Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Metlha Jehofa o Dira se se Siameng

Ka Metlha Jehofa o Dira se se Siameng

Ka Metlha Jehofa o Dira se se Siameng

“Jehofa o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe.”—PESALEMA 145:17.

1. O ikutlwa jang fa mongwe a dira ditshwetso tse di phoso ka wena, mme seo se ka re ruta eng?

AMONGWE o kile a dira ditshwetso tse di phoso ka wena, gongwe a belaela maitlhomo a gago le dilo tse o di dirang, mme a sa itse mabaka otlhe? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o ile wa utlwa botlhoko—mme go a utlwala go bo o ne wa ikutlwa jalo. Seno se ka re ruta thuto nngwe ya botlhokwa: Go botoka go se dire ditshwetso ka bonako fa re sa itse mabaka otlhe.

2, 3. Bangwe ba ikutlwa jang ka dipego tsa Baebele tse di se nang tshedimosetso e e lekaneng go araba dipotso tsotlhe, mme Baebele e re bolelela eng kaga Jehofa?

2 Re tshwanetse ra gopola thuto eno fa re dira ditshwetso kaga Jehofa Modimo. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ka gonne go na le dipego dingwe mo Baebeleng tse kwa tshimologong di ka lebegang di akabatsa. Dipego tseno—gongwe e le tse di kaga ditiro tsa bangwe ba baobamedi ba Modimo kgotsa dikatlholo tsa Modimo tsa nako e e fetileng—di ka tswa di se na tshedimosetso e e lekaneng go araba dipotso tsa rona tsotlhe. Ka maswabi, bangwe ba tshwaya dipego tse di ntseng jalo phoso, e bile ba belaela gore a Modimo o siame le gone o na le tshiamiso. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore “Jehofa o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe.” (Pesalema 145:17) Gape Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore “ga a dire boikepo.” (Jobe 34:12; Pesalema 37:28) Ka jalo, akanya fela gore o ka tswa a ikutlwa jang fa batho ba dira ditshwetso tse di phoso ka ene!

3 A re sekasekeng mabaka a le matlhano a go bo re tshwanetse go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa. Mme fa re ntse re gopotse mabaka ao, re tla sekaseka dipego tse pedi tsa Baebele tse bangwe ba ka fitlhelang go le thata go di tlhaloganya.

Ke Eng fa re Tshwanetse go Amogela Dikatlholo Tsa ga Jehofa?

4. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikokobetsa fa re sekaseka ditiro tsa Modimo? Tshwantsha.

4 Sa ntlha, e re ka Jehofa a itse sengwe le sengwe se se amegang, mme rona re sa itse sengwe le sengwe, re tshwanetse ra ikokobetsa fa re akanya ka ditiro tsa Modimo. Re ka tshwantsha jaana: A re re moatlhodi yo o itsegeng ka go ntsha dikatlholo tse di siameng o ntshitse katlholo mo tshekong. O ne o ka reng ka motho yo o neng a ka tshwaya diphoso tshwetso ya moatlhodi yono mme a sa itse mabaka otlhe e bile tota a sa tlhaloganye melao e e amegang? E tla bo e le boeleele gore motho a tshwayatshwaye kgang diphoso mme a sa itse sengwe le sengwe ka yone. (Diane 18:13) Mme a bo e ne e tla bo e le boeleele le go feta jang ne fa batho fela ba ne ba ka tshwaya “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” diphoso!—Genesise 18:25.

5. Ke eng se re sa tshwanelang go se lebala fa re bala dipego tsa Baebele ka dikatlholo tsa Modimo mo bathong bangwe?

5 Lebaka la bobedi la go bo re tshwanetse go amogela dikatlholo tsa Modimo ke gore ene ga a tshwane le batho, o kgona go bona se se mo pelong ya motho. (1 Samuele 16:7) Lefoko la gagwe la re: “Nna, Jehofa, ke hukutsa pelo, ke tlhatlhoba diphilo, le go naya mongwe le mongwe go ya ka ditsela tsa gagwe, go ya ka maungo a ditiro tsa gagwe.” (Jeremia 17:10) Ka gone, fa re bala dipego tsa Baebele tsa kafa Modimo a ileng a atlhola batho bangwe ka teng, a re se ka ra lebala gore ka ntlha ya gore o kgona go bona dilo tsotlhe, o ne a akanyetsa dikakanyo, maitlhomo le maikaelelo a a fitlhegileng a batho bao a a sa kwalwang mo Lefokong la gagwe.—1 Ditiragalo 28:9.

