Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Ra Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

Re ne Ra Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

Kgang ya Botshelo

Re ne Ra Ithuta go Ikanya Jehofa ka Botlalo

JAAKA GO BOLETSE NATALIE HOLTORF

E ne e le June 1945. Letsatsi lengwe ka kgwedi eo, monna mongwe yo o neng a sotlegile o ne a tla kwa ntlong ya rona mme a ema lobakanyana mo kgorong e e kwa pele. Morwadiake yo mmotlana, e bong Ruth, o ne a goeletsa jaana a tshogile: “Mma, go na le moeng mo kgorong!” O ne a sa itse gore moeng yoo e ne e le rraagwe—monna wa me yo o rategang, Ferdinand. Dingwaga tse pedi pelenyana, malatsi a le mararo fela fa Ruth a sena go tsholwa, Ferdinand o ne a tswa mo lapeng, a tshwarwa mme a feleletsa a le kwa kampeng ya pogisetso ya Banasi. Mme gone jaanong, morago ga lobaka lo lo kana kana, Ruth o ne a kopana le rraagwe mme lelapa la rona le ne la boa la kopana gape. Nna le Ferdinand re ne re na le mo gontsi go go bolelelana!

FERDINAND o tshotswe ka 1909 kwa motseng wa Kiel, kwa Jeremane, mme nna ke tshotswe ka 1907 kwa motseng wa Dresden, kwa Jeremane. Fa ke ne ke le dingwaga tse 12, ba lelapa la rona ba ne ba kopana lekgetlho la ntlha le Baithuti ba Baebele jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo. Fa ke le dingwaga di le 19, ke ne ka tswa mo Kerekeng ya Evangelical mme ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa.

Ka yone nako eo, Ferdinand o ne a aloga kwa kholetšheng ya go ithutela go kgweetsa dikepe mme a nna mokgweetsi wa dikepe. Fa a ne a le mo maetong a gagwe, o ne a ipotsa dipotso ka go nna teng ga Mmopi. Morago ga maeto a gagwe, Ferdinand o ne a etela mogoloe, yo e neng e le Moithuti wa Baebele. Loeto lono lo ne lwa mo tlhatswa pelo gore Baebele e na le dikarabo tsa dipotso tse di neng di mo tshwenya. O ne a tlogela Kereke ya Lutere, mme a swetsa gore a tlogele tiro ya go kgweetsa dikepe. Fa a sena go fetsa letsatsi la gagwe la ntlha mo tirong ya go rera, o ne a ikutlwa a eletsa thata go dira tiro eno botshelo jotlhe jwa gagwe. Mo bosigong joo, Ferdinand o ne a neela botshelo jwa gagwe mo go Jehofa. O ne a kolobediwa ka August 1931.

Mokgweetsi wa Sekepe le Moreri

Ka November 1931, Ferdinand o ne a palama terena go ya kwa Netherlands go ya go thusa ka tiro ya go rera koo. Fa Ferdinand a bolelela mokaulengwe yo a rulagantseng tiro kwa nageng eo gore e ntse e le mokgweetsi wa sekepe, mokaulengwe yono o ne a re: “O motho yo re ntseng re mo tlhoka!” Bakaulengwe ba ne ba hirile sekepe gore setlhopha sa babulatsela (badiredi ba nako e e tletseng) se rerele ba ba nnang gaufi le dinoka kwa karolong e e kwa bokone jwa naga. Sekepe seo se ne se na le batho ba le batlhano, mme go ne go se na ope wa bone yo o ka se kgweetsang. Ka jalo, Ferdinand o ne a nna mokgweetsi wa sone.

Dikgwedi tse thataro moragonyana Ferdinand o ne a kopiwa gore e nne mmulatsela kwa Tilburg, kwa borwa jwa Netherlands. Ke ne ka goroga mo e ka nnang ka nako eo kwa Tilburg go tla go nna mmulatsela mme ke ne ka kopana le Ferdinand. Mme ka nako eo re ne ra kopiwa go fudugela kwa Groningen, e e kwa bokone jwa naga. Fa re le koo, re ne ra nyalana ka October 1932, mme ra simolola malatsi a rona a lenyalo mo ntlong e e neng e dirisiwa ke babulatsela re ntse re bula tsela!

