Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Latela Sekao sa ga Jesu

Latela Sekao sa ga Jesu

Latela Sekao sa ga Jesu

“Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.”—JOHANE 13:15.

1. Ke ka ntlha yang fa Jesu e le sekao se Bakeresete ba ka se etsang?

MO HISITORING yotlhe ya batho, ke motho a le mongwe fela yo o tshedileng botshelo jwa gagwe jotlhe a sa leofe. Motho yoo ke Jesu. Kwantle ga ga Jesu, “ga go na motho ope yo o sa leofeng.” (1 Dikgosi 8:46; Baroma 3:23) Ka ntlha ya lebaka leo, Bakeresete ba boammaaruri ba leba Jesu e le sekao se se molemo thata se se ka latelwang. Ee, ka Nisane 14, 33 C.E., nakwana fela pele ga Jesu a swa, o ne a raya balatedi ba gagwe a re ba mo etse. O ne a re: “Ke lo tlhometse sekao, gore, fela jaaka ke ne ka dira mo go lona, le lona lo tshwanetse lwa dira jalo.” (Johane 13:15) Mo bosigong joo jwa bofelo, Jesu o ne a umaka ditsela di le mmalwa tse Bakeresete ba tshwanetseng ba leka ka natla go mo etsa ka tsone. Mo setlhogong seno re tla sekaseka dingwe tsa ditsela tseo.

Botlhokwa Jwa go Ikokobetsa

2, 3. Jesu e ne e le sekao se se molemo thata sa boikokobetso ka ditsela dife?

2 Fa Jesu a ne a kgothaletsa barutwa ba gagwe gore ba latele sekao sa gagwe, tota o ne a bua ka kgang ya boikokobetso. O ne a ile a gakolola balatedi ba gagwe ka makgetlho a le mmalwa gore ba ikokobetse, mme mo bosigong jwa Nisane 14, o ne a bontsha boikokobetso jwa gagwe ka go tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao. Go tswa foo Jesu o ne a re: “Fa nna, le mororo ke le Morena le Moruti, ke ne ka tlhapisa dinao tsa lona, le lona lo tshwanetse lwa tlhapisana dinao.” (Johane 13:14) Morago ga moo, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe gore ba latele sekao sa gagwe. Mme a bo seo e ne e le sekao se se molemo jang ne sa boikokobetso!

3 Moaposetoloi Paulo o re bolelela gore pele Jesu a tla mo lefatsheng, o ne “a tshela a le mo sebopegong sa Modimo.” Le fa go ntse jalo, o ne a tlogela maemo ao mme a nna motho fela. Mo godimo ga moo, o ne “a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong, ee, loso mo koteng ya tlhokofatso.” (Bafilipi 2:6-8) Akanya ka seno. Jesu, motho wa bobedi yo mogolo go feta botlhe mo lobopong, o ne a dumela go nna mo maemong a a kwa tlase ga a baengele, go tsholwa e le losea lo lo ka se itireleng sepe, go gola a le mo taolong ya batsadi ba ba sa itekanelang mme kgabagare a bo a swa jaaka sekebekwa se se nyatsegileng. (Bakolosa 1:15, 16; Bahebera 2:6, 7) A boikokobetso! A re ka kgona go etsa “boikutlo jono jwa mogopolo” re bo re nne le “mogopolo o o ikokobeditseng” jalo? (Bafilipi 2:3-5) Ee, mme ga go motlhofo.

4. Ke dilo dife tse di dirang gore batho ba ikgogomose, mme ke ka ntlha yang fa boikgogomoso bo le kotsi?

4 Phapaang ya boikokobetso ke boikgogomoso. (Diane 6:16-19) Boikgogomoso bo ne jwa dira gore Satane a we. (1 Timotheo 3:6) Go motlhofo gore bo age mo dipelong tsa batho, mme fa bo setse bo le moo, go thata go bo tlosa. Batho ba ikgogomosa ka ntlha ya naga ya bone, setso sa bone, dithoto tsa bone, thutego ya bone, dilo tse ba di fitlheletseng mo botshelong, maemo a bone mo setšhabeng, ditebego tsa bone, bokgoni jwa bone mo go tsa metshameko le dilo tse dingwe tse dintsi. Le fa go ntse jalo, ga go sepe sa dilo tseno se se botlhokwa mo go Jehofa. (1 Bakorintha 4:7) Mme fa di dira gore re ikgogomose, di senya kamano ya rona le ene. “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.”—Pesalema 138:6; Diane 8:13.

