Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo—E na Le Maatla a go Nonotsha

Tsholofelo—E na Le Maatla a go Nonotsha

Tsholofelo—E na Le Maatla a go Nonotsha

TSHOLOFELO ya boammaaruri, e go buiwang ka yone mo Baebeleng, e gaisa go nna fela le keletso, ka gonne keletso e ka nna ya se ka ya nna le motheo kana e ka nna ya se ka ya kgona go diragadiwa. Gape tsholofelo e gaisa go lebelela sengwe, ka gonne ga se ka metlha selo se se lebeletsweng e leng se se eletsegang.

Baebele e bontsha gore bontsi jwa batho mo lefatsheng ga ba na tsholofelo ya mmatota, e e nang le motheo o o nonofileng; batho ba lebane le loso mme ga ba na tsholofelo ka se se tlileng go direga ka gonne ba sa itse sepe ka thulaganyo e e leng gone e e tswang mo motsweding wa maemo a a kwa godimo. Solomone o ne a tlhalosa maemo a batho ba leng mo go one ka go re ke “lefela le legolo” mme go nna jalo fa Modimo a sa tsenye letsogo go ba thusa mo maemong ano.—Moreri 12:8.

Mafoko a batho ba ba se nang tsholofelo mo Modimong le mo tsholofetsong ya gagwe ya gore o tla tsosa baswi, ke a a tshwanang le a a neng a buiwa ke baagi ba Jerusalema ba batsuolodi, ba ba neng ba inaakanya le botshelo jwa boitlhapediso go na le gore ba ikwatlhaye le go swabela dilo tse ba neng ba di dira fa motse wa bone o ne o tlile go fedisiwa. Ba ne ba re: “A go jewe go nowe, gonne ka moso re tla swa.” (Isaia 22:13) Moaposetoloi Paulo o re tlhagisa gore re ikele tlhoko gore re se ka ra tshwaediwa ke boikutlo jo bo ntseng jalo jwa batho ba ba se nang tsholofelo.—1 Bakorintha 15:32, 33.

Paulo o ne a sa ganele gore batho ba lefatshe ba na le ditsholofelo dingwe tse di neng di ka kgona go diragadiwa, tse di ka tswang di le molemo. Go na le moo, o ne a bontsha gore fa motho a sa ikaege ka Modimo, ditsholofelo tsa gagwe ga di na mosola; tota di ka nna tsa itshupa di se na mosola ope fa nako e ntse e tsamaya.

Motswedi wa Tsholofelo

Jehofa Modimo ke Motswedi wa tsholofelo ya mmatota e bile ke Ene yo o kgonang go diragatsa ditsholofetso tsotlhe tsa gagwe le ditsholofelo tsa batho ba ba mo ikanyang. Ke ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang go bo a neile batho ‘kgomotso le tsholofelo e e molemo.’ (2 Bathesalonika 2:16) Mo Dikwalong tsa Sehebera go na le mafoko a le mantsi a a tlhalosang go solofela, go ikanya le go tshepa Jehofa. Ka ntlha ya lorato lwa bopelonomi lo a neng a rata batho ba gagwe ka lone, o ne a ba raya mafoko ano le mororo ba ne ba tlile go ya botshwarong ka ntlha ya go se mo ikobele: “Ke itse sentle dikakanyo tse ke di akanyang ka lona, . . . dikakanyo tsa kagiso, mme e seng tsa masetlapelo, go lo naya isagwe le tsholofelo.”—Jeremia 29:11.

Tsholofetso ya ga Jehofa e ne ya nonotsha tumelo le tsholofelo ya Baiseraele ba ba ikanyegang ka nako ya fa ba ne ba isitswe botshwarwa kwa Babelona; e ne ya nonotsha thata banna ba ba jaaka Esekiele le Daniele, ka gonne Jehofa o ne a re: “Go na le tsholofelo ka isagwe ya gago, . . . mme barwa ba tla boela kwa karolong ya bone ya naga.” (Jeremia 31:17) Tsholofelo eo e ne ya diragala fa masalela a a ikanyegang a Bajuda a ne a boela gae go ya go aga Jerusalema le tempele ya yone sesha ka 537 B.C.E.—Esera 1:1-6.

Ga se bogagapa fa motlhanka wa Modimo a nna le tsholofelo ya gore o tla bona tuelo. Gore motho a nne le pono e e siameng le go tlhaloganya Modimo, o tshwanetse a itse gore bopelonomi jwa lorato le bopelotshweu ke dinonofo tse dikgolo tsa Modimo; motho ga a tshwanela go dumela fela gore Modimo o gone go na le moo o tshwanetse go dumela le “gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Tsholofelo e Botlhokwa mo Tumelong

Gape tsholofelo e botlhokwa mo tumelong; ke yone motheo wa tumelo. (Bahebera 11:1) Kafa letlhakoreng le lengwe, tumelo e dira gore tsholofelo e nonofe. Moaposetoloi Paulo o ne a nonotsha Bakeresete ka go umaka sekao se se molemo sa ga Aborahame.