Morwadiarona e bong Esther o ne a tsholwa ka 1935. Le fa re ne re na le madi a sekae, re ne re ikemiseditse go tswelela pele re bula tsela. Re ne ra fudugela kwa motseng mongwe, koo re neng re nna mo ntlong e potlana gone. Fa ke ne ke tlhokomela lesea kwa gae, monna wa me o ne a tlhola letsatsi lotlhe mo bodireding. Letsatsi le le latelang re ne re refosana. Seno se ne sa tswelela go fitlha Esther a godile gore a ka tsamaya le rona mo bodireding.

Go ise go ye kae, go ne ga nna le diphetogo tse di seng kana ka sepe tsa sepolotiki mo Yuropa. Re ne ra utlwela ka pogiso ya Basupi kwa Jeremane, mme re ne ra lemoga gore go ise go ye kae re ne re tlile go bogisiwa. Re ne ra ipotsa gore re ne re tla itshoka jang fa re bogisiwa setlhogo. Ka 1938 balaodi ba Ma-Dutch ba ne ba ntsha molao o o kganelang batho ba ba tswang kwa dinageng di sele gore ba dire tiro ya go rera ka go anamisa dikgatiso tsa bodumedi. Go re thusa gore re tswelele pele mo bodireding jwa rona, Basupi ba Ma-Dutch ba ne ba re neela maina a batho ba ba bontshitseng kgatlhego mo tirong ya rona, mme re ne ra kgona go ithuta Baebele le bangwe ba bone.

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa e ne e tloga e nna gone ka nako eo. Le fa re ne re tlhoka madi a go reka dithekete tsa terena go ya kwa lefelong la kopano, re ne re batla go nna gone. Ka jalo re ne ra tsamaya loeto lwa malatsi a le mararo ka baesekele, mme Esther yo mmotlana a dutse mo setulong se se neng se le fa dinakeng tsa baesekele. Re ne re nna le Basupi ba ba neng ba nna mo thoko ga tsela e re neng re tsamaya ka yone mo masigong ao. A bo re ne ra itumela jang ne go nna gone kwa kopanong ya rona ya ntlha e kgolo! Thulaganyo ya kopano e ne ya re nonotsha gore re emelane le diteko tse di neng di larile kwa pele. Mo godimo ga moo, re ne ra gakololwa gore re tshepe Modimo. Mantswe a Pesalema 31:6 e ne ya nna moono wa rona: “Fa e le nna, ke ikanya Jehofa.”

Re ne Re Batliwa ke Banasi

Ka May 1940 Banasi ba ne ba tlhasela Netherlands. Moragonyana fela ga moo, Ba-Gestapo kgotsa mapodise a sephiri a ne a tla re sa a lebelela kwa legaeng la rona fa re sa ntse re rulaganya dibuka tsa Baebele tse re neng re sa tswa go di romelelwa. Ferdinand o ne a isiwa kwa ntlokgolo ya Ba-Gestapo. Nna le Esther re ne re mo etela ka metlha koo, mme ka dinako tse dingwe o ne a bodiwa dipotso le go itewa fa pele ga rona. Ka December, Ferdinand o ne a gololwa re sa lebelela, mme kgololesego ya gagwe e ne e le ya nakwana. Maitseboa mangwe fa re ne re tla gae, re ne ra bona koloi ya Ba-Gestapo gaufi le ntlo ya rona. Ferdinand o ne a kgona go tshaba fa nna le Esther re tsena mo ntlung. Ba-Gestapo ba ne ba re letile. Ba ne ba batla Ferdinand. Mo go jone bosigo joo fa Ba-Gestapo ba sena go tsamaya, mapodise a Ma-Dutch a ne a goroga mme ba ntsaya gore ba mpotsolotse. Letsatsi le le latelang nna le Esther re ne ra iphitlha kwa legaeng la banyalani ba Basupi ba ba sa tswang go kolobediwa, ba lelapa la ga Norder ba ba neng ba re naya bonno le tshireletsego.

