Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ne Ra Dirisa Maemo a Rona a a Fetofetogang go Rera Gaufi le Kgakala

Re ne Ra Dirisa Maemo a Rona a a Fetofetogang go Rera Gaufi le Kgakala

Kgang ya Botshelo

Re ne Ra Dirisa Maemo a Rona a a Fetofetogang go Rera Gaufi le Kgakala

JAAKA GO BOLETSE RICARDO MALICSI

Fa ke ne ke latlhegelwa ke tiro ka ntlha ya boemo jwa me jwa boitlhaodi jwa Bokeresete, nna le lelapa la me re ne ra kopa Jehofa go re thusa go rulaganyetsa isagwe ya rona. Mo thapelong ya rona, re ne ra mo itsise gore re eletsa go oketsa bodiredi jwa rona. Go ise go ye kae morago ga moo, re ne ra simolola botshelo jwa go kgarakgatshega jo bo neng jwa dira gore re tshwanelwe ke go fudugela kwa dinageng di le robedi mo dikontinenteng tse pedi. Seno se ne sa dira gore re kgone go dira bodiredi jwa rona mo mafelong a a kwa kgakala.

KE NE ka tsholelwa kwa Philippines ka 1933 mo lelapeng le le neng le tsena Kereke ya Independent. Maloko otlhe a le 14 a lelapa la gaetsho a ne a tsena kereke eno. Fa ke le dingwaga di ka nna 12, ke ne ka kopa Modimo mo thapelong gore a nthuse go bona bodumedi jwa boammaaruri. Mongwe wa barutabana ba me o ne a nkwadisa mo tlelaseng ya bodumedi mme seo sa dira gore ke nne Mokatoliki yo o ineetseng ka pelo yotlhe. Ke ne ke se ke ke tlolwa ke thulaganyo ya Matlhatso ya go ipolela maleo kana Mmisa wa Sontaga. Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go nna le dipelaelo le go se kgotsofale. Ke ne ka simolola go tshwenngwa ke dipotso tse di jaaka gore go direga eng ka batho fa ba swa le tse di kaga dihele tsa molelo le Tharonngwe. Dikarabo tse baeteledipele ba bodumedi ba neng ba nkaraba ka tsone di ne di sa utlwale e bile di sa nkgotsofatse.

Go Bona Dikarabo Tse di Kgotsofatsang

Fa ke ntse ke ithuta kwa kholetšheng, ke ne ka ikamanya le setlhopha sengwe se se neng sa dira gore ke nne le seabe mo dintweng, mo ditirong tsa go betšha, go goga motsoko le ditiro tse dingwe tse di maswe. Maitseboa mangwe ke ne ka kopana le mmè wa moithuti mongwe yo ke neng ke tsena le ene. E ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka mmotsa dipotso tse ke neng ke ile ka di botsa barutabana ba me ba ba neng ba nthuta bodumedi. O ne a araba dipotso tsa me tsotlhe a dirisa Baebele, mme ke ne ka tlhatswega pelo gore se a se buang se boammaaruri.

Ke ne ka reka Baebele mme ka simolola go ithuta le Basupi. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go nna gone mo dipokanong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya kgakololo e e molemo ya Baebele ya gore “go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo,” ke ne ka kgaogana le ditsala tsa me tse di sa siamang. (1 Bakorintha 15:33) Seno se ne sa nthusa go gatela pele mo thutong ya me ya Baebele mme kgabagare ga dira gore ke ineele mo go Jehofa. Fa ke sena go kolobediwa ka 1951, ke ne ka fetsa nako ke le modiredi wa nako e e tletseng (mmulatsela). Morago ga foo ka December 1953, ke ne ka nyala Aurea Mendoza Cruz, yo e neng ya nna molekane wa me wa botshelo jotlhe le modiri ka nna yo o ikanyegang mo bodireding.

Dithapelo Tsa Rona di a Arabiwa

Re ne re eletsa ka pelo yotlhe go nna babulatsela. Le fa go ntse jalo, keletso ya rona ya go direla Jehofa ka botlalo e ne ya se ka ya direga ka nako eo. Mme gone, re ne ra se ka ra kgaotsa go kopa Jehofa gore a re bulele ditshono mo tirelong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa rona bo ne bo le boima. Mme gone, re ne re sa lebale mekgele ya rona ya semoya, mme fa ke le dingwaga tse 25, ke ne ka tlhomiwa go nna motlhanka wa phuthego, molebedi yo o okamelang mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa.

