Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone ka Botlhale Jwa Bomodimo

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone ka Botlhale Jwa Bomodimo

Kafa o ka Sireletsang Bana ba Gago ka Gone ka Botlhale Jwa Bomodimo

LETSATSI le letsatsi mebele ya rona e mo ntweng. E tshwanetse go lwantsha megare, diparasaete le dibaerase. Se se itumedisang ke gore bontsi jwa rona re na le thulaganyo ya mmele e e re sireletsang mo go tsenweng ke malwetse a mantsi a a tshwaetsang.

Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba tshwanetse go lwantshana le dikakanyo le mekgwa e e seng ya Dikwalo le dikgatelelo tse di ka senyang bomoya jwa rona. (2 Bakorintha 11:3) E le gore re kgone go emelana le go tlhaselwa letsatsi le letsatsi mo megopolong le mo dipelong tsa rona, re tlhoka go nna le ditsela tsa go itshireletsa semoyeng.

Ditsela tseo tsa go itshireletsa di botlhokwa thata mo baneng ba rona, e re ka ba sa tsholwa ba na le bokgoni jwa go itshireletsa semoyeng jo bo ka lwantshanang le moya wa lefatshe. (Baefeso 2:2) Fa bana ba gola, go botlhokwa gore batsadi ba ba thuse go nna le ditsela tse ba ka itshireletsang semoyeng ka tsone. Ditsela tseo tsa go itshireletsa ke dife? Baebele e tlhalosa jaana: “Jehofa o naya botlhale; . . . o tla disa tsela ya batho ba gagwe ba ba ikanyegang.” (Diane 2:6, 8) Botlhale jwa Modimo bo ka sireletsa tsela ya basha ba ba ka nnang ba ineela go nna le ditsala tse di sa siamang, go gatelelwa ke balekane kgotsa boitlosobodutu jo bo sa siamang. Batsadi ba ka latela kaelo ya ga Jehofa jang le go ba ruta botlhale jwa Modimo?

Go Batla Ditsala Tse di Siameng

Go a utlwala go bo basha ba rata go tsalana le basha ba bangwe, mme go tsalana thata le basha ba ba se nang maitemogelo ga go kitla go ba thusa go nna le botlhale jwa bomodimo. Seane sengwe se tlhagisa jaana: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Diane 22:15) Ka jalo, batsadi bangwe ba thusitse bana ba bone jang go dirisa botlhale jwa bomodimo mo kgannyeng eno ya go tlhopha ditsala?

Rre mongwe yo leina la gagwe e leng Don * a re: “Basimane ba rona ba ne ba dirisa nako e ntsi ba na le ditsala tse ba lekanang le tsone ka dingwaga, mme bontsi jwa nako eo ba ne ba e senya ba le mo lelapeng la rona, re le teng. Re ne re nna re iketleeleditse go amogela basha ba ba neng ba rata go tla mo ntlong ya rona, ba re neng re ba fa dijo le go ba dira gore ba ikutlwe ba phuthologile. Re ne re iketleeleditse go itshokela modumo o o seng kana ka sepe mo ntlong ya rona fela gore bana ba rona ba nne le lefelo le le babalesegileng la go itumela le ditsala tsa bone.”

Brian le Mary ba na le bana ba le bararo ba ba molemo mme ba dumela gore go ne go se motlhofo ka dinako tsotlhe go ba thapisa. Ba bolela jaana: “Mo phuthegong ya rona, go ne go na le basha ba se kae ba ba neng ba tloga ba wetsa dingwaga tsa bone tsa bolesome ba ba ka tsalanang le morwadiarona Jane. Le fa go ntse jalo, o ne a na le tsala e le nosi e e bidiwang Susan, yo a neng a le botsalano thata e bile a rata batho. Le fa go le jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba sa gagamatsa molao jaaka rona. Susan o ne a letlelelwa go itisa go fitlha bosigo go na le Jane, go apara dikete tse di khutshwane, go reetsa mmino o o belaetsang le go lebelela dibaesekopo tse di sa siamang. Go ne ga tsaya nako e telele gore Jane a tlhaloganye tsela e rona re neng re leba dilo ka yone. Go ya ka ene, batsadi ba ga Susan ba ne ba bonala ba tshwere ngwana wa bone sentle, fa rona a ne a re leba re gagamaditse molao go feta selekanyo. Fa Susan a ne a sena go tsena mo mathateng, e ne ya nna gone Jane a lemogang gore go gagamatsa ga rona molao e ne e le go mo sireletsa. Re leboga thata gore ga re a ka ra repisa letsogo mo go se re neng re dumela gore se siametse morwadiarona.”

