Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Kopanngwa ke go Rata Modimo

Ba Kopanngwa ke go Rata Modimo

Ba Kopanngwa ke go Rata Modimo

FA PHUTHEGO ya Bokeresete e ne e tlhongwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga la Motlha wa Rona, nngwe ya dilo tse e neng e itsege ka tsone—le mororo e ne e na le maloko a mefuta e e farologaneng—ke gore e ne e le seoposengwe. Baobamedi bao ba Modimo wa boammaaruri ba ne ba tswa kwa dinageng tsa Asia, Yuropa le Afrika. E ne e le batho ba mefuta e e farologaneng—baperesiti, masole, batlhanka, batshabi, batho ba ba dirang tiro ya diatla, ba ba ithutetseng ditiro dingwe le batho ba kgwebo. Bangwe e ne e le Bajuda, mme ba bangwe e le Baditšhaba. Ba le bantsi e ne e kile ya bo e le baakafadi, basodoma, matagwa, magodu kgotsa batho ba ba dikgoka. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba nna Bakeresete, ba ile ba tlogela mekgwa ya bone e e bosula mme ba nna seoposengwe mo tumelong.

Ke eng se se dirileng gore Bokeresete jwa lekgolo la ntlha la dingwaga bo kgone go kopanya batho bano botlhe gore ba nne seoposengwe? Ke ka ntlha yang fa ba ne ba tshedisana ka kagiso e bile ba na le kagiso le batho ba bangwe botlhe? Ke eng fa ba ne ba sa nne le seabe mo dikhuduegong le mo dintweng? Ke ka ntlha yang fa Bokeresete jwa ntlha bo ne bo farologane thata jaana le madumedi a magolo a gompieno?

Ke Eng se se Neng se Dira Gore Maloko a Phuthego a Nne Seoposengwe?

Sengwe se segolo se se neng se dira gore badumedimmogo ba nne seoposengwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ke gore ba ne ba rata Modimo. Bakeresete bao ba ne ba lemoga gore ba ne ba tshwanetse go rata Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, ka pelo yotlhe, ka moya otlhe le ka mogopolo otlhe. Ka sekai, moaposetoloi Petere, yo e neng e le Mojuda, o ne a laelwa gore a ye kwa ntlong ya moditšhaba mongwe, yo e neng e le motho yo ka tlwaelo fela a neng a ka se ka a itsalanya le ene. Selo se segolo se se dirileng gore a ikobele taelo eo ke gore o ne a rata Jehofa. Petere mmogo le Bakeresete ba bangwe ba bogologolo ba ne ba na le kamano e e gaufi le Modimo, ka gonne ba ne ba na le kitso e e tlhomameng ka botho jwa Gagwe, le ka dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng. Fa nako e ntse e tsamaya, baobamedi botlhe ba ne ba lemoga gore Jehofa o ne a batla gore ba ‘nne seoposengwe mo mogopolong o le mongwe fela le mo tseleng e le nngwe fela ya go akanya.’—1 Bakorintha 1:10; Mathaio 22:37; Ditiro 10:1-35.

Sengwe gape se se neng se dira gore badumedi bano ba nne seoposengwe ke tumelo e ba neng ba na le yone mo go Jesu Keresete. Ba ne ba batla go latela dikgato tsa gagwe gaufiufi. O ne a ba laela jaana: “Lo ratane; fela jaaka ke lo ratile . . . Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Lono e ne e se kitla e nna lorato lwa go tseega maikutlo fela, mme e ne e tlile go nna lorato lwa go intsha setlhabelo. Seno se ne se tla felela ka eng? Jesu o ne a rapela jaana malebana le batho ba ba nang le tumelo mo go ene: “Ke a kopa . . . gore botlhe ba tle ba nne mongwe fela, fela jaaka wena, Rara, o le seoposengwe le nna le nna ke le seoposengwe le wena, gore le bone ba tle ba nne seoposengwe le rona.”—Johane 17:20, 21; 1 Petere 2:21.

