Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene

Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene

Keresete—Ene yo Boporofeti bo Buang Thata ka Ene

“Go naya bosupi ka Jesu ke se se tlhotlheletsang go porofeta.”—TSHENOLO 19:10.

1, 2. (a) Baiseraele ba ne ba lebana le tshwetso efe go tloga ka 29 C.E.? (b) Re tlile go sekaseka eng mo setlhogong seno?

KE NGWAGA wa 29 C.E. Baiseraele ba bua thata ka go tla ga Mesia yo o solofeditsweng. Bodiredi jwa ga Johane Mokolobetsi bo dirile gore batho ba le bantsi ba gakalele go tla ga gagwe. (Luke 3:15) Johane o ba itsise gore ga se ene Keresete. O ba itsise jaana a ba lebisa kwa go Jesu wa Nasaretha: “[Ke] naya bosupi gore yono ke Morwa Modimo.” (Johane 1:20, 34) Go ise go ye kae boidiidi jwa batho bo sala Jesu morago go reetsa dilo tse a di rutang le gore a ba fodise.

2 Mo dikgweding tse di latelang, Jehofa o ntsha bosupi jo bongwe jo bontsi malebana le Morwawe. Batho ba ba ithutileng Dikwalo le ba ba etseng ditiro tsa ga Jesu tlhoko ba na le bosupi jo bo utlwalang jwa go dumela mo go ene. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho ba Modimo a dirileng kgolagano le bone ga ba dumele mo go ene. Ke ba se kae fela ba bone ba ba dumelang gore Jesu ke Keresete, Morwa Modimo. (Johane 6:60-69) O ka bo o ile wa dira eng fa o ka bo o tshela ka nako eo? A o ka bo o ile wa tlhotlheletsega go dumela gore Jesu ke Mesia mme wa nna molatedi wa gagwe yo o ikanyegang? Akanya ka bosupi jo Jesu ka boene a bo neelang go supa yo Mesia e leng ene fa a latofadiwa ka gore o tlola molao wa Sabata, mme gape ela tlhoko dilo tse moragonyana a ileng a di dirisa jaaka bosupi go nonotsha tumelo ya barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang.

Jesu ka Boene o Ntsha Bosupi

3. Ke maemo afe a a neng a pateletsa Jesu gore a ntshe bosupi jwa gore ke ene mang?

3 Ke nako ya Tlolaganyo ka ngwaga wa 31 C.E. Jesu o kwa Jerusalema. O sa tswa go alafa monna yo o nang le dingwaga tse 38 a lwala. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba bogisa Jesu ka ntlha ya go dira seno ka Sabata. Gape ba mo latofatsa ka gore o a tlhapatsa e bile ba batla go mmolaya ka gonne a bitsa Modimo a re ke Rraagwe. (Johane 5:1-9, 16-18) Tsela e Jesu a e dirisang go itshireletsa e tlhagisa mabaka a mararo a a nonofileng a a tla tlhatswang Bajuda ba ba ikanyegang pelo gore tota Jesu ke mang.

4, 5. Boikaelelo jwa bodiredi jwa ga Johane e ne e le bofe, mme o ne a bo dira ka botlalo go le kana kang?

4 Sa ntlha, Jesu o umaka bosupi jwa ga Johane Mokolobetsi yo o neng a tla pele ga gagwe, a re: “Lo rometse batho kwa go Johane, mme o neetse bosupi ka ga boammaaruri. Monna yoo e ne e le lobone lo lo tukang lo bile lo phatsima, mme lona ka nako e khutshwane lo ne lo rata go ipela thata mo leseding la gagwe.”—Johane 5:33, 35.