Fela jaaka Jane, basha ba le bantsi ba ithutile botlhale jwa gore ba batle kaelo ya batsadi ba bone mo kgannyeng eno ya go nna le ditsala. Seane sengwe sa re: “Tsebe e e reetsang kgalemelo ya botshelo e nna mo gare ga batho ba ba botlhale.” (Diane 15:31) Botlhale jwa bomodimo bo dira gore basha ba batle go nna le ditsala tse di agang.

Go Emelana le Kgatelelo ya Balekane

Selo se sengwe gape se se amanang le botsala ke kgatelelo ya balekane. Ka metlha, kgatelelo ya balekane e tlhasela ditsela tse bana ba rona ba lekang go itshireletsa semoyeng ka tsone. E re ka basha gantsi ba batla go amogelwa ke dithaka tsa bone, kgatelelo ya balekane e ka dira gore ba simolole go itshwara ka tsela e batho ba lefatshe ba itshwarang ka yone.—Diane 29:25.

Baebele e re gakolola gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone.” (1 Johane 2:17) Ka jalo, batsadi ga ba a tshwanela go letla bana ba bone gore ba tlhotlhelediwe thata ke tsela e lefatshe le lebang dilo ka yone. Ba ka thusa jang bana ba bone go akanya ka tsela ya Bokeresete?

Richard a re: “Ka dinako tsotlhe morwadiaka o batla go apara se basha ba bangwe ba se aparang. Ka jalo re ne ra tlotla le ene ka bopelotelele ka melemo le dikotsi tsa dilo dingwe le dingwe tse a neng a re kopa gore o batla go di dira. Tota le difeshene tse re neng re tsaya gore di itshiametse fela, re ne re latela kgakololo e re e utlwileng dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, ‘Motho yo o botlhale ga e nne ene wa ntlha go apara dilo tse di mo fesheneng kgotsa wa bofelo go di tlogela fa e setse e dule.’”

Mmè mongwe yo o bidiwang Pauline o ne a dirisa tsela e nngwe go lwantshana le kgatelelo ya balekane. O gakologelwa jaana: “Ke ne ke kgatlhegela dilo tse banake ba neng ba di kgatlhegela mme ke ne ke ya kwa kamoreng ya bone ka metlha go buisana le bone. Go nna ke ntse ke tlotla le bone go ne ga nthusa gore ke ba neye dikgakololo le go ba thusa go leba dilo ka tsela e sele.”

Kgatelelo ya balekane ga e kitla e fela, ka jalo batsadi ba tla lebana ka dinako tsotlhe le bothata jwa go ‘pitikolola dikakanyo tsa lefatshe’ le go thusa bana ba bone go tsenya dikakanyo tsa bone ‘mo boitshwarong, go di dira gore di utlwe Keresete.’ (2 Bakorintha 10:5) Mme ka go ‘nnela ruri mo thapelong,’ batsadi le bana ba tla nonotshiwa go wetsa tiro eno e e botlhokwa.—Baroma 12:12; Pesalema 65:2.

Kgogedi e e Maatla ya Boitlosobodutu

Selo se sengwe sa boraro se se nang le tlhotlheletso e e maatla se batsadi ba ka fitlhelang go le thata go kaela bana ba bone malebana le sone ke boitlosobodutu. Gantsi, bana ba rata go tshameka. Bana ba bangwe ba ba godileng le bone ba rata go itlosa bodutu. (2 Timotheo 2:22) Mme fa e dirwa ka tsela e e seng botlhale, keletso eno e ka koafatsa ditsela tsa bone tsa go iphemela semoyeng. Gantsi kotsi ya teng e tla ka ditsela tse pedi.

Sa ntlha, boitlosobodutu jo bontsi bo tlotlomatsa boitsholo jo bo maswe jwa lefatshe. (Baefeso 4:17-19) Le fa go ntse jalo, bo bontshiwa ka tsela e e gogelang e le tota. Seno se baya basha mo kotsing, ba ba ka tswang ba sa e lemoge.

