Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lwa ka Mafoko—Ke Eng fa go Utlwisa Botlhoko?

Go Lwa ka Mafoko—Ke Eng fa go Utlwisa Botlhoko?

Go Lwa ka Mafoko—Ke Eng fa go Utlwisa Botlhoko?

“Ke go tswa motsweding ofe go nang le dintwa gape ke go tswa motsweding ofe go nang le ditlhabano gareng ga lona?”—JAKOBE 4:1.

MOKWADI wa Baebele, Jakobe, o ne a sa lebisa potso eno kwa masoleng a mephato ya Baroma, a a neng a tlhabana mo dintweng mme a fenya; e bile o ne a sa tlhotlhomise maitlhomo a ntwa ya dirukutlhi a setlhopha sa Bajuda sa Sicarii, kana Boramarumo ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. Jakobe o ne a bua ka dikgotlhang tse di neng di ama batho ba babedi. Ka ntlha yang? Ka gonne dikgotlhang tsa batho di ka baka tshenyo fela jaaka dintwa. Ela tlhoko dipego tseno tsa Baebele.

Bomorwa tlhogo ya lotso Jakobe ba ne ba tlhoile morwarraabone e bong Josefa thata mo ba neng ba mo rekisa mo bokgobeng. (Genesise 37:4-28) Moragonyana Kgosi Saulo wa Iseraele o ne a leka go bolaya Dafide. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a mo fufegela. (1 Samuele 18:7-11; 23:14, 15) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, basadi ba babedi, Yudia le Sentike ba ne ba kgoreletsa kagiso ya phuthego yotlhe ka dikgotlhang tse ba neng ba na le tsone.—Bafilipi 4:2.

Mo metlheng ya bosheng, fa batho ba babedi ba na le dikgotlhang, ba ne ba di rarabolola ka go lwa ka ditšhaka kgotsa ditlhobolo. Gantsi mongwe wa batho bao o ne a bolawa kgotsa a golafalela ruri. Gompieno, gantsi batho ba ba nang le kgotlhang ba dirisa mafoko a a tlhabang, a a botlhoko e le dibetsa. Le fa go sa tshololwe madi, go tlhaselana jalo ka mafoko go gobatsa maikutlo le seriti sa motho. Gantsi batho ba ba se nang molato ke bone ba amiwang ke “dintwa” tseno.

Akanya ka se se diragetseng mo dingwageng tse di fetileng fa moruti mongwe wa kereke ya Anglican a ne a latofatsa moruti yo mongwe ka gore ga a dirise madi a kereke sentle. Komang ya bone e ne ya itsege mme phuthego ya kgaogana ka bogare. Maloko a mangwe a ne a sa ye kerekeng fa tirelo e tshwerwe ke moruti yo ba sa dumalaneng le ene. Baruti bao ba ne ba tlhoane mo e leng gore ba ne ba sa buisane fa ba ile go obamela kwa kerekeng. Fa moruti yo o pegang yo mongwe molato a ne a latofadiwa ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, go ne ga tsoga kgaruru.

Bishopomogolo wa Canterbury o ne a ikuela mo baruting ba babedi bao, a bitsa kgotlhang ya bone a re ke “kankere” le gore ke “matlhabisaditlhong a a tlontlololang leina la Morena wa Rona.” Ka 1997 mongwe wa baruti bao o ne a dumela go tlogela tiro. Yo mongwe o ne a tswelela a le mo maemong a gagwe go fitlha a tshwanelwa ke go tlogela ka gonne a ne a tshwere dingwaga tse ka tsone a patelesegang go tlogela tiro. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a le mo maemong ao go fitlha ka motsotso wa bofelo, mme a tlogela tiro ka letsatsi le a neng a digela dingwaga tse 70 ka lone, ka August 7, 2001. The Church of England Newspaper e ne ya umaka gore letsatsi le a tlogetseng tiro ka lone e ne e le letsatsi la mokete wa ga “Moitshepi” Victricius. “Moitshepi” Victricius e ne e le mang? E ne e le bishopo wa lekgolo la bonè la dingwaga yo go tweng o ne a kgwathisiwa ka gonne a ne a gana go lwa mo sesoleng. Fa lokwalodikgang loo lo ne lo bontsha kafa batho bano ba babedi ba nang le maikutlo a a sa tshwaneng ka teng, lo ne lwa re: “[Moruti yo o tlogelang tiro] ene o ne a batla go lwa le moruti yo mongwe.”

Baruti bao ba ne ba ka tila go ikutlwisa botlhoko le go utlwisa batho ba bangwe botlhoko fa ba ne ba ka dirisa kgakololo e e mo go Baroma 12:17, 18: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula. Nayang dilo tse di molemo mo ponong ya batho botlhe. Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.”

Go tweng ka wena? Fa mongwe a go kgopisa, a letlhoo le dira gore o lwe ntwa ya mafoko? Kgotsa o tila go dirisa mafoko a a setlhogo mme o bula tsela ya gore lo agisane? Fa o kgopisa mongwe, a o itlhokomolosa motho yoo o na le tsholofelo ya gore fa nako e feta motho yoo o tla lebala ka bothata joo? Kgotsa a o nna bonako go ikopa maitshwarelo? Go leka go agisana le yo mongwe, e ka tswa e le ka go ikopa maitshwarelo mo go ene kgotsa ka go mo itshwarela, go ka dira gore o nne notho yo o itumetseng. Kgakololo ya Baebele e ka re thusa go rarabolola le e leng dikgotlhang tsa bogologolo jaaka setlhogo se se latelang se bontsha.