Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sireletsa se re Leng Sone Jaaka Bakeresete

Go Sireletsa se re Leng Sone Jaaka Bakeresete

Go Sireletsa se re Leng Sone Jaaka Bakeresete

“‘Lo basupi ba me,’ go bua Jehofa.”—ISAIA 43:10.

1. Jehofa o gogela batho ba ba ntseng jang kwa go ene?

FA O le kwa Holong ya Bogosi, sekaseka batho ba ba go dikologileng. O bona bomang mo lefelong leno la kobamelo? O ka nna wa bona basha ba ba tlhoafetseng ba reeditse ka kelotlhoko jaaka go tlhalosiwa botlhale jo bo tswang mo Dikwalong. (Pesalema 148:12, 13) Gongwe o tla lemoga le ditlhogo tsa malapa di leka ka natla go itumedisa Modimo mo lefatsheng leno le le tseelang botshelo jwa lelapa kwa tlase. Gongwe o tla bona batho ba ba godileng ba ba rategang, ba leka ka natla go tshela tumalanong le boineelo jwa bone mo go Jehofa le fa ba na le mathata a bogodi. (Diane 16:31) Botlhe ba rata Jehofa fela thata. Mme Jehofa o bone go tshwanela gore a dirisane le bone. Morwa Modimo o ne a tlhomamisa jaana: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.”—Johane 6:37, 44, 65.

2, 3. Ke ka ntlha yang fa go ka nna thata gore re tswelele re lemoga se re leng sone jaaka Bakeresete?

2 A ga re itumelele go nna bangwe ba batho ba Jehofa a ba amogelang le go ba segofatsa? Le fa go ntse jalo, go nna re lemoga sentle se re leng sone jaaka Bakeresete go ka nna thata mo metlheng eno ya “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Go ntse jalo bogolo jang ka basha ba ba godisiwang mo malapeng a Bakeresete. Mosha mongwe yo o mo seemong seo o ne a re: “Le fa ke ne ke ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke ne ke se na mekgele epe e e bonalang sentle ya semoya, mme go bua boammaaruri fela, ke ne ke se na keletso e e kalo ya go direla Jehofa.”

3 Ba bangwe bone, le fa tota ba batla go direla Jehofa, ba ka nna ba itewa tsebe ke kgatelelo e kgolo ya balekane, tlhotlheletso ya lefatshe le ditshekamelo tsa boleo. Fa re gatelelwa, seo se ka nna sa dira gore ka iketlo re lebale se re leng sone jaaka Bakeresete. Ka sekai, gompieno batho ba le bantsi mo lefatsheng ba leba melao ya Baebele ya boitsholo e siilwe ke nako kgotsa e sa dire mo lefatsheng la gompieno. (1 Petere 4:4) Ba bangwe ba akanya gore ga go botlhokwa go obamela Modimo ka tsela e a e kaelang. (Johane 4:24) Mo lokwalong lo Paulo a neng a lo kwalela Baefeso, o tlhalosa gore lefatshe le na le “moya,” kgotsa boikutlo jo bo renang mo go lone. (Baefeso 2:2) Moya oo o gatelela batho gore ba akanye ka tsela ya batho ba ba sa itseng Jehofa.