Fa kitso ya me ya Baebele e ntse e oketsega mme ke tlhaloganya melaometheo ya ga Jehofa botoka, ke ne ka lemoga gore tiro ya me e ne e thulana le tshwetso ya me ya Bokeresete ya go se tseye letlhakore. (Isaia 2:2-4) Ke ne ka dira tshwetso ya go e tlogela. Seno se ne sa gwetlha tumelo ya me fela thata. Ke ne ke tlile go kgona jang go tlhokomela lelapa la me? Le mo kgannyeng eno re ne ra atamela Jehofa Modimo ka thapelo. (Pesalema 65:2) Re ne ra mo itsise matshwenyego le dipoifo tsa rona, mme gape ra mo itsise le keletso ya rona ya go batla go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo ya baboledi ba Bogosi gone. (Bafilipi 4:6, 7) Re ne re sa itse gore re ne re tlile go bulegelwa ke ditshono di le dintsi!

Go Simolola Mosepele wa Rona

Ka April 1965, ke ne ka bona tiro ya go nna mookamedi wa tiro ya go tima molelo le ya namolo kwa Vientiane International Airport, kwa Laos, mme re ne ra fudugela teng. Mo toropong ya Vientiane go ne go na le Basupi ba le 24 mme re ne ra itumelela tiro ya go rera le barongwa le bakaulengwe ba se kae ba teng. Moragonyana, ke ne ka fudusediwa ka tiro kwa Udon Thani Airport, kwa Thailand. Go ne go se na Basupi kwa Udon Thani. Re ne re itshwarela dipokano tsotlhe tsa beke le beke re le lelapa. Re ne re rera ka ntlo le ntlo, re dira maeto a go boela le go simolola dithuto tsa Baebele.

Re ne ra gakologelwa kgakololo ya ga Jesu ya gore barutwa ba gagwe ba tshwanetse ‘go nna ba ungwa maungo a mantsi.’ (Johane 15:8) Ka jalo re ne ra ititaya sehuba gore re tla etsa sekao sa bone le go nna re rera dikgang tse di molemo. Go ise go ye kae ke fa re itumelela maungo a gone. Mosetsana mongwe wa Thailand o ne a amogela boammaaruri mme a nna kgaitsadi wa rona wa semoya. Batho bangwe ba babedi ba kwa North America ba ne ba amogela boammaaruri mme fa nako e ntse e ya ba nna bagolwane ba Bakeresete. Re ne ra tswelela re rera dikgang tse di molemo ka dingwaga tse di fetang lesome kwa bokone jwa Thailand. A bo re itumela jang go utlwa gore gone jaanong go na le phuthego kwa Udon Thani! Dingwe tsa dipeo tse re neng ra di jala teng di sa ntse di ungwa maungo.

Le fa go ntse jalo, ka maswabi re ne ra tshwanelwa ke go fuduga gape, mme re ne ra rapela gore “Mong wa thobo” a re thuse go tswelela re nna le seabe mo tirong ya go rera. (Mathaio 9:38) Re ne ra fudusediwa ka tiro kwa Tehran, motsemogolo wa Iran. E ne e le ka nako ya puso ya Bo-Shah.

Go Rera mo Ditshimong Tse di Boima

Fa re goroga kwa Tehran, re ne ra kopana ka bonako le bakaulengwe ba rona ba semoya. Re ne ra kopanela le setlhopha se sennye sa Basupi ba ditšhaba di le 13 tse di farologaneng. Re ne ra tshwanelwa ke go dira diphetogo gore re kgone go rera dikgang tse di molemo kwa Iran. Le fa tiro ya rona e ne e sa ganediwe ka tlhamalalo, re ne re tshwanelwa ke go nna kelotlhoko.

Ka ntlha ya dinako tse batho ba ba kgatlhegang ba neng ba bereka ka tsone, ka dinako tse dingwe re ne re tshwanelwa ke go tshwara dithuto tsa Baebele bosigogare kana morago ga foo—go fitlha ka masa. Le fa go ntse jalo, a bo re ne re itumela jang go bona maungo a tiro ya rona ya bonatla! Malapa a le mmalwa a Ba-Philippines le Bakorea a ne a amogela boammaaruri jwa Bokeresete mme a ineela mo go Jehofa.