6, 7. (a) Jehofa o bontshitse jang gore ga a tlole melao ya gagwe ya tshiamiso le ya se se siameng tota le fa a latlhegelwa thata? (b) Re tshwanetse go gopola eng fa re bala sengwe mo Baebeleng se se dirang gore re ipotse gore a Modimo o tsere kgato ya tshiamiso kgotsa e e siameng?

6 Ela tlhoko lebaka la boraro la go bo re tshwanetse go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa: O dira tumalanong le melao ya gagwe ya tshiamo tota le fa a latlhegelwa thata. Akanya ka sekai seno. Fa Jehofa a ne a ntsha Morwawe e le thekololo gore a golole batho ba ba kutlo mo boleong le mo losong, o ne a diragatsa melao ya gagwe ya tshiamo le tshiamiso. (Baroma 5:18, 19) Le fa go ntse jalo, go bona Morwawe yo o rategang a boga a bo a swa mo koteng ya tlhokofatso go tshwanetse ga bo go ile ga utlwisa Jehofa botlhoko fela thata. Seno se re bolelela eng ka Modimo? Baebele e bolela jaana ka “thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu”: “Seno e ne e le gore [Modimo] a bontshe tshiamo ya gagwe.” (Baroma 3:24-26) Thanolo e nngwe ya Baroma 3:25 e balega jaana: “Seno se ne se bontsha gore ka metlha Modimo o dira se se siameng le se se tshwanetseng.” (New Century Version) Ee, selekanyo se Jehofa a neng a iketleeleditse ka sone go rulaganya thekololo se bontsha gore o tseela “se se siameng le se se tshwanetseng” kwa godimo fela thata.

7 Ka jalo he, fa re bala sengwe mo Baebeleng se se dirang gore bangwe ba ipotse gore a Modimo o tsere kgato e e bontshang tshiamiso kgotsa tshiamo, re tshwanetse go gopola seno: E re ka Jehofa a sa fetogele melao ya gagwe ya se se siameng le ya tshiamiso, ga a ka a thibela Morwawe gore a se ka a swa loso lo lo botlhoko. A o ne a ka tlola melao eo mo dilong tse dingwe? Boammaaruri ke gore, Jehofa ga a ke a tlola melao ya gagwe ya se se siameng le ya tshiamiso. Ka jalo re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore ka metlha o dira se se siameng le se se tshwanetseng.—Jobe 37:23.

8. Ke ka ntlha yang fa go tla bo go sa utlwale gore batho ba akanye gore Jehofa o tlhaela tshiamiso le tshiamo ka tsela nngwe?

8 Akanya ka lebaka la bonè la go bo re tshwanetse go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa: Jehofa o dirile motho mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:27) Ka jalo batho ba neilwe dinonofo tse di tshwanang le tsa Modimo, go akaretsa tshiamiso le tshiamo. Go tla bo go sa utlwale fa tshiamiso le tshiamo ya rona e ka dira gore re akanye gore Jehofa o tlhaela tsone dinonofo tseo. Fa re tshwenngwa ke pego nngwe e e mo Baebeleng, re tshwanetse go gopola gore ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, tsela e re lebang se se tshiamiso le se se siameng ka yone ga e a itekanela. Jehofa Modimo, yo re dirilweng mo setshwanong sa gagwe, o na le tshiamiso le tshiamo e e feletseng. (Duteronome 32:4) Go tla bo go sa utlwale le go akanya fela gore batho ba ka tswa ba le tshiamiso kgotsa ba siame go feta Modimo!—Baroma 3:4, 5; 9:14.

9, 10. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a sa patelesege go tlhalosetsa batho mabaka a go bo a dira dilo jaaka a di dira?