Go ela kwa bofelong jwa January 1941, banyalani bangwe ba babulatsela ba ba nnang mo mokorong ba ne ba tshwarwa. Letsatsi le le latelang molebedi wa potologo (modiredi yo o etang) le monna wa me ba ne ba tsena mo mokorong oo go ya go tsaya dilo dingwe tsa banyalani bano mme baemanokeng ba Ba-Gestapo ba ne ba ba tshwara. Ferdinand o ne a kgona go sia mme a tshaba a le mo sethuuthuung sa gagwe. Le fa go ntse jalo, molebedi wa potologo ene o ne a isiwa kwa kgolegelong.

Ferdinand o ne a kopiwa ke bakaulengwe ba ba nang le maikarabelo go tsaya tiro ya molebedi wa potologo. Seno se ne se raya gore o ne a tla kgona fela go nna malatsi a le mararo mo gae kgwedi nngwe le nngwe. Seno e ne e le kgwetlho e ntšha mo go rona mme ke ne ka tswelela go bula tsela. Ba-Gestapo ba ne ba okeditse letsholo la go batla Basupi, ka jalo re ne re tshwanelwa ke go nna re le mo tseleng. Re ne ra fuduga makgetlho a le mararo ka 1942. Kgabagare, re ne ra tla kwa motseng wa Rotterdam, kgakala le kwa Ferdinand a neng a dira bodiredi jwa gagwe gone ka sephiri. Ka nako eo ke ne ke solofetse ngwana wa bobedi. Ba lelapa la ga Kamp, ba bomorwaabone ba babedi ba neng ba sa tswa go romelwa kwa dikampeng tsa pogiso, ba ne ba re amogela ka bopelonomi mo ntlung ya bone.

Ba-Gestapo Ba ne Ba re Latelela

Ngwana wa rona wa bobedi, e bong Ruth o ne a tsholwa ka July 1943. Fa Ruth a sena go tsholwa, Ferdinand o ne a nna le rona malatsi a le mararo, mme o ne a tshwanetse go tsamaya, ke lone lekgetlho la bofelo le re neng ra mmona ka lone mme morago ga moo ra fetsa lobaka lo loleele thata re sa tlhole re mmona. Morago ga dibeke di le tharo, Ferdinand o ne a tshwarwa kwa Amsterdam. O ne a isiwa kwa seteisheneng sa Ba-Gestapo, koo ba neng ba fitlha ba tlhomamisa gore ke ene yo ba neng ba mmatla. Ba-Gestapo ba ne ba mmotsa dipotso di le dintsintsi ka maikaelelo a gore a ntshe tshedimosetso ka tiro ya rona ya go rera. Mme sotlhe se Ferdinand a neng a batla go se senola e ne e le gore e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le gore o ne a se mo lekokong lepe la bopolotiki. Badiredibagolo ba Ba-Gestapo ba ne ba galefetse gore Ferdinand, yo e leng Mojeremane o ne a sa ikwadisetsa bosole mme ba ne ba mo tshosetsa ka gore ba tla mmolaya jaaka motsuolodi.

Mo dikgweding tse tlhano tse di latelang, Ferdinand o ne a bolokiwa mo seleng ya kgolegelo, koo a neng a itshokela go tshosediwa ka metlha gore masole a tla mmolaya ka go mo thuntsha. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a ikantse Jehofa. Ke eng se se neng sa mo thusa go nna a nonofile semoyeng? Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Gone mme, jaaka Mosupi, Ferdinand o ne a sa letlelelwa go tshola Baebele. Le fa go ntse jalo, magolegwa a mangwe a ne a kgona go e kopa. Ka jalo Ferdinand o ne a dira gore legolegwa le a neng a nna le lone mo seleng le kope ba lelapa la gagwe go romela Baebele, mme monna yono o ne a dira jalo. Dingwaga moragonyana, nako le nako fa Ferdinand a bua ka tiragalo eno o ne a rotola matlho a bo a re: “Baebele eo e ne ya nkgomotsa tota!”

