Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Berleburg

Baebele ya Berleburg

Baebele ya Berleburg

PIETISM e ne e le mokgatlho wa bodumedi o o simologileng mo Kerekeng ya Lutere ya Jeremane ka lekgolo la bo17 le la bo18 la dingwaga. Balatedi bangwe ba mokgatlho ono ba ne ba sotliwa kgotsa le e leng go bogisiwa ka ntlha ya tumelo ya bone. Bakanoki ba le mmalwa ba mokgatlho wa Pietism ba ne ba tshabela kwa Berleburg, dikilometara tse di ka nnang 150 kwa bokone jwa Frankfurt e e fa nokeng ya Main, kwa Hesse, kwa Jeremane. Ba ne ba newa lefelo la botshabelo ke motlotlegi wa lefelo leo, e bong Count Casimir von Wittgenstein Berleburg, yo o neng a rata bodumedi thata. Go nna teng ga bareri le bakanoki bano kwa Berleburg go ne ga dira gore go nne le thanolo e ntšha ya Baebele, e gompieno e itsegeng e le Baebele ya Berleburg. Thanolo eno e nnile gone jang?

Mongwe wa ba ba neng ba batla lefelo la botshabelo e ne e le Johann Haug, yo o neng a patelediwa go tlogela legae la gagwe kwa Strasbourg ka gonne a tshwenngwa ke baithutabodumedi ba lefelo leo. Haug e ne e le mokanoki yo o rutegileng e bile e le moitsedipuo yo o nang le bokgoni. O ne a bolelela bakanoki ka ene kwa Berleburg ka keletso ya gagwe e kgolo ya “go tlhagisa thanolo ya Baebele e e se nang diphoso, go baakanya thanolo ya ga Luther, le go dira gore e dumalane kgo le Lefoko la Modimo.” (Die Geschichte der Berlenburger Bibel [Hisitori ya Baebele ya Berleburg]) Boikaelelo jwa gagwe e ne e le go tlhagisa Baebele e e nang le dintlha tse di tlhalosang le dikakgelo, mme e ne e tshwanetse go tlhaloganngwa ke batho botlhe. Haug o ne a kopa bakanoki ba bangwe mo dinageng tse dingwe tsa Yuropa gore ba mo thuse mme o ne a e ranola ka dingwaga di le 20. Baebele ya Berleburg e ne ya gatisiwa go simolola ka 1726. Ka ntlha ya dintlha tsa yone tse dintsi, e ne ya nna dibolumo tse robedi.

Ruri Baebele ya Berleburg e na le dintlha dingwe tse di kgatlhang. Ka sekai, Ekesodo 6:2, 3 e balega jaana: “Modimo a tswelela a bua le Moshe mme a mo raya a re: Ke nna MORENA! Mme ke ne ka bonala mo go Aborahame/mo go Isake le mo go Jakobe/ke le Modimo yo o maatla otlhe: mme ba ne ba sa nkitse ka leina la me JEHOFA.” Ntlha nngwe e tlhalosa jaana: “Leina JEHOFA . . . , leina le le mo tlhaolang/kgotsa/leina le le boletsweng.” Leina la Modimo, e bong Jehofa le tlhagelela le mo dikakgelong tse di mo go Ekesodo 3:15 le Ekesodo 34:6.

Ka jalo Baebele ya Berleburg e ne ya nna nngwe ya Dibaebele tsa Sejeremane mo go tse dintsi tse di dirisitseng leina Jehofa mo mokwalong wa tsone, mo dintlheng tse di kwa tlase kgotsa mo dikakgelong tsa tsone. Nngwe ya dithanolo tsa bosheng jaana e e tlotlang leina la Modimo ke Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.