Sa bobedi, nako e e senngwang mo go itloseng bodutu le yone e ka baka mathata. Mo go bangwe, go ijesa monate e nna selo se se botlhokwa thata mo botshelong, se se ba jelang nako e ntsi. Seane sengwe se tlhagisa gore “go ja tswina e ntsi ya dinotshe ga go a siama.” (Diane 25:27) Ka tsela e e tshwanang, boitlosobodutu jo bogolo bo tla fokotsa go eletsa dijo tsa semoya e bile go tla dira gore motho a nne setshwakga mo tlhaloganyong. (Diane 21:17; 24:30-34) Go dirisa lefatshe leno ka botlalo go tla kgoreletsa basha “gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata”—botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo. (1 Timotheo 6:12, 19) Batsadi ba ne ba dirisana jang le boemo jono?

Mari Carmen, mmè wa basetsana ba bararo, a re: “Re ne re batla gore basetsana ba rona ba itlose bodutu ka tsela e e siameng ba bo ba itumele. Ka jalo ka dinako tsotlhe re ne re tsamaya mmogo jaaka lelapa, mme gape ba ne ba fetsa nako e e rileng ba na le ditsala kwa phuthegong. Mme re ne re itlosa bodutu ka tsela e e lekaneng. Re ne re go tshwantsha le phuding e e monate tota, e go konesediwang dijo ka yone. Ba ne ba ithuta go bereka kwa gae, kwa sekolong le mo phuthegong.”

Don le Ruth ba ne ba tlwaetse go beela nako ya go itlosa bodutu kwa thoko. Ba tlhalosa jaana: “Re ne ra itlwaetsa go beela kwa thoko Matlhatso jaaka ‘letsatsi la lelapa.’ Re ne re nna le seabe mo bodireding jwa tshimo mo mosong, re ye go thuma thapama re bo re ja dijo tse di kgethegileng mo maitseboeng.”

Se se builweng ke batsadi bano se bontsha botlhokwa jwa go nna tekatekano mo go nneng le boitlosobodutu jo bo siameng le go bo dira gore bo nne mo maemong a jone mo botshelong jwa Bakeresete.—Moreri 3:4; Bafilipi 4:5.

Ikanye Jehofa

Gone mme, go ka go tsaya dingwaga di le dintsi gore o nne le bokgoni jwa go itshireletsa semoyeng. Ga go na kalafi ya ka bonako, e e tla rutang motho botlhale jwa bomodimo, kgotsa e e tla tlhotlheletsang bana go ikanya Rraabone wa legodimo. Go na le moo, batsadi ba tshwanetse go ‘tswelela ba ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.’ (Baefeso 6:4) ‘Taolo ya mogopolo’ e bolela go thusa bana go leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone. Batsadi ba ka fitlhelela seo jang?

Selo se se botlhokwa gore ba atlege ke go ithuta Baebele ka metlha. Thuto eno e ‘bipolola matlho a bana gore ba tle ba lebe dilo tse di gakgamatsang tse di tswang mo molaong wa Modimo.’ (Pesalema 119:18) Diego o ne a tsaya thuto ya lelapa ka tsela e e masisi mme ka jalo o ne a thusa bana ba gagwe go atamalana le Jehofa. A re: “Ke ne ke baakanyetsa thuto ka botlalo. Ka go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa Dikwalo, ke ne ka ithuta go dira gore batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng e nne ba mmatota. Ke ne ka kgothatsa bana gore ba bone gore matshelo a bone a tshwana jang le a batlhanka ba ba ikanyegang. Seno se ne sa dira gore banake ba gakologelwe gore ke eng se se itumedisang Jehofa.”

Bana ba ithuta le ka ditsela tse dingwe. Moshe o ne a kgothatsa batsadi go bua ka dikgakololo tsa ga Jehofa ‘fa ba ntse mo ntlong ya bone le fa ba tsamaya mo tseleng le fa ba rapama le fa ba tsoga.’ (Duteronome 6:7) Rre mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Go tsaya morwaake nako gore a mpulele mafatlha a gagwe mme a tlhalose kafa a ikutlwang ka gone. Fa re iphokisa phefo kgotsa re dira tiro nngwe mmogo, o feleletsa a kgonne go ntsha se se mo mafatlheng a gagwe. Ka dinako tseno, re tlotla ka dilo tse di molemo tse di re solegelang molemo rotlhe.”

Dithapelo tse di rapelwang ke batsadi le tsone di ama bana ba bone thata. Go utlwa batsadi ba bone ba atamela Modimo ba ikokobeditse go mo kopa gore a ba thuse le go ba itshwarela go tlhotlheletsa bana go “dumela gore o gone.” (Bahebera 11:6) Batsadi ba le bantsi ba ba atlegileng ba gatelela botlhokwa jwa go rapelela lelapa, gareng ga tsone e nna dithapelo tse di akaretsang dikgang tsa sekolo le dilo tse dingwe tse di tshwenyang bana ba bone. Rre mongwe a re mosadi wa gagwe ka dinako tsotlhe o rapela le bana pele ba ya sekolong.—Pesalema 62:8; 112:7.