4. Jesu o ne a gatelela jang botlhokwa jwa gore re sireletse se re leng sone jaaka Bakeresete?

4 Le fa go ntse jalo, rona batlhanka ba ga Jehofa ba ba ineetseng, re lemoga gore go ne go ka nna botlhoko gore ope wa rona—e ka tswa a le mosha kgotsa a le mogolo—a lebale se a leng sone jaaka Mokeresete. Re ka nna le boikutlo jo bo siameng jwa gore re Bakeresete fela fa re latela melao ya ga Jehofa le go dira se a se batlang. Aitsane, re bopilwe mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26; Mika 6:8) Baebele e tshwantsha se re leng sone jaaka Bakeresete le diaparo tsa kafa ntle, tse di aparwang gore botlhe ba di bone. Jesu o ne a tlhagisa jaana malebana le motlha wa rona: “Bona! Ke tla jaaka legodu. Go itumela yo o nnang a tsogile e bile a boloka diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle, gore a se ka a tsamaya a sa ikatega mme batho ba leba ditlhong tsa gagwe.” * (Tshenolo 16:15) Ga re batle go apola dinonofo tsa rona tsa Bokeresete le melao ya rona ya boitsholo mme ra itetla go bopiwa ke lefatshe la ga Satane. Fa go ka nna jalo, re ka latlhegelwa ke ‘diaparo tseno tsa kafa ntle.’ Seo e ka nna seemo se se utlwisang botlhoko le se se tlhabisang ditlhong.

5, 6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go nonofa semoyeng?

5 Go nna le boikutlo jo bo nonofileng jwa se re leng sone jaaka Bakeresete go ama thata tsela e re tla tshelang ka yone. Jang? Fa moobamedi wa ga Jehofa a sa tlhole a lemoga sentle se a leng sone, a ka nna a iteega tsebe, mme a nna a se na mekgele e e tlhamaletseng. Gangwe le gape Baebele e tlhagisa gore re se ka ra nna mo seemong se se ntseng jalo sa go sa itse kwa re yang teng. Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa. Tota e bile, a motho yoo a se ka a tsaya gore o tla amogela sengwe mo go Jehofa; ke motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.”—Jakobe 1:6-8; Baefeso 4:14; Bahebera 13:9.

6 Re ka sireletsa jang se re leng sone jaaka Bakeresete? Ke eng se se ka re thusang go tokafatsa tsela e re lemogang ka yone gore re na le tshiamelo e kgolo ya go nna baobamedi ba Mogodimodimo? Tsweetswee sekaseka ditsela tse di latelang.

Tlhomamisa Sentle se o Leng Sone Jaaka Mokeresete

7. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go ikopela mo go Jehofa gore a re tlhatlhobe?

7 Nna o nonotshe kamano ya gago le Jehofa. Sengwe se se tlhwatlhwakgolo go gaisa tsotlhe tse Mokeresete a nang le tsone ke kamano ya gagwe le Modimo. (Pesalema 25:14; Diane 3:32) Fa re simolola go nna le dipelaelo ka se re leng sone jaaka Bakeresete, re tshwanetse ra simolola go sekaseka ka kelotlhoko gore kamano eno e nonofile go le kana kang. Mopesalema o ne a ikopela jaana go tshwanela: “Ntlhatlhobe, tlhe Jehofa, mme o nteke; itshekise diphilo tsa me le pelo ya me.” (Pesalema 26:2) Ke eng fa go le botlhokwa go tlhatlhobiwa jalo? Ka gonne rona ka borona re ka se ka ra kgona go atlhola sentle maitlhomo a rona a a kwa teng le ditshekamelo tsa rona. Jehofa ke ene fela a kgonang go tlhaloganya motho yo re leng ene kafa teng—maitlhomo a rona, dikakanyo le maikutlo a rona.—Jeremia 17:9, 10.

8. (a) Go lekwa ke Jehofa go ka re solegela molemo jang? (b) Ke eng se se go thusitseng gore o gatele pele jaaka Mokeresete?

8 Fa re kopa Jehofa gore a re tlhatlhobe, re a bo re mo kopa gore a re leke. A ka nna a letla gore go nne le maemo a a senolang maitlhomo a rona a mmatota le seemo sa pelo ya rona. (Bahebera 4:12, 13; Jakobe 1:22-25) Re tshwanetse ra amogela go lekwa jalo ka gonne diteko tse di ntseng jalo di re naya sebaka sa go bontsha gore re ikanyega go le kana kang mo go Jehofa. Di ka bontsha gore a re ‘feletse e bile re itekanetse sentle ka ditsela tsotlhe, re sa tlhaele mo go sepe.’ (Jakobe 1:2-4) Mme fa re ntse re lekwa, re ka gola semoyeng.—Baefeso 4:22-24.

