Ke Eng se se Laolang Isagwe ya Gago?
Ke Eng se se Laolang Isagwe ya Gago?
JOHN GRAY, yo o dumelang mo thutotlhagelelong o ne a kwala a re: “Fela jaaka diphologolo di sa kgone go laola isagwe ya tsone, batho le bone ga ba kgone go laola isagwe ya bone.” Mokwadi mongwe e bong Shmuley Boteach ene o bua se se farologaneng gotlhelele mo bukeng ya gagwe ya An Intelligent Person’s Guide to Judaism. A re: “Motho ga se phologolo, ka jalo o kgona go laola isagwe ya gagwe ka dinako tsotlhe.”
Batho ba le bantsi ba dumalana le Gray mme ba dumela gore isagwe ya batho e laolwa ke maatla mangwe a a sa laolesegeng a tlholego. Ba bangwe ba dumela gore motho o bopilwe ke Modimo mme o na le bokgoni jwa go laola isagwe ya gagwe.
Bangwe ba akanya gore isagwe ya bone e laolwa ke maatla mangwe a a nonofileng a batho. Go ya ka mokwadi mongwe e bong Roy Weatherford, “bontsi jwa batho mo lefatsheng—segolobogolo bontsi jwa basadi go ralala hisitori—ga . . . ba na maatla kana ga ba kgone go laola matshelo a bone ka ntlha ya mabaka a a itsegeng a go gatelelwa ke batho le go sotlwa.” (The Implications of Determinism) Bontsi jwa batho ba ile ba bona ditoro tsa bone tsa isagwe e e itumedisang di sa direge e le ka ntlha ya babusi ba ba gaisanang ba sepolotiki le ba sesole.
Ba le bantsi go ralala hisitori ba ile ba ikutlwa ba sa kgone go dira sepe ka go bo ba akanya gore isagwe ya bone e laolwa ke maatla mangwe a a fetang a motho. Boteach a re: “Bagerika ba bogologolo ba ne ba dumela fela thata gore go nna le tsholofelo go ne go sa thuse sepe ka gonne motho o ne a sa kgone go tila isagwe e e setseng e laoletswe gale.” Ba ne ba dumela gore medingwana mengwe e e sa tlhomamang ya basadi e ne e laotse isagwe ya motho
mongwe le mongwe go sa le gale gore e tlile go nna jang. Gape ba ne ba dumela gore medingwana eno ya basadi, e ne e laola gore motho o tla swa leng le gore o tla tshwanelwa ke gore a itshokele pogo e e kana kang mo botshelong jwa gagwe.Gompieno batho ba le bantsi ba dumela gore isagwe ya batho e laolwa ke maatla mangwe a a fetang a motho. Ka sekai, batho ba le bantsi ba dumela Kismet, kana tlholelo. Ba re Modimo o laotse go sa le gale gore ditiro tsa batho botlhe di tla felela kae le gore motho o tla swa leng. Ba bangwe bone ba dumela gore thuto ya taolelogale e ruta gore Modimo Mothatayotlhe o “setse a laotse go sa le gale gore a kgabagare motho o tla bolokwa kana o tla senngwa.” Ba le bantsi ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba dumela thuto eno.
Wena o akanya eng? A go na le maatla mangwe a o sa kgoneng go a laola a a setseng a laotse isagwe ya gago go sa le gale gore e tla nna jang? Kana a mokwadi wa Moesemane e bong William Shakespeare o ne a bua boammaaruri fa a ne a kwala a re: “Ka dinako dingwe batho ba kgona go laola gore ke eng se se tla ba diragalelang”? A re sekasekeng gore Baebele ya reng ka kgang eno.