Go Ikokobetsa mo Bakaulengweng ba Rona

5. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore bagolwane ba ikokobetse?

5 Tota le dilo tse re di dirang le tse re di fitlhelelang mo tirelong ya ga Jehofa ga di a tshwanela go dira gore re ikgogomose; le fa e le one maikarabelo a mo phuthegong tota. (1 Ditiragalo 29:14; 1 Timotheo 6:17, 18) E bile tota, fa re na le maikarabelo a magolo, re tshwanetse ra ikokobetsa le go feta. Moaposetoloi Petere o ne a rotloetsa bagolwane gore ba se ka ba “rena mo go ba e leng boswa jwa Modimo, mme [ba nne] dikao mo letsomaneng.” (1 Petere 5:3) Bagolwane ba tlhomiwa gore e nne batlhanka le dikao, e seng barena le beng.—Luke 22:24-26; 2 Bakorintha 1:24.

6. Re tlhoka boikokobetso mo dikarolong dife tsa botshelo jwa Bokeresete?

6 Bagolwane ga se bone fela ba tlhokang go ikokobetsa. Petere o ne a kwala jaana a kwalela makawana, a a ka tswang a ikgogomosa ka ntlha ya go bo a kgona go akanya ka bonako kgotsa a na le maatla go feta batho ba bagolo: “Ikgatlheng ka mogopolo wa go ikokobeletsana, ka gonne Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa re tshwanelang.” (1 Petere 5:5) Ee, rotlhe re tlhoka go ikokobetsa jaaka Keresete. Re tlhoka boikokobetso gore re kgone go rera dikgang tse di molemo, bogolo jang fa re lebane le batho ba ba sa rateng molaetsa wa rona kgotsa ba ba letlhoo. Re tlhoka boikokobetso gore re amogele kgakololo kgotsa gore re dire gore botshelo jwa rona bo se ka jwa raraana e le gore re nne le seabe se segolwane mo bodireding. Mo godimo ga moo, re tlhoka boikokobetso mmogo le tumelo le bopelokgale fa metswedi ya dikgang e re bua maswe, fa re tlhaselwa kwa dikgotlatshekelong, kgotsa re bogisiwa setlhogo.—1 Petere 5:6.

7, 8. Ditsela dingwe tse re ka tlhagolelang boikokobetso ka tsone ke dife?

7 Motho a ka fenya jang boikgogomoso mme a nna yo o ‘ikokobeditseng a tsaya ba bangwe ba le kwa godimo’ ga gagwe? (Bafilipi 2:3) O tshwanetse go iteba ka tsela e Jehofa a mo lebang ka yone. Jesu o ne a tlhalosa boikutlo jo bo tshwanetseng fa a ne a re: “Le lona, fa lo dirile dilo tsotlhe tse lo di abetsweng, lo re, ‘Re batlhanka ba ba se nang molemo wa sepe. Se re se dirileng ke se re tshwanetseng go bo re ne re se dirile.’” (Luke 17:10) Gakologelwa, ga go na sepe se re ka se dirang se se tshwanang le se se neng sa dirwa ke Jesu. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ikokobeditse.

8 Mo godimo ga moo, re ka kopa Jehofa gore a re thuse go iteba ka tsela e e tshwanetseng. Re ka rapela jaana jaaka mopesalema: “Nthute se se molemo, tlhaloganyo le kitso, gonne ke bontshitse tumelo mo ditaolong tsa gago.” (Pesalema 119:66) Jehofa o tla re thusa gore re itebe ka tsela e e tshwanetseng, e e tekatekano, mme o tla re segofaletsa boikokobetso jwa rona. (Diane 18:12) Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o ikgodisang o tla kokobediwa, mme le fa e le mang yo o ikokobetsang o tla godisiwa.”—Mathaio 23:12.

Go Leba se se Siameng Le se Se Phoso ka Tsela e e Tshwanetseng

9. Jesu o ne a leba jang se se siameng le se se phoso?

9 Le fa Jesu a ile a nna dingwaga tse 33 le batho ba ba sa itekanelang, o ne a nna “a se na boleo.” (Bahebera 4:15) Tota e bile, fa mopesalema a ne a porofeta kaga Mesia, o ne a re: “O ratile tshiamo mme o tlhoile boikepo.” (Pesalema 45:7; Bahebera 1:9) Bakeresete ba leka go etsa Jesu le mo ntlheng eno. Ga se fela gore ba itse pharologanyo fa gare ga se se siameng le se se phoso; gape ba tlhoile se se phoso mme ba rata se se siameng. (Amose 5:15) Seno se ba thusa go lwantsha ditshekamelo tse ba di ruileng tsa boleo.—Genesise 8:21; Baroma 7:21-25.