Mo masimologong a January 1944, Ferdinand o ne a isiwa ka bonako kwa kampeng ya pogisetso kwa Vught, kwa Netherlands. Kgato eno e ne ya itshupa e le masego a re neng re sa a lebelela ka gonne o ne a kopana le Basupi ba bangwe ba le 46 koo. Fa ke ne ke utlwela ka go fudusiwa ga gagwe, ke ne ke itumetse tota go itse gore o sa ntse a tshela!

Go Rera re sa Kgaotse mo Kampeng ya Pogisetso

Botshelo mo kampeng bo ne bo le boima. Gantsi re ne re ja dijo tse di se nang dikotla, re apara diaparo tse di seng bothito e bile re sitwa. Ferdinand o ne a tshwarwa ke dikodu. Morago ga gore go bidiwe maina a bone ba eme mo serameng go bona gore a ba feletse, o ne a ya kwa lefelong le go tlhokomelwang balwetse kwa go lone. Balwetse ba ba nang le letshoroma la 40°C kgotsa go feta ba ne ba letlelelwa gore ba se ka ba ya tirong. Mme Ferdinand o ne a se ka a letlelelwa go ikhutsa, ka go bo themperetšha ya gagwe e ne e le 39°C! O ne a bolelelwa gore a boele kwa tirong. Le fa go ntse jalo, magolegwa ka ene a a kutlwelobotlhoko a ne a mo thusa ka go tla a mo fitlha ka lobaka lo lokhutshwane mo lefelong le le bothitho. O ne a thusega gape fa maemo a bosa a nna bothitho. Gape, fa bangwe ba bakaulengwe ba ne ba amogela dijo, ba ne ba di kgaoganya le ba bangwe, ka jalo Ferdinand o ne a boa a nna le maatla gape.

Pele ga monna wa me a tsenngwa mo kgolegelong, go rera e ne e le tsela ya gagwe ya botshelo mme o ne a tswelela a bolelela ba bangwe mo teng ga kampa ka se a se dumelang. Badiredibagolo ba kampa gantsi ba ne ba mo sotla ka letshwao la gagwe la khutlotharo e e phepole, letshwao le le neng le tlhaola legolegwa la Mosupi. Mme Ferdinand o ne a leba dikakgelo tseo e le tsela ya go simolola motlotlo le bone. Kwa tshimologong, tshimo e bakaulengwe ba neng ba rera mo go yone e ne e le fela bonno jwa sesole jo go neng go nna Basupi thata mo go jone. Bakaulengwe ba ne ba ipotsa jaana: ‘Re ka fitlhelela jang magolegwa a le mantsi?’ Ba sa lebelela, botsamaisi jwa kampa bo ne jwa ba thusa. Jang?

Bakaulengwe ba ne ba romelelwa ka sephiri dikgatiso di le mmalwa tsa Baebele le Dibaebele di le 12. Letsatsi lengwe badisa ba ne ba fitlhela dikgatiso dingwe mme ba ne ba se ka ba lemoga gore e ne e le tsa ga mang. Ka jalo badiredibagolo ba kampa ba ne ba swetsa ka gore ba kgaoganye Basupi. Ka jalo, bakaulengwe botlhe ba ne ba otlhaiwa ka go fudusediwa kwa dikampeng tse go neng go nna magolegwa a e seng Basupi kwa go tsone. Mo godimo ga moo, bakaulengwe ba ne ba tshwanetse go nna gaufi le batho ba e seng Basupi fa ba ja. Thulaganyo eno e ne ya itshupa e le molemo. Jaanong bakaulengwe ba ne ba ka kgona go dira se ba neng ba batla go se dira mo lekgetlhong la ntlha—go rerela magolegwa a le mantsi ka tsela e ba ka kgonang ka yone.

Go Godisa Basetsana ba le Babedi ke le Nosi

Go sa le jalo, nna le bomorwadiake ba babedi re ne re sa ntse re nna kwa Rotterdam. Mariga a 1943/44 a ne a le bogale tota. Kafa morago ga ntlo ya rona go ne go na le betiri ya sefofane e e dirilweng ke masole a Jeremane. Fa pele ga rona e ne e le Boemakepe jwa Waal, lefelo le masole a neng a gabile thata go le thuntsa ka dibomo. E ne e se lefelo le le babalesegileng go iphitlha kwa go lone. Mo godimo ga moo, dijo di ne di tlhaela. Go feta le eleng pele, re ne ra ithuta go tshepa Jehofa ka botlalo.—Diane 3:5, 6.

