Melemo ya go Agisana le ba Bangwe
Melemo ya go Agisana le ba Bangwe
ED O ne a le gaufi le go swa, mme Bill o ne a mo tlhoile. Dingwaga di le masome a mabedi pele ga foo, Ed o ne a dira tshwetso e e neng ya dira gore Bill a latlhegelwe ke tiro, mme seo se ne sa fedisa botsala jwa batho bano ba pele ba neng ba ntshana seinong. Jaanong Ed o lekile go kopa maitshwarelo gore a swe ka kagiso. Le fa go ntse jalo, Bill o ne a gana go mo reetsa.
Dingwaga di ka nna 30 moragonyana fa Bill a le mo moriting wa loso, o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ile a gana go itshwarela Ed. “Ed o ne a sa tshwanela go dira se a se dirileng tsala ya gagwe e a ntshanang seinong le yone. Ke ne ke sa batle go mo itshwarela morago ga dingwaga di le masome a mabedi. . . . Nka tswa ke ne ke le phoso, mme ke kafa ke neng ke ikutlwa ka teng.” *
Gantsi dikgotlhang ga di nke di nna le diphelelo tse di botlhoko jalo, mme gantsi di dira gore batho ba sale ba utlwile botlhoko kgotsa ba galefile. Akanya ka mongwe yo o ikutlwang jaaka Ed a ne a ikutlwa. Fa motho yoo a lemoga gore tshwetso e a e dirileng e bakile tshenyo, a ka nna a tshela a na le segakolodi se se molato e bile a ikutlwa a latlhegetswe tota. Le fa go ntse jalo, o utlwisiwa botlhoko ke go bona kafa tsala ya gagwe e e kgopisegileng e neng ya latlha botsala jwa bone ka teng e kete ke matlakala fela.
Motho yo o ikutlwang jaaka Bill a ne a ikutlwa o itsaya a tlhasetswe a ne a sa lebelela mme a ka tswa a utlwile botlhoko fela thata e bile a tletse letlhoo. Go ya ka ene, motho yo pele e neng e le tsala ya gagwe o ne a itse se a se dirang e bile a ka tswa a mo utlwisitse botlhoko ka boomo. Gantsi fa batho ba babedi ba na le kgotlhang, mongwe le mongwe wa bone o dumela gore ga a na molato, mme o pega yo mongwe molato otlhe. Ka jalo, batho ba babedi ba pele e neng e le ditsala, ba iphitlhela ba lwa.
Ba lwa jalo ka dibetsa tse di sa bonaleng—yo mongwe o leba go sele fa yo mongwe a feta, ba a tlhokomologana fa ba le mmogo mo setlhopheng sa batho. Fa ba katogane, ba utswana ka matlho kgotsa ba lebana ka tsela e e seng botsalano, e e tletseng letlhoo. Fa go direga gore ba bue, ba a garumana kgotsa ba tlhabana ka mafoko.
Mme le fa ba lebega ba sa dumalane gotlhelele, go ka tswa go na le dilo dingwe tse ba dumalanang mo go tsone. Ba ka nna ba dumela gore ba na le mathata a a masisi le gore go kgaogana le tsala e kgolo jalo go utlwisa botlhoko. Boobabedi ba ka tswa ba utlwa botlhoko jwa ntho e e tutetseng, e bile boobabedi ba itse gore go tshwanetse ga dirwa sengwe go fodisa ntho eo. Mme ke mang yo o tla tsayang kgato la ntlha go baakanya kamano e e senyegileng mme ba agisane? Ga go na ope wa bone yo o ikemiseditseng go dira jalo.
Dingwaga di le dikete tse pedi tse di fetileng, baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ne ba na le go ngangisana ka bogale. (Mareko 10:35-41; Luke 9:46; 22:24) Nako nngwe fa ba sena go ngangisana jalo, Jesu o ne a ba botsa jaana: “Ke eng se lo neng lo ngangisana ka sone mo tseleng?” Ga go na ope wa bone yo o ileng a araba ka gonne ditlhong di ne di ba tswetse molomo. (Mareko 9:33, 34) Dithuto tsa ga Jesu di ne tsa ba thusa gore ba boe ba utlwane gape. Kgakololo ya gagwe le ya bangwe ba barutwa ba gagwe, e sa ntse e rarabolola dikgotlhang e bile e baakanya botsala jo bo senyegileng. A re boneng gore e dira seo jang.
Kgaratlhela Gore lo Agisane
“Ga ke batle go bua le motho yole. Ga ke tlhole ke batla le go mmona.” Fa e le gore o kile wa bua mafoko a a ntseng jalo ka mongwe, o tshwanetse go tsaya kgato, jaaka ditemana tse di latelang tsa Baebele di bontsha.
