Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete—Nnang Motlotlo Ka se Lo Leng Sone!

Bakeresete—Nnang Motlotlo Ka se Lo Leng Sone!

Bakeresete—Nnang Motlotlo Ka se Lo Leng Sone!

“Yo o ipelafatsang, a a ipelafatse mo go Jehofa.”—1 BAKORINTHA 1:31.

1. Batho ba setse ba nna le boikutlo bofe ka bodumedi?

“GO SE kgathalele tumelo mo Modimong.” Bosheng jaana mongwe yo o akgelang ka dikgang tsa bodumedi o ne a tlhalosa jalo boikutlo jo batho ba le bantsi ba nang le jone ka tumelo ya bone. O ne a tlhalosa jaana: “Phetogo e kgolo mo bodumeding jwa segompieno ga se bodumedi le e seng—ke boikutlo jo bo ka tlhalosiwang sentle go twe ke go se kgathalele tumelo mo Modimong.” Fa a tlhalosa go ya pele, o ne a tlhalosa boikutlo jono e le “mokgwa wa go se kgathale go le kalo ka bodumedi jwa gago.” O ne a akgela a re batho ba le bantsi ba “dumela mo Modimong . . . ; ke fela gore ga ba kgathale ka ene.”

2. (a) Ke ka ntlha yang fa go sa gakgamatse go bo batho ba sa tlhole ba kgathalela dilo tsa semoya? (b) Boikutlo jwa go se kgathale bo ka nna kotsi jang mo Bakereseteng ba boammaaruri?

2 Baithuti ba Baebele ga ba gakgamadiwe ke go bona batho ba simolola go nna le boikutlo jono jwa go se kgathale. (Luke 18:8) Mme fa e le ka bodumedi ka kakaretso, re tshwanetse ra itse gore batho ba tla felelwa ke kgatlhego jalo. Bodumedi jwa maaka ga bo bolo go latlha le go swabisa batho ka lobaka lo loleele. (Tshenolo 17:15, 16) Le fa go ntse jalo, moya o o anameng wa go se kgathale le go se tlhoafale o kotsi mo Bakereseteng ba mmatota. Go ka nna kotsi gore re simolole go se kgathale ka tumelo ya rona mme re felelwe ke tlhoafalo ya rona ya go direla Modimo le ya go tlhoafalela boammaaruri jwa Baebele. Jesu o ne a tlhagisa ka go nna mololo jalo fa a ne a tlhagisa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Laodikea a re: “Ga o tsididi le gone ga o mogote. Ke eletsa e kete o ka bo o ne o le tsididi kgotsa go sa nneng jalo o le mogote. . . . [O] mololo.”—Tshenolo 3:15-18.

Go Lemoga se re Leng Sone

3. Bakeresete ba ka nna motlotlo ka dilo dife tse di supang se ba leng sone?

3 Bakeresete ba tshwanetse go lemoga sentle gore ke bomang gore ba lwantshe boikutlo jwa go se kgathalele dilo tsa semoya, mme ba tshwanetse go nna motlotlo ka se ba leng sone. E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa e bile re le barutwa ba ga Keresete, re ka bona ditlhaloso tsa gore re bomang mo Baebeleng. Re “basupi” ba ga Jehofa, “badirimmogo le Modimo,” fa re ntse re bolelela ba bangwe “dikgang tse di molemo” ka tlhoafalo. (Isaia 43:10; 1 Bakorintha 3:9; Mathaio 24:14) Re batho ba ba ‘ratanang.’ (Johane 13:34) Bakeresete ba boammaaruri ke batho “ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.” (Bahebera 5:14) Re “masedi mo lefatsheng.” (Bafilipi 2:15) Re leka ka natla go ‘nna re na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng.’—1 Petere 2:12; 2 Petere 3:11, 14.

4. Moobamedi wa ga Jehofa a ka lemoga jang se a seng sone?

4 Baobamedi ba ga Jehofa ba boammaaruri gape ba itse se ba seng sone. “Ga ba karolo ya lefatshe,” fela jaaka Moeteledipele wa bone Jesu Keresete, a ne a se karolo ya lefatshe. (Johane 17:16) Ba nna ba kgaogane le “ditšhaba,” tse di leng “mo lefifing mo mogopolong, e bile [di] kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo.” (Baefeso 4:17, 18) Ka ntlha ya seo, balatedi ba ga Jesu ba “[gana] boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme [ba tshela] ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:12.