Esther wa dingwaga di le robedi o ne a thusa lelapa la rona le lennye ka go ema mo moleng kwa kitšhineng e go dirwang sopo kwa go yone. Le fa go ntse jalo, gantsi e ne e re fa go tla nako ya gore a tseye dijo, go ne go se na sepe se se setseng. Ka nako nngwe fa a ne a tsere loeto go ya go batla dijo, o ne a iphitlhela a le fa gare ga difofane tse di tlhaselang. Ke ne ka tshoga fa ke utlwa dibomo di thunya, mme go ise go ye kae go tlhobaela ga me go ne ga felela ka dikeledi tsa boitumelo fa a boa a sa utlwa botlhoko e bile a tshwere di-sugar beet di le mmalwa. Mafoko a me a ntlha e ne ya nna: “Go diragetseng?” O ne a araba jaana a ritibetse: “Fa dibomo di wa, ke ne ka dira se Papa a mpoleletseng gore ke se dire, ‘Itigele fa fatshe, o nne o rapaletse fa fatshe mme o rapele.’ Mme go berekile!”

E re ka ke ne ke utlwala gore ke Mojeremane fa ke bua, go ne go babalesegile gore e nne Esther a yang kwa mabenkeleng fa go kgonega. Masole a Jeremane a ne a lemoga seno, mme ba ne ba simolola go botsa Esther dipotso. Mme ga a ka a senola diphiri dipe. Kwa gae, ke ne ka ruta Esther Baebele, mme ka gonne a ne a sa kgone go ya kwa sekolong ke ne ka mo ruta go bala, go kwala le dilo tse dingwe.

Esther o ne a nthusa gape mo bodireding. Pele ga ke ya go ithuta Baebele le mongwe, Esther o ne a tsamaya kwa pele ga me go bona gore a ga go na ope yo o re lebileng. O ne a tlhomamisa gore sesupo se ke neng ke dumalane le moithuti wa Baebele ka sone se ne se le gone. Ka sekai, motho yo ke neng ke tlile go mo etela o ne a baya pitsana ya malomo ka tsela e e rileng mo serepoding sa letlhabaphefo go nkitsise gore nka tsena. Ka nako ya thuto ya Baebele, Esther o ne a nna kwa ntle go lebelela gore a ga go na matshosetsi ape ka go nna a ya kwa le kwa mo seterateng a kgorometsa Ruth ka porema.

Go Isiwa Kwa Sachsenhausen

Ferdinand o ne a tsweletse pele jang? Ka September 1944, ene le ba bangwe ba bantsi ba ne ba tsewa ka dikgoka go ya kwa seteisheneng sa terena koo ditlhopha tsa magolegwa a le 80 di neng tsa tsenngwa mo matorokong a a neng a ba emetse. Letoroko lengwe le lengwe le ne le na le kgamelo e le nosi e e neng e le ntlwana ya boithomelo le kgamelo e le nngwe ya metsi a a nowang. Loeto lono lo ne lwa tsaya malatsi le masigo a le mararo mme go ne go tletse moo ope a neng a sa kgone go nna fa fatshe! Go ne go sa tsene mowa gope. Materoko a ne a tswalegile mme go na le diphatlhanyana fale le fale. Mogote, tlala le lenyora—tota le monko—o ba neng ba tshwanetse go o itshokela o ne o le mogolo tota.

Terena e ne ya ema kwa kampeng ya pogisetso e e tumileng ka ditiro tse di setlhogo ya Sachsenhausen. Magolegwa otlhe a ne a amogwa dilo tsa bone tse ba neng ba sa ntse ba na le tsone—kwa ntle ga Dibaebele tse dipotlana tse 12 tse Basupi ba neng ba di tsere mo loetong lwa bone!