9 Lebaka la botlhano la go bo re tshwanetse go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa ke gore ke “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Ka jalo, ga a patelesege go tlhalosetsa batho mabaka a go bo a dira dilo jaaka a di dira. Ke ene Mmopi yo Mogolo wa Letsopa, mme rona re tshwana le letsopa le le bopilweng go nna dijana, mo a ka dirang se a se ratang ka rona. (Baroma 9:19-21) Rona re bomang—letsopa la seatla sa gagwe—gore re ka belaela ditshwetso kgotsa ditiro tsa gagwe? Fa tlhogo ya lotso Jobe a ne a sa tlhaloganye sentle tsela e Modimo a neng a dirisana le batho ka yone, Jehofa o ne a mo kgalemela ka go mmotsa jaana: “A tota o tla dira tshiamiso ya me lefela? A o tla mpolela ke le yo o boikepo gore o tle o nne yo o se nang molato?” Moragonyana Jobe o ne a ikwatlhaya, a lemoga gore o ne a buile a sa tlhaloganye se a buang ka sone. (Jobe 40:8; 42:6) A le ka motlha re se ka ra dira phoso ya go tshwaya Modimo diphoso!

10 Go bonala sentle gore re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jehofa ka metlha o dira se se siameng. A re se lebaleng mabaka ano a a re thusang go tlhaloganya tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone, mme re tlhatlhobeng dipego tse pedi tsa Baebele tse bangwe ba ka fitlhelang di akabatsa. Ya ntlha ke ya sengwe se se dirilweng ke mongwe wa baobamedi ba Modimo, mme ya bobedi ke ya fa Modimo a ne a diragatsa katlholo ka boene.

Ke ka Ntlha Yang fa Lote A ne A Batla go Naya Segopa se se Galefileng Bomorwadie?

11, 12. (a) Tlhalosa se se ileng sa diragala fa Modimo a ne a romela baengele ba babedi kwa Sodoma ba ikapesitse mebele ya batho. (b) Pego eno e tsositse dipotso dife mo megopolong ya bangwe?

11 Mo go Genesise kgaolo 19, go na le pego ya se se neng sa diragala fa Modimo a ne a roma baengele ba le babedi kwa Sodoma ba ikapesitse mebele ya batho. Lote o ne a gatelela gore baeng bano ba nne mo legaeng la gagwe. Le fa go ntse jalo, mo bosigong joo, banna ba motse ba ne ba dikanyetsa ntlo ba le segopa, ba batla gore baeng bano ba tlisiwe kwa go bone gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang le bone. Lote o ne a leka go beela segopa seno mabaka, mme ga go a ka ga thusa sepe. Lote o ne a bolela jaana a leka go sireletsa baeng ba gagwe: “Tsweetswee, bomorwarra, lo se ka lwa dira ka tsela e e bosula. Tsweetswee, bonang, ke na le bana ba babedi ba basetsana ba ba iseng ba ke ba tlhakanele dikobo le monna. Tsweetswee, mma ke ba ntshetseng kwa go lona. Mme lo dire ka bone kafa go leng molemo ka gone mo matlhong a lona. Fela banna bano bone lo se ka lwa ba dira sepe, ka gonne ke gone ka moo ba tlileng kafa tlase ga moriti wa borulelo jwa me.” Batho bano ba ne ba sa batle go reetsa mme ba batla ba roba lebati. Kgabagare, baengele bano ba ba etileng ba ne ba foufatsa boidiidi jono jo bo neng bo dule mo taolong.—Genesise 19:1-11.

12 Go a utlwala go bo pego eno e tsositse dipotso tse dintsi mo megopolong ya bangwe. Ba ipotsa jaana: ‘Lote o ne a ka leka jang go sireletsa baeng ba gagwe ka go raya segopa sa batho ba ba neng ba batla go dira boitsholo jo bo sa siamang, a re a ka ba naya bomorwadie? A kgato eo e ne e se maswe, e bile e le ya bogatlapa?’ Fa re akanya ka pego eno, ke ka ntlha yang fa Modimo a ne a ka tlhotlheletsa Petere go bitsa Lote a re ke “monna yo o siameng”? A Lote o ne a dira se Modimo a se amogelang? (2 Petere 2:7, 8) A re akanyetseng kgang eno kwa teng gore re se ka ra dira ditshwetso tse di phoso.

13, 14. (a) Re tshwanetse ra ela eng tlhoko malebana le pego ya Baebele ka ditiro tsa ga Lote? (b) Ke eng se se bontshang gore Lote ga a ka a dira ka bogatlapa?