9. A go botlhokwa gore re ithute re bo re tlhatswege pelo ka boammaaruri jwa Baebele? Tlhalosa.

9 Ithute o bo o tlhatswege pelo ka boammaaruri jwa Baebele. Boikutlo jwa rona jwa se re leng sone jaaka batlhanka ba ga Jehofa bo ka koafala fa bo sa itshetlega ka kitso ya Dikwalo. (Bafilipi 1:9, 10) Mokeresete mongwe le mongwe—e ka tswa a le mosha kgotsa a le mogolo—o tshwanetse go ikgotsofatsa gore se a se dumelang ruri ke boammaaruri jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene jaana: “Tlhomamisang dilo tsotlhe; ngangatlelang se se molemo.” (1 Bathesalonika 5:21) Basha ba e leng Bakeresete ba ba tswang mo malapeng a batho ba ba boifang Modimo ba tshwanetse ba lemoga gore ba ka se ikaege fela ka tumelo ya batsadi ba bone. Rraagwe Solomone e bong Dafide, o ne a mo kgothaletsa gore a “itse Modimo wa ga [rraagwe mme a] mo direle ka pelo e e feletseng.” (1 Ditiragalo 28:9) Go ne go ka se lekane gore Solomone yo mosha a lebelele fela kafa rraagwe a agang tumelo ya gagwe mo go Jehofa ka teng. O ne a tshwanetse go itse Jehofa ka boene, mme o ne a dira jalo. O ne a kopa Modimo jaana: “Jaanong nnaya botlhale le kitso gore ke tle ke tswe fa pele ga setšhaba seno le gore ke tle ke tsene.”—2 Ditiragalo 1:10.

10. Ke ka ntlha yang fa go se phoso go botsa dipotso ka bopeloephepa le ka maitlhomo a a siameng?

10 Tumelo e e nonofileng e theiwa mo kitsong. Paulo o ne a re: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) O ne a kaya eng ka seo? O ne a raya gore fa re iphepa ka Lefoko la Modimo, re aga tumelo ya rona le tshepo mo go Jehofa, mo ditsholofetsong tsa gagwe le mo phuthegong ya gagwe. Fa re botsa dipotso ka bopeloephepa malebana le Baebele, re ka bona dikarabo tse di kgothatsang. Mo godimo ga moo, mo go Baroma 12:2, re fitlhela kgakololo eno ya ga Paulo: “Lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” Tota re ka fitlhelela seo jang? Ka go nna le “kitso e e leng yone ya boammaaruri.” (Tito 1:1) Moya wa ga Jehofa o ka re thusa go tlhaloganya le dikgang tse di thata. (1 Bakorintha 2:11, 12) Re tshwanetse go rapelela thuso ya Modimo fa re palelwa ke go tlhaloganya sengwe. (Pesalema 119:10, 11, 27) Jehofa o batla gore re tlhaloganye Lefoko la gagwe, re le dumele re bo re le ikobele. O amogela dipotso tse di bodiwang ka bopeloephepa le ka maitlhomo a a siameng.

Ititeye Sehuba Gore o Itumedise Modimo

11. (a) Ke keletso efe ya tlholego e e ka re tsenyang mo kotsing? (b) Re ka dira jang gore re nne le maatla a go fenya kgatelelo ya balekane?

