Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bidio ya “Faithful Under Trials”

Bidio ya “Faithful Under Trials”

Bidio ya “Faithful Under Trials”

MO MASIMOLOGONG a April 1951, puso e e maatla ya Soviet e ne ya tlhasela ka tshoganyetso setlhopha sengwe sa Bakeresete ba ba se nang molato kwa bophirima jwa Soviet Union—Basupi ba ga Jehofa. Malapa a le diketekete—go akaretsa le bana ba bannye, basadi ba baimana le batsofe—ba ne ba tlhatlhelwa mo teng ga materoko a diterena mme ba tseisiwa loeto lo lo lapisang lwa malatsi a le 20 go ya kwa Siberia. Ba ne ba isiwa botshwarwa kwa ba neng ba se kitla ba tlhola ba boa kwa go jone e bile ba ne ba tlile go tshela kafa tlase ga maemo a a makgwakgwa gone koo.

Ka April 2001, go ne ga ketekiwa segopotso kwa Moscow sa ngwaga wa bo50 sa tiragalo eno e e sa lebalesegeng ka go gololwa ga bidio e e tlhalosang ka go gatelelwa ga Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union wa maloba. Mo bidiong eno, bakwalahisitori le batho ba ba iponetseng tiragalo eno ka matlho ba tlhalosa kafa Basupi bano ba fetileng mo maemong ano ka gone le kafa ba ileng ba atlega ka gone le fa ba ne ba gateletswe botlhoko.

Bidio eno ya Faithful Under Trials—Jehovah’s Witnesses in the Soviet Union, e setse e bonwe ke batho ba le dimilione kwa Russia le kwa mafelong a mangwe mme batho ka kakaretso le bakwalahisitori ba e amogetse ka diatla tsoopedi. Dikakgelo tsa bakanoki ba le babedi ba Ma-Russia ke tseno, ba ba nnang kwa lefelong le malapa a le mantsi a Basupi a neng a isiwa kwa go lone:

“Ke itumeletse bidio eno fela thata. Ga ke bolo go rata baemedi ba bodumedi jwa lona, mme fa ke sena go lebelela bidio eno, tsela e ke lo ratang ka yone e ne ya gola le go feta. Bidio eno e dirilwe ka matsetseleko! Ke ratile thata tsela e lo tlhagisitseng mongwe le mongwe ka yone. Le fa ke le Mo-Orthodox e bile ke sa ikemisetsa go fetola bodumedi jwa me, ke rata Basupi. Nka rata setheo sa rona sa thuto se nne le khopi ya bidio eno. Nna le badirikanna re sweditse ka gore re e bontshe baithuti ba rona le go e akaretsa mo dithutong tsa rona tsa sekolo.”—Porofesa Sergei Nikolayevich Rubtsov, mookamedi wa lephata la hisitori kwa Yunibesithing ya State Pedagogical, kwa Irkutsk, Russia.

“Ke itumelela go bo go dirilwe bidio e e tshwanang le eno. Fa motho a dira bidio e e buang ka kgatelelo, gantsi ga go motlhofo go rulaganya ditiragalo ka tsela e e utlwalang sentle. Mme lona lo kgonne go go dira. Tsweetswee ikutlweng lo gololesegile go nthomelela dibidio tse dingwe tsa lona.”—Porofesa Sergei Ilyich Kuznetsov, mookamedi wa lephata la hisitori kwa Yunibesithing ya Irkutsk State, kwa Russia.

Basupi ba ga Jehofa ba ba nnang kwa Siberia le bone ba ne ba itumelela thata bidio eno. Dikai ke tseno tsa kafa ba ileng ba tsibogela bidio eno ka gone:

“Ka nako ya fa ditiragalo tse di bontshiwang mo bidiong eno di ne di direga, batho ba le bantsi kwa Russia ba ne ba boleletswe dilo dingwe tse di bosula ka ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa. Mme fa ba sena go lebelela bidio eno, ba ka kgona go bona gore mokgatlho wa rona ga se lekoko lengwe fela, jaaka fa ba ne ba akanya pele. Ba bangwe ba ba sa tswang go nna Basupi bosheng jaana ba re: ‘Re ne re se kitla re bo re akanya gore re ne re nna e bile re bereka mmogo le bakaulengwe ba Bakeresete ba ba ileng ba itshokela mathata a le kanakana!’ Fa Mosupi mongwe a sena go lebelela bidio eno, o ne a eletsa go nna modiredi wa mmulatsela wa nako e e tletseng.”—Anna Vovchuk, yo o neng a isiwa botshwarwa kwa Siberia.