13 Sa ntlha, re tshwanetse go lemoga gore Baebele ga e tshegetse ditiro tsa ga Lote e bile ga e di kgale, mme e bega fela se se diragetseng. Gape Baebele ga e re bolelele gore Lote o ne a akantse eng kgotsa gore o ne a tlhotlhelediwa ke eng go dira se a se dirileng. Fa a boa ka nako ya “tsogo ya ba ba siameng,” gongwe o tla re tlhalosetsa dintlha ka botlalo.—Ditiro 24:15.

14 Tota Lote e ne e se legatlapa. O ne a le mo boemong jo bo thata. Fa Lote a ne a re baeng ba gagwe ba ne ba tlile “kafa tlase ga moriti wa borulelo” jwa gagwe, o ne a bontsha gore o ne a ikutlwa a tshwanetse go ba sireletsa le go ba naya botshabelo. Mme go ne go se kitla go nna motlhofo go dira jalo. Rahisitori wa Mojuda e bong Josephus o bega gore Basodoma “ba ne ba sa tshware batho sentle, e bile ba sa tlotle Modimo . . . Ba ne ba ila batswakwa, e bile ba itshotla mebele ka mekgwa ya Bosodoma.” Le fa go ntse jalo, Lote ga a ka a tshaba segopa seno se se tletseng letlhoo. Mo boemong jwa moo, o ne a tswa a ya go buisana le banna bao ba ba galefileng. O ne a ba a “tswala setswalo fa a sena go tswa.”—Genesise 19:6.

15. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Lote o tshwanetse a bo a ne a dira ka tumelo?

15 Bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘Mme ke ka ntlha yang fa Lote a ne a re o naya segopa seno bomorwadie?’ Mo boemong jwa go tsaya fela gore o ne a na le maitlhomo a a sa siamang, ke ka ntlha yang fa re sa akanyetse dilo dingwe tse di ka tswang di diragetse? Sa ntlha, tota Lote o ka tswa a dirile seo ka tumelo. Jang? Kwantle ga pelaelo Lote o ne a itse kafa Jehofa a neng a sireleditse Sara ka teng, mosadi wa ga Aborahame, morwarraagwe rraagwe Lote. O tla gakologelwa gore e re ka Sara a ne a le montle thata, Aborahame o ne a mo kopa gore a re ke kgaitsadie, gore batho bangwe ba se ka ba tloga ba bolaya Aborahame gore ba tseye Sara. * Go tswa foo, Sara o ne a isiwa kwa ntlong ya ga Faro. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsenelela, a thibela Faro gore a se ka a leswafatsa Sara. (Genesise 12:11-20) Go ka direga gore Lote o ne a na le tumelo ya gore bomorwadie le bone ba ne ba ka sirelediwa ka tsela e e tshwanang. Se se kgatlhang ke gore, gone Jehofa o ne a tsenelela a dirisa baengele ba gagwe, mme barweetsana ba ne ba sireletsega.

16, 17. (a) Lote a ka tswa a ne a leka go akabatsa kgotsa go tlhakanya banna ba Sodoma tlhogo jang? (b) Go sa kgathalesege gore Lote o ne a akanya jang, ke eng se re ka tlhomamisegang ka sone?

16 Akanya ka se sengwe gape se e ka tswang e le lone lebaka. Gape Lote a ka tswa a ne a leka go akabatsa kgotsa go tlhakanya banna bano tlhogo. A ka tswa a ne a dumela gore boidiidi jono bo ka se eletse bomorwadie ka gonne banna bano ba kwa Sodoma ba ne ba eletsa go tlhakanela dikobo le batho ba bong jwa bone. (Jude 7) Mo godimo ga moo, barweetsana bano ba ne ba beeleditswe ke banna ba motse, ka jalo mo segopeng seo go ka tswa go ne go na le masika, ditsala kgotsa bagwebimmogo le banna bano ba e neng e tla nna bagwe ba ga Lote. (Genesise 19:14) Lote a ka tswa a ile a solofela gore ka ntlha ya go amana jalo le batho bano, gongwe bangwe ba banna ba ba mo segopeng seo ba ne ba tla buelela bomorwadie go ba sireletsa. Ka jalo fa batho ba ba mo segopeng ba sa dumalane ka mogopolo, ba ne ba ka se ka ba nna kotsi go le kalo. *

17 Go sa kgathalesege gore Lote o ne a akanya jang kgotsa o ne a ikaeletse eng, re ka tlhomamisega ka seno: E re ka Jehofa ka metlha a dira se se siameng, o tshwanetse a bo a ne a na le mabaka a a utlwalang a go tsaya Lote e le “monna yo o siameng.” Mme fa re leba ditiro tsa segopa se se galefileng sa Basodoma, a re ka belaela gore Jehofa o ne a se na lebaka le le utlwalang la go diragatsa katlholo mo banning ba motse oo o o boikepo?—Genesise 19:23-25.