11 Leka go itumedisa Modimo, e seng batho. Ka tlholego fela re ka bontsha se re leng sone ka selekanyo se se rileng ka go nna mo setlhopheng sengwe. Mongwe le mongwe o tlhoka ditsala, mme go amogelwa ke ba bangwe go dira gore motho a itumele. Ka nako ya dingwaga tsa bosha—le moragonyana mo botshelong—kgatelelo ya balekane e ka nna kgolo, e dira gore re eletse thata go etsa kana go itumedisa ba bangwe. Mme ga se ka dinako tsotlhe ditsala le balekane ba re eleletsang se se molemo. Ka dinako tse dingwe ba batla fela gore mongwe a kopanele le bone mo go direng se se phoso. (Diane 1:11-19) Fa Mokeresete a ineela mo kgatelelong e e sa siamang ya balekane, gantsi o leka go fitlha se a leng sone. (Pesalema 26:4) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa etsa boitshwaro jwa lefatshe le le lo dikologileng.” (Baroma 12:2, The Jerusalem Bible) Jehofa o re naya maatla a re a tlhokang gore re fenye kgatelelo epe ya gore re tshwane le lefatshe.—Bahebera 13:6.

12. Ke molaomotheo ofe le sekai sefe se se ka re nonotshang gore re eme re nitame fa boikanyego jwa rona mo Modimong bo lekwa?

12 Fa dikgatelelo tsa batho ba bangwe di batla go senya boikutlo jwa se re leng sone jaaka Bakeresete, go molemo go gopola gore selo se se botlhokwa thata ke gore re ikanyege mo Modimong, e seng gore batho ba akanya jang kgotsa bontsi jwa batho bo dirang. Mafoko a Ekesodo 23:2 ke molaomotheo o o ka re thusang ka dinako tsotlhe: “O se ka wa sala mmudubudu morago ka boikaelelo jwa go dira bosula.” Fa bontsi jwa Baiseraele ba ne ba belaela gore a Jehofa o ne a ka kgona go diragatsa ditsholofetso tsa Gagwe, Kalebe o ne a ema a nitame mme a gana go ya le bontsi jwa batho. O ne a tlhomamisega gore ditsholofetso tsa Modimo di ka ikanngwa, mme o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya go ema a nitame. (Dipalo 13:30; Joshua 14:6-11) A le wena o iketleeditse go gana kgatelelo ya bontsi jwa batho gore o sireletse kamano ya gago le Modimo?

13. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go itsise ba bangwe se re leng sone jaaka Bakeresete?

13 Dira gore go itsiwe gore o Mokeresete. Fa re ntse re sireletsa se re leng sone jaaka Bakeresete, go botoka go iphemela pele re tlhaselwa. Mo motlheng wa ga Esera, fa Baiseraele ba ba ikanyegang ba ne ba leka go dira thato ya ga Jehofa mme ba ganediwa, ba ne ba bolela jaana: “Re batlhanka ba Modimo wa magodimo le lefatshe.” (Esera 5:11) Fa re amiwa ke tsela e batho ba ba letlhoo ba itshwarang ka yone le mafoko a bone a go re tshwaya phoso, re ka fediwa maatla ke poifo. Fa re nnela go leka go itumedisa mongwe le mongwe, re ka se ka ra nna le matswela a a kalo. Ka jalo, o se ka wa tshoga. Go molemo gore ka dinako tsotlhe o itsise batho sentle gore o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ka tlhalosetsa ba bangwe seemo sa gago jaaka Mokeresete, o ba tlhalosetsa dilo tse o di tsayang di le botlhokwa le tse o di dumelang, mme o dira jalo ka tlotlo le ka nitamo. Itsise ba bangwe gore fa go tliwa mo dikgannyeng tsa boitsholo, o ikemiseditse go tshela ka melao e e kwa godimo ya ga Jehofa. Ba bontshe gore le ka motlha o ka se ka wa tlogela go ikanyega jaaka Mokeresete. Bontsha gore o motlotlo ka melao ya boitsholo e o tshelang ka yone. (Pesalema 64:10) Go ema o nitame jaaka Mokeresete go ka go nonotsha, ga go sireletsa mme ga ba ga tlhotlheletsa bangwe gore ba batle go itse kaga Jehofa le batho ba gagwe.

