Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Fa o Patelelwa go Dira Tirelo Nngwe’

‘Fa o Patelelwa go Dira Tirelo Nngwe’

‘Fa o Patelelwa go Dira Tirelo Nngwe’

“HE WENA! Tlogela se o se dirang o tle kwano ka bonako mme o nthwalele morwalo ono.” O akanya gore Mojuda wa lekgolo le ntlha la dingwaga yo o neng a semeletse mo tirong o ne a ka tsiboga jang fa lesole la Moroma le ne le ka mo laela jalo? Jesu o ne a gakolola jaana mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) Bareetsi ba ga Jesu ba ne ba tla tlhaloganya jang kgakololo eo? Mme e kaya eng mo go rona gompieno?

Go bona dikarabo, re tshwanetse go itse ka tirelo e batho ba neng ba patelediwa go e dira mo metlheng ya bogologolo. Tirelo e e ntseng jalo e ne e tlwaelegile thata mo baaging ba Iseraele ba motlha wa ga Jesu.

Tirelo e Motho a Patelesegang go e Dira

Bosupi jwa gore go ne go na le ditirelo tse batho ba neng ba patelesega go di dira (kana corvée) kwa dinageng tsa Botlhaba bo simologa bogologolo mo e ka nnang ka lekgolo la bo18 la dingwaga B.C.E. Diteko dingwe tsa bolaodi tse di neng di dirwa kwa motseng wa bogologolo wa Alalakh kwa Siria di umaka ditlhopha dingwe tsa batho ba ba neng ba laelwa ke puso go dira ditirelo dingwe. Kwa Ugarit, kwa lobopong lwa Siria, balemi ba ba neng ba lema dipolasi tse ba di hirileng ba ne ba tshwanelwa ke go dira ditiro tse di ntseng jalo kwantle ga fa kgosi e laetse gore ba se ka ba newa ditiro tse di ntseng jalo.

Ke boammaaruri gore, batho ba ba gapilweng gantsi ba ne ba patelediwa go dira ditiro tse di boima. Bagobagobetsi ba Baegepeto ba ne ba pateletsa makgoba a Baiseraele go dira ditena. Moragonyana, Baiseraele ba ne ba dira baagi ba Bakanana ba Lefatshe le le Solofeditsweng makgoba, mme ditlwaelo tse di ntseng jalo di ne di ntse di le teng le ka nako ya ga Dafide le Solomone.—Ekesodo 1:13, 14; 2 Samuele 12:31; 1 Dikgosi 9:20, 21.

Fa Baiseraele ba ne ba kopa gore ba nne le kgosi, Samuele o ne a ba tlhalosetsa gore ke dilo dife tse kgosi e neng e tla nna le tshwanelo ya go di batla mo go bone. E ne e tla dira bangwe ba bone go nna batlhokomedi ba dikara le bapalami ba dipitse, ba bangwe ba ne ba tla dira tiro ya go lema le go roba, ba bangwe go dira dibetsa, jalo le jalo. (1 Samuele 8:4-17) Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa go agiwa tempele ya ga Jehofa, ka nako ya fa batswakwa ba ne ba dirisiwa tiro ya bokgoba, “go ne go se na bomorwa Iseraele bape ba Solomone a neng a ba dira batlhanka; gonne e ne e le batlhabani le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le bathusi ba badiredibagolo ba masole a gagwe le balaodi ba bakgweetsi ba gagwe ba dikara le ba bapalami ba gagwe ba dipitse.”—1 Dikgosi 9:22.

Dikgosi tsa Ntlha 5:13, 14 e tlhalosa jaana fa e bua ka Baiseraele ba ba neng ba thapetswe go dira tiro ya go aga: “Kgosi Solomone a nna a ntsha ba ba pateleditsweng go tsenela tiro e e boima mo Iseraele yotlhe; mme ba ba pateleditsweng go tsenela tiro e e boima ba fitlha go banna ba le dikete di le masome a mararo. Mme o ne a na le go ba romela kwa Lebanona ka ditlhopha tsa dikete di le lesome ka kgwedi. Ba ne ba nna kgwedi yotlhe kwa Lebanona, dikgwedi di le pedi kwa magaeng a bone.” Mokanoki mongwe a re: “Ga go pelaelo gore ka thulaganyo eno ya tirelo e e patelediwang, dikgosi tsa Iseraele le tsa Juda di ne di dirisa badiri ba ba sa duelweng go aga dikago le go tlhokomela ditsha.”