Ka nako e ka yone batho ba neng ba ka tsaya gore Aborahame le Sara ba fetile dingwaga tsa go solofela go nna le bana, ga twe: “Le mororo a ne a sa tlhole a na le tsholofelo, le fa go ntse jalo o ne a na le tumelo e thailwe mo tsholofelong, gore a tle a nne rre wa ditšhaba di le dintsi tumalanong le se se builweng: ‘Losika lwa gago lo tla nna jalo.’” Aborahame o ne a itse gore mmele wa gagwe le wa ga Sara e ne e setse e “sule” go ka tshola bana. Le fa go ntse jalo, o ne a se ka a koafala tumelo. Ka ntlha yang? “Ka ntlha ya tsholofetso ya Modimo o ne a se ka a reketla ka ntlha ya go tlhoka tumelo, mme a nna maatla ka tumelo ya gagwe, a galaletsa Modimo.”—Baroma 4:18-20.

Go tswa foo, moaposetoloi o bontsha kafa sekao sa ga Aborahame sa tumelo le tsholofelo se amanang ka teng le Bakeresete ka go konela jaana: “A re itumeleng, re itshetlegile ka tsholofetso ya kgalalelo ya Modimo . . . mme tsholofelo ga e swabise; ka gonne lorato lwa Modimo lo tshololetswe mo dipelong tsa rona ka moya o o boitshepo, o re neng ra o newa.”—Baroma 5:2, 5.

Tsholofelo ya Bakeresete

Tsholofelo ya Bakeresete, tota re ka re ya batho botlhe, e ikaegile ka Jesu Keresete. Go ne go se na motho ope yo o nang le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong kana mo lefatsheng go fitlha Keresete Jesu “a phatsimisitse lesedi mo botshelong le mo go sa boleng ka dikgang tse di molemo.”—2 Timotheo 1:10.

Tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng le jwa go se bole ya batho “ba ba nang le seabe mo pitsong ya selegodimo” ke e e tlhomameng mme ke sengwe se go ka ikaegwang ka sone ka botlalo. (Bahebera 3:1) E ikaegile ka dilo tse pedi tse go ka se kgonegeng gore Modimo a ake mo go tsone, e leng tsholofetso le maikano a gagwe mme tsholofelo e ikaegile ka Keresete yo gone jaanong a nang le bosasweng kwa legodimong. Ka gone, go buiwa ka tsholofelo e le “tshetledi ya moya, e e tlhomamisegang e bile e nitame, e bile e tsena mo teng kafa gare ga sesiro [fa moperesiti yo mogolo a ne a tsena mo Lefelong la Boitshepo ka Letsatsi la Tetlanyo], koo moetapele a tseneng mo boemong jwa rona gone, e bong Jesu, yo jaanong e leng moperesiti yo mogolo kafa mokgweng wa ga Melekisedeke ka bosaengkae.”—Bahebera 6:17-20.

Melemo ya go Ipoloka O na Le Tsholofelo

Gangwe le gape mo Baebeleng go gatelelwa botlhokwa jwa gore Bakeresete ba kgomarele ‘tsholofelo e le nngwe.’ (Baefeso 4:4) Go re tlhoka gore re nne re dire ka natla le go dirisa kgololesego ya go bua le go “ipelafatsa” ka tsholofelo ka boyone.—Bahebera 3:6; 6:11.

Tsholofelo e godisiwa ka go itshokela diteko; mme go dira jalo go dira gore motho a nne le boemo jo bo amogelegang mo Modimong, yo tsholofelo e tswang mo go ene. (Baroma 5:2-5) E bapisiwa le tumelo le lorato jaaka nngwe ya dinonofo tse tharo tse di tlhaolang phuthego ya Bokeresete fa e sa le go sa tlhole go na le dimpho tsa moya tsa go dira dikgakgamatso tse di neng di le teng mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga.—1 Bakorintha 13:13.

Tsholofelo ke selo se se botlhokwa thata mo Mokereseteng. E tsamaisana le boipelo, kagiso le maatla a moya o o boitshepo. (Baroma 15:13) E dira gore motho a nne le kgololesego ya go bua fa a buisana le Modimo ka bopelonomi jwa gagwe jo bo sa re tshwanelang le kutlwelobotlhoko ya gagwe. (2 Bakorintha 3:12) E thusa Mokeresete go itshoka ka boipelo, go sa kgathalasege maemo a a ka tswang a le mo go one. (Baroma 12:12) Fela jaaka tlhoro ya phemelo e ne e sireletsa lesole, tsholofelo ya poloko le yone e sireletsa bokgoni jwa Mokeresete jwa go akanya gore a kgone go nna a ikanyega.—1 Bathesalonika 5:8.

Tsholofelo e thusa Mokeresete go nna a le mo tseleng e e phepa ya botshelo, ka gonne a itse gore Modimo le Keresete, ba tsholofelo e ikaegileng ka bone, ba phepa le gore a ka se solofele go tshwana le Modimo le go amogela tuelo mo go ene fa a dira ditiro tse di leswe kana tse di sa siamang. (1 Johane 3:2, 3) E amana thata le nonofo e kgolo go di gaisa tsotlhe e leng lorato, ka gonne motho yo o nang le lorato lwa boammaaruri lwa Modimo gape o tla nna le tsholofelo mo ditsholofetsong tsotlhe tsa Modimo. Mme mo godimo ga moo, o tla solofela dilo tse di molemo ka bakaulengwe ba gagwe mo tumelong, a ba rata le go tshepa tsela e ba ikanyang Keresete ka yone.—1 Bakorintha 13:4, 7; 1 Bathesalonika 2:19.