Go tswa koo ke ne ka fudugela ka tiro kwa Dhaka, kwa Bangladesh. Re ne ra goroga teng ka December 1977. Eno e ne e le nngwe ya dinaga tse go neng go se motlhofo go dira tiro ya rona ya go rera mo go tsone. Le fa go ntse jalo, ka metlha re ne re sa lebale gore re tshwanetse go nna re tlhagafetse mo tirelong. Ka thuso ya moya wa ga Jehofa, re ne ra kgona go bona malapa a le mantsi a batho ba ba ipitsang Bakeresete. Bangwe ba bone ba ne ba nyoretswe metsi a a lapolosang a boammaaruri a a fitlhelwang mo Dikwalong Tse di Boitshepo. (Isaia 55:1) Seo se ne sa dira gore re simolole dithuto di le dintsi tsa Baebele.

Re ne re sa lebale gore thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Timotheo 2:4) Selo se se itumedisang ke gore go ne go se na ope yo o lekang go re bakela mathata. Re ne re leka ka natla go fenya letlhoo ka go buisana le batho ka tsela e e botsalano. Jaaka moaposetoloi Paulo, re ne ra leka go nna “dilo tsotlhe mo bathong ba mefuta yotlhe.” (1 Bakorintha 9:22) Fa batho ba ne ba re botsa lebaka la go bo re ba etela, re ne re tle re ba tlhalosetse ka tsela e e botsalano, mme bontsi jwa bone ba ne ba nna botsalano.

Fa re le kwa Dhaka, re ne ra fitlhela Mosupi mongwe teng mme ra mo kgothaletsa go tla dipokanong tsa Bokeresete le rona mme moragonyana a kopanela le rona mo tirong ya go rera. Morago ga moo, mogatsake o ne a ithuta Baebele le lelapa lengwe mme a le laletsa go nna gone mo dipokanong tsa rona. Ka bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa, lelapa leo lotlhe le ne la amogela boammaaruri. Moragonyana, basetsana ba babedi ba lelapa leo ba ne ba thusa ka tiro ya go ranolela dikgatiso tsa Baebele mo puong ya Se-Bengali, mme bontsi jwa ba masika a bone le bone ba ne ba simolola go itse Jehofa. Batho ba bangwe ba bantsi ba ba neng ba rutwa Baebele ba ne ba amogela boammaaruri. Bontsi jwa bone gone jaanong ke bagolwane kana babulatsela.

E re ka Dhaka e le toropo e e tletseng ka batho ba bantsi, re ne ra laletsa bangwe ba malapa a rona go tla go re thusa mo tirong ya go rera. Ba sekae ba bone ba ne ba tsibogela kopo ya rona mme ba tla go dira le rona kwa Bangladesh. A bo go itumedisa jang e bile a bo re leboga Jehofa jang ka ntlha ya tshono e re nnileng le yone ya go rera dikgang tse di molemo mo nageng eo! Tiro e ile ya simolola go na le motho a le mongwe fela, mme gone jaanong go na le diphuthego tse pedi kwa Bangladesh.

Ka July 1982, re ile ra tshwanelwa ke go fuduga kwa Bangladesh. Re ile ra kgaogana le bakaulengwe re putsaputsa dikeledi. Go ise go ye kae morago ga foo, ke ne ka newa tiro kwa Entebbe International Airport, kwa Uganda, koo re neng re tlile go nna teng dingwaga tse nnè le dikgwedi tse supa. Re ne re tla kgona go dira eng go tlotla leina le legolo la ga Jehofa kwa nageng eno?

Go Direla Jehofa Kwa Afrika Botlhaba

Fa re sena go goroga kwa Entebbe International Airport, mokgweetsi mongwe o ne a tla go ntsaya le mogatsake go re isa kwa re neng re tlile go nna teng. Fa re tswa mo boemafofaneng joo, ke ne ka simolola go rerela mokgweetsi yono ka Bogosi jwa Modimo. O ne a re: “A o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?” Fa ke sena go mo araba ka ee, mokgweetsi yono o ne a re: “Mongwe wa bakaulengwe ba lona o bereka kwa toreng ya go laola mesepele ya difofane.” Ka yone nako eo ke ne ka mo kopa gore a nkise teng. Re ne ra kopana le mokaulengwe yono, yo o neng a itumeletse go re bona mme re ile ra dira dithulaganyo tsa go tshwara dipokano le tirelo ya tshimo.

