Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Ntlha

NGWAGA ke 1117 B.C.E. Dingwaga tse di ka nnang makgolo a le mararo di setse di fetile fa e sa le Joshua a sena go thopa Lefatshe le le Solofeditsweng. Banna ba bagolwane ba Iseraele ba tla mo moporofeting wa ga Jehofa go tla go dira kopo e e sa tlwaelegang. Moporofeti yono o rapela ka kgang eno, mme Jehofa o ba naya se ba se kopang. Seno se bontsha sentle go fela ga lobaka lwa Baatlhodi le tshimologo ya motlha wa dikgosi tsa batho. Buka ya Baebele ya Samuele wa Ntlha e tlhalosa ka ditiragalo tse di kgatlhang tse di amanang le diphetogo tseo tse di botlhokwa mo hisitoring ya setšhaba sa Iseraele.

Samuele, Nathane le Gada ke bone ba kwadileng Samuele wa Ntlha, mme e tlotla ka ditiragalo tse di tsereng lobaka lwa dingwaga di le 102—go tloga ka 1180 go ya go 1078 B.C.E. (1 Ditiragalo 29:29) Ke pego ya baeteledipele ba le banè ba Iseraele. Ba le babedi ba bone ke baatlhodi mme ba bangwe ba babedi bone ke dikgosi. Bobedi jo bongwe bo ikobela Jehofa mme jo bongwe ga bo mo ikobele. Gape re ithuta ka basadi ba le babedi ba ba tlhomang sekao le motlhabani yo o pelokgale mme a le bonolo. Dikai tseo di re ruta thuto e e botlhokwa ka mekgwa le ditiro tsa bone tse re ka di etsang le tse re tshwanetseng go di tila. Ka jalo diteng tsa Samuele wa Ntlha di ka kgona go tlhotlheletsa dikakanyo tsa rona le ditiro tsa rona.—Bahebera 4:12.

SAMUELE O TLHATLHAMA ELI GO NNA MOATLHODI

(1 Samuele 1:1–7:17)

Ke nako ya Moletlo wa go Rora, mme Hana, yo o nnang kwa Rama, o itumetse fela thata. * Jehofa o arabile dithapelo tsa gagwe mme o ile a belega morwa. Go diragatsa maikano a gagwe, Hana o isa morwawe e bong Samuele gore a ye go direla kwa “ntlong ya ga Jehofa.” Fa a le koo, mosimane o nna “modiredi wa ga Jehofa fa pele ga moperesiti Eli.” (1 Samuele 1:24; 2:11) Fa Samuele a sa ntse a le mmotlana thata, Jehofa o buisana le ene, a mmolelela gore o tla atlhola ba ntlo ya ga Eli. Fa Samuele a gola, batho botlhe ba Iseraele ba mo amogela jaaka moporofeti wa ga Jehofa.

Kgabagare, Bafilisitia ba tla go lwantsha Baiseraele. Ba gapa Letlole ba bo ba bolaya bomorwa Eli ba babedi. Fa Eli yo o tsofetseng a utlwa dikgang tseno, o a swa, morago ga go nna “moatlhodi wa Iseraele dingwaga di le masome a manè.” (1 Samuele 4:18) Go lebega go le kotsi gore Letlole le nne mo Bafilisiteng, ka jalo ba le busetsa kwa Baiseraeleng. Jaanong Samuele o nna moatlhodi mo Iseraele mme go nna le kagiso mo nageng.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:10—Ke ka ntlha yang fa Hana a ile a rapelela gore Jehofa “a neye kgosi ya gagwe nonofo” fa go ne go se na kgosi epe ya motho mo Iseraele? Go ne go boleletswe pele mo Molaong wa ga Moshe gore Baiseraele ba ne ba tla nna le kgosi ya motho. (Duteronome 17:14-18) Mo boporofeting jwa ga Jakobe fa a tloga a swa, o ne a re: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo fapoga mo Juda.” (Genesise 49:10) Mo godimo ga moo, malebana le Sara—mmèmogologolwane wa Baiseraele—Jehofa o ne a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di tla tswa mo go ene.” (Genesise 17:16) Ka jalo Hana o ne a rapela ka kgosi ya mo isagweng.

