Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Kgona go Laola Isagwe ya Gago?

A o Ka Kgona go Laola Isagwe ya Gago?

A o Ka Kgona go Laola Isagwe ya Gago?

A ISAGWE ya rona e setse e laoletswe gale? A ditshwetso tse re di dirang mo botshelong di ama isagwe ya rona ka tsela nngwe?

A re re motho o kgona go laola gore ke eng se se tla mo diragalelang mo isagweng. Fa go ka bo go ntse jalo, a go ne go ka direga gore motho a tlhophiwe go sa le gale gore a dire tiro nngwe e e kgethegileng kana a nne le boemo bongwe jo bo rileng? Mme Modimo o ne a tla diragatsa jang thato ya gagwe ka lefatshe fa batho ba ka bo ba kgona go laola gore ke eng se se tla ba diragalelang mo isagweng? Baebele e araba dipotso tseno ka tsela e e kgotsofatsang.

Taolelogale le Kgololesego ya go Itlhophela—A di A Dumalana?

Akanya kafa Jehofa Modimo a re dirileng ka teng. Baebele ya re: “A mmopa [motho] mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Genesise 1:27) E re ka re dirilwe mo setshwanong sa Modimo, re na le bokgoni jwa go bontsha dinonofo tsa gagwe, tse di tshwanang le lorato, tshiamo, botlhale le maatla. Gape, Modimo o re neile mpho ya go itlhophela, kana kgololesego ya go itirela ditshwetso. Seno se dira gore re se tshwane le popo epe e nngwe ya gagwe e e mo lefatsheng. Re kgona go tlhopha gore a re tla latela kaelo ya Modimo ya boitshwaro kana ga re kitla re dira jalo. Ke ka moo moporofeti Moshe a neng a kgona go bua a re: “Ke tsaya magodimo le lefatshe jaaka basupi kgatlhanong le lona gompieno, gore ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.”—Duteronome 30:19, 20.

Le fa go ntse jalo, mpho eno ya go itlhophela ga e reye gore re na le kgololesego e e feletseng. Ga e re golole mo melaong ya tlholego le ya boitshwaro e Modimo a e tlhomileng gore lobopo lo tlhomame le gore go nne le kagiso. Melao eno e ne ya tlhongwa gore e re solegele molemo, mme go e itlhokomolosa go ka nna le ditlamorago tse di maswe thata. Akanya fela gore go tla direga eng fa re ka itlhokomolosa molao wa maatlakgogedi re bo re photsa go tswa kwa borulelong jwa kago e e kwa godimo!—Bagalatia 6:7.

Gape, kgololesego ya go itlhophela e re naya maikarabelo a dibopiwa tse di se nang kgololesego eno di se nang one. Mokwadi mongwe e bong Corliss Lamont o ne a botsa jaana: “Re ka bua jang re re batho ba gololesegile go itshwara ka tsela e ba batlang ka yone, re bo re ba otlhaya fa ba dira phoso, fa e le gore re dumela gore . . . ditshwetso tsa bone le ditiro tsa bone di setse di laotswe go sa le gale?” Ee ruri, ga re ka ke ra rialo. Diphologolo ga di ka ke tsa pegwa molato ka ntlha ya tsela ya tlholego e di itshwarang ka yone fela jaaka dikhomputara di ka se ka tsa pegwa molato wa go dira tiro e di rulaganyeditsweng go e dira. Ka jalo, kgololesego ya go itlhophela e re rwesa boikarabelo jo bo boima e bile e dira gore re sikare ditlamorago tsa se re se dirang.

Jehofa Modimo o ne a tla bo a sa re rate fa e re pele re tsholwa, a bo a laola go sa le gale gore re tla dirang a bo a re otlhaela ditiro tsa rona! Ga a dire jalo ka gonne “Modimo ke lorato” mme “ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamo.” (1 Johane 4:8; Duteronome 32:4) E re ka Modimo a ile a re naya kgololesego ya go itlhophela, ga a ka a ‘laolela go sa le gale gore o tla boloka mang le gore o tla atlhola mang,’ jaaka batho ba ba dumelang thuto ya taolelogale ba bua. Kgololesego ya go itlhophela ga e dumalane le thuto ya taolelogale.

Baebele e bontsha sentle gore ditshwetso tse re di dirang di tla ama isagwe ya rona. Ka sekai, Modimo o ikuela jaana mo bathong ba ba dirang bosula: “Boang, tsweetswee, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula le mo bosuleng jwa ditiro tsa lona, . . . gore ke se ka ka lo bakela masetlapelo.” (Jeremia 25:5, 6) Boikuelo jo bo ntseng jalo bo ne bo ka se thuse sepe fa e ne e le gore Modimo o ne a setse a laotse go sa le gale gore isagwe ya mongwe le mongwe e ne e tlile go nna jang. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo la re: “Jalo, ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe, gore dipaka tse di lapolosang di tle di tswa mo go Jehofa.” (Ditiro 3:19) A Jehofa o ne a ka kopa batho go ikwatlhaya le go sokologa fa a ne a setse a itse gore go ne go se na sepe se ba neng ba ka se dira go fetola isagwe ya bone?