Thulaganyo eno e ne e le boima tota mo pusong ya ga Solomone. E ne e gatelela thata jaana mo Baiseraele botlhe ba neng ba tsuologa le go kgobotletsa modiredimogolo yo o neng a tlhomilwe go okamela badiri ba ba neng ba dirisiwa tiro e e patelediwang ka maje, ka nako ya fa Rehoboame a ne a batla go oketsa bogolo jwa tiro ya bone. (1 Dikgosi 12:12-18) Le fa go ntse jalo, thulaganyo eo e ne ya se ka ya fedisiwa. Asa, setlogolwana sa ga Rehoboame, o ne a laela batho ba Juda go aga metse ya Geba le Misepa, mme “go ne go se na ope yo o [sa akarediwang].”—1 Dikgosi 15:22.

Mo Pusong ya Roma

Thero ya kwa Thabeng e bontsha gore Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlwaelane le thulaganyo eno ya ‘tirelo e e patelediwang.’ Mafoko ano a ranola lefoko la Segerika e bong ag·ga·reuʹo, le go ya ka puo ya ntlhantlha le amanang le barongwa ba Peresia. Ba ne ba na le taolo ya go dirisa batho, dipitse, dikepe kana sengwe le sengwe fela se se tlhokegang go akofisa kgwebo ya setšhaba.

Mo motlheng wa ga Jesu, Iseraele e ne e laolwa ke Baroma mme le bone ba ne ba dirisa thulaganyo e e ntseng jalo. Mo diporofenseng tsa kwa Botlhaba, mo godimo ga go duela lekgetho le le tlwaelegileng, baagi ba ne ba berekisiwa tiro e e patelediwang ka metlha kgotsa ka dinako dingwe. Ga go pelaelo gore batho ba ne ba sa rate ditiro tse di ntseng jalo. Mo godimo ga moo, go ne go tlwaelegile gore batho ba gape diphologolo, bakgweetsi, kana dikoloi go di dirisetsa thulaganyo ya dipalangwa ya Puso. Go ya ka mokwadi wa hisitori e bong Michael Rostovtzeff, balaodi ba ne ba “leka go laola le go kaela [thulaganyo eno] mme ba ne ba sa atlege, ka gonne fa fela e ne e sa ntse e le teng, e ne e tla nna le matswela a a sa siamang. Balaodi ba ba neng ba leka ka bojotlhe go kgaotsa kgatelelo le bosetlhogo jwa thulaganyo eno ba ne ba tlhoma ditaelo tse dintsintsi . . . Le fa go ntse jalo thulaganyo eno e ne ya tswelela e gatelela.”

Mokanoki mongwe wa Mogerika a re: “Motho mongwe le mongwe o ne a ka patelediwa go rwala morwalo wa lesole sekgala se se rileng e bile mongwe le mongwe o ne a ka patelediwa go dira tiro epe fela e bagateledi ba neng ba ka mo laela gore a e dire.” Seno se ne sa diragalela Simone wa kwa Kurene, yo masole a Roma a neng a mo “patelela” go rwala kota ya ga Jesu ya tlhokofatso.—Mathaio 27:32.

Dikwalo tsa borabi le tsone di umaka thulaganyo eno e batho ba neng ba sa e rate. Ka sekai, rabi mongwe o ne a patelediwa go rwala ditlhatsana dingwe go di isa kwa ntlong ya segosi. Badiri ba ne ba tle ba tlogedisiwe ditiro tsa bone gore ba dire ditiro tse dingwe le mororo bathapi ba bone ba tshwanelwa ke go tswelela ba ba duela. Batho ba ne ba tle ba tseelwe dipelesa le dipholo tsa bone. Fa go ne go ka direga gore di busiwe, gantsi di ne di se mo maemong a gore di ka tlhola di belesiwa. O ka bona gore ke eng fa batho ba ne ba tsaya go tseelwa dilo ka nakwana go ne go tshwana fela le go di gapelwa gotlhelele. Ka gone, seane sa Sejuda se bolela jaana: “Angareia [tirelo e e patelediwang] e tshwana fela le loso.” Mokwadi mongwe wa hisitori a re: “Motse o ne o ka senngwa ka go gapelwa dipholo tse di lemang ka tsela ya angareia go na le gore go dirisiwe dipelesa go rwala morwalo.”

O ka akanya fela kafa batho ba neng ba sa rate ditiro tseo ka teng segolobogolo e re ka gantsi batho ba ne ba di patelediwa ka dikgoka le ka tsela e e gatelelang. Fa o akanya ka tsela e Bajuda ba neng ba tlhoile go laolwa ke Baditšhaba ka yone, seo se ne sa dira gore ba ile ditiro tseno tse di ba nyenyefatsang tse ba neng ba di patelediwa ka kilo e kgolo. Ga go na molao ope o o beilweng o o bolelang gore moagi o ne a ka patelediwa go rwala morwalo sekgala se se kana kang. Go ka direga gore ba le bantsi ba ne ba ka se dumele go o rwala sekgala se se fetang se molao o ba laelang sone.