5 Johane Mokolobetsi e ne e le “lobone lo lo tukang lo bile lo phatsima” ka tsela ya gore pele ga Herode a mo latlhela mo kgolegelong a se na molato, o ne a setse a diragaditse kabelo e a e neilweng ke Modimo ya go baakanyetsa Mesia tsela. Johane o ile a re: “Lebaka la go bo ke ne ka tla ke kolobetsa mo metsing e ne e le gore [Mesia] a tle a bonalele Iseraele. . . . Ke ne ka bona moya o fologa jaaka lephoi o tswa legodimong, mme wa nna mo go ene. Le fa e le nna ke ne ke sa mo itse, mme Ene tota yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re, ‘Le fa e le mang yo o bonang moya o fologela mo go ene mme o nna mo go ene, yono ke ene yo o kolobetsang ka moya o o boitshepo.’ Mme ke o bone, ka ba ka naya bosupi gore yono ke Morwa Modimo.” * (Johane 1:26-37) Johane o ne a umaka ka tlhamalalo gore Jesu ke Morwa Modimo—Mesia yo o solofeditsweng. Bosupi jwa ga Johane bo ne bo tlhatswa pelo thata jaana mo Bajuda ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba ileng ba bolela jaana dikgwedi di le robedi morago ga loso lwa gagwe: “Dilo tsotlhe fela tse Johane a neng a di bua ka monna yono di ne di le boammaaruri tsotlhe.”—Johane 10:41, 42.

6. Ke eng fa ditiro tsa ga Jesu di ne di tshwanetse go tlhatswa batho pelo gore o engwa nokeng ke Modimo?

6 Go tswa foo, Jesu o dirisa bosupi jo bongwe gape go tlhomamisa gore ke ene Mesia. O umaka ditiro tse di molemo tse a di dirileng go supa gore Modimo o mo ema nokeng. A re: “Ke na le bosupi jo bogolo go feta jwa ga Johane, gonne tsone ditiro tse Rre a nkabetseng gore ke di diragatse, ditiro ka botsone tse ke di dirang, di naya bosupi ka ga me gore Rara o nthomile.” (Johane 5:36) Tota le baba ba ga Jesu ba ne ba ka se ganetse bosupi jono jo bo neng bo akaretsa dikgakgamatso di le dintsi. Bangwe ba bone ba botsa jaana moragonyana: “Re tla dirang, ka gonne monna yono o dira ditshupo di le dintsi?” (Johane 11:47) Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba tsibogela seo ka tsela e e molemo ba re: “Fa Keresete a goroga, ga a kitla a dira ditshupo tse di fetang tse monna yono o di dirileng, ga ke re?” (Johane 7:31) Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba le mo boemong jo bo molemo go lemoga dinonofo tsa ga Rara mo go Morwa.—Johane 14:9.

7. Dikwalo tsa Sehebera di neela bosupi jang ka Jesu?

7 Kwa bofelong, Jesu o umaka bosupi bongwe jo bo ka sekang jwa ganediwa. A re: “Dikwalo . . . ke tsone tota tse di nayang bosupi ka ga me,” mme o oketsa ka go re: “Fa lo ne lo dumetse Moshe lo ne lo tla ntumela, gonne ene yoo o kwadile ka ga me.” (Johane 5:39, 46) Ke boammaaruri gore Moshe e ne e le mongwe wa basupi ba bantsi ba motlha wa pele ga Bokeresete yo o neng a kwala ka Keresete. Dikwalo tsa bone di akaretsa dipolelelopele di le makgolokgolo le lenaane la tatelano ya masika, tse tsotlhe di neng di senola gore Mesia ke mang. (Luke 3:23-38; 24:44-46; Ditiro 10:43) Mme go tweng ka Molao wa ga Moshe? Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete.” (Bagalatia 3:24) Ee, “go naya bosupi ka Jesu ke se se tlhotlheletsang [kana ke tshekamelo, boikaelelo jotlhe jwa] go porofeta.”—Tshenolo 19:10.