Dikwalo di bua ka bangwe ba ba laleditsweng ke Modimo go busa e le dikgosi kwa legodimong mmogo le Jesu Keresete. (Mathaio 22:14; Luke 12:32) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re ba tla latlhegelwa ke tshiamelo eo fa ba sa itshoke go fitlha kwa bokhutlong. (Tshenolo 2:10) Ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ka ba laletsa kwa tshimologong fa a ne a setse a sweditse gore ba ne ba se kitla ba tlhophiwa? Akanya gape le ka mafoko a ga moaposetoloi Paulo fa a ne a bua le badumedi ka ene. O ne a kwala a re: “Fa re dira boleo ka boomo re sena go amogela kitso e e leng yone ya boammaaruri, ga go tlhole go na le setlhabelo sepe sa maleo se se setseng.” (Bahebera 10:26) Tlhagiso e e ntseng jalo e ne e se kitla e nna le mosola ope fa Modimo a ka bo a setse a laotse go sa le gale gore isagwe ya bone e tla nna jang. A mme gone, Modimo o ne a tlhomamisitse go sa le gale gore batho bangwe ba ye go busa le Jesu Keresete.

Ba ba Tlhomamisitsweng Go sa Le Gale—A ke Batho ba ba Rileng Kana ke Setlhopha?

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “[Modimo] o re segofaditse ka tshegofatso nngwe le nngwe ya semoya mo mafelong a selegodimo seoposengweng le Keresete, fela jaaka a ne a re tlhopha re le seoposengwe le ene pele ga lefatshe le thaiwa . . . Gonne o ne a re tlhomamisa e sale pele gore re amogelwe jaaka bana ba gagwe ka Jesu Keresete.” (Baefeso 1:3-5) Modimo o tlhomamisitse eng go sa le gale, mme go tlhophiwa “pele ga lefatshe le thaiwa” go rayang?

Temana e e fa godimo e raya gore Modimo o tlhophile ditlogolwana tsa monna wa ntlha e bong Adame, go busa le Keresete kwa legodimong. (Baroma 8:14-17, 28-30; Tshenolo 5:9, 10) Le fa go ntse jalo, go akanya gore Jehofa Modimo o ile a tlhomamisa go sa le gale gore batho ba ba rileng ba bone tshiamelo eno diketekete tsa dingwaga pele ba tsholwa ga go dumalane le kgang ya gore batho ba filwe kgololesego ya go itlhophela. Selo se Modimo a neng a se tlhomamisa go sa le gale ke setlhopha sa batho, e seng batho ka bongwe.

Ka sekai: A re re gongwe puso nngwe e batla go tlhoma kemedi nngwe ya yone. Puso e tla tlhomamisa go sa le gale gore kemedi eno e tla dirang, e tla nna le taolo e e kana kang le gore e tla nna bogolo jo bo kae. Kgabagare kemedi eno e simolola go dira morago ga nakwana fa e sa le e tlhongwa, mme maloko a yone a dira kitsiso e e reng: “Puso e ile ya tlhomamisa dingwaga di le mmalwa tse di fetileng gore tiro ya rona e tla nna eng. Jaanong re simolola go dira tiro eo e re e abetsweng.” A o ka swetsa gore puso e ile ya tlhomamisa go sa le gale gore batho ka bongwe ba ba neng ba tla bereka mo kemeding eo e ne e tla nna bomang? Le e seng. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa le ene o ne a tlhomamisa go sa le gale gore o ne a tla tlhoma kemedi e e kgethegileng go fedisa ditlamorago tsa boleo jwa ga Adame. O ne a tlhomamisa go sa le gale setlhopha sa batho ba ba neng ba tla nna maloko a kemedi eo—e seng batho ka bongwe. Ba ne ba tla tlhophiwa moragonyana, mme ditshwetso tse ba neng ba tla di dira mo matshelong a bone di ne di tla nna le seabe mo go reng a ba tla amogelwa kwa bofelong kana ba ne ba se kitla ba amogelwa.

Moaposetoloi Paulo o ne a akantse ka lefatshe lefe fa a ne a re: “[Modimo] o ne a re tlhopha re le seoposengwe le ene pele ga lefatshe le thaiwa”? Lefatshe le Paulo a buang ka lone fano ga se lefatshe le Modimo a neng a le simolola fa a ne a bopa Adame le Efa. Lefatshe leo le ne le le “molemo tota”—le se na boleo kana bosula bope. (Genesise 1:31) Le ne le sa tlhoke go “gololwa” mo boleong.—Baefeso 1:7.