Jehofa o ne a tshololela batlhanka ba gagwe ba boammaaruri moya wa gagwe, kgotsa maatla a gagwe a a dirang. Moya ono o ne o dira gore ba nne le kutlwano. O ne o ba thusa go tlhaloganya dithuto tsa Baebele tse di neng di latelwa mo diphuthegong tsotlhe. Baobamedi ba ga Jehofa ba ne ba rera molaetsa o o tshwanang—go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi jwa Modimo jwa ga Mesia, e leng puso ya selegodimo e e tla busang batho botlhe. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba itse gore ga ba a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe leno.” Ka jalo, nako nngwe le nngwe fela fa go ne go tsoga dikhuduego mo setšhabeng kgotsa go nna le dintwa tsa sesole, Bakeresete ba ne ba sa tseye letlhakore. Ba ne ba le mo kagisong le batho botlhe.—Johane 14:26; 18:36; Mathaio 6:9, 10; Ditiro 2:1-4; Baroma 12:17-21.

Badumedi botlhe ba ne ba dira boikarabelo jwa bone jwa go rotloetsa kutlwano. Jang? Ka go tlhomamisa gore boitshwaro jwa bone bo dumalana le se Baebele e se rutang. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete jaana: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro,” mme “lo apare botho jo bosha.”—Baefeso 4:22-32.

Ba ne Ba Tswelela ba le Seoposengwe

Ke boammaaruri gore badumedi mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba sa itekanela, mme go ne go tle go nne le maemo a a neng a gwetlha kutlwano ya bone. Ka sekai, Ditiro 6:1-6 e bua ka kgotlhang e e neng ya tsoga gareng ga Bakeresete ba Bajuda ba ba neng ba bua Segerika le ba ba neng ba bua Sehebera. Ba ba neng ba bua Segerika ba ne ba ikutlwa ba tlodisiwa matlho. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa baaposetoloi ba bolelelwa ka kgang eno, ba ne ba e rarabolola ka bonako le ka tsela e e kgotsofatsang botlhe. Moragonyana, kgang nngwe e e amanang le thuto ya motheo e ne ya dira gore go nne le kgotlhang malebana le maikarabelo a batho ba e neng e se Bajuda mo phuthegong ya Bokeresete. Go ne ga dirwa tshwetso e e theilweng mo melaometheong ya Baebele, mme tshwetso eno e ne ya amogelwa ke botlhe mo phuthegong.—Ditiro 15:1-29.

Dikai tseno di bontsha gore go se dumalane jalo ga go a ka ga dira gore phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e nne le dikgaogano tsa semorafe kgotsa dikgaogano tse di bakwang ke go latela dikgopolo tse di rileng ka tsela e e gagametseng. Ka ntlha yang? Ka gonne mabaka a a neng a dira gore ba nne seoposengwe—lorato lo ba ratang Jehofa ka lone, go nna le tumelo mo go Jesu Keresete, go bontshana lorato lwa go intsha setlhabelo, go dumela gore ba kaelwe ke moya o o boitshepo, go tlhaloganya dithuto tsa Baebele ka tsela e e tshwanang le go iketleetsa go fetola boitshwaro jwa bone—a ne a nonofile sentle gore a ka dira gore phuthego eo ya bogologolo e tswelele e kitlane e bile e na le kagiso.

Go Obamela ka Kutlwano mo Metlheng ya Gompieno

A le gompieno batho ba ka kgona go nna seoposengwe ka tsela e e tshwanang? A one mabaka ano a ka kgona go kopanya batho ba bodumedi bo le bongwe mme a ba thuse go nna le kagiso le batho ba ditso tsotlhe mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe? Ee, seno se ka kgonega! Basupi ba ga Jehofa ba seoposengwe mo bokaulengweng jwa lefatshe lotlhe, mme ba fitlhelwa mo dinageng di feta 230. Mme ba dirwa seoposengwe ke one mabaka a a neng a dira gore Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba nne seoposengwe.

