letsatsi le le boitshepo la go keteka natalis invicti, botsalo jwa ‘letsatsi le le sa fenngweng.’”

Enciclopedia Hispánica le yone ya re: “Letsatsi la December 25 la go keteka Keresemose ga le a nna teng ka go latela letlha le le rileng ngwaga le ngwaga mme le nnile gone ka go fetolelwa mo Bokereseteng ga meletlo ya go tsena ga mariga e e neng e ketekwa kwa Roma.” Baroma ba ne ba keteka jang go tlhaba ga letsatsi ka mariga? Ka go dira mekete ya ditlhapelo, le go abelana dimpho. E re ka baeteledipele ba kereke ba ne ba sa batle go fedisa mokete o o rategang thata jalo, ba ne ba o “dira wa Bokeresete” ka go o bitsa botsalo jwa ga Jesu go na le go o bitsa botsalo jwa letsatsi.

Kwa tshimologong mo lekgolong la bonè le la botlhano la dingwaga go ne go se motlhofo go tlogela kobamelo ya letsatsi le ditlwaelo tsa yone. “Moitshepi” wa Mokatoliki e bong Augustine (354-430 C.E.) o ne a ikutlwa a patelesega go kgothatsa badumedi mmogo ka ene gore ba se ka ba keteka December 25 jaaka baheitane ba ne ba dira jalo go tlotla letsatsi. Tota le gompieno go bonala mekete e e amanang le go obamelwa ga letsatsi kwa Roma wa bogologolo e sa ntse e na le tlhotlheletso e kgolo.

Mokete wa go Ijesa Monate le go Dira Kgwebo

Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, go nnile le mabaka a le mmalwa a a dirileng gore Keresemose e nne mokete o o ratwang thata mo lefatsheng lotlhe wa go ijesa monate le go dira kgwebo. Gape ditlwaelo tsa mekete e mengwe ya mariga, segolobogolo e e neng e ketekwa kwa bokone jwa Yuropa di ne tsa kopanyelediwa ka iketlo mo moketeng wa Baroma. * Mme mo lekgolong la bo20 la dingwaga barekisi le borakgwebo ba ile ba buelela ka matlhagatlhaga mokgwa mongwe le mongwe fela o o neng o ka ba tlisetsa poelo e ntsi.

Matswela a seo e nnile eng? Go ile ga tlotlomadiwa thata go keteka botsalo jwa ga Keresete go na le gore go tlotlomadiwe bokao jwa jone. Tota e bile Keresete ga a tlhole a umakiwa thata mo meletlong e e tlwaelegileng ya Keresemose. Lokwalodikgang lwa kwa Spain lwa El País lwa re: “[Keresemose] ke moletlo o o ketekwang mo lefatsheng lotlhe ke malapa, mme mongwe le mongwe o o keteka ka tsela ya gagwe.”

Kakgelo eo e bontsha mokgwa o o ntseng o anama wa batho ba bantsi ba kwa Spain le ba mo dinageng tse dingwe mo lefatsheng lotlhe. Fa mekete ya Keresemose e ntse e tswelela e le e go dirisiwang madi a mantsi thata mo go yone, kitso kaga Keresete yone e a fokotsega. Totatota, mekete ya Keresemose e boetse e ntse jaaka e ne e ntse mo metlheng ya Baroma—mekete ya ditlhapelo, le go abelana dimpho.

Re Tsaletswe Ngwana

Fa e le gore Keresemose ga e amane le Keresete, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go gopola jang botsalo le botshelo jwa ga Keresete? Isaia o ne a porofeta jaana ka Jesu dingwaga di ka nna makgolo a supa pele ga a tsholwa: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe.” (Isaia 9:6) Ke ka ntlha yang fa Isaia a ne a bontsha gore botsalo jwa ga Jesu le maikarabelo a a neng a tla a rwala di ne di tla nna le bokao jo bogolo thata? Ke ka gonne Jesu o ne a tlile go nna mmusi yo o maatla. O ne a tla bidiwa Kgosana ya Kagiso, mme puso ya gagwe le kagiso di ne di se na go khutla. Gape puso ya ga Jesu e ne e tla nitamisiwa “ka tshiamiso le ka tshiamo.”—Isaia 9:7.