5. Kgakololo e e reng re “ipelafatse mo go Jehofa” e kaya eng?

5 Go bona sentle gore re bomang le go nna le kamano le Mmusimogolo wa lobopo go re rotloetsa gore re “ipelafatse mo go Jehofa.” (1 Bakorintha 1:31) Ke go ipelafatsa mo go ntseng jang moo? Rona Bakeresete ba boammaaruri, re motlotlo gore Jehofa ke Modimo wa rona. Re latela kgakololo eno: “A yo o ikgantshang a ikgantshe ka ntlha ya selo seno, go nna le temogo le go nna le kitso ka ga me, gore ke nna Jehofa, Yo o supang bopelonomi jwa lorato, tshiamiso le tshiamo mo lefatsheng.” (Jeremia 9:24) Re ‘ipelafatsa’ ka tshiamelo ya go itse Modimo le go dirisiwa ke ene go thusa ba bangwe.

Kgwetlho

6. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba fitlhela go le thata go nna ba lemoga sentle se ba leng sone?

6 Gone ke boammaaruri gore ga se ka dinako tsotlhe go leng motlhofo gore Bakeresete ba nne ba ntse ba lemoga sentle se ba leng sone. Lekawana lengwe le le godisitsweng e le Mokeresete le bolela gore le kile la koafala semoyeng ka nakwana: “Ka dinako tse dingwe, ke ne ke sa itse gore ke ka ntlha yang fa ke le Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ke rutilwe boammaaruri go tloga boseeng. Ka dinako tse dingwe ke ne ke akanya gore jono ke bongwe jwa madumedi a mangwe fela a a itshetletseng, a batho ba a amogelang.” Ba bangwe ba ka tswa ba ile ba letla gore boitlosobodutu, metswedi ya tshedimosetso, le tsela e e seng ya bomodimo e batho ba le bantsi gompieno ba lebang botshelo ka yone di bope se ba leng sone. (Baefeso 2:2, 3) Bakeresete bangwe ba ka nna ba ipelaela gangwe le gape le go sekaseka sesha dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa le mekgele ya bone.

7. (a) Batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go itlhatlhoba ka tsela efe? (b) Kotsi e fa kae?

7 A tota go phoso go itlhatlhoba ka selekanyo se se rileng gangwe le gape? Nnyaa. O ka nna wa gakologelwa gore moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba nne ba itlhatlhoba: “Nnang lo leke gore a lo mo tumelong, nnang lo ipontshe se lona ka bolona lo leng sone.” (2 Bakorintha 13:5) Fano moaposetoloi o ne a rotloetsa gore motho a leke go bona makoa ape fela a semoya a a ka tswang a simolotse go nna teng, ka boikaelelo jwa go tsaya dikgato tse di tlhokegang go baakanya seemo. Fa Mokeresete a leka gore a o mo tumelong, o tshwanetse a bona gore a mafoko a gagwe le ditiro tsa gagwe di dumalana le se a reng o a se dumela. Le fa go ntse jalo, fa re itlhatlhoba ka tsela e e seng yone, e e re tlhotlheletsang go batla “se re leng sone” kgotsa go batla dikarabo ka tsela e e sa tsamaisaneng le kamano ya rona le Jehofa kgotsa phuthego ya Bokeresete, seo se tla bo se se na mosola mme se ka tsenya bomoya jwa rona mo kotsing. * Le ka motlha re ka se batle go “senyegelwa ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe”!—1 Timotheo 1:19.

Le Rona re Lebana le Dikgwetlho

8, 9. (a) Moshe o ne a bontsha jang gore o a inyatsa? (b) Jehofa o ne a arabela jang fa Moshe a ne a bontsha go inyatsa? (c) O ikutlwa jang ka kgothatso e Jehofa a re nayang yone?