Lefatshe le Paulo a neng a bua ka lone fano e ne e le le le neng la nna gone fa Adame le Efa ba sena go tsuologa kwa Edene—lefatshe le le neng le farologane gotlhelele le le Modimo a neng a ikaeletse gore le nne gone kwa tshimologong. E ne e le lefatshe le le neng la simolola ka bana ba ga Adame le Efa. Lefatshe leo le ne le kaya batho ba ba neng ba tlhobogane le Modimo mme e le makgoba a boleo le bosula. E ne e le lefatshe la batho ba ba neng ba ka kgona go rekololwa, ba sa tshwane le Adame le Efa ba ba neng ba leofa ka boomo.—Baroma 5:12; 8:18-21.

Jehofa Modimo o ne a kgona go lepalepana ka bonako le boemo jo bo neng jwa nna gone kwa Edene fa ba sena go tsuologa. E ne ya re ka bonako fela fa a bona go tlhokega gore go nne le kemedi nngwe, a tlhomamisa go sa le gale gore kemedi eo e nne gone—e leng Bogosi jwa ga Mesia ka Jesu Keresete—e a neng a tla e dirisa go rekolola batho mo boleong jwa ga Adame. (Mathaio 6:10) Modimo o ne a dira seno “pele lefatshe [la batho ba ba ka rekololwang] le thaiwa,” ke gore, pele Adame le Efa ba batsuolodi ba nna le bana.

Gantsi batho ba tlhoka go nna le thulaganyo gore ba kgone go dira dilo tse ba batlang go di dira. Thuto ya taolelogale e amanngwa le kgopolo ya gore Modimo o tshwanetse a bo a na le thulaganyo e e feletseng ka lobopo e sengwe le sengwe se se mo go lone se laoletsweng gale. Roy Weatherford o kwala jaana: “Go bonala bafilosofi ba le bantsi ba dumela gore Modimo ga a ka ke a dira sepe kwantle ga go se rulaganyetsa ka botlalo.” A ruri Modimo o tlhoka go rulaganyetsa sengwe le sengwe kwa pele?

E re ka Jehofa a na le maatla a a sa feleng le botlhale jo bo ka se lekanngweng le sepe, a ka kgona go dirisana le maemo mangwe le mangwe a a ka nnang a tlhaga ka tshoganyetso ka ntlha ya go bo dibopiwa tsa gagwe di dirisa kgololesego ya bone ya go itlhophela. (Isaia 40:25, 26; Baroma 11:33) A ka kgona go dira seo kwantle ga go rulaganyetsa dilo go sa le gale kana go sa ntse go na le nako. Go farologana le batho ba ba sa itekanelang ba ba nang le bokgoni jo bo lekanyeditsweng, Modimo Mothatayotlhe ga a tlhoke go dira thulaganyo e a sa leng a e laoletse go sa le gale ya gore ke eng se se tla diragalelang mongwe le mongwe mo lefatsheng. (Diane 19:21) Mo dithanolong di le mmalwa tsa Baebele, Baefeso 3:11 ya re Modimo o na le “boikaelelo jo bo sa feleng” go na le gore a nne le thulaganyo e a setseng a e tlhomile.

Kafa o ka Laolang Isagwe ya Gago ka Gone

Modimo o na le maikaelelo ka lefatshe, mme maikaelelo ao a setse a tlhomamisitswe go sa le gale. Tshenolo 21:3, 4 ya re: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” Ee, lefatshe leno le tla nna paradaise, fela jaaka Jehofa a ne a ikaeletse kwa tshimologong. (Genesise 1:27, 28) Potso ke gore, A o tla bo o le gone? Seo se ikaegile ka ditshwetso tse o di dirang gone jaanong. Jehofa ga a laola go sa le gale gore isagwe ya gago e tlile go nna jang.

Setlhabelo sa thekololo sa Morwa Modimo, Jesu Keresete, se dira gore mongwe le mongwe yo o bontshang tumelo mo go ene a bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 3:16, 17; Ditiro 10:34, 35) Baebele ya re: “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng; yo o sa utlweng Morwa ga a kitla a bona botshelo.” (Johane 3:36) O ka tlhopha botshelo ka go ithuta ka Modimo, Morwawe le thato ya Gagwe mo Baebeleng le ka go dirisa se o se ithutileng. Motho yo o dirang dilo go dumalana le botlhale jo bo mo Lefokong la Modimo o tlhomamisediwa gore “o tla nna ka polokesego mme ga a na go tshwenngwa ke go boifa masetlapelo.”—Diane 1:20, 33.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Go farologana le diphologolo, batho ba sikara ditlamorago tsa tsela e ba itshwarang ka yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Eagle: Foto: Cortesía de GREFA