Go ne go na le baboledi ba Bogosi ba le 228 fela kwa Uganda ka nako eo. Re ne ra fetsa ngwaga wa ntlha re jala peo ya boammaaruri re dira le bakaulengwe ba babedi kwa Entebbe. E re ka batho ba teng ba rata go bala, re ne re kgona go ba tlogelela dibuka di le dintsi, go akaretsa le dimakasine di le makgolokgolo. Re ne ra laletsa bakaulengwe go tswa kwa Kampala, e e leng motsemogolo, go tla go re thusa go rera mo tshimong ya Entebbe ka mafelobeke. Mo puong ya ntlha ya phatlalatsa e ke neng ka e neela, go ne go na le batho ba le batlhano—go akaretsa le nna.

Dingwaga di le tharo morago ga foo, re ne ra nna le dinako tse di itumedisang go gaisa tsotlhe mo botshelong jwa rona fa re bona batho ba re neng re ba ruta ba amogela boammaaruri mme ba gatela pele ka bonako. (3 Johane 4) Kwa go nngwe ya dikopano tsa potologo, ba le barataro ba batho ba re neng re ithuta Baebele le bone ba ne ba kolobediwa. Bontsi jwa bone ba ne ba bolela gore ba ne ba kgothalela go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka gonne ba ne ba re bona re le babulatsela le mororo re ne re bereka.

Re ne ra lemoga gore le kwa mmerekong re ne re ka nna le tshimo e e nang le matswela. Ka nako nngwe, ke ne ka tlotla ka tsholofelo ya botshelo mo lefatsheng la paradaise le modiredi mongwe wa tsa molelo kwa boemafofaneng. Ke ne ka mmontsha mo Baebeleng ya gagwe gore batho ba ba kutlo ba tla tshela ka kagiso le kutlwano ba sa tlhole ba boga ka ntlha ya khumanego, go tlhoka matlo, ntwa, bolwetse kana loso. (Pesalema 46:9; Isaia 33:24; 65:21, 22; Tshenolo 21:3, 4) O ne a kgatlhega tota fa a sena go bala ka dilo tseno mo Baebeleng ya gagwe. Re ne ra simolola thuto ya Baebele ka yone nako eo. O ne a nna gone mo dipokanong tsotlhe. Go ise go ye kae o ne a ineela mo go Jehofa mme a kolobediwa. Moragonyana le ene o ne a tsenela bodiredi jwa nako e e tletseng.

Go ne ga tsoga dikhuduego tsa semorafe gabedi fa re le kwa Uganda, le fa go ntse jalo di ne tsa se ka tsa emisa ditiro tsa rona tsa semoya. Ba malapa a badiri ba ba neng ba berekela ditheo tsa dinaga di sele ba ne ba fudusediwa kwa Nairobi, kwa Kenya ka dikgwedi tse thataro. Rona ba re neng re setse kwa Uganda, re ne ra tswelela ka dipokano tsa rona tsa Bokeresete le tiro ya go rera, le mororo re ne re tshwanelwa ke go dira jalo re le kelotlhoko.

Ka April 1988, mmereko wa me o ne wa fela mme ra fuduga gape. Re ne ra kgaogana le Phuthego ya Entebbe re kgotsofetse tota ka ntlha ya go gatela pele ga yone semoyeng. Ka July 1997, re ne ra nna le tshono ya go etela Entebbe gape. Ka nako eo, bangwe ba batho ba re neng re ithuta Baebele le bone e ne e le bagolwane. A bo re ne ra itumela jang go bona batho ba le 106 ba le gone mo Pokanong ya Phatlalatsa!

Go Fudugela Kwa Tshimong e e Iseng e Berekwe

A re ne re tla kgona go bulegelwa ke ditshono tse disha? Ee, tiro ya me e e latelang e ne e le kwa Mogadishu International Airport, kwa Somalia. Re ne ra ikemisetsa go dirisa tshono eno e ntšha ka botlalo go dira mo tshimong e e neng e ise e berekwe.