“Fa bidio eno e ne e bontsha mapodisi a sephiri a kokota mo setswalong sa legae la Mosupi mongwe, ke ne ka roroma. E ne e kete ke nako e mapodisi a neng a kokota ka yone mo setswalong sa rona mme ke gakologelwa mmè a re: ‘Gongwe go na le molelo felo gongwe.’ Mme bidio eno e nkgopotsa gape gore Basupi ba le bantsi ba bogile go feta tsela e nna ke bogileng ka yone. Tshedimosetso eno yotlhe e re naya nonofo le matlhagatlhaga a a oketsegileng gore re tswelele pele re direla Jehofa.”—Stepan Vovchuk, yo o neng a isiwa botshwarwa kwa Siberia.

“Ke morwa wa Basupi ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Ka jalo, ke ne ka akanya gore ke setse ke utlwile go le gontsi ka dinako tseo. Mme fa ke sena go lebelela bidio eno, ke ne ka lemoga gore ga ke itse sepe gotlhelele. Fa ke ne ke reeditse bangwe ba bone ba botsolodiwa, matlho a me a ne a gelela dikeledi. Ga jaana maitemogelo ao ga e sa tlhole e le dipolelo fela mme ke selo se se diragetseng. Bidio eno e nonotshitse kamano ya me le Modimo e bile e nthusitse go ipaakanyetsa go itshokela mathata otlhe a mo isagweng.”—Vladimir Kovash, Irkutsk.

“Mo go nna, bidio eno e ne e nkama fela thata go gaisa pego e e kwadilweng. Fa ke ne ke e lebeletse mme ke utlwa bakaulengwe ba botsolodiwa, ke ne ka ikutlwa e kete ke ne ka boga le bone. Sekai sa mokaulengwe yo o neng a direla bomorwadie diposokarata fa a ne a le mo kgolegelong se ntlhotlheletsa gore ke leke go fitlhelela dipelo tsa banake ka dithuto tsa Baebele. Ke a leboga! Bidio eno e dirile gore Basupi ba ga Jehofa kwa Russia ba ikutlwe go feta le eleng pele gore ba karolo ya phuthego ya ga Jehofa ya lefatshe lotlhe.”—Tatyana Kalina, Irkutsk.

“Go bona selo gangwe go botoka go na le go se utlwa gantsintsi. Bidio eno e re bontsha dilo kgo, ka tsela e di ileng tsa direga ka yone. Fa ke sena go e lebelela, ke ne ka tshwanelwa ke go ipha nako e ntsi gore ke akanye ka yone. Bidio eno e ne ya ntira gore ke itsenye mo ditlhakong tsa Basupi bano ba ba neng ba isitswe botshwarwa. Jaanong fa ke bapisa maemo a me le a bone, seno se nthusa gore ke lebe mathata a gompieno ka tsela e e farologaneng.”—Lidia Beda, Irkutsk.

Bidio ya Faithful Under Trials ga jaana e setse e golotswe ka dipuo di le 25 mme batho ba e amogela ka diatla tsoopedi go dikologa lefatshe. * Bidio yotlhe e ile ya tshamekiwa ke diteishene tsa thelebishene kwa St. Petersburg, Omsk, le kwa metseng e mengwe kwa Russia mmogo le kwa metseng ya kwa Ukraine ya Vynnytsya, Kerch, Melitopol le kwa kgaolong ya Lviv. Gape e ile ya tlotlomadiwa le ke diboto tsa boditšhabatšhaba tse di tlhatlhobang difilimi.

Molaetsa o o maatla wa bidio eno o bonwa mo dikaing tsa batho ba le diketekete ba ba tlwaelegileng fela ba ba neng ba bontsha bopelokgale jo bogolo le go nna ba nonofile semoyeng ka dingwaga di le dintsi tsa go bogisiwa ga bone. Ruri Basupi ba ga Jehofa kwa Soviet Union ba ne ba itshupa ba ikanyega kafa tlase ga diteko. Fa o rata go lebelela bidio eno, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go e naya. Tsweetswee ikgolaganye le mongwe wa bone mo lefelong la gaeno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bidio eno e gone ka Se-Bulgaria, Se-Cantonese, Se-Czeck, Se-Denmark, Se-Dutch, Seesemane, Se-Finland, Sefora, Segerika, Se-Hungary, Se-Indonesia, Sejapane, Sejeremane, Se-Korea, Se-Lithuania, Se-Mandarin, Se-Norway, Sentadiana, Se-Poland, Se-Russia, Se-Romania, Se-Slovakia, Se-Slovenia, Se-Spain le Se-Sweden.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Stalin: U.S. Army photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Stalin: U.S. Army photo