8 A Bakeresete ba ba a tleng ba ikutlwe ba ipelaela ba tshwanetse ba akanya gore ba paletswe? Nnyaa le e seng! Ba ka gomodiwa thata ke go itse gore ga se bone ba ntlha go nna le maikutlo ano. Basupi ba ba ikanyegang ba Modimo mo metlheng e e fetileng le bone ba ne ba na le one. Ka sekai, akanya ka Moshe, yo o neng a bontsha tumelo, boikanyegi le boineelo ka tsela e e tlhomologileng tota. Fa Moshe a ne a newa tiro e e neng e lebega e le kgolo thata, o ne a botsa jaana a inyatsa: “Nna ke mang?” (Ekesodo 3:11) Go lebega karabo e a neng a e akantse e ne e le, ‘Nna ga ke sepe!’ kgotsa ‘Nka se kgone!’ Go na le dilo di le mmalwa mo tseleng e Moshe a godisitsweng ka yone tse di ka tswang di dirile gore a ikutlwe a inyatsa: O ne a tswa mo setšhabeng sa batlhanka. O ne a latlhilwe ke Baiseraele. O ne a se seleta mo puong. (Ekesodo 1:13, 14; 2:11-14; 4:10) E ne e le modisa, tiro e e neng e sa ratege mo Baegepetong. (Genesise 46:34) Ga go gakgamatse go bo a ile a ikutlwa a sa tshwanele go golola batho ba Modimo ba ba dirilweng batlhanka!

9 Jehofa o ne a kgothatsa Moshe ka go mo neela ditsholofetso tse pedi tseno tsa botlhokwa: “Ke tla nna le wena, mme seno ke sesupo mo go wena sa gore ke nna ke go romileng: Fa o sena go ntsha batho kwa Egepeto, lo tla direla Modimo wa boammaaruri mo thabeng eno.” (Ekesodo 3:12) Modimo o ne a bolelela motlhanka wa gagwe yo o okaokang gore o ne a tla nna a na le ene ka metlha. Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bontsha gore ruri o ne a tla golola batho ba gagwe. Fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, Modimo o ile a solofetsa jalo gore o tla tshegetsa batho ba gagwe. Ka sekai, o ne a dirisa Moshe go bolelela setšhaba sa Iseraele jaana fa ba ne ba le gaufi le go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng: “Lo nne pelokgale lo nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago ke ene a gwantang le wena. Ga a kitla a go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.” (Duteronome 31:6) Gape Jehofa o ne a tlhomamisetsa Joshua jaana: “Ga go na ope yo o tla emang a nonofile fa pele ga gago malatsi otlhe a botshelo jwa gago. Ke tla nna le wena. . . . Ga nkitla ke go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.” (Joshua 1:5) Mme o solofetsa Bakeresete jaana: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Go nna le thuso e e nonofileng jalo go tshwanetse ga dira gore re ikutlwe re le motlotlo go bo re le Bakeresete!

10, 11. Asafe wa Molefi o ne a thusiwa ke eng gore a nne le boikutlo jo bo siameng malebana le mosola wa go direla Jehofa?

10 Dingwaga di ka nna makgolo a le matlhano morago ga motlha wa ga Moshe, Molefi mongwe yo o ikanyegang e bong Asafe o ne a kwala maikutlo a gagwe jaaka a ntse malebana le dipelaelo tse a neng a na le tsone ka mosola wa go dira ditiro tse di siameng. Fa Asafe a ntse a leka ka natla go direla Modimo le fa a lekwa e bile a raelwa, o ne a bona bangwe ba batho ba ba neng ba sotla Modimo ba nna le dithata e bile ba huma. Asafe o ne a ikutlwa jang? O ne a re, “Fa e le nna, dinao tsa me di ne di batlile di fapoga, dikgato tsa me di ne di batlile di reledisiwa. Gonne ke ne ka tswela baipelafatsi pelo, fa ke ne ke bona kagiso ya baikepi.” O ne a simolola go belaela mosola wa go nna moobamedi wa ga Jehofa. Asafe o ne a akanya jaana: “Eleruri ke ntlafaditse pelo ya me lefela ka ba ka tlhapela diatla tsa me lefela mo go tlhokeng molato. Ke ne ka lerediwa sebetso letsatsi lotlhe.”—Pesalema 73:2, 3, 13, 14.

11 Asafe o ne a dira jang ka maikutlo ano a a tshwenyang? A o ne a a latola? Nnyaa. O ne a a tlhalosa mo thapelong fa a ne a rapela Modimo, jaaka re bona mo Pesalemeng ya bo73. Boikutlo jwa ga Asafe bo ne jwa fetoga thata fa a ne a le kwa lefelong le le boitshepo la tempele. Fa a ntse a le koo, o ne a lemoga gore tota go ineela mo Modimong ke yone tsela e e molemo go gaisa tsotlhe. E re ka a ne a tsosolositse kanaanelo ya gagwe ka dilo tsa semoya, o ne a tlhaloganya gore Jehofa o tlhoile bosula le gore ka nako e e tshwanetseng baikepi ba tla otlhaiwa. (Pesalema 73:17-19) Ka go dira jalo, Asafe o ne a nonotsha se a leng sone jaaka motlhanka yo o tlotlegang wa ga Jehofa. O ne a raya Modimo a re: “Ke na le wena ka metlha; o tshwere seatla sa me sa moja. O tla nkgoga ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kgalalelong.” (Pesalema 73:23, 24) Asafe o ne a simolola go ikutlwa a le motlotlo gape ka Modimo wa gagwe.—Pesalema 34:2.