Re ne re rerela thata badiri ba boemedi jwa puso ya Philippines le batho ba bangwe ba dinaga di sele. Gantsi re ne re kopana le bone mo marekelong. Gape re ne re tle re ba etele mo magaeng a bone. Ka ntlha ya go ruta batho ba bangwe dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele re dirisa botswerere, temogo, matsetseleko le go ikaega gotlhelele ka Jehofa, re ne ra kgona go bona maungo a a molemo mo bathong ba dinaga tse di farologaneng. Morago ga dingwaga tse pedi, re ne ra fuduga kwa Mogadishu—pele fela ga go runya ntwa teng.

Go tswa foo Mokgatlho wa International Civil Aviation o ne wa mphudusetsa kwa Yangon, kwa Myanmar. Le teng koo re ne ra bulegelwa ke ditshono tse dintsi tse di molemo tsa go thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go ithuta ka maikaelelo a Modimo. Go tswa kwa Myanmar, re ne ra isiwa kwa Dar es Salaam, kwa Tanzania. Go rera dikgang tse di molemo ka ntlo le ntlo kwa Dar es Salaam go ne go le motlhofo ka gonne go ne go na le batho ba ba buang Seesemane teng.

Mo dinageng tsotlhe tse re berekileng kwa go tsone, re ne re se na mathata a le mantsi a go tswelela ka bodiredi jwa rona, le fa gone bontsi jwa tsone di ne di thibetse tiro ya Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya maemo a tiro ya me, e gantsi e neng e amanngwa le puso kana mekgatlho ya dinaga di sele, batho ba ne ba se ke ba belaela tiro ya rona.

Mmereko wa me o ne wa dira gore nna le mosadi wa me re tshele botshelo jwa go kgarakgatshega ka dingwaga di le masome a mararo. Le fa go ntse jalo, re ne re tsaya mmereko ono e le tsela fela ya gore re fitlhelele mokgele wa rona o mogolo. Ka metlha mokgele wa rona o mogolo e ne e le go atolosa ditiro tsa Bogosi jwa Modimo. Re leboga Jehofa ka go re thusa go dirisa ka botlalo maemo a rona a a neng a fetofetoga le go re abela ditshono tse di molemo tsa go anamisa dikgang tse di molemo gaufi le kgakala.

Go Boela Kwa re Simolotseng Teng

Fa ke le dingwaga tse 58 ke ne ka dira tshwetso ya go tlogela tiro pele ga nako gore ke boela kwa Philippines. Fa re boela morago re ne ra rapela Jehofa gore a kaele dikgato tsa rona. Re ne ra simolola go dira le phuthego ya Trece Martires City kwa porofenseng ya Cavite. Fa re goroga teng, go ne go na le baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba le 19 fela. Go ne ga rulaganngwa tiro ya go rera letsatsi le letsatsi, mme ga simololwa dithuto tsa Baebele di le dintsi. Phuthego e ne ya simolola go gola. Ka nako nngwe, mogatsake o ne a na le dithuto tsa magae tsa Baebele di le 19 mme nna di le 14.

Go ise go ye kae ke fa Holo ya Bogosi e setse e nna nnye. Re ne ra rapela Jehofa ka kgang eno. Mokaulengwe mongwe le mosadi wa gagwe ba ne ba abela phuthego setsha, mme ofisi ya lekala e ne ya dumela go re adima madi a go aga Holo ya Bogosi e ntšha. Kago eno e ntšha e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo mo tirong ya go rera, mme palo ya batho ba ba neng ba nna gone mo dipokanong e ne e oketsega beke le beke. Gone jaanong, re tsamaya sekgala se se fetang ura go ya go thusa phuthego nngwe ya baboledi ba le 17.

Nna le mogatsake re anaanela thata tshono e re nnileng le yone ya go dira mo dinageng tse dintsi jaana. Fa re leba kwa morago re akanya ka botshelo jwa rona jwa go kgarakgatshega, re ikutlwa re kgotsofetse gore re bo re dirisitse ka tsela e e molemo go gaisa tsotlhe—go thusa batho ba bangwe go itse Jehofa!

[Mmapa mo go tsebe 24, 25]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

TANZANIA

UGANDA

SOMALIA

IRAN

BANGLADESH

MYANMAR

LAOS

THAILAND

PHILIPPINES

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ke na le mogatsake, Aurea