Jesu o ne a ruta jaana: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele.” (Mathaio 5:23, 24) Gape o ne a re: “Fa morwarrago a leofa, tsamaya o ye go baya molato wa gagwe mo pepeneneng fa gare ga gago le ene lo le losi.” (Mathaio 18:15) Fa o kgopisitse mongwe kana o kgopisitswe ke mongwe, mafoko a ga Jesu a gatelela gore wena o bue le motho yoo ka bonako. O tshwanetse go dira jalo “ka moya o o bonolo.” (Bagalatia 6:1) Mokgele wa go buisana jalo le yo mongwe ke go agisana le ene, ga se go sireletsa seriti sa gago ka go dira diipato kgotsa ka go pateletsa yo mongwe gore a ikope maitshwarelo. A kgakololo eno ya Baebele e a bereka?
Ernest ke mookamedi wa batho ba bantsi mo tirong. * Ka dingwaga di le dintsi tiro ya gagwe e ne e le go rarabolola dikgang tse di masisi le batho ba ba farologaneng e bile o ne a tshwanelwa ke go nna a dirisana ka kagiso le bone. O bone kafa dikgotlhang di ka simololang motlhofo ka teng fa gare ga batho. A re: “Ke a tle ke nne le dikgotlhang le batho. Mme fa seno se direga, ke nna fa fatshe le motho yoo mme re bue ka bothata joo. Ya kwa go ene ka tlhamalalo. Bua le ene, mme mokgele wa gago e le gore lo agisane. Ka metlha seno se a thusa.”
Alicia o na le ditsala tsa ditso tse dintsi tse di farologaneng, mme a re: “Ka dinako tse dingwe ke bua sengwe, ke bo ke lemoga gore nka tswa ke kgopisitse mongwe. Ke ya kwa mothong yoo ke ya go ikopa maitshwarelo. Gongwe ke ikopa maitshwarelo gantsi go sa tlhokege, le fa motho yo mongwe a sa kgopisega, mme ke
ikutlwa botoka fa ke dirile jalo. Ka jalo ke a itse gore ga go na kgotlhang epe.”Go Fenya Dikgoreletsi
Gantsi dikgoreletsi di thibela gore batho ba agisane fa ba na le dikgotlhang. A o kile wa re: “Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go nna wa ntlha go tsaya kgato ya go agisana le motho? Ke ene a bakileng bothata.” Kgotsa a o kile wa ya kwa mothong mongwe o batla go rarabolola bothata, mme motho yoo a bo a go raya a re: “Ga ke batle go bua le wena”? Batho ba bangwe ba arabela jalo ka gonne ba utlwile botlhoko. Diane 18:19 ya re: “Morwarra motho yo o fosediwang o thata go feta motse o o nonofileng; mme go na le manganga a a tshwanang le mophakalego wa tora ya bonno.” Ka jalo akanyetsa maikutlo a motho yo mongwe. Fa a gana go bua le wena, ema nakwana o bo o leka gape. Gongwe ka nako eo “motse o o nonofileng” o tla bo o butswe mme “mophakalego” o ka nna wa tswa o tlositswe mo kgorong e e ka lo thusang gore lo agisane.
Selo se sengwe se se kgoreletsang batho go agisana e ka nna go tshaba go latlhegelwa ke seriti. Batho ba bangwe ba tsaya go ikopa maitshwarelo kana go bua le motho yo ba sa utlwaneng le ene e le sengwe se se ba isang kwa tlase. Go siame gore motho a amege ka seriti sa gagwe, mme a go gana go agisana le motho go tokafatsa seriti sa gago kana go a se fedisa? A gongwe go tshwenyega ka go tshaba go latlhegelwa ke seriti ke sesupo sa go nna boikgogomoso?
Mokwadi wa Baebele, Jakobe, o bontsha gore moya wa go rata dikgang o amana le boikgogomoso. Fa a sena go senola “dintwa” le “ditlhabano” tse Bakeresete bangwe ba nang le tsone mo gare ga bone, o tswelela a re: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.” (Jakobe 4:1-3, 6) Mabela, kana boikgogomoso di thibela jang go agisana?
Boikgogomoso bo tsietsa batho, bo dira gore ba akanye gore ba botoka go gaisa ba bangwe. Batho ba ba mabela ba tsaya gore ba na le tshwanelo ya go atlhola ba bangwe. Jang? Fa go nna le dikgotlhang, gantsi ba tsaya batho ba ba nang le kgang le bone e le batho ba ba tlhobogilweng, ba ba ka se fetogeng. Boikgogomoso bo dira gore batho bangwe ba tseye gore ba tshwanetse go tlhokomologa batho ba ba nang le kgotlhang le bone, e bile ga ba tseye go tlhokega gore ba ikope maitshwarelo mo go bone. Ka jalo, gantsi batho ba ba boikgogomoso ba dira gore dikgotlhang di tswelele go na le gore ba di rarabolole ka tsela e e tshwanetseng.
Jaaka thibedi e e emisang dikoloi mo tseleng, gantsi boikgogomoso bo thibela gore go tsewe dikgato tse di ka dirang gore batho ba agisane. Ka jalo fa o iphitlhela o gana go amogela maiteko a motho yo mongwe a gore lo agisane, o ka tswa o na le bothata jwa go nna boikgogomoso. O ka fenya jang boikgogomoso? Ka go tlhagolela se se fapaaneng le jone, e leng boikokobetso.