8. Ke eng fa Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa dumele mo go Mesia?

8 A bosupi jono jotlhe—bosupi jo bo tlhamaletseng jwa ga Johane, ditiro tse di maatla le dinonofo tse di molemo tsa ga Jesu ka boene le bosupi jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa Dikwalo—ga bo go tlhatswe pelo gore Jesu e ne e le Mesia? Mongwe le mongwe yo o neng a rata Modimo le Lefoko la gagwe ka mmatota o ne a tla lemoga seno ka bonako le go bontsha go dumela gore Jesu ke Mesia yo o solofeditsweng. Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba se na lorato lo lo ntseng jalo. Jesu o ile a raya baganetsi ba gagwe a re: “Ke itse sentle gore ga lo na lorato lwa Modimo mo go lona.” (Johane 5:42) Go na le go batla “kgalalelo e e tswang kwa Modimong yo o esi,” ba ne ba batla “kgalalelo mo go mongwe go tswa go yo mongwe.” Ke gone ka moo ba neng ba le kgatlhanong le Jesu, yo jaaka Rraagwe, a neng a ila tsela e e ntseng jalo ya go akanya!—Johane 5:43, 44; Ditiro 12:21-23.

Go Nonotshiwa ke Ponatshegelo ya Boporofeti

9, 10. (a) Ke eng fa nako e sesupo sa ga Jesu se diragetseng ka yone e ne e le molemo thata mo barutweng ba gagwe? (b) Ke eng se se gakgamatsang se Jesu a neng a se solofetsa barutwa ba gagwe?

9 Go setse go fetile ngwaga fa e sa le Jesu a ntshitse bosupi jo bo umakilweng fa godimo jwa go re ke ene Mesia. Tlolaganyo ya 32 C.E. e setse e fetile. Batho ba le bantsi ba ba neng ba dumela mo go ene ba tlogetse go mo sala morago, gongwe e le ka ntlha ya go bogisiwa, go rata dikhumo kana ditlhobaelo tse dingwe tsa botshelo. Ba bangwe ba ka tswa ba tlhakane tlhogo kana ba swabile ka gonne Jesu a ile a gana fa batho ba ne ba leka go mo dira kgosi. Fa baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba re a ikgalaletse ka go ba bontsha sesupo se se tswang legodimong, o ne a gana. (Mathaio 12:38, 39) Bangwe ba ka tswa ba ile ba gakgamadiwa ke go bo a ile a gana. Mo godimo ga moo, Jesu o simolotse go senolela barutwa ba gagwe sengwe se go neng go le thata gore ba se tlhaloganye—“o tshwanetse go ya Jerusalema mme a boge dilo di le dintsi go tswa mo banneng ba bagolwane le baperesiti ba bagolo le bakwadi, a ba a bolawe.”—Mathaio 16:21-23.

10 Mo dikgweding tse dingwe di ka nna robonngwe kana lesome, e ne e tla bo e le nako ya “gore [Jesu] a fuduge mo lefatsheng leno a ye kwa go Rara.” (Johane 13:1) E re ka Jesu a amegile thata ka barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, o solofetsa bangwe ba bone sone selo se a neng a gana go se bontsha Bajuda ba ba sa ikanyegeng—sesupo se se tswang legodimong. Jesu a re: “Ammaaruri ke a lo raya ka re go na le bangwe ba bao ba emeng fano ba ba se kitlang ba utlwa loso ka gope go fitlha ba bona Morwa motho pele a tla a le mo bogosing jwa gagwe.” (Mathaio 16:28) Ga go pelaelo gore, Jesu ga a bolele gore bangwe ba barutwa ba gagwe ba tla tswelela ba tshela go fitlha Bogosi jwa ga Mesia bo tlhongwa ka 1914. Jesu o akantse go naya barutwa ba gagwe ba bararo, ba a atamalaneng thata le bone, ponelopele e e gakgamatsang ya kgalalelo ya gagwe fa a tla bo a busa mo Bogosing. Ponatshegelo eno ya kgalalelo e a tla nnang le yone e bidiwa go fetolwa ponalo.