Le fa go ntse jalo, ano e ne e le one maemo a Jesu a neng a bua jaana ka one: “Fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa mmaele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” (Mathaio 5:41) Fa batho bangwe ba utlwa seno ba ka tswa ba ile ba akanya gore o ne a sa ba akanyetse. Tota o ne a kaya eng?

Kafa Bakeresete ba Tshwanetseng go Tsiboga ka Teng

Fa re tlhalosa mafoko ano ka tsela e e motlhofo re ka re, Jesu o ne a laela bareetsi ba gagwe gore fa molaodi mongwe a ne a ba pateletsa go dira tiro nngwe e e tshwanelang, ba tshwanetse go e dira ka go rata, ba sa ngongorege. Ka gone ba ne ba tshwanetse go duela “Kaesara dilo tsa ga Kaesara” mme gone ba sa tlhokomologe boikarabelo jwa go duela “Modimo dilo tsa Modimo.”—Mareko 12:17. *

Mo godimo ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo, gonne ga go na taolo epe fa e se ka Modimo; balaodi ba ba leng gone ba eme ba tlhomilwe ke Modimo mo maemong a bone a a lekanyeditsweng. Jalo yo o ganetsang taolo o ganetsana le thulaganyo ya Modimo . . . Fa e le gore lo dira se se bosula, boifang: gonne ga bo a tshola tšhaka kwantle ga boikaelelo.”—Baroma 13:1-4.

Ka gone, Jesu le Paulo ba tsaya tsia tshwanelo e kgosi kana puso e nang le yone ya go otlhaya batho ba ba sa ikobeleng ditaelo. Kotlhao eo ke ya mofuta mang? Rafilosofi wa Mogerika e bong Epictetus, wa lekgolo la ntlha le la bobedi la dingwaga C.E., o araba jaana: “Fa go tlhaga maemo a a sa lebelelwang mme lesole le go tseela esele, le tlogele le e tseye. O se ka wa gana, o se ka wa ngongorega, e seng jalo o tla itewa o bo o tseelwa esele eo.”

Mme ka dinako tse dingwe, mo metlheng ya bogologolo le mo metlheng ya rona, Bakeresete ba ile ba ikutlwa gore digakolodi tsa bone ga di ba letle go ikobela ditaelo dingwe tsa puso. Ka dinako tse dingwe seo se ile sa felela ka matswela a a masisi. Bakeresete bangwe ba ile ba atlholelwa loso. Ba bangwe ba ile ba fetsa dingwaga di le dintsi mo kgolegelong ka ntlha ya go gana go nna le seabe mo go se ba se tsayang e le ditiro tse di thulanang le boitlhaodi jwa bone. (Isaia 2:4; Johane 17:16; 18:36) Ka dinako tse dingwe, Bakeresete ba ile ba ikutlwa gore ba ka dira se ba se laelwang. Ka sekai, Bakeresete bangwe ba ikutlwa gore digakolodi tsa bone di ba dumelela go dira ditiro dingwe tse di okametsweng ke puso tse di direlwang setšhaba tse di sa amaneng le bosole. Ditiro tseno di ka akaretsa go thusa batho ba ba godileng kana ba ba golafetseng, go nna batimamolelo, go phepafatsa fa dintshing tsa lewatle, go bereka mo dirapeng tsa diphologolo, mo dikgweng kana mo dilaeboraring, jalo le jalo.

Ga go pelaelo gore, maemo a tla farologana go ya ka dinaga. Ka gone, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele go dira tshwetso ya gore a o tla ikobela taelo ya go dira tiro nngwe kana nnyaa.