Ferdinand le bakaulengwe ba bangwe ba le robedi ba ne ba romelwa kwa kampeng e e laolwang ke Sachsenhausen kwa Rathenow go ya go dira tiro ya go dira dibetsa. Le fa gantsi ba ne ba tshosediwa ka go bolawa, bakaulengwe ba ne ba gana go dira tiro ya mofuta oo. Go kgothatsana gore ba nne ba nitame, mo mosong ba ne ba bala temana ya Baebele, e e tshwanang le Pesalema 18:2, gore ba tlhatlhanye ka yone motshegare. Seno se ne sa ba thusa go tlhatlhanya ka dilo tsa semoya.

Kgabagare, modumo wa dithunya o ne wa bontsha gore masole a Russia le a a Kopaneng a ne a atamela. Ba-Russia ba ne ba goroga pele kwa kampeng e Ferdinand le ditsala tsa gagwe di neng di le mo go yone. Ba ne ba naya magolegwa dijo mme ba ba laela gore ba tswe mo kampeng. Kwa bofelong jwa April 1945, masole a Ba-Russia a ne a ba letlelela gore ba ye gae.

Go Kopana Mmogo Gape Jaaka Lelapa

Ka June 15, Ferdinand o ne a goroga kwa Netherlands. Bakaulengwe ba kwa Groningen ba ne ba mo amogela ka diatla tsoopedi. Go ise go ye kae o ne a lemoga gore re sa ntse re tshela, re nna felo gongwe mo nageng mme re ne ra utlwalela gore o setse a boile. Go mo emela gore a tle gae go ne go bonala go tsaya lobaka lo loleele. Mme kgabagare, letsatsi lengwe Ruth yo mmotlana o ne a goeletsa jaana: “Mama, go na le moeng fa kgorong!” E ne e le monna le rre yo re mo ratang!

Go ne go tlhokega go rarabolola mathata a le mantsi pele ga re ka dira dilo jaaka lelapa gape. Re ne re se na lefelo le re nnang mo go lone, mme bothata jo bogolo e ne e le go boa re nna baagi ba Netherlands. E re ka re ne re le Bajeremane, balaodibagolo ba Ma-Dutch ba ne ba re tshwara jaaka bafaladi ka dingwaga di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, kgabagare re ne ra kgona go tshela sentle le go simolola botshelo jo re sa bolong go bo tlhologelelwa—jwa go direla Jehofa mmogo re le lelapa.

“Ke Ikanya Jehofa”

Mo dingwageng tse di latelang, e ne e re fa nna le Ferdinand re kopana mmogo le ditsala tsa rona tse le tsone di neng di tshela ka nako ya dipogiso, re ne re gopola kaelo ya ga Jehofa e e lorato ka dinako tseo tsa mathata. (Pesalema 7:1) Re itumelela gore go ralala dingwaga tseo, Jehofa o ne a re letlelela go nna le seabe mo go tsweletseng pele ditiro tse di direlwang Bogosi. Gape re ne re bua kafa re itumetseng ka gone gore re dirisitse nako ya rona ya bosha mo tirelong e e boitshepo ya ga Jehofa.—Moreri 12:1.

Morago ga pogiso ya Banasi, nna le Ferdinand re ne ra direla Jehofa mmogo ka dingwaga tse di fetang 50 pele a wetsa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka December 20, 1995. Go ise go ye kae, ke tla bo ke le dingwaga di le 98. Letsatsi le letsatsi, ke leboga Jehofa gore bana ba rona ba ne ba re tshegetsa ka nako ya dingwaga tseo tse di boima le gore ke sa ntse ke kgona go dira se ke se kgonang mo tirelong ya gagwe go galaletsa leina la gagwe. Ke leboga sotlhe se Jehofa a se ntiretseng, e bile ke eletsa gore ke tswelele pele ke tshelela moono wa me, o o reng: “Fa e le nna, ke ikanya Jehofa.”—Pesalema 31:6.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ke na le Ferdinand ka October 1932

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Sekepe sa go rera se se bidiwang “Almina” le bapalami ba sone

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke na le Ferdinand le bana