11. Tlhalosa ponatshegelo ya go fetolwa ponalo.

11 Malatsi a le marataro moragonyana, Jesu o tsaya Petere, Jakobe le Johane go ya le bone kwa thabeng e e goletsegileng—gongwe e le setlhoa sa Thaba ya Heremone. Fa ba le koo, Jesu o “fetolwa ponalo fa pele ga bone, sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle tsa tsabakela jaaka lesedi.” Mme go tlhaga le moporofeti Moshe le Elija ba tlotla le Jesu. Tiragalo eno e e gakgamatsang go ka direga gore e diragetse go le bosigo, e leng se se dirang gore e bonale sentle le go feta. E lebega e le selo sa mmatota thata jaana mo Petere a ithaopelang go tlhoma megope e meraro—wa ga Jesu, wa ga Moshe le wa ga Elija. Fa Petere a sa ntse a bua, leru le le phatsimang le a ba okama mme go utlwala lentswe mo lerung le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.”—Mathaio 17:1-6.

12, 13. Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne ya ama barutwa ba ga Jesu jang, mme ka ntlha yang?

12 Ke boammaaruri gore, Petere o ne a sa tswa go tlhomamisa bosheng jaana gore Jesu ke “Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” (Mathaio 16:16) Le fa go ntse jalo, akanya o utlwa Modimo ka boene a tlhomamisa gore Morwawe yo o tloditsweng ke mang le gore seabe sa gagwe ke sefe! A bo ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e nonotsha Petere, Jakobe le Johane tumelo jang ne! E re ka tumelo ya bone e nonotshitswe, jaanong ba siametse go lebana ka katlego le se se neng se larile kwa pele le seabe sa botlhokwa se ba neng ba tlile go nna le sone mo isagweng mo phuthegong.

13 Ponatshegelo eno ya go fetolwa ponalo e ama barutwa ka tsela e ba ka se kang ba e lebala. Dingwaga di feta 30 morago ga foo, Petere o kwala jaana: “[Jesu] o ne a amogela tlotlo le kgalalelo go tswa kwa Modimong Rara, fa kgalalelo e kgolo e ne e tlisa mafoko a a tshwanang le ano mo go ene: ‘Yono ke morwaake, moratwa wa me, yo nna ka bonna ke mo amogetseng.’ Ee, mafoko ano re ne ra a utlwa a bolelwa go tswa legodimong fa re ne re na le ene mo thabeng e e boitshepo.” (2 Petere 1:17, 18) Johane le ene o ne a amiwa jalo ke tiragalo eno. Dingwaga di feta 60 fa e sena go direga, go bonala a bua ka yone mo mafokong ano: “Re ne ra bona kgalalelo ya gagwe, kgalalelo e e tshwanang le ya morwa yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa go rre.” (Johane 1:14) Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eno ya go fetolwa ponalo e ne ya se ka ya nna yone fela e balatedi ba ga Jesu ba e newang.

Batho ba Modimo ba ba Ikanyegang ba Newa Tshedimosetso e e Oketsegileng

14, 15. Ke ka tsela efe moaposetoloi Johane a neng a tla nna go fitlha Jesu a tla?

14 Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o iponatsha mo barutweng ba gagwe fa Lewatleng la Galalea. Fa ba le koo, o raya Petere jaana: “Fa e le thato ya me gore [Johane] a nne go fitlha ke tla, seo se go tshwenya ka eng?” (Johane 21:1, 20-22, 24) A mafoko ano a bontsha gore moaposetoloi Johane o ne a tla tshela lobaka lo loleele go feta baaposetoloi ba bangwe? Go bonala go ntse jalo, ka gonne o ne a tshela dingwaga tse dingwe gape tse di batlang di nna 70 a direla Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, mafoko ano a ga Jesu a kaya sengwe gape.

