Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nako ya Dijo—Ga se Ya go Ja Fela!

Nako ya Dijo—Ga se Ya go Ja Fela!

Nako ya Dijo—Ga se Ya go Ja Fela!

ROTLHE re itumelela go ja dijo tse di monate. Mme fa e ka re re ntse re ja re bo re tla re tlotla le batho ba re ba ratang, seno se dira gore nako ya dijo e se ka ya nna ya go ja fela mme e nne nako e e itumedisang tota. Malapa a le mantsi a itlwaeditse go ja mmogo bobotlana gangwe ka letsatsi. Nako ya dijo e naya ba lelapa sebaka sa go tlotla ka ditiragalo kgotsa dithulaganyo tsa letsatsi. Batsadi ba ba reetsang se bana ba bone ba se buang ba nna le lesedinyana malebana le tsela e bana ba bone ba akanyang le go ikutlwa ka yone. Fa nako e ntse e tsamaya, botsala jo bo itumedisang jo bo nnang teng ka nako ya dijo bo dira gore ba lelapa ba ikutlwe ba sireletsegile, ba tshepana e bile ba ratana, mme seno se nonotsha lelapa tota.

Gompieno, malapa a fitlhela go le thata gore a kopane mme a je mmogo, ka gonne maloko a le mantsi a one a nna a tshwaregile. Kwa dikarolong dingwe tsa lefatshe, go ya ka setso malapa ga a letlelelwa go ja mmogo kgotsa go tlotla ka nako ya dijo. Malapa a mangwe a tlwaetse go bulela thelebishene ka nako ya dijo, mme seno se ba tima sebaka sa go nna le puisano e e molemo.

Le fa go ntse jalo, batsadi ba Bakeresete ba nna ba letetse sebaka sengwe le sengwe se ba ka se dirisang go kgothatsa ba ntlo ya bone. (Diane 24:27) Bogologolo, batsadi ba ne ba boleletswe gore nngwe ya dinako tse di molemo thata tsa go tlotla le bana ba bone ka lefoko la Modimo e ne e le ‘fa ba ntse mo ntlong.’ (Duteronome 6:7) Fa ba malapa ba atisa go nna fa fatshe mme ba je dijo mmogo, seno se naya batsadi sebaka se se molemo tota sa go thusa bana ba bone gore ba rate Jehofa le melaometheo ya gagwe e e siameng ka lorato lo logolo. Le wena o ka dira gore nako ya dijo e nne e e itumedisang le e e kgothatsang ba lelapa la gago ka go dira gore go nne go itumetswe mme go iketlilwe. Ee, dira gore nako ya dijo e se ka ya nna nako ya go ja fela!