Moengele Gabariele o ne a bua mafoko a a tshwanang le a ga Isaia fa a ne a itsise Marea ka botsalo jwa ga Jesu jo bo neng bo atamela. O ne a bolelela pele jaana: “Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Go bonala sentle gore botsalo jwa ga Jesu bo amana le tiro e Keresete a neng a tla e dira fa e setse e le Kgosi e e tlhomilweng ya Bogosi Jwa Modimo. Puso ya ga Keresete e ka solegela batho botlhe molemo, go akaretsa wena le baratiwa ba gago. Tota e bile, baengele ba ne ba bontsha gore botsalo jwa gagwe bo ne bo tla tlisa “kagiso mo lefatsheng mo bathong ba [Modimo] o ba itumelelang.”—Luke 2:14, Central Setswana Bible.

Ke mang yo o sa batleng go tshela mo lefatsheng le le nang le kagiso le tshiamiso? Mme fa re batla go itumelela kagiso e e tla tlisiwang ke puso ya ga Keresete, re tshwanetse go itumedisa Modimo le go nna le kamano e e molemo le ene. Jesu o ne a re kgato ya ntlha e motho a tshwanetseng go e tsaya fa a batla go nna le kamano e e ntseng jalo ke go ithuta ka Modimo le ka Keresete. Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Fa re setse re itse Jesu sentle, re ka se tlhole re tlhoka go ipotsa gore o ne a ka batla gore re mo gopole jang. A e ka nna ka go ja, ka go nwa le ka go abelana dimpho ka letsatsi le go neng go dirwa jalo ka lone mo moketeng mongwe wa bogologolo wa boheitane? Ga go lebege go ka nna jalo. Bosigo jwa pele ga Jesu a swa, o ne a bolelela barutwa ba gagwe se a batlang se dirwa. “Yo o nang le ditaelo tsa me e bile a di boloka, ene yoo ke yo o nthatang. Le yo o nthatang o tla ratwa ke Rre, mme ke tla mo rata.”—Johane 14:21.

Basupi ba ga Jehofa ba ithutile Dikwalo tse di Boitshepo ka botlalo, mme seo se ba thusitse gore ba tlhaloganye se e leng ditaelo tsa Modimo le tsa ga Jesu. Ba tla itumelela go go thusa gore o tlhaloganye ditaelo tseo tsa botlhokwa thata gore o tle o gopole Jesu jaaka a tshwanetse go gopolwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Setlhare sa Keresemose le setshwantsho sa ga Santa Claus ke dikai tse pedi tse di tlhomologileng tsa seno.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]]

A Baebele e Kgala Mekete le go Abelana Dimpho?

Go Abelana Dimpho

Baebele e letlelela go aba dimpho, ka gonne Jehofa ka boene o bidiwa Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Jesu o ne a tlhalosa gore batsadi ba ba molemo ba naya bana ba bone dimpho. (Luke 11:11-13) Ditsala tsa ga Jobe le ba lelapa la gagwe ba ne ba naya Jobe dimpho fa botsogo jwa gagwe bo ne bo nna botoka. (Jobe 42:11) Le fa go ntse jalo, go ne go sa tlhokege gore go nne le malatsi a a kgethegileng a mekete gore go abiwe dimpho jalo. Go aba jalo go ne go tswa mo pelong.—2 Bakorintha 9:7.

Dikokoano Tsa Lelapa

Dikokoano tsa lelapa di ka thusa thata go kopanya malapa, segolobogolo fa maloko a lelapa a sa tlhole a nna mo ntlong e le nngwe. Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba ya lenyalong kwa Kana, le go se nang pelaelo gore e ne e le kokoano e kgolo ya ba lelapa le ditsala. (Johane 2:1-10) Mme mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa yo e neng e le sesinyi, rraagwe sesinyi seno o ne a dira mokete a itumelela go boa ga morwawe, mme go ne go na le mmino e bile go binwa.—Luke 15:21-25.

Go Itumelela Dijo Tse di Monate

Kgapetsakgapetsa Baebele e bua ka batlhanka ba Modimo e re ba ne ba itumelela dijo le ba lelapa, ditsala le badumedi mmogo le bone. Fa baengele ba bararo ba ne ba etetse Aborahame, o ne a ba direla mokete, mme mo go one go ne go na le nama, mashi, botoro le dikuku tse dikgolokwe. (Genesise 18:6-8) Solomone o ne a tlhalosa ‘go ja, go nwa le go ipela’ a re ke mpho ya Modimo.—Moreri 3:13; 8:15.

Go bonala sentle gore Modimo o batla gore re itumelele dijo tse di monate re na le ditsala le ba lelapa, mme ga a kgale go abelana dimpho. Re na le sebaka se sentsi sa go dira jalo nako nngwe le nngwe mo ngwageng.