Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikele Tlhoko mo Dingwaong Tse di sa Itumediseng Modimo

Ikele Tlhoko mo Dingwaong Tse di sa Itumediseng Modimo

Ikele Tlhoko mo Dingwaong Tse di sa Itumediseng Modimo

MO LOLWAPENG, lekase le beilwe le butswe mo letsatsing le le mogote. Fa batho ba ba hutsafetseng ba ntse ba feta fa go lone go bontsha khutsafalo ya bone, monnamogolo mongwe o ema go sekae. A lebega a utlwile botlhoko, o inamela fa sefatlhegong sa moswi a bo a bua le ene: “Ke ka ntlha yang fa o ne o sa mpolelele gore o tlile go swa? Ke ka ntlha yang fa o ntlogela jaana? E re ka jaanong o boetse gae, a o tla tswelela pele o nthusa?”

Mo karolong e nngwe ya Afrika, go tsholwa lesea. Ga go na ope yo o letlelelwang go bona ngwana. Lesea le ntshediwa kwa ntle gore le bonwe ke batho botlhe fa nako e e rileng e sena go feta le bo le tewa leina ka nako ya moletlo.

Mo bathong bangwe, go bua le moswi kgotsa go fitlha ngwana yo o sa tswang go tsholwa gore ba bangwe ba se ka ba mmona go ka bonala e le mokgwa o o sa tlwaelegang. Le fa go ntse jalo, mo ditsong le mo ditšhabeng tse di rileng, tsela e batho ba lebang baswi le go tsholwa ga bana ka yone e tlhotlhelediwa ke tumelo e e nonofileng ya gore tota baswi ga ba a swa mme ba a tshela e bile ba a ikutlwa.

Tumelo eno e nonofile tota mo e leng gore ke karolo ya konokono ya dingwao tse di akaretsang dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa bone. Ka sekai, batho ba le dimilione ba dumela gore dinako tse di botlhokwa mo botshelong jwa motho—tse di tshwanang le go tsholwa ga bana, go tsena mo dingwageng tsa bokau kgotsa tsa boroba, lenyalo, le loso—ke nako ya go fetela mo lefelong la semoya la bagologolwane ba bone. Go dumelwa gore gone koo, moswi o tswelela pele a nna le seabe mo botshelong jwa batho ba a ba tlogetseng kwa morago. Mme a ka tswelela pele ka modikologo wa botshelo ka go tsalwa gape.

Go tlhomamisa gore dilo di direga sentle mo dikarolong tsotlhe tsa modikologo ono, go dirwa dingwao di le mmalwa. Dingwao tseno di tlhotlhelediwa ke tumelo ya gore go na le sengwe mo teng ga rona se se sa sweng. Bakeresete ba boammaaruri ba tila dingwao dipe tse di amanang le tumelo eno. Ka ntlha yang?

Boemo Jwa Baswi ke Bofe?

Baebele e bua ka tsela e e utlwalang sentle ka boemo jwa baswi. E tlhalosa jaana: “Gonne batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse . . . Ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole [lebitla le le tlwaelegileng la batho], lefelo le o yang kwa go lone.” (Moreri 9:5, 6, 10) Baobamedi ba boammaaruri ba Modimo ga ba bolo go rata boammaaruri jono jwa Baebele. Ba tlhalogantse gore moya, go na le gore go twe ga o swe, o ka swa le go senngwa. (Esekiele 18:4) Gape, ba itse gore ga go na meya ya baswi. (Pesalema 146:4) Mo metlheng ya bogologolo, Jehofa o ne a laela batho ba gagwe go ikgaoganya gotlhelele le dingwao dipe tse di amanang le tumelo ya gore baswi ba a tshela e bile ba kgona go tlhotlheletsa batho ba ba tshelang ka tsela nngwe.—Duteronome 14:1; 18:9-13; Isaia 8:19, 20.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tila dingwao dipe tse di neng di amana le dithuto tsa maaka tsa bodumedi. (2 Bakorintha 6:15-17) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, morafe ofe kgotsa ba godisitswe ka tsela efe, ba tila ditlwaelo le dingwao tse di amanang le bodumedi jwa maaka tsa gore go na le sengwe mo mothong se se tswelelang se tshela fa ene a swa.