“A re Se Leseng go Dira se se Molemo”

Batsadi botlhe ba dira diphoso mme ba ka nna ba ikwatlhaela tsela e ba dirileng dilo ka yone mo maemong a a rileng. Le fa go ntse jalo, Baebele e re kgothaletsa go tswelela pele re leka, re se ‘lese go dira se se molemo.’—Bagalatia 6:9.

Le fa go ntse jalo, batsadi ba ka nna ba ikutlwa gore ba tlogele, fa ka dinako tse dingwe ba sa tlhaloganye bana ba bone. Go motlhofo go swetsa ka gore basha ba gompieno ga ba tshwane le ba pele mme e bile go thata go dirisana le bone. Mme tota, bana ba gompieno ba na le makoa a a tshwanang le a bana ba bogologolo ba neng ba na le one, mme ba lebana le diteko tse di tshwanang, le fa dikgatelelo tsa gore ba dire diphoso di ka tswa di oketsegile. Ka jalo, rre mongwe, fa a sena go kgalemela morwawe, o ne a oketsa jaana ka bonolo: “Ke fela gore pelo ya gago e batla go dira se le ya me e neng e batla go se dira fa ke ne ke lekana le wena.” Batsadi ba ka ne ba sa itse go le kalo ka dikhomputara, mme ba itse sengwe le sengwe ka ditshekamelo tsa nama e e sa itekanelang.—Mathaio 26:41; 2 Bakorintha 2:11.

Gongwe bana bangwe ga ba rate go kaelwa ke batsadi ba bone e bile ba a tsuologa fa ba kgalemelwa. Le fa go ntse jalo, boitshoko bo sa ntse bo le botlhokwa. Le fa bana ba le bantsi ba simolotse ba itsemeletsa go amogela kgakololo kgotsa ba sa batle go thusiwa, kgabagare ba ne ba itetla go thusiwa. (Diane 22:6; 23:22-25) Matthew, Mokeresete yo mmotlana yo gone jaanong a leng kwa ofising ya lekala la Basupi ba ga Jehofa, a re: “Fa ke ne ke le mosha, ke ne ke ikutlwa gore dithibelo tsa batsadi ba me di ne di sa siama. Mo godimo ga moo, ke ne ke ipotsa gore fa e le gore batsadi ba ditsala tsa me ba letlelela sengwe, ke ka ntlha yang fa ba me le bone ba sa se letlelele? Mme ke ne ke tenega tota fa ka dinako tse dingwe ba ne ba sa ntetle go ya go tshameka ka mokoro—sengwe se ke neng ke se rata tota. Le fa go ntse jalo, fa ke lebelela kwa morago, ke lemoga gore thuto e batsadi ba me ba nneileng yone e ne e na le matswela e bile e le botlhokwa. Ke itumelela gore ba ile ba nkaela fa go ne go tlhokega gore ba dire jalo.”

Ke boammaaruri gore le fa bana ba rona ka dinako tse dingwe ba ka nna ba iphitlhela ba le mo tikologong e e sa siamelang bomoya jwa bone, ba sa ntse ba ka gola go nna Bakeresete ba ba molemo. Fela jaaka Baebele e solofetsa, botlhale jwa bomodimo bo ka ba sireletsa semoyeng. “Fa botlhale bo tsena mo pelong ya gago le kitso e nna monate mo moyeng wa gago, bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela, go go golola mo tseleng e e bosula.”—Diane 2:10-12.

Ga go motlhofo go tshola ngwana mo popelong ka dikgwedi di le robongwe. Mme dingwaga tse di latelang tse 20 di ka itumedisa le go utlwisa botlhoko go se kae. Mme ka gonne batsadi ba Bakeresete ba rata bana ba bone, ba leka ka natla go ba sireletsa ka botlhale jwa bomodimo. Ba amega ka bana ba bone fela jaaka moaposetoloi yo o godileng Johane a ne a ikutlwa ka bana ba gagwe ba semoya: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 Johane 4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

“Re ne re nna re iketleeleditse go amogela basha ba ba neng ba rata go tla mo ntlong ya rona”

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Kgatlhegela dilo tse bana ba gago ba di kgatlhegelang

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

“Ke ne ke baakanyetsa thuto ka botlalo”