Ke Eng fa Jehofa A ne A Bolaya Usahe?

18. (a) Go ne ga diragalang fa Dafide a ne a leka go isa Letlole kwa Jerusalema? (b) Pego eno e tsosa potso efe?

18 Pego e nngwe e batho bangwe ba ka nnang ba bona e tlhakanya tlhogo e malebana le nako ya fa Dafide a ne a leka go isa letlole la kgolagano kwa Jerusalema. Letlole le ne la pegwa mo koloing ya dikgomo, e e neng e eteletswe pele ke Usahe le morwarraagwe. Baebele ya re: “Kgabagare ba goroga kwa seboaneng sa ga Nakone, mme Usahe jaanong a ntshetsa letlole la Modimo wa boammaaruri seatla a le tshwara, gonne dikgomo di batlile di le menola. Foo bogale jwa ga Jehofa jwa tukela Usahe mme Modimo wa boammaaruri a mmolaya ka ntlha ya tiro eo ya go tlhoka poifo ya bomodimo, mo o neng a swela foo gaufi le letlole la Modimo wa boammaaruri.” Dikgwedi di se kae moragonyana, go ne ga dirwa maiteko a mangwe gape a a ileng a atlega a go isa Letlole, mme le isiwa ka tsela e Modimo a e laetseng, le sikerwe ke Balefi ba Bakohathe mo magetleng. (2 Samuele 6:6, 7; Dipalo 4:15; 7:9; 1 Ditiragalo 15:1-14) Bangwe ba ka nna ba botsa jaana: ‘Ke eng fa Jehofa a ne a tsaya kgato e e gagametseng jaana? Usahe o ne a leka fela go sireletsa Letlole.’ Fa re sa batle go dira tshwetso e e phoso, re tshwanetse go akanyetsa dintlha dingwe tse di ka re nayang lesedi.

19. Ke ka ntlha yang fa go ka se ka ga direga gore Jehofa a dire ka tsela e e se nang tshiamiso?

19 Re tshwanetse go gopola gore Jehofa a ka se ka a dira ka tsela e e se nang tshiamiso. (Jobe 34:10) Fa a ka dira jalo o tla bo a se na lorato, mme go ya kafa re ithutileng Baebele yotlhe ka teng re itse gore “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Mo godimo ga moo, Dikwalo di re bolelela gore “tshiamo le katlholo ke lefelo le le tlhomameng la setulo sa [Modimo] sa bogosi.” (Pesalema 89:14) Ka jalo, go ne go ka tla jang gore Jehofa a dire ka tsela e e se nang tshiamiso? Fa a ne a ka dira jalo, o ne a tla bo a tseela bolaodi jwa gagwe kwa tlase.

20. Ke mabaka afe a a bontshang gore Usahe o tshwanetse a bo a ne a itse melao e e amanang le Letlole?

20 Gakologelwa gore Usahe o tshwanetse go ka bo a ne a itse molao. Letlole le ne le emela go nna teng ga ga Jehofa. Molao o ne o bolela gore le ne le sa tshwanela go tshwarwa ke batho ba ba sa newang tetla ya go dira jalo, o tlhagisa ka tlhamalalo gore batho ba ba neng ba ka dira jalo ba ne ba tla otlhaiwa ka loso. (Dipalo 4:18-20; 7:89) Ka jalo, go fudusiwa ga letlole leo le le boitshepo e ne e se tiro e e ka tsewang motlhofo. Go bonala gore Usahe e ne e le Molefi, (le fa e ne e se moperesiti), ka jalo o ne a tshwanetse go ka bo a itse Molao sentle. Kwantle ga moo, dingwaga di le mmalwa pelenyana ga moo, Letlole le ne le fuduseditswe kwa ntlong ya ga rraagwe gore le sireletsege. (1 Samuele 6:20–7:1) Le ne la nna koo dingwaga di ka nna 70, go fitlha Dafide a tlhopha go le fudusa. Ka jalo, Usahe o tshwanetse a bo a ne a itse melao e e malebana le Letlole go tloga a sa le ngwana.