14. A re tshwanetse go kgobiwa marapo ke go sotliwa kgotsa go ganediwa? Tlhalosa.

14 Ee, bangwe ba ka go sotla kgotsa ba go ganetsa. (Jude 18) Fa ba bangwe ba sa rate fa o leka go ba tlhalosetsa se o se tsayang se le molemo kgotsa se le bosula, o se ka wa kgobega marapo. (Esekiele 3:7, 8) Le fa o ka ititaya sehuba go le kana kang, le ka motlha o ka se ka wa kgotsofatsa batho ba ba sa batleng go kgotsofala. Gopola Faro. Ga go na sebetso le fa e le kgakgamatso epe e e kgonneng go kgotsofatsa Faro gore Moshe o ne a romilwe ke Jehofa—tota le gone go swelwa ke morwawe wa leitibolo. Ka jalo, o se ka wa kgobiwa marapo ke go boifa batho. Go ikanya Modimo le go nna le tumelo mo go ene go ka re thusa go fenya poifo.—Diane 3:5, 6; 29:25.

Ithute mo Ditiragalong Tse di Fetileng, Mme o Ipaakanyetse Isagwe

15, 16. (a) Boswa jwa rona jwa semoya ke eng? (b) Re ka solegelwa molemo jang ke go tlhatlhanya ka boswa jwa rona jwa semoya re dirisa Lefoko la Modimo?

15 Ngomaela boswa jwa gago jwa semoya. Fa Bakeresete ba dirisa Lefoko la Modimo, ba tla solegelwa molemo ke go akanya ka boswa jwa bone jwa semoya. Boswa jono bo akaretsa boammaaruri jwa Lefoko la ga Jehofa, tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng le tlotla ya go emela Modimo e le baboledi ba dikgang tse di molemo. A o bona seabe se o nang le sone mo gare ga Basupi ba gagwe, mo setlhopheng se se nang le tshiamelo sa batho ba ba romilweng go dira tiro e e bolokang matshelo ya go rera ka Bogosi? Gakologelwa, Jehofa ke ene a reng: “Lo basupi ba me.”—Isaia 43:10.

16 O ka ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Boswa jono jwa semoya bo botlhokwa go le kana kang mo go nna? A ke bo tsaya bo le botlhokwa jaana mo nka dirang gore go dira thato ya Modimo e nne gone go tlang pele mo botshelong jwa me? A ke bo anaanela thata mo bo ka nnonotshang gore ke emelane le thaelo epe e e ka dirang gore bo ntatlhegele?’ Gape boswa jwa rona jwa semoya bo ka dira gore re ikutlwe re sireletsegile tota semoyeng ka tsela e e ka bonwang fela mo phuthegong ya ga Jehofa. (Pesalema 91:1, 2) Fa re sekaseka ditiragalo tse di tlhomologileng tsa hisitori ya motlha wa gompieno ya phuthego ya ga Jehofa, seo se ka re tlhomamisetsa gore ga go na motho ope le fa e le selo sepe se se ka fedisang batho ba ga Jehofa mo lefatsheng.—Isaia 54:17; Jeremia 1:19.

17. Ke eng gape se se tlhokegang go na le go ikaega fela ka boswa jwa rona jwa semoya?

17 Gone ke boammaaruri, re ka se ka ra ikaega fela ka boswa jwa rona jwa semoya. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a nna le kamano e e gaufiufi le Modimo. Fa Paulo a sena go dira ka natla go aga tumelo ya Bakeresete kwa Filipi, o ne a ba kwalela jaana: “Ka gone, baratwa ba me, ka tsela e lo nnileng lwa utlwa ka metlha ka yone, e seng fa ke le gone fela, mme jaanong ka go iketleetsa bogolo fa ke seyo, nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.” (Bafilipi 2:12) Re ka se ka ra lebelela gore motho yo mongwe a dire gore re bolokwe.