Ba ne Ba Ikitse Sentle Gore ke Bomang

12, 13. Naya dikai tsa batho ba ba umakiwang mo Baebeleng ba ba neng ba le motlotlo ka kamano ya bone le Modimo.

12 Tsela nngwe e re ka nonotshang ka yone boikutlo jwa gore re Bakeresete ke ka go sekaseka tumelo ya baobamedi ba ba ikanyegang ba e rileng le fa ba na le mathata ba bo ba le motlotlo tota ka kamano ya bone le Modimo, mme re etse tumelo ya bone. Akanya ka Josefa, morwa Jakobe. E rile a sa le mosha a rekisiwa ka boferefere gore e nne motlhanka mme a isiwa kwa Egepeto, a le kgakala ka dikilometara di le makgolokgolo le rraagwe yo o boifang Modimo e bile a le kgakala thata le lelapa la gagabo le le lorato le le kgothatsang. Fa Josefa a ne a le kwa Egepeto, go ne go se na ope yo a ka kopang kgakololo e e siameng mo go ene, mme o ne a tshwanelwa ke go lebana le maemo a a thata a a neng a tsenya maitsholo a gagwe le go ikanya Modimo ga gagwe mo tekong. Le fa go ntse jalo, go bonala sentle gore o ne a leka thata gore a nne a ntse a ikitse gore ke motlhanka wa Modimo, mme o ne a nna a ikanyega mo go se a neng a itse se siame. O ne a ikutlwa a le motlotlo ka gonne e le moobamedi wa ga Jehofa, tota le fa a ne a le mo gare ga batho ba ba mo tlhoileng mme ga a ka a tshaba go tlhalosa maikutlo a gagwe.—Genesise 39:7-10.

13 Dingwaga di ka nna makgolo a le robedi morago ga moo, mosetsanyana wa Moiseraele yo o neng a tshwerwe o ne a nna motlhanka wa molaodi wa masole wa Mosiria e bong Naamane mme a se ka a itebala gore ke moobamedi wa ga Jehofa. E rile a bona sebaka, a rera kaga Jehofa fa a ne a tlhalosa gore Elisha ke moporofeti wa Modimo wa boammaaruri. (2 Dikgosi 5:1-19) Dingwaga morago ga moo, Kgosi Josia yo mmotlana, le fa a ne a nna le batho ba ba bosula, o ne a dira diphetogo tsa bodumedi tse di neng di tla nna lobaka lo loleele, a baakanya tempele ya Modimo, mme a busetsa setšhaba gape kwa go Jehofa. O ne a le motlotlo ka tumelo ya gagwe le kobamelo ya gagwe. (2 Ditiragalo, kgaolo 34 le 35) Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera kwa Babelona ga ba ise ba ko ba itebale gore ke batlhanka ba ga Jehofa, mme ba ne ba nna ba ikanyega le fa ba ne ba gatelelwa le fa ba ne ba raelwa. Go bonala sentle gore ba ne ba le motlotlo ka go nna batlhanka ba ga Jehofa.—Daniele 1:8-20.

Nna Motlotlo Ka se O Leng Sone

14, 15. Go nna motlotlo ka se re leng sone jaaka Bakeresete go akaretsa eng?

14 Batlhanka bano ba Modimo ba ne ba atlega ka gonne ba ne ba ipelafatsa ka tsela e e tshwanetseng ka seemo sa bone fa pele ga Modimo. Go tweng ka rona gompieno? Go nna motlotlo ka se re leng sone jaaka Bakeresete go akaretsa eng?