Ke eng se se ka re kaelang jaaka Bakeresete fa re dira tshwetso ya gore a re tshwanetse go boloka ngwao e e rileng kgotsa nnyaa? Re tshwanetse go akanya ka kelotlhoko gore a ngwao eo e amana ka tsela nngwe le thuto e e seng ya Dikwalo e e tshwanang le tumelo ya gore meya ya baswi e tlhotlheletsa matshelo a batho ba ba tshelang. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ipotsa gore a go nna le seabe mo ngwaong eo kgotsa mo moletlong oo go tla kgopisa ba bangwe ba ba itseng se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang le se ba se rutang. Re akantse ka dintlha tseo, a re sekasekeng dikarolo tse pedi tse re tshwenyegileng thata ka tsone—e leng botsalo le loso.

Moletlo wa go Tsalwa ga Ngwana le go Tewa ga Gagwe Leina

Dingwao di le dintsi tse di amanang le go tsalwa ga ngwana di siame. Le fa go ntse jalo, mo mafelong a go tsalwa ga ngwana go lebiwang e le go fetela kwa bathong go tswa kwa lefelong la meya la bagologolwane, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go nna kelotlhoko. Ka sekai, mo dikarolong dingwe tsa Afrika, ngwana yo o sa tswang go tsholwa o tswalelwa mo ntlung mme ga a tewe leina go fitlha lobaka lo lo rileng lwa nako lo setse lo fetile. Le fa nako eo ya go leta e ka farologana go ya ka mafelo, kwa bofelong go nna le moletlo wa go taya ngwana leina, o mo go one ngwana a ntshediwang kwa ntle mme o bontshiwa ba losika le ditsala. Ka nako eo, leina la ngwana le itsisiwe ba ba leng gone.

Buka ya Ghana—Understanding the People and Their Culture fa e tlhalosa ka botlhokwa jwa ngwao eno, ya re: “Mo malatsing a ntlha a le supa a botshelo jwa lesea, lesea leno le tsewa le le mo ‘loetong’ le tswa mo lefatsheng la meya mme le fetela mo botshelong jwa mo lefatsheng . . . . Gantsi lesea le bewa mo ntlung mme batho ba e seng ba lelapa ga ba letlelelwe go le bona.”

Ke ka ntlha yang fa go nna le lobaka lwa go leta pele ngwana a tewa leina ka nako ya moletlo? Buka ya Ghana in Retrospect e tlhalosa jaana: “Pele ga letsatsi la borobedi, ngwana ga se motho. O amana ka tsela nngwe le lefatshe la meya le a tswang kwa go lone.” Buka eno e tswelela jaana: “E re ka e le leina le le dirang gore ngwana e nne motho, fa banyalani ba tshaba gore ngwana wa bone o tla swa gantsi ga ba kitla ba mo taya leina go fitlhela ba tlhomamisegile gore o tla tshela. . . . Ka jalo ngwao eno, e ka dinako tse dingwe e bidiwang go ntshetsa ngwana kwa ntle e tsewa e na le diphelelo tse dikgolo tota mo ngwaneng le mo batsading ba gagwe. Ke ngwao e e tlisang ngwana mo bathong kgotsa mo lefatsheng la batho.”

Mongwe yo mogolo mo go ba losika ke ene a etelelang pele mo moletlong ono wa go taya ngwana leina. Se se diregang ka nako ya moletlo ono se farologana go ya ka mafelo, mme moletlo ono gantsi o akaretsa go tshololelwa ga bojalwa fa fatshe le go rapela meya ya bagologolwane go ba lebogela go bo ngwana a gorogile a babalesegile le dingwao tse dingwe.

Karolo e e botlhokwa ya moletlo ono ke fa botlhe ba itsisiwe leina la ngwana. Le fa batsadi ba na le boikarabelo jwa go taya ngwana wa bone leina, ba bangwe ba losika ba na le tlhotlheletso e kgolo ya gore go tlhophiwe leina lefe. Maina mangwe a ka nna a bo a bolela sengwe ka tsela ya tshwantshetso ka puo ya lefelo leo, jaaka “o tsamaile e bile o boile,” “Mmè o tlile lekgetlho la bobedi,” kgotsa “Rre o tlile gape.” Maina a mangwe a na le bokao jo bo diretsweng go kgoba bagologolwane marapo gore ba se tseele ngwana yo o sa tswang go tsholwa kwa lefatsheng la baswi.