10. Fa re dira “dilo tse di bosula” re sa ikwatlhaye, re bontsha gore re na le boikutlo bofe?

10 Jesu o ne a raya Nikodemo wa Mofarasai a re: “Yo o ratang go dira dilo tse di bosula o tlhoile lesedi mme ga a tle mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di tle di se ka tsa kgalemelwa. Mme yo o dirang se se boammaaruri o tla mo leseding, gore ditiro tsa gagwe di tle di bonadiwe e le tse di dirilweng tumalanong le Modimo.” (Johane 3:20, 21) Akanya ka seno: Johane o ne a bitsa Jesu a re ke “lesedi la boammaaruri le le nayang motho wa mofuta mongwe le mongwe lesedi.” (Johane 1:9, 10) Mme Jesu o ne a bolela gore fa re dira “dilo tse di bosula”—dilo tse di phoso, tse Modimo a sa di amogeleng—re tlhoile lesedi. Akanya fela o tlhoile Jesu le melao ya gagwe! Mme ke sone se se dirwang ke batho ba ba leofang ba sa ikwatlhaye. Gongwe ga ba itseye ba tlhoile Jesu le melao ya gagwe, mme go bonala sentle gore Jesu ene o ba tsaya jalo.

Kafa re ka Lebang se se Siameng Le se Se Phoso ka Tsela ya ga Jesu ka Teng

11. Ke eng se se tlhokegang gore re lebe se se siameng le se se phoso ka tsela ya ga Jesu?

11 Re tshwanetse go tlhaloganya sentle gore se se siameng ke sefe le se se phoso ke sefe mo matlhong a ga Jehofa. Re ka tlhaloganya seo fela fa re ithuta Lefoko la Modimo, Baebele. Fa re ntse re ithuta, re tshwanetse go rapela jaaka mopesalema a ne a rapela: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.” (Pesalema 25:4) Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Satane o a tsietsa. (2 Bakorintha 11:14) A ka dira gore sengwe se se phoso se lebege se siame mo Mokereseteng yo o seng kelotlhoko. Ka jalo, re tshwanetse go tlhatlhanya thata ka se re se ithutang mme re latele thata kgakololo ya “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Fa re ithuta, re rapela e bile re tlhatlhanya ka se re se ithutang, re tla kgona go gola mme re nne bangwe ba bao “bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Mme re tla kgona go tlhoa se se sa siamang mme re rate se se siameng.

12. Ke kgakololo efe ya Baebele e e re thusang gore re se ka ra dira dilo tse di phoso?

12 Fa re tlhoile se se phoso, re ka se itlogelele gore re nne le keletso ya dilo tse di phoso. Dingwaga di le dintsi morago ga loso lwa ga Jesu, moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.”—1 Johane 2:15, 16.

13, 14. (a) Ke ka ntlha yang fa go rata dilo tsa lefatshe go le kotsi mo Bakereseteng? (b) Re ka tila jang go rata dilo tse di mo lefatsheng?

13 Bangwe ba ka nna ba akanya gore ga se dilo tsotlhe tse di mo lefatsheng tse di leng phoso. Mme le fa go ntse jalo, lefatshe le menate ya lone di ka re faposa motlhofo fela gore re se ka ra direla Jehofa. Mme ga go na sepe se se mo lefatsheng se se diretsweng go re atamalanya gaufi le Modimo. Ka gone, fa re simolola go rata dilo tse di mo lefatsheng, tota le dilo tse ka botsone fela di ka tswang di se phoso, re mo tseleng e e kotsi. (1 Timotheo 6:9, 10) Kwantle ga moo, dilo tse dintsi mo lefatsheng ruri di bosula e bile di ka re leswafatsa. Fa re lebelela difilimi kgotsa dithulaganyo tsa thelebishene tse di bontshang thubakanyo, go rata dithoto kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, re ka simolola go bona dilo tseo di siame—mme kgabagare tsa re raela. Fa re tsalana le batho ba ba tshwenyegileng thata ka go tokafatsa matshelo a bone kgotsa ka go simolola dikgwebo, le rona re ka simolola go tsaya dilo tseno e le tsa botlhokwa thata.—Mathaio 6:24; 1 Bakorintha 15:33.