Dira ka Tsela e Sele
Baebele e buelela boikokobetso thata. “Diphelelo tsa boikokobetso le go boifa Jehofa ke dikhumo le kgalalelo le botshelo.” (Diane 22:4) Mo go Pesalema 138:6 re bala kafa Modimo a lebang ka teng batho ba ba boikokobetso le ba ba boikgogomoso: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.”
Batho ba bantsi ba tsaya gore boikokobetso bo tshwana le go isiwa kwa tlase. Go lebega babusi ba lefatshe ba ikutlwa jalo. Baeteledipele ba bopolotiki ga ba na bopelokgale jwa go amogela diphoso tsa bone ka boikokobetso le fa ditšhaba di ineela ka botlalo mo go bone. Fa mmusi a ka re, “Ke maswabi,” seo se ka kgatlha thata mo se ka begwang mo makwalodikgannyeng. Bosheng fa motho yo pele e neng e le modiredimogolo wa puso a ne a ikopa maitshwarelo ka ntlha ya phoso e a e dirileng mo masetlapelong mangwe a a bakileng loso, mafoko a gagwe a ne a kwalwa mo makwalodikgannyeng e le kgang ya botlhokwa.
Ela tlhoko kafa dikishinare nngwe e tlhalosang boikokobetso ka teng: “Go nna boikokobetso kgotsa go sa itseele kwa godimo . . . go fapaane le boikgogomoso le go nna mabela.” Ka jalo go nna boikokobetso ke tsela e motho a itebang ka yone, e seng kafa ba bangwe ba mo lebang ka teng. Fa motho a dumela diphoso tsa gagwe ka boikokobetso a bo a ikopa maitshwarelo ka bopeloephepa seo ga se mo swabise; mme go na le moo se dira gore a nne le seriti le go feta. Baebele ya re: “Pele ga go Diane 18:12.
thubagana pelo ya motho e mabela, mme go na le boikokobetso pele ga kgalalelo.”—Mabapi le boradipolotiki ba ba sa kopeng maitshwarelo fa ba dirile diphoso, motlhatlheledi mongwe o ne a re: “Ka maswabi go lebega ba akanya gore go dumela phoso go bontsha gore motho o bokoa. Batho ba ba sa itshepeng ga nke ba re, ‘Ke maswabi.’ Batho ba ba pelotlhomogi le ba ba pelokgale ke bone ba ba sa ikutlweng ba latlhegelwa ke seriti ka gore ba re, ‘Ke dirile phoso.’” Go ntse fela jalo le ka batho ba ba seng mo dipolotiking. Fa o dira maiteko a gore o emisetse boikgogomoso ka boikokobetso, go ka nna motlhofo thata gore o agisane le motho yo o nang le kgotlhang le ene. Ela tlhoko kafa lelapa lengwe le boneng boammaaruri jwa seno ka teng.
Go tlhoka kutlwisisano go ne ga baka kgotlhang fa gare ga ga Julie le monnawe e bong William. William o ne a galefela Julie le monna wa gagwe, Joseph, mo e leng gore o ne a tlogela go ikgolaganya le bone gotlhelele. E bile o ne a busa dimpho tsotlhe tse Julie le Joseph ba neng ba di mo neile mo dingwageng tse di fetileng. Fa nako e ntse e feta, William le Julie ba ne ba felela ba itaana ka noga e utlwa le fa ba kile ba bo ba utlwana thata.
Le fa go ntse jalo, Joseph o ne a swetsa ka gore a dirise mafoko a a mo go Mathaio 5:23, 24. O ne a leka go bua le William ka bonolo mme a mo romelela makwalo a mo go one a neng ikopa maitshwarelo ka go bo a mo kgopisitse. Joseph o ne a kgothaletsa mosadi wa gagwe gore a itshwarele kgaitsadie. Fa nako e ntse e tsamaya, William o ne a lemoga gore tota Julie le Joseph ba ne ba batla go agisana le ene, mme a nolofala. William le mosadi wa gagwe ba ne ba kopana le Julie le Joseph; ba ne ba ikopa maitshwarelo botlhe, ba tlamparelana mme ba boa ba nna ditsala gape.
Fa o batla go rarabolola kgotlhang e o nang le yone le mongwe, dirisa dithuto tsa Baebele ka bopelotelele mme o leke go agisana le motho yoo. Jehofa o tla go thusa. Se Modimo a neng a se raya Baiseraele ba bogologolo se tla direga le ka wena: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka.”—Isaia 48:18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 E theilwe mo The Murrow Boys—Pioneers on the Front Lines of Broadcast Journalism, ya ga Stanley Cloud le Lynne Olson.
^ ser. 12 Maina mangwe a fetotswe.
[Ditshwantsho mo go tsebe 7]
Gantsi go kopa maitshwarelo go dira gore batho ba boe ba dirisane ka kagiso