Gone mme, ga go na phoso go itumelela go tsholwa ga ngwana. Go teelela ngwana leina ka mongwe le go mo naya leina le le amanang le maemo a go tsalwa ga gagwe ke dingwao tse di amogelegang mme motho ke ene a tla itirelang tshwetso ya gore o tla mo taya leina leng. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba batlang go itumedisa Modimo ba ela tlhoko gore ba tile dingwao dipe kgotsa meletlo epe fela e e dirang gore go lebege e kete ba dumalana le gore ngwana yo o sa tswang go tsholwa ke “moeng” yo o fetelang kwa lefatsheng la batshedi a tswa mo lefatsheng la meya ya bagologolwane.

Mo godimo ga moo, le fa ba le bantsi mo motseng ba leba moletlo wa go taya ngwana leina e le moetlo o o botlhokwa, Bakeresete ba tshwanetse go amega ka digakolodi tsa ba bangwe mme ba akanyetse se ba ba sa dumeleng ba ka tswang ba se akanya. Ka sekai, bangwe ba ka swetsa ka go reng fa lelapa lengwe la Bakeresete le ka dira gore ngwana wa bone yo o sa tswang go tsholwa a se ka a bonwa ke ba bangwe go fitlhela moletlo wa go mo taya leina o setse o dirilwe? Ba tla ikutlwa jang fa ba naya ngwana leina le le thulanang le kgang ya gore ba ruta batho boammaaruri jwa Baebele?

Ka jalo, fa Bakeresete ba swetsa ka gore ba tshwanetse go taya bana ba bone maina leng le gone jang, ba leka go ‘dira dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo’ gore ba se ka ba kgopisa ope. (1 Bakorintha 10:31-33) Ga ba ‘beele kwa thoko taelo ya Modimo gore ba tshegetse ngwao’ e kgabagare e diretsweng go tlotla baswi. Go na le moo, ba tlotla le go galaletsa Modimo yo o tshelang, Jehofa.—Mareko 7:9, 13.

Go Fetela Kwa Botshelong jo Bongwe Morago ga Loso

Loso fela jaaka go tsholwa ga ngwana, le tsewa ke batho ba le bantsi e le go fetela kwa lefelong lengwe; motho yo suleng o tswa mo lefatsheng le le bonalang a ya kwa lefelong le le sa bonaleng la meya ya baswi. Ba le bantsi ba dumela gore fa go sa diriwe dingwao dingwe kwa phitlhong ya mongwe, meya ya bagologolwane, ba go dumelwang ba na le maatla a go otlhaya kgotsa go segofatsa batshedi, e tla galefa. Tumelo eno e ama thata tsela e diphitlho di rulaganngwang le go tshwarwa ka yone.

Diphitlho tse di dirwang ka boikaelelo jwa go reba baswi bogale gantsi di akaretsa maikutlo a a farologaneng—go lelela kwa godimo thata fa thoko ga lekase le go tshwara meletlo ya boitumelo morago ga phitlho. Meletlo e e feteletseng, botagwa le go binela mmino o o modumo gantsi ke dilo tse di dirwang mo meketeng e e ntseng jalo ya diphitlho. Diphitlho di tsewa di le botlhokwa mo e leng gore malapa a a humanegileng thata gantsi a leka ka natla go kokoanya madi a mantsi go dira “phitlho e e tshwanelang,” le fa seno se ka ba bakela mathata le dikoloto.

Go ralala dingwaga, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba senola dingwao tsa phitlho tse e seng tsa Dikwalo. * Dingwao tseo di akaretsa ditebelelo, go tshololelwa ga bojalwa fa fatshe, go bua le baswi le go ba kopa dilo dingwe, go keteka segopotso sa letsatsi le motho a suleng ka lone le dingwao tse dingwe tse di theilweng mo tumelong ya gore go na le sengwe mo mothong se se sa sweng. Dingwao tse di ntseng jalo tse di sa tlotleng Modimo di “leswe,” ke “tsietso e e lolea” go ya ka “ngwao ya batho” mme e seng go ya ka Lefoko la Modimo la boammaaruri.—Isaia 52:11; Bakolosa 2:8.