Go Tsamaya Mmaele o Mongwe

Molaomotheo o Jesu a neng a o ruta, wa gore motho a iketleeletse go dira tiro e e molemo e a e laelwang, ga o dire fela mo dilong tse dipuso di re laelang tsone mme gape o dira le mo ditirisanong tsa rona tsa letsatsi le letsatsi le batho ba bangwe. Ka sekai, e ka nna ya bo e le gore molaodi mongwe o go kopa go dira sengwe se o sa se rateng mme se sa thulane le molao wa Modimo. O tla tsibogela seo jang? O ka nna wa ikutlwa gore go dira jalo go go jela nako le maatla go sa tlhokege mme ka gone o bo o gana go dira tiro eo. Seo se ka nna sa baka kgotlhang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o se dira fela ka meno a maleele, o tla fuduega maikutlo. Ke eng se se ka go thusang? Dira go ya ka kgakololo ya ga Jesu—tsamaya mmaele wa bobedi. O se ka wa dira fela se o kopiwang go se dira, dira le se o sa se kopiwang. Se dire ka go rata. Fa o na le boikutlo jo bo ntseng jalo, ga o kitla o tlhola o ikutlwa gore o a gatelelwa, le fa go ntse jalo o tla bo o sa ntse o kgona go laola maikutlo a gago.

Mokwadi mongwe a re: “Batho ba le bantsi ba tshela botshelo jotlhe jwa bone ba dira fela dilo tse ba patelesegang go di dira. Seno se dira gore botshelo jwa bone e nne jo bo sa itumediseng, jo bo lapisang. Ba bangwe bone ga ba dire fela dilo tse ba patelesegang go di dira, mme ba dira dilo ka go rata.” Tota e bile, maemo a le mantsi a naya motho tshono ya go tlhopha gore a o tla tsamaya mmaele o le mongwe fela, ka go bo a patelediwa—kana gore a o tla tsamaya tse pedi. Fa motho a tlhopha go dira sengwe fela ka gonne a patelediwa, a ka nna a batla go lwela ditshwanelo tsa gagwe. Mme fa a tlhopha go tsamaya dimmaele tse pedi, a ka nna a bona sengwe se se itumedisang thata. Wena o motho wa mofuta ofe? Gongwe o tla nna motho yo o itumetseng go feta le yo o kgotsofetseng fa o leba ditiro tsa gago e le tse o ratang go di dira e seng e le ditiro fela tse o tshwanelwang ke go di dira kana tse o patelesegang go di dira.

Mme go tweng fa o le motho yo o nang le taolo? Ga go pelaelo gore ga go bontshe lorato e bile ga go dumalane le tsela ya Bokeresete fa motho a dirisa taolo ya gagwe go pateletsa batho ba bangwe go dira ditiro tse ba sa rateng go di dira. Jesu o ile a re: “Babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone.” Le fa go ntse jalo, ga se kafa Bakeresete ba tshwanetseng go dira ka teng. (Mathaio 20:25, 26) Le fa gone motho yo o gatelelang ba bangwe a ka kgona go fitlhelela se a se batlang, a bo motho a ka nna le kamano e e molemo jang ne le batho ba a ba laelang fa a ba laela ka bopelonomi le ka tsela e e tshwanetseng! Ee, go iketleeletsa go tsamaya dimmaele tse pedi go na le go tsamaya o le mongwe fela go ka tokafatsa botshelo jwa gago tota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 18 Go bona tlhaloso e e feletseng ka se se kaiwang ke go bo Bakeresete ba tshwanetse go ‘duela Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo,’ bona Tora ya Tebelo, ya May 1, 1996, ditsebe 15-20.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

TSELA YA BOGOLOGOLO YA GO DIRISA BATHO TIRO E E PATELEDIWANG

O kgona go bona gore gantsi batho ba ne ba dirisiwa tiro e e patelediwang mo melaong e e neng e tlhomilwe go thibela mekgwa e e ntseng jalo e e gatelelang. Ka 118 B.C.E., Ptolemy Euergetes II, wa kwa Egepeto o ne a ntsha taelo ya gore balaodi ba gagwe “ga ba a tshwanela go dirisa baagi bape ba naga ya gagwe gore ba ba direle ditiro dingwe, kana go itseela dikgomo tsa bone go di dirisetsa ditiro dipe fela tsa bone ka namana.” Mo godimo ga moo o ne a re: “Go se nne le ope yo o tsayang . . . mekoro ya batho ba bangwe go e dirisetsa ditiro tsa gagwe ka namana.” Mo mokwalong mongwe wa ngwaga wa 49 C.E., mo Tempeleng ya Great Oasis, kwa Egepeto, molaodi wa Moroma e bong Vergilius Capito o ne a bolela gore masole a ntshitse ditaelo tse di seng kafa molaong mme o ne a laela gore “go se nne le motho ope yo o tsayang kana yo o laelang . . . sepe, ntle le fa a na le taelo e e kwadilweng go tswa mo go nna.”

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Simone wa Kurene o ne a dirisiwa tiro e a e patelediwang

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Basupi ba le bantsi ba feditse nako ba le mo kgolegelong ka ntlha ya go se batle go tlola melao ya bone ya Bokeresete