Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Botsofe bo Nna “Serwalo sa Bontle”

Fa Botsofe bo Nna “Serwalo sa Bontle”

“Thuso Ya me E Tswa Kwa go Jehofa”

Fa Botsofe bo Nna “Serwalo sa Bontle”

MURIEL wa dingwaga tse 101 o ne a re: “Botshelo jo bo molemo go gaisa.” Theodoros wa dingwaga tse 70 ene o ne a re: “Ke tshiamelo tota!” Maria yo o nang le dingwaga tse 73 o ne a re: “Ga go na tsela epe e e botoka e ke neng nka dirisa botshelo jwa me ka yone.” Batho bano botlhe ba feditse matshelo a bone mo tirelong ya ga Jehofa Modimo.

Batsofe bano ba tshwana le baobamedi ba bangwe ba bantsi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa lefatshe ka bophara. Le fa ba setse ba godile ka dingwaga, ba a lwala e bile ba na le maemo a mangwe a a ba tshwenyang thata, ba sa ntse ba direla Modimo ka moya otlhe. Mo phuthegong ya Bokeresete, batsofe ba ba ntseng jalo ba ba ikanyegang, ke dikao tse di tlotlegang tsa batho ba ba ineetseng mo Modimong. Jehofa o anaanela tiro ya batsofe fela thata, le fa maemo a bone a dira gore ba se ka ba kgona go dira sotlhe se ba neng ba ka rata go se dira. *2 Bakorintha 8:12.

Buka ya Dipesalema e akgela ka tsela e e molemo ka botshelo jo batsofe ba ka lebelelang go nna le jone. Ba ka nna jaaka setlhare se se goletseng kwa godimo se se nnang se ungwa. Mopesalema o ne a opela jaana ka batsofe ba ba ikanyegang: “Ba tla nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng, ba tla tswelela pele ba nonne e bile ba le banana.”—Pesalema 92:14.

Bangwe ba ka nna ba boifa gore ba tla kgaphelwa kwa thoko le go itlhokomolosiwa ke ba bangwe fa ba simolola go felelwa ke maatla ka ntlha ya botsofe. Dafide o ne a kopa Modimo jaana: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.” (Pesalema 71:9) Ke eng se se dirang gore motho a tlhogonolofale mo botsofeng jwa gagwe go na le go koafala? Ke nonofo ya Modimo ya tshiamo. Mopesalema o ne a opela jaana: “Mosiami o tla tlhagisa dithunya jaaka setlhare sa mokolane se dira.”—Pesalema 92:12.

Gantsi batho ba ba feditseng matshelo a bone ba direla Modimo ka boikanyegi ba nna ba ntse ba ungwa maungo a a molemo le fa ba setse ba tsofetse. E bile tota, dipeo tse dintsi tse ba di jetseng kgotsa tse ba thusitseng ba bangwe go di jala di a ungwa mme di bo di tlhagisa thobo e e molemo. (Bagalatia 6:7-10; Bakolosa 1:10) Mme gone, batho ba ba feditseng matshelo a bone ba gagamalela dilo tse di solegelang bone fela molemo tse di sa dumalaneng le ditsela tsa Modimo, gantsi ga ba nne le sepe se se molemo se ba se dirileng se ba kgonang go se supa.

Buka ya Baebele ya Diane le yone e gatelela tshiamo jaaka serwalo se sentle sa botsofe. Re bala jaana mo go yone: “Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.” (Diane 16:31) Ee, go nna tshiamo ke bosupi jwa go nna montle kafa teng. Fa motho a latelela tshiamo mo botshelong jwa gagwe jotlhe, seno se mo tlisetsa tlotlo. (Lefitiko 19:32) Fa motho a le tlhogo putswa ka ntlha ya botsofe mme a le botlhale e bile e le motho yo o siameng, seno se dira gore a tlotlege.—Jobe 12:12.

