Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boitshwaro jo Bontle bo ‘Kgabisa Thuto ya Modimo’

Boitshwaro jo Bontle bo ‘Kgabisa Thuto ya Modimo’

Boitshwaro jo Bontle bo ‘Kgabisa Thuto ya Modimo’

MARIA yo mmotlana kwa Kransnoyarsk, kwa Russia, o opela sentle thata mo morutabana wa gagwe a neng a mo tsenya mo khwaereng ya sekolo. Go ise go ye kae, Maria ka tlotlo o ne a bua le mongwe wa barutabana ba gagwe a tlhalosa gore a ka se opele dipina dingwe. Ka ntlha yang? Ka gonne go opela dipina tsa bodumedi go ne go sa dumalane le se a se dumelang go tswa mo Baebeleng. Morutabana yoo o ne a ipotsa jaana a gakgametse: ‘Ke eng se se phoso ka go galaletsa Modimo ka go opela?’

Gore Maria a kgone go bontsha gore ke ka ntlha yang a ka se opele pina e e buang ka Modimo wa Tharonngwe, o ne a bula Baebele ya gagwe mme a tlhalosa gore Modimo le Jesu Keresete ga se Modimo o le mongwe le gore moya o o boitshepo ke maatla a Modimo a a dirang. (Mathaio 26:39; Johane 14:28; Ditiro 4:31) Maria a re: “Kamano ya me le morutabana yoo ga e a ka ya senyega le e seng. Tota gone, mo sekolong sa rona re na le barutabana ba ba molemo. Ba batla gore re se ka ra fitlha se re leng sone.”

Mo ngwageng oo otlhe wa sekolo, tsela e Maria a neng a emela bodumedi jwa gagwe ka yone e ne ya dira gore barutabana le bana ba a tsenang sekolo le bone ba mo tlotle. Maria a re: “Melaometheo ya Baebele e a nthusa mo botshelong jwa me. Fa ngwaga wa sekolo o fela, ke ne ka amogela sekgele sa gore ke a ikanyega e bile ke na le thulaganyo, mme batsadi ba me bone ba ne ba amogela lekwalo la tebogo le le tswang kwa sekolong le ba lebogela go godisa ngwana wa bone sentle.”

Maria o ne a kolobediwa ka August 18, 2001. A re: “Ke itumelela go direla Modimo yo o molemolemo jaana, Jehofa!” Basha ba e leng Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba diragatsa mafoko a a mo go Tito 2:10, mo re balang jaana teng: ‘Ba kgabisa thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.’

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Maria le batsadi ba gagwe fa a sena go kolobediwa

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Lekwalo la tebogo le setlankana sa tiro e ntle