15 Sa ntlha ntlha, seno se akaretsa go anaanela thata gore o mongwe wa batho ba ba bidiwang ka leina la ga Jehofa, le go anaanela gore o a go segofatsa e bile o a go amogela. Modimo ga a belaele ka gope gore batho ba gagwe ke bafe. Moaposetoloi Paulo, yo o neng a tshela ka nako ya tlhakatlhakano e kgolo ya bodumedi, o ne a kwala jaana: “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.” (2 Timotheo 2:19; Dipalo 16:5) Jehofa o ipela ka batho “ba e leng ba gagwe.” O bolela jaana: “Yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la me.” (Sekarea 2:8) Go bonala sentle gore Jehofa o a re rata. Mme le rona re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke go mo rata thata gore re nne le kamano le ene. Paulo o ne a akgela jaana: “Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.”—1 Bakorintha 8:3.

16, 17. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete, ba basha le ba bagolo ba ka nna motlotlo ka boswa jwa bone jwa semoya?

16 Basha ba ba godisitsweng e le Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go itlhatlhoba gore a ba nonotsha boikutlo jwa bone jwa gore ke Bakeresete ka go nna le kamano e e gaufiufi le Modimo. Ba ka se ka ba ikaega fela ka tumelo ya batsadi ba bone. Paulo o ne a kwala jaana malebana le motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo: “Go ema ga gagwe le go wa ke ga mong wa gagwe.” Ka jalo, Paulo o tswelela jaana: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:4, 12) Ee ruri, fa o goga dinao fela o latela lelapa la gaeno, seno se ka se dire gore o nne o na le kamano e e gaufiufi e e nnelang ruri le Jehofa.

17 Fa dingwaga di ntse di feta, go ntse go nna le basupi ba bantsi ba ga Jehofa. Ba simolola ka monna yo o ikanyegang e bong Abele—dingwaga di ka nna makgolo a le 60 tse di fetileng—go fitlha ka “boidiidi jo bogolo” jwa Basupi ba motlha wa gompieno go akaretsa le boidiidi jwa baobamedi ba ga Jehofa ba ba tla ipelelang isagwe e e sa feleng. (Tshenolo 7:9; Bahebera 11:4) Rona re ba bosheng ba baobamedi bano ba bantsintsi ba ba ikanyegang. A bo re na le boswa jo bogolo jang ne jwa semoya!

18. Dilo tse re di tsayang di le botlhokwa le melao e re e latelang e re farologanya jang le lefatshe?

18 Go nna Bakeresete ga rona go akaretsa le dilo tse re di tsayang di le botlhokwa, dinonofo, melao le matshwao a a re tlhaolang jaaka Bakeresete. Ke “Tsela,” e e leng yone fela e e kgotsofatsang ya go tshela le go ipedisa Modimo. (Ditiro 9:2; Baefeso 4:22-24) Bakeresete ba ‘tlhomamisa dilo tsotlhe’ e bile ba ‘ngangatlela se se molemo’! (1 Bathesalonika 5:21) Re tlhaloganya sentle pharologanyo e kgolo e e leng teng fa gare ga Bokeresete le lefatshe le le itomologantseng le Modimo. Jehofa o dira gore go nne le pharologanyo e e bonalang sentle fa gare ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. O ne a bolela jaana a dirisa moporofeti wa gagwe e bong Malaki: “Ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.”—Malaki 3:18.

19. Bakeresete ba boammaaruri ba ka se tsoge ba na le boikutlo bofe?

19 E re ka go le botlhokwa jaana go ipelafatsa ka Jehofa mo lefatsheng leno le le tlhakatlhakaneng, ke eng se se ka re thusang go nna re le motlotlo ka Modimo wa rona e bile re ikitse sentle gore re Bakeresete? Setlhogo se se latelang se na le dikakantsho tse di mosola. Fa o ntse o di sekaseka, o ka tlhomamisega ka seno: Bakeresete ba boammaaruri ba ka se tsoge ba na le boikutlo jwa “go se kgathalele tumelo mo Modimong.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fano go buiwa fela ka se re leng sone ka tsela ya semoya. Ba bangwe ba ka nna le mathata a botsogo jwa tlhaloganyo a a ka tlhokang kalafi.

A o A Gakologelwa?

• Bakeresete ba ka “ipelafatsa mo go Jehofa” jang?

• Sekai sa ga Moshe le sa ga Asafe di go rutile eng?

• Ke batho bafe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba neng ba le motlotlo ka tirelo ya bone mo Modimong?

• Go ipelafatsa ka se re leng sone jaaka Bakeresete go akaretsa eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Go ne ga tsaya lobakanyana Moshe a na le maikutlo a go inyatsa

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba le motlotlo ka se ba leng sone