18. Ditiro tsa Bokeresete di ka nonotsha jang boikutlo jwa se re leng sone jaaka Bakeresete?

18 Dira bojotlhe mo ditirong tsa Bokeresete. Go kile ga bolelwa gore “tiro e bopa se motho a leng sone.” Gompieno Bakeresete ba romilwe go dira tiro e e botlhokwa ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo jo bo tlhomilweng. Paulo o ne a bolela jaana: “E re ka jaana nna, totatota, ke le moaposetoloi mo ditšhabeng, ke galaletsa bodiredi jwa me.” (Baroma 11:13) Tiro ya rona ya go rera e re tlhaola mo lefatsheng, mme go nna le seabe mo go yone go thusa thata go bontsha gore re Bakeresete. Dilo tse dingwe tse di ka nonotshang boikutlo jwa rona jwa se re leng sone jaaka Bakeresete ke go dira bojotlhe mo ditirong tse dingwe tsa phuthego, tse di jaaka dipokano tsa Bokeresete, dithulaganyo tsa go aga mafelo a kobamelo, go leka go thusa ba ba tlhokang, le tse dingwe.—Bagalatia 6:9, 10; Bahebera 10:23, 24.

Fa re Lemoga Sentle se re Leng Sone re Tla Nna le Masego a Mmatota

19, 20. (a) Go nna Mokeresete ga gago go go solegetse molemo jang? (b) Ke eng se se re thusang gore re itse sentle se tota re leng sone?

19 A ko o iphe nako o akanye ka melemo e mentsi e re e bonang ka gonne re le Bakeresete ba boammaaruri. Re na le tshiamelo ya gore Jehofa o itse mongwe le mongwe wa rona. Moporofeti Malaki o ne a re: “Ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” (Malaki 3:16) Modimo a ka re tsaya re le ditsala tsa gagwe. (Jakobe 2:23) Matshelo a rona a tokafala fa a na le bokao, re itse sentle se re se tshelelang, e bile re na le mekgele e e siameng e e re solegelang molemo. Gape re solofeditswe go tshelela ruri mo isagweng.—Pesalema 37:9.

20 Gakologelwa gore se tota o leng sone le gore o botlhokwa go le kana kang go ikaegile ka tsela e Modimo a go tsayang ka yone, e seng ka se batho ba bangwe ba se akanyang ka wena. Ba bangwe ba ka re tseela kwa godimo go ya ka ditekanyetso tsa batho tse di tlhaelang. Mme lorato lwa Modimo le tsela e a kgatlhegelang mongwe le mongwe wa rona ka yone, ke yone e tota e bontshang gore re botlhokwa go le kana kang—re ba gagwe. (Mathaio 10:29-31) Mme tsela e rona re ratang Modimo ka yone e ka dira gore re itse sentle se re leng sone mme botshelo jwa rona bo nne le bokao. “Fa mongwe a rata Modimo, yono o itsiwe ke ene.”—1 Bakorintha 8:3.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Mafoko ano a ka tswa a lebisitse mo ditirong tsa motlhankedi wa thaba ya tempele kwa Jerusalema. Ka nako ya tebelo ya bosigo, o ne a ralala tempele go bona gore a badisa ba yone ba Balefi ba ne ba tsogile kgotsa ba ne ba robetse mo mafelong a ba abetsweng go disa mo go one. Modisa ope yo o neng a fitlhelwa a robetse o ne a itewa ka thobane, mme diaparo tsa gagwe tsa kafa ntle di ne di ka nna tsa fisiwa e le katlholo e e tlhabisang ditlhong.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore Bakeresete ba sireletse se ba leng sone semoyeng?

• Re ka tlhomamisa jang se re leng sone jaaka Bakeresete?

• Fa re lebane le kgang ya gore re itumedise mang, ke dintlha dife tse di ka re thusang go dira tshwetso e e siameng?

• Go itse sentle se re leng sone go ka aga isagwe ya rona jang jaaka Bakeresete?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go dira bojotlhe mo ditirong tsa Bokeresete go ka re thusa go tokafatsa se re leng sone jaaka Bakeresete