14 Kafa letlhakoreng le lengwe, fa re rata Lefoko la ga Jehofa, re ka se tlhole re kgatlhegela “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” Mo godimo ga moo, fa re tsalana le batho ba ba bayang dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo kwa pele, re tla tshwana le bone, re tla rata se ba se ratang mme re tla tila se ba se tilang.—Pesalema 15:4; Diane 13:20.

15. Jaaka go ne go ntse ka Jesu, go rata tshiamo le go tlhoa tshiamololo go tla re nonotsha jang?

15 Go tlhoa bosula le go rata tshiamo go ne ga thusa Jesu go nna a tlhomile matlho mo ‘boipelong jo bo neng bo tlhomilwe fa pele ga gagwe.’ (Bahebera 12:2) Go ka nna jalo le ka rona. Re itse gore “lefatshe le a feta le keletso ya lone.” Menate epe fela ya lefatshe leno ke ya nakwana. Le fa go ntse jalo, “yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:17) E re ka Jesu a ne a dira thato ya Modimo, o ne a dira gore batho ba kgone go bona botshelo jo bo sa khutleng. (1 Johane 5:13) E kete rotlhe re ka mo etsa mme ra solegelwa molemo ke boikanyegi jwa gagwe.

Go Lebana le Pogiso

16. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba ratane?

16 Jesu o ne a bontsha tsela e nngwe e barutwa ba gagwe ba neng ba ka mo etsa ka yone, a re: “Eno ke taelo ya me, gore lo ratane fela jaaka ke lo ratile.” (Johane 15:12, 13, 17) Go na le mabaka a mantsi a go bo Bakeresete ba rata bakaulengwe ba bone. Mo lekgetlhong leno, selo se Jesu a neng a akantse thata ka sone e ne e le letlhoo le ba neng ba tla tlhoiwa ka lone mo lefatsheng. O ne a re: “Fa lefatshe le lo tlhoile, lo a itse gore le ntlhoile pele ga le tlhoa lona. . . . Motlhanka ga a mogolo go feta mong wa gagwe. Fa ba mpogisitse, ba tla lo bogisa le lona.” (Johane 15:18, 20) Ee, Bakeresete ba tshwana le Jesu, tota le ka go bogisiwa. Ba tshwanetse go nna le kamano e e nonofileng ya lorato e e tla ba thusang go itshokela letlhoo leo.

17. Ke ka ntlha yang fa lefatshe le tlhoile Bakeresete ba boammaaruri?

17 Ke ka ntlha yang fa lefatshe le ne le tla tlhoa Bakeresete? Ka gonne, fela jaaka Jesu, le bone ga “se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14, 16) Ga ba tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa sesole le tsa bopolotiki, mme ba dirisa melaometheo ya Baebele, ba tsaya botshelo bo le boitshepo e bile ba tshela ka melao e e kwa godimo ya boitsholo. (Ditiro 15:28, 29; 1 Bakorintha 6:9-11) Mekgele ya bone ya konokono ke ya semoya, ga se ya dilo tse di bonalang. Ba tshela mo lefatsheng, mme fela jaaka Paulo a kwadile, ga ba ‘le dirise ka botlalo.’ (1 Bakorintha 7:31) Ke boammaaruri gore bangwe ba ile ba bolela gore ba kgatlhiwa ke melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo e Basupi ba ga Jehofa ba tshelang ka yone. Mme Basupi ba ga Jehofa ga ba itlhokomolose melao eo gore ba ratwe kgotsa ba amogelwe ke ba bangwe. Ka ntlha ya seo, bontsi jwa batho mo lefatsheng ga ba ba tlhaloganye, mme ba le bantsi ba ba tlhoile.

18, 19. Bakeresete ba itshokela kganetso le pogiso jang, ba latela sekao sa ga Jesu?