21. Mo kgannyeng ya ga Usahe, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gakologelwa gore Jehofa o bona maitlhomo a pelo?

21 Jaaka go bontshitswe pelenyana, Jehofa o kgona go bona se se mo pelong. E re ka Lefoko la gagwe le bitsa se Usahe a se dirileng le re ke ‘tiro ya go tlhoka poifo ya bomodimo,’ Jehofa o ka tswa a ile a bona maitlhomo mangwe a bopelotshetlha a a sa tlhalosiweng ka tlhamalalo mo pegong eno. A kgotsa Usahe e ne e le motho yo o ikgodisang, a tlwaetse go tlola melao e e beilweng? (Diane 11:2) A lebaka la go bo a ne a etelela Letlole pele phatlalatsa, le lelapa la gagwe le neng le le sireleditse kwa gae, le ne le dira gore a ikgogomose? (Diane 8:13) A Usahe o ne a se na tumelo mo a neng a ka akanya gore Jehofa o ne a ka se ka a kgona go tshwara letlole le le boitshepo gore le se ka la wa, mme e le letlole le le tshwantshetsang go nna teng ga Gagwe? Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, re ka tlhomamisega gore Jehofa o ne a dira se se siameng. O tshwanetse a bo a ile a bona sengwe mo pelong ya ga Usahe se se neng sa dira gore a ntshe katlholo ka bofefo.—Diane 21:2.

Mabaka a a Utlwalang A go Mo Ikanya

22. Lebaka la go bo Lefoko la ga Jehofa ka dinako tse dingwe le sa umake dilo tsotlhe le supa botlhale jwa gagwe jang?

22 Botlhale jwa ga Jehofa jo bo ka se lekanngweng le sepe bo bontshiwa ke gore ka dinako tse dingwe Lefoko la gagwe ga le umake dilo dingwe. Ka jalo Jehofa o re naya sebaka sa go bontsha gore re a mo ikanya. Mo go se re setseng re se sekasekile, a ga go bonale sentle gore re na le mabaka a a utlwalang a go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa? Ee, fa re ithuta Lefoko la Modimo ka bopeloephepa le ka mogopolo o o iketleeditseng go ithuta, re nna le kitso e ntsi kaga Jehofa gore re bo re tlhomamisege gore ka metlha o dira se se tshiamiso le se se siameng. Ka gone, fa pego nngwe ya Baebele e baka dipotso tse re ka se kang ra bona dikarabo tsa tsone gone fela foo, a re tlhomamisegeng ka botlalo gore Jehofa o dirile se se siameng.

23. Re ka tlhomamisega ka eng malebana le ditiro tsa ga Jehofa tsa nako e e tlang?

23 Re ka nna le tshepo fela jalo ka ditiro tsa ga Jehofa tsa nako e e tlang. Ka jalo re ka tlhomamisega gore fa a tla go diragatsa katlholo ka pitlagano e kgolo e e tlang, ga a kitla a “gogola basiami le baikepi.” (Genesise 18:23) Tsela e a ratang tshiamo le tshiamiso ka yone e ka se ka ya mo letla go dira jalo. Gape re ka tlhomamisega ka botlalo gore mo lefatsheng le lesha le le tlang, o tla re naya sotlhe se re se tlhokang.—Pesalema 145:16.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 15 Go ne go utlwala gore Aborahame a boife, ka gonne mokwalo mongwe wa bogologolo o bua ka Faro mongwe yo o neng a roma masole a a tlhomeletseng gore a gape mosadi mongwe yo montle a bo a bolaya monna wa gagwe.

^ ser. 16 Fa o batla ditlhaloso tse di oketsegileng, bona Tora ya Tebelo ya December 1, 1979, tsebe 31, ka Seesemane.

A o A Gakologelwa?

• Ke mabaka afe a re nang le one a go amogela dikatlholo tsa ga Jehofa?

• Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dira ditshwetso tse di phoso malebana le nako ya fa Lote a ne a re o naya segopa sa banna ba ba galefileng bomorwadie?

• Ke dilo dife tse di ka re thusang go tlhaloganya lebaka la go bo Jehofa a ne a bolaya Usahe?

• Re ka tlhomamisega ka eng malebana le ditiro tsa ga Jehofa tsa mo nakong e e tlang?

[Dipotso Tsa Thuto]