Sengwe sa botlhokwa thata se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba nne seoposengwe ke boineelo jwa bone mo go Jehofa Modimo. Seno se raya gore ba leka ka natla go ikanyega mo go ene mo maemong otlhe. Gape Basupi ba ga Jehofa ba bontsha tumelo mo go Jesu Keresete le mo dilong tse a neng a di ruta. Bakeresete bano ba bontsha badumedi ka bone lorato lwa go intsha setlhabelo mme ba rera dikgang tse di molemo tse di tshwanang tsa Bogosi jwa Modimo mo dinageng tsotlhe tse ba dirang tiro eno mo go tsone. Ba itumelela go bua ka Bogosi jono mo bathong ba ditumelo, ditso, ditšhaba tsotlhe le ba maemo otlhe. Gape Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa lefatshe, mme seno se ba thusa go emelana le mathata a bopolotiki, a setso, a loago le a kgwebo a a kgaoganyang batho jaana. Basupi botlhe ba diragatsa boikarabelo jwa bone jwa go rotloetsa kutlwano ka go itshwara ka tsela e e tsamaisanang le melao ya Baebele.

Kutlwano e Gogela ba Bangwe

Gantsi kutlwano eno e ile ya tsosa kgatlhego ya batho ba e neng e se Basupi. Ka sekai, Ilse * e ne e le moitlami wa Mokatoliki kwa lefelong lengwe la baitlami kwa Jeremane. Ke eng se se neng sa dira gore a kgatlhegele Basupi ba ga Jehofa? Ilse o ne a re: “Ke batho ba ba molemo go gaisa botlhe ba nkileng ka kopana le bone. Ga ba ye ntweng; mme ga ba gobatse ope. Ba batla go thusa batho gore ba tshele ka boitumelo mo lefatsheng la paradaise le le tla bong le laolwa ke Bogosi jwa Modimo.”

Sekai se sengwe ke sa ga Günther, yo e neng e le lesole la Jeremane kwa Fora ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe. Ka letsatsi lengwe, moruti mongwe wa Porotesetanta o ne a tshwarela mophato wa masole o Günther a neng a le mo go one tirelo ya bodumedi. Moruti yono o ne a ba rapelela gore ba segofadiwe, ba sirelediwe ba bo ba fenye. Morago ga tirelo eno, Günther o ne a ya kwa kabelong ya gagwe ya go nna molebeledi. Fa a tsaya dibonelakgakala tsa gagwe a leba ka kwa letlhakoreng le lengwe, o ne a bona baba ba bone le bone ba tshwaretswe tirelo ya bodumedi ke moruti mongwe. Moragonyana Günther o ne a re: “Moruti yole le ene a ka tswa a ne a ba rapelela gore ba segofadiwe, ba sirelediwe ba bo ba fenye. Ke ne ka ipotsa gore go tla jang gore dikereke tsa Bokeresete di lwantshane mo ntweng e le nngwe.” Günther o ne a se ka a lebala dilo tseno. O ne a nna mongwe wa bakaulengwe ba lefatshe lotlhe fa moragonyana a ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa, ba ba sa nneng le seabe mo ntweng.

Ashok le Feema ba kile ba bo ba le mo bodumeding bongwe jwa kwa dinageng tsa Botlhaba. Mo ntlong ya bone ba ne ba na le lefelo le le boitshepo le ba neng ba obamela modimo mongwe mo go lone. E ne ya re fa lelapa la bone le tlhaselwa ke bolwetse bongwe jo bo masisi, ba ne ba sekaseka bodumedi jwa bone sesha. Fa Ashok le Feema ba ne ba tlotla le Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba kgatlhwa thata ke dilo tse Baebele e di rutang le ke lorato lo Basupi ba neng ba na le lone. Gone jaanong ke baboledi ba ba tlhoafetseng ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa.

Ilse, Günther, Ashok, le Feema ba seoposengwe le dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa mo bokaulengweng jwa lefatshe lotlhe. Ba dumela tsholofetso ya Baebele ya gore one mabaka a a dirang gore gompieno ba nne seoposengwe mo kobamelong, go ise go ye kae a tla dira gore batho botlhe ba ba kutlo ba nne seoposengwe. Ka nako eo, go ka se tlhole go nna le ditiro tsa bosetlhogo le dikgaogano tse di dirwang mo leineng la bodumedi. Lefatshe lotlhe le tla bo le obamela Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, ka kutlwano.—Tshenolo 21:4, 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Mangwe a maina a a dirisitsweng mo setlhogong seno a fetotswe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Bakeresete ba bogologolo ba ne ba le seoposengwe le fa e ne e le batho ba mefuta e e farologaneng