18 Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba bona letlhoo le le setlhogo la lefatshe fa Jesu a ne a tshwarwa a bo a bolawa, mme ba ne ba bona kafa Jesu a neng a itshwara ka teng fa a tlhoiwa jalo. Baganetsi ba ga Jesu ba bodumedi ba ne ba tla go mo tshwara a le mo tshimong ya Gethesemane. Petere o ne a leka go mo sireletsa ka tšhaka, mme Jesu o ne a raya Petere a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52; Luke 22:50, 51) Mo metlheng ya bogologolo, Baiseraele ba ne ba dirisa tšhaka go lwantsha baba ba bone. Le fa go ntse jalo, jaanong dilo di ne di fetogile. Bogosi jwa Modimo e ne e “se karolo ya lefatshe” mme bo ne bo se na melelwane epe ya setšhaba e e tlhokang go sirelediwa. (Johane 18:36) Petere o ne a tla tloga a nna karolo ya setšhaba sa semoya, se batho ba sone ba neng ba tla nna kwa legodimong. (Bagalatia 6:16; Bafilipi 3:20, 21) Ka jalo, go tloga ka nako eo go ya pele, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tla itshokela letlhoo le pogiso fela jaaka Jesu a ne a dirile—ba se na poifo mme ba dira jalo ka kagiso. Ba ne ba tla tlogela dilo tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa ba sa belaele sepe mme ba ikaegile ka ene gore a ba fe maatla a go itshoka.—Luke 22:42.

19 Dingwaga moragonyana, Petere o ne a kwala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi. . . . E rile a gobololwa, a se ka a gobolola le ene. E rile a boga, a se ka a tshosetsa, mme a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Petere 2:21-23) Fela jaaka Jesu a ne a tlhagisa, Bakeresete ba ile ba bogisiwa botlhoko fa dingwaga di ntse di feta. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga le mo motlheng wa rona ba ile ba latela sekao sa ga Jesu mme ba itirela leina le lentle la go itshoka ka boikanyegi, ba bontsha gore ba nna ba ikanyega ka kagiso. (Tshenolo 2:9, 10) E kete mongwe le mongwe wa rona a ka dira jalo fa a le mo maemong ao.—2 Timotheo 3:12.

“Aparang Morena Jesu Keresete”

20-22. Bakeresete ba ‘apara Morena Jesu Keresete’ jang?

20 Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Roma jaana: “Aparang Morena Jesu Keresete, mme lo se ka lwa bo lo rulaganyetsa dikeletso tsa nama go sa le pele.” (Baroma 13:14) Bakeresete ba apara Jesu jaaka e kete ke seaparo. Ba leka ka mo ba ka kgonang ka teng go etsa dinonofo le ditiro tsa Mong wa bone, mo e leng gore ba tshwana le ene, le fa ba sa itekanela.—1 Bathesalonika 1:6.

21 Re ka kgona go ‘apara Morena Jesu Keresete’ fa re ithuta ka botshelo jwa Mong wa rona e bile re leka ka natla go tshela jaaka a ne a tshela. Re etsa boikokobetso jwa gagwe, go rata tshiamo ga gagwe, go tlhoa tshiamololo ga gagwe le go rata bakaulengwe ba gagwe, go se nne karolo ya lefatshe le go itshokela pogiso ka bopelotelele. Ga re ‘rulaganyetse dikeletso tsa nama go sa le pele’—ke gore, ga re dire gore boikaelelo jo bogolo mo botshelong e nne go fitlhelela mekgele ya lefatshe kgotsa go kgotsofatsa dikeletso tsa nama. Mo boemong jwa moo, fa re dira tshwetso kgotsa re lebane le bothata bongwe, re botsa jaana: ‘Jesu o ne a tla dirang mo seemong seno? O ne a tla batla gore ke dire eng?’

22 Sa bofelo, re etsa Jesu ka go nna re tshwaregile re “rera dikgang tse di molemo.” (Mathaio 4:23; 1 Bakorintha 15:58) Le mo go seno, Bakeresete ba a bo ba latela sekao sa ga Jesu, mme setlhogo se se latelang se tla tlhalosa gore ba dira seo jang.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore Mokeresete a ikokobetse?

• Re ka nna le pono e e tshwanetseng jang malebana le se se siameng le se se phoso?

• Bakeresete ba etsa Jesu jang fa ba lebane le kganetso le pogiso?

• Re ka kgona jang go ‘apara Morena Jesu Keresete’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a tlhoma sekao se se molemo thata sa boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Mokeresete, go akaretsa tiro ya go rera, e tlhoka boikokobetso

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Satane a ka dira gore boitlosobodutu jo bo sa siamang bo lebege bo siame mo Mokereseteng

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go rata bakaulengwe ba rona go tla re nonotsha fa re ganediwa