15 Mafoko a a reng “go fitlha ke tla” a re gakolola mafoko a ga Jesu a mo go one a umakang go tla ga ‘Morwa motho a le mo bogosing jwa gagwe.’ (Mathaio 16:28) Johane o nna go fitlha Jesu a tla ka tsela ya gore moragonyana o newa ponatshegelo ya boporofeti e mo go yone a bonang Jesu a tla ka taolo ya gagwe ya Bogosi. Pele fela ga Johane a swa, fa a le kwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamose, o newa Tshenolo e e tletseng ka ditiragalo tse di gakgamatsang tsa tshwantshetso tsa boporofeti tse di tla diregang mo “letsatsing la Morena.” Johane o amiwa maikutlo thata jaana ke ponatshegelo eno e e gakgamatsang mo e neng ya re fa Jesu a re: “Ee; ke tla ka bofefo,” Johane o ne a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.”—Tshenolo 1:1, 10; 22:20.

16. Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne re nonotshe tumelo ya rona?

16 Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba amogela gore Jesu ke Mesia ba bo ba dumela mo go ene. Fa o akanya ka bontsi jwa batho ba ba se nang tumelo ba ba tshelang le bone, le tiro e ba tshwanetseng go e dira le diteko tse ba tlileng go lebana le tsone, badumedi bano ba basha ba tshwanelwa ke go nonotshiwa tumelo. Jesu o ntshitse bosupi jo bontsi jwa gore ke ene Mesia e bile o ntshitse diponatshegelo tsa boporofeti tse di nayang tshedimosetso go kgothatsa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang. Gompieno re setse re le kwa garegare mo “letsatsing la Morena.” Keresete o tla tloga a fedisa tsamaiso yotlhe e e boikepo ya dilo ya ga Satane mme a golola batho ba Modimo. Le rona re tshwanetse go nonotsha tumelo ya rona ka go dirisa ka botlalo dilo tsotlhe tsa semoya tse Jehofa a re tlamelang ka tsone.

Go Sirelediwa mo Lefifing le mo Pitlaganong

17, 18. Ke pharologano efe e kgolo e e neng e le gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga gareng ga balatedi ba ga Jesu le batho ba ba neng ba le kgatlhanong le maikaelelo a Modimo, mme go ne ga felela jang ka sengwe le sengwe sa ditlhopha tseno?

17 Morago ga loso lwa ga Jesu barutwa ba ne ba ikobela taelo ya gagwe ka bopelokgale ya gore ba neele bosupi ka ene “mo Jerusalema mmogo le mo Judea yotlhe le Samarea le go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Ditiro 1:8) Go sa kgathalasege dipogiso tse di setlhogo tse phuthego ya Bokeresete e e sa ntseng e simologa e ileng ya lebana le tsone, Jehofa o e segofatsa ka tshedimosetso ya semoya le ka barutwa ba basha ba bantsi.—Ditiro 2:47; 4:1-31; 8:1-8.

18 Ka fa letlhakoreng le lengwe, ditsholofelo tsa batho ba ba ganetsang dikgang tse di molemo di nnela letobo go ya pele. Diane 4:19 ya re: “Tsela ya baikepi e tshwana le letobo; ga ba a itse gore ba ntse ba kgotšwa ke eng.” “Letobo” leno le a gakala ka 66 C.E. fa masole a Roma a dikaganyetsa Jerusalema. Fa masole ano a Roma a sena go ikgogela morago kwantle ga lebaka lepe, a boa gape ka 70 C.E., mme mo lekgetlong leno a ripitla motse. Go ya ka mokwadi wa hisitori wa Mojuda e bong Josephus, go bolawa Bajuda ba feta milione. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba a falola. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ile ba ikobela taelo ya ga Jesu ya gore ba tshabe fa masole a ikgogela morago mo lekgetlong la ntlha.—Luke 21:20-22.

19, 20. (a) Ke eng fa batho ba Modimo ba sa tshwanela go boifa fa tsamaiso ya jaanong ya dilo e ntse e ya bokhutlong? (b) Ke tshedimosetso efe e e gakgamatsang e Jehofa a neng a e naya batho ba gagwe mo masomeng a dingwaga pele ga 1914?