Go Gatelelwa Gore o Latelele Dingwao

Bangwe ba go fitlhetse go le thata go tila dingwao tse di tlwaelegileng, segolobogolo mo dinageng tse go tlotla baswi go tsewang go le botlhokwa thata. Ka gonne Basupi ba ga Jehofa ba sa latele dingwao tseo, ba a gakgamalelwa kgotsa ba latofadiwa ka gore ga ba rate go kopana le batho ba bangwe e bile ga ba tlotle baswi. Bangwe ka ntlha ya go tshwaiwa diphoso le go gatelelwa, ba ile ba boifa go itlhaola le mororo ba tlhaloganya sentle boammaaruri jwa Baebele. (1 Petere 3:14) Bangwe ba ile ba ikutlwa gore dingwao tseno ke karolo ya setso sa bone mme ga ba ka ke ba di tila gotlhelele. Ba bangwe bone ba ile ba akanya gore go gana go dira dingwao go ka dira gore batho ba lefelo le ba nnang mo go lone ba nne kgatlhanong le batho ba Modimo.

Ga re batle go kgopisa ba bangwe go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhagisa gore go emela boammaaruri ka nitamo go tla dira gore re se amogelwe ke lefatshe le le furaletseng Modimo. (Johane 15:18, 19; 2 Timotheo 3:12; 1 Johane 5:19) Re tsaya letlhakore leo ka go rata, re itse gore re tshwanetse go farologana le batho ba ba mo lefifing la semoya. (Malaki 3:18; Bagalatia 6:12) Fela jaaka Jesu a ne a gana fa Satane a ne a mo raela go dira sengwe se se sa itumediseng Modimo, ka jalo ga re dumele go patelediwa go dira dilo tse di se kitlang di itumedisa Modimo. (Mathaio 4:3-7) Go na le gore re tlhotlhelediwe ke go boifa batho, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwenyegile thata ka go itumedisa Jehofa Modimo le go mo tlotla jaaka Modimo wa boammaaruri. Ba dira jalo ka go se tlole melaometheo ya Baebele ya kobamelo e e itshekileng ka go bo ba gatelelwa ke ba bangwe.—Diane 29:25; Ditiro 5:29.

Go Tlotla Jehofa ka Tsela e re Lebang Baswi ka Yone

Go tlwaelegile gore re utlwe botlhoko thata le go hutsafala fa mongwe yo re mo ratang a tlhokafala. (Johane 11:33, 35) Go akanya ka ene le go mo fitlha ka tsela e e tlotlegang go siame e bile go bontsha lorato lwa rona. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba itshokela kutlobotlhoko ya loso kwantle ga go dira mekgwa epe fela ya setso e e sa itumediseng Modimo. Seno ga se motlhofo mo bathong ba ba godisitsweng ka setso se mo go sone baswi ba boifiwang thata. Go ka nna thata go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng fa re utlwisitswe botlhoko ke loso lwa mongwe yo re atamalaneng le ene. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba nonotshiwa ke Jehofa, “Modimo wa kgomotso yotlhe,” mme ba solegelwa molemo ke thuso e e lorato ya badumedimmogo le bone. (2 Bakorintha 1:3, 4) Tumelo ya bone e e nonofileng ya gore baswi ba ba mo mogopolong wa Modimo ba tla tshela gape letsatsi lengwe e naya Bakeresete ba boammaaruri mabaka a a utlwalang a go ikgaoganya gotlhelele le dingwao tsa phitlho tse e seng tsa Bokeresete tse di ganetsang gore tsogo ya baswi e tla nna gone.

A ga re itumelele gore Jehofa o re biditse ‘mo lefifing a re isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang’? (1 Petere 2:9) Jaaka fa re itumelela go tsholwa ga bana le go itshokela botlhoko jwa loso, e kete keletso ya rona e e nonofileng ya go dira se se siameng le lorato lo logolo lo re ratang Jehofa Modimo ka lone le ka re tlhotlheletsa ka dinako tsotlhe gore re ‘tsamaye jaaka bana ba lesedi.’ E kete le ka motlha re ka se letlelele gore re leswafadiwe semoyeng ke dingwao tse e seng tsa Bokeresete tse di sa itumediseng Modimo.—Baefeso 5:8.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 23 Tsweetswee bona boroutšhara jwa Meya ya Batho Ba Ba SulengA E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? le jwa Tsela e e Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng—A o E Bone? tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.