Jehofa o itumelela batho ba ba fetsang matshelo a bone mo tirelong ya gagwe ka boikanyegi. Dikwalo di a re: “[Nna Jehofa] ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho. Ruri ke tla tsaya kgato, gore ke rwale le gore ke sikare ke bo ke falotse.” (Isaia 46:4) A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Rraarona yo o kwa legodimong o solofetsa go tlamela le go tshegetsa batho ba gagwe ba ba ikanyegang fa ba setse ba tsofetse!—Pesalema 48:14.

E re ka Jehofa a leba motho a le montle fa a feditse botshelo jwa gagwe a ikanyega mo tirelong ya gagwe, a ga go tlhokege gore le ba bangwe ba tlotle motho yo o ntseng jalo? E re ka re leba dilo ka tsela e Modimo a di lebang ka yone, re anaanela badumedi ka rona ba ba tsofetseng. (1 Timotheo 5:1, 2) Ka jalo, a re sekasekeng ditsela tse ka tsone re ka bontshang lorato lwa Bokeresete ka tsone fa re ba tlhokomela ka dilo tse ba di tlhokang.

Go Tsena mo Tseleng ya Tshiamo mo Dingwageng Tsa Botsofe

Solomone o re tlhomamisetsa jaana: “Mo tselaneng ya tshiamo go na le botshelo.” (Diane 12:28) Botsofe ga bo thibele motho go tsena mo tseleng eno. Ka sekai, kwa Moldova, monna mongwe wa dingwaga tse 99 o ne a feditse botshelo jwa gagwe a ntse a rotloetsa dikgopolo tsa Bokomonisi. O ne a ipelafatsa ka gore ene ka boene o ne a ile a tshwara dipuisano le baeteledipele ba ba itsegeng ba Bakomonisi, ba ba tshwanang le V. I. Lenin. Le fa go ntse jalo, fa Bokomonisi bo phutlhama, monna yono yo o tsofetseng o ne a sa tlhole a na le se a se tshelelang. Mme fa Basupi ba ga Jehofa ba mmontsha gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tharabololo ya mmatota ya mathata a batho, o ne a amogela boammaaruri jwa Baebele mme a nna moithuti yo o tlhoafetseng wa Dikwalo. Ka maswabi, o ne a tlhokafala pele a nna motlhanka yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa.

Fa mosadi mongwe wa dingwaga tse 81 wa kwa Hungary a sena go ithuta gore Modimo o batla gore re itshware jang, o ne a lemoga gore o tlhoka go nyalana le monna yo a sa bolong go nna le ene dingwaga di le dintsi. Mosadi yono o ne a ipeta sebete mme a tlhalosetsa monna yono yo a neng a nna le ene se a se ithutileng mo Baebeleng. Ka boitumelo, monna yono o ne a dumela go mo nyala. Fa ba sena go kwadisa lenyalo la bone, o ne a gatela pele semoyeng ka bonako. Dikgwedi di le robedi fa a sena go simolola go ithuta Baebele, o ne a nna mmoledi yo o sa kolobediwang, mme a kolobediwa ka bonako morago ga moo. A bo go le boammaaruri jang ne gore tshiamo e ka rwesa batsofe bontle jwa mmatota!

Ee, Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba godileng ba ka tlhomamisega gore Modimo o a ba kgatlhegela. Jehofa ga a kitla a tlogela ba ba nnang ba ikanyega mo go ene. Go na le moo, o solofetsa go ba kaela, go ba tshegetsa le go ba tlamela le e leng mo dingwageng tsa bone tsa botsofe. Mme bone ba dumalana le mafoko ano a mopesalema: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2005 Calendar of Jehovah’s Witnesses, January/February.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.”—DIANE 16:31

[Lebokoso mo go tsebe 8]

JEHOFA O TLHOKOMELA BATLHANKA BA GAGWE BA BA TSOFETESNG

“O nanoge fa pele ga moriri o mosweu, mme o tlotle motho yo o tsofetseng.”—Lefitiko 19:32.

“Ke ntse ke le ene Yoo go fitlha botsofeng jwa motho; mme ke tla nna ke sikere go fitlha botlhogoputsweng jwa motho.”—Isaia 46:4.