19 Le rona re mo seemong se se tshwanang. Pitlagano e kgolo e e tlang e tla felela ka gore tsamaiso yotlhe e e boikepo ya ga Satane e fedisiwe. Mme batho ba Modimo ga ba a tshwanela go boifa ka gonne Jesu o ne a solofetsa jaana: “Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:20) Jesu o ne a nonotsha tumelo ya barutwa ba gagwe ba pele le go ba thusa go ipaakanyetsa se se neng se tlile go direga ka go ba naya ponelopele ya kgalalelo ya gagwe ya selegodimo fa e tla bo e le Kgosi ya Mesia. Go tweng ka gompieno? Ka 1914 ponelopele eo e ne ya fetoga selo sa mmatota. Mme a bo seo se nonotsha tumelo ya batho ba Modimo thata jang ne! Seo se dira gore batho ba nne le tsholofelo e e molemo ka isagwe, mme batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba newa tshedimosetso e e ntseng e oketsega ka tiragalo eo ya mmatota. Gompieno mo maemong a lefatshe leno a a ntseng a nnela maswe go feta, “tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.”—Diane 4:18.

20 Tota le pele ga 1914, setlhotshwana se sennye sa Bakeresete ba ba tloditsweng se ne sa simolola go tlhaloganya dithuto tse di botlhokwa tsa boammaaruri kaga go boa ga Morena. Ka sekai, ba ne ba tlhaloganya gore go boa ga gagwe go ne go se kitla go bonwa ka matlho, jaaka go bonala baengele ba babedi ba ba neng ba itlhagisa mo barutweng ba ga Jesu fa a ne a tlhatlogela legodimong ka 33 C.E., ba ile ba bolela. Fa leru le sena go tlosa Jesu mo matlhong a barutwa, baengele bao ba ne ba re: “Jesu yono yo o neng a tlhatlosediwa kwa godimo kwa loaping a tswa mo go lona o tla tla jalo ka mokgwa o o tshwanang le o lo mmoneng a ya kwa loaping ka one.”—Ditiro 1:9-11.

21. Go tla tlotliwa ka eng mo setlhogong se se latelang?

21 Fa Jesu a ne a tlhatloga o ne a bonwa fela ke barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang. Go fetoga ga gagwe ponalo le gone go ne ga se ka ga bonwa ke batho botlhe; bontsi jwa batho bo ne jwa se ka jwa bona se se neng sa direga. Go ne go tla nna fela jalo le ka nako ya fa Keresete a boa a tla ka taolo ya Segosi. (Johane 14:19) Ke barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba ikanyegang fela ba ba neng ba tla lemoga go nna gone ga gagwe e le kgosi. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa kitso eo e neng e tla ba ama thata ka teng, mo go neng ga felela ka gore go kokoanngwe dimilionemilione tsa batho ba ba neng ba tla nna babusiwa ba mo lefatsheng ba ga Jesu.—Tshenolo 7:9, 14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bonala ka nako ya kolobetso ya ga Jesu e le Johane fela yo o ileng a utlwa lentswe la Modimo. Bajuda ba Jesu a neng a bua le bone ‘ba ne ba ise ba utlwe lentswe la Modimo ka nako epe le fa e le go bona popego ya gagwe.’—Johane 5:37.

A o A Gakologelwa?

• Fa Jesu a ne a latofadiwa ka go tlola molao wa Sabata le gore o a tlhapatsa, o ne a ntsha bosupi bofe go bontsha gore e ne e le Mesia?

• Barutwa ba pele ba ga Jesu ba ne ba solegelwa molemo jang ke ponatshegelo ya go fetolwa ponalo?

• Jesu o ne a kaya eng fa a ne a re Johane o ne a tla nna go fitlha ene a tla?

• Ka 1914, ke ponelopele efe e e neng ya nna selo sa mmatota?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Jesu o ne a ntsha bosupi jwa gore e ne e le Mesia

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ponatshegelo ya go fetolwa ponalo e ne e nonotsha tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Johane o ne a tla nna go fitlha Jesu a ‘tla’