Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Bakang Jehofa ba Tokafatsa Matshelo a Bone

Basha ba ba Bakang Jehofa ba Tokafatsa Matshelo a Bone

“Thuso Ya me E Tswa Kwa go Jehofa”

Basha ba ba Bakang Jehofa ba Tokafatsa Matshelo a Bone

“KE BATLA se se molemolemo mo botshelong!” Mosimane mongwe yo mosha o ne a tlhalosa jalo se a se batlang. Mme mosha a ka bona jang se se molemolemo mo botshelong? Baebele e naya karabo eno e e tlhamaletseng: “Gakologelwa Mmopi wa gago fa o sa le mosha!”— Moreri 12:1, Contemporary English Version.

Go baka le go direla Jehofa ga se selo se se tshwanetseng go dirwa ke bagolo fela. Samuele, morwa Elekana le Hana, o ne a le mmotlana thata fa a ne a direla Jehofa kwa motlaaganeng. (1 Samuele 1:19, 20, 24; 2:11) Mosetsanyana wa Mohebera o ne a bontsha gore o na le tumelo e e feletseng mo go Jehofa fa a ne a akantsha gore mookamedi wa masole a Siria, Naamane, a ye kwa go moporofeti Elisha gore a tle a fodisiwe lepero. (2 Dikgosi 5:2, 3) Mo go Pesalema 148:7, 12, basimane le basetsana ba laelwa gore ba bake Jehofa. * Fa Jesu a ne a na le dingwaga di le 12 fela, o ne a rata thata go direla Rraagwe. (Luke 2:41-49) Ka ntlha ya thapiso e basimane bangwe ba neng ba e neilwe go tswa mo Dikwalong, ba ne ba goa jaana fa ba bona Jesu kwa tempeleng: “Boloka Morwa Dafide, re a rapela!”—Mathaio 21:15, 16.

Go Baka Jehofa Gompieno

Gompieno basha ba bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba motlotlo ka se ba se dumelang e bile ba se bolelela ba bangwe ka bopelokgale kwa dikolong le mo mafelong a mangwe. Sekaseka dikai tse pedi.

Kwa Boritane, mo tlelaseng ya ga Stephanie yo o nang le dingwaga di le 18, go ne go tlotlwa ka go senya mpa le dikgang tse dingwe tse di amanang le boitsholo. Morutabana o ne a gatelela gore go senya mpa jaanong go a amogelwa le gore ga go na mosetsana ope yo o ka nnang le mabaka a go sa dumalane le gore go dirwe. Fa baithuti ba bangwe botlhe mo tlelaseng ba ne ba dumalana le seo, Stephanie o ne a ikutlwa a patelesega go buelela se a se dumelang go tswa mo Baebeleng. Stephanie o ne a bulegelwa ke sebaka sa go dira jalo fa morutabana a ne a mmotsa gore o bona kgang eo jang. Le fa Stephanie a ne a tshogile kwa tshimologong, o ne a dirisa sebaka seo go tlhalosa pono ya gagwe e e theilweng mo Dikwalong. O ne a nopola mafoko a Ekesodo 21:22-24 a dirisa mafoko a gagwe mme a tlhalosa gore fa e le gore go ne go le phoso go gobatsa ngwana yo o iseng a tsholwe, go raya gore go senya mpa ga go dumalane le thato ya Modimo.

Morutabana yono, yo e leng moruti, o ne a ise a ko a bale ditemana tseo. Go rera ka bopelokgale ga ga Stephanie go ne ga felela ka gore a tlotle le bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ka dikgang tse di farologaneng. Mosetsana mongwe jaanong o amogela dikhopi tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha mme ba bangwe ba babedi ba ile ba nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya Basupi ba ga Jehofa ba ile go bona Stephanie a kolobediwa, ka go dira jalo a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo Modimong.

Fa morutabana wa ga Vareta, yo o nang le dingwaga di le thataro wa kwa Suriname, kwa Amerika Borwa, a ne a tlhoka kgomotso e e tswang mo Dikwalong, Vareta o ne a dirisa sebaka seo go baka Modimo. Fa morutabana yoo a ne a boa morago ga gore a se ka a nna teng ka malatsi a mararo, o ne a botsa baithuti ba gagwe gore a ba itse lebaka la go bo a ne a seyo. Ba ne ba re: “O ne o lwala, ga ke re?” Morutabana o ne a re: “Nnyaa. Nkgonne o tlhokafetse mme ke utlwile botlhoko thata. Ka jalo lo se ka lwa tlhodia.”

Motshegare oo fa mmaagwe Vareta a ne a robetse, Vareta o ne a tshwaregile a dira patlisiso mo dimakasineng tse di fetileng, a bala ditlhogo tsa tsone. O ne a bona Tora ya Tebelo ya July 15, 2001, e e nang le setlhogo se se reng “A go Na le Botshelo Morago ga Loso? O ne a itumela thata mme a tsosa mmaagwe, a re: “Mmè, Mmè, bona! Ke bone makasine o o buang ka loso o ke tla o nayang morutabana wa me!” Vareta o ne a romelela morutabana makasine oo mmogo le lekwalo le a le kwadileng. O ne a kwala jaana: “Makasine ono ke wa gago. Kwa Paradaiseng o tlile go bona mogoloo gape ka gonne Jehofa ga nke a bua maaka. O solofeditse gore o tla dira paradaise, mo lefatsheng e seng kwa legodimong.” Morutabana yoo o ne a bolela gore o anaanela thata kgomotso e e theilweng mo Baebeleng e a e boneng mo ditlhogong tseo.

Go Itirela Bokamoso

Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng” mme o batla go bona basha ba itumetse. (1 Timotheo 1:11) Lefoko la gagwe la re: “Ipelele bosha jwa gago. Itumele fa o sa le mosha.” (Moreri 11:9, Today’s English Version) Jehofa o bonela dilo kwa pele mme o kgona go lemoga gore boitshwaro jo bo molemo le jo bo sa siamang bo tla nna le diphelelo dife. Ke sone se Lefoko la gagwe le gakololang basha jaana: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago, pele ga malatsi a masetlapelo a goroga, kgotsa dingwaga di goroga tsa fa o tla bo o re: ‘Ga ke na kgatlhego mo go tsone.’”—Moreri 12:1.

Ee, Jehofa o batla gore basha ba itumelele mpho e e tlhwatlhwakgolo ya botshelo. Ka go gakologelwa Modimo le go mmaka, basha ba ka tshela matshelo a a kgotsofatsang le a a nang le boikaelelo. Le fa ba lebane le mathata, ba ka bua jaana ba tlhwatswegile pelo: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2005 Calendar of Jehovah’s Witnesses, March/April.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Bakang Jehofa go tswa mo lefatsheng, . . . lona makau le lona makgarebane.”—PESALEMA 148:7, 12

[Lebokoso mo go tsebe 8]

JEHOFA O EMA BASHA NOKENG

“O tsholofelo ya me, wena Morena Molaodimogolo Jehofa, tshepo ya me go tswa bosheng jwa me.”—Pesalema 71:5.

“[Modimo o kgotsofatsa] nako ya fa o sa ntse o tshela ka se se molemo; bosha jwa gago bo nna bo intšhafatsa fela jaaka jwa ntsu.”—Pesalema 103:5.