3:3—A tota Samuele o ne a robala mo Boitshepong jwa Maitshepo? Nnyaa, o ne a sa robale teng. Samuele e ne e le Molefi wa lelapa le e seng la boperesiti la Bakohathe. (1 Ditiragalo 6:33-38) Ka jalo, o ne a sa letlelelwa go “tla go bona dilo tse di boitshepo.” (Dipalo 4:17-20) Karolo e le nosi fela ya lefelo le le boitshepo e Samuele a neng a kgona go tsena mo go yone e ne e le lolwapa lwa motlaagana. O tshwanetse a bo a ne a robala mo go lone. Go bonala Eli le ene a ne a robala felo gongwe mo motlaaganeng. Polelwana e e reng “kwa letlole la Modimo le neng le le teng” go bonala e raya lefelo la motlaagana.

7:7-9, 17—Ke ka ntlha yang fa Samuele a ne a isa tshupelo e e fisiwang kwa Misepa a bo a tlhoma sebeso kwa Rama, le mororo ditlhabelo di ne di tshwanetse go isiwa ka metlha fela kwa lefelong le Jehofa a neng a le tlhophile? (Duteronome 12:4-7, 13, 14; Joshua 22:19) Fa Letlole le le boitshepo le sena go ntshiwa mo motlaaganeng kwa Shilo, go ne ga bonala gore Jehofa o ne a sa tlhole a le teng mo go one. Ka jalo, jaaka moemedi wa Modimo, Samuele o ne a isa tshupelo e e fisiwang kwa Misepa a bo a tlhoma sebeso kwa Rama. Go bonala se a neng a se dira se ne sa amogelwa ke Jehofa.

Se re Ithutang Sone:

1:11, 12, 21-23; 2:19. Tsela e Hana a neng a leba thapelo ka yone, boikokobetso jwa gagwe, go anaanela ga gagwe bopelonomi jwa ga Jehofa le lorato lo a neng a lo bontsha ka dinako tsotlhe lo mmè a lo bontshang bana ba gagwe ke sekao mo basading botlhe ba ba boifang Modimo.

1:8. Ruri Elekana o ne a tlhoma sekao se se molemo sa go nonotsha ba bangwe ka mafoko! (Jobe 16:5) La ntlha o ne a botsa Hana yo o neng a tshwenyegile thata mo maikutlong potso eno kwantle ga go mo latofatsa: “Ke ka ntlha yang fa pelo ya gago e sulafaletswe?” Seno se ne sa mo kgothatsa gore a ntshe maikutlo a gagwe. Morago ga moo, Elekana o ne a mo tlhomamisetsa gore o a mo rata, a re: “A ga ke botoka mo go wena go na le bana ba le lesome ba basimane?”

2:26; 3:5-8, 15, 19. Fa re dira tiro e Modimo a re neileng yone ka tlhoafalo, re sola molemo thapiso ya semoya e re e newang le go nna maitseo le tlotlo, re tla “ratega” mo Modimong le mo bathong.

4:3, 4, 10. Tota le selo se se boitshepo jaaka letlole la kgolagano ga le a ka la nna pheko e e sireletsang. Re tshwanetse ‘go itisa mo medingwaneng.’—1 Johane 5:21.

KGOSI YA NTLHA YA ISERAELE—A E A ATLEGA KGOTSA E A PALELWA?

(1 Samuele 8:1–15:35)

Samuele o ikanyega mo go Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe mme bomorwawe ga ba tsamaye mo ditseleng tsa Modimo. Fa banna ba bagolwane ba Iseraele ba kopa gore go nne le motho mongwe yo e tla nnang kgosi ya bone, Jehofa o ba letlelela gore ba nne le yone. Samuele o latela kaelo ya ga Jehofa mme o tlotsa Saulo, Mobenjamine yo montle gore e nne kgosi. Saulo o nonotsha boemo jwa gagwe jaaka kgosi ka go fenya Baamona.

Morwa wa ga Saulo yo o pelokgale e bong Jonathane o fenya masole a Bafilisitia. Bafilisitia ba tla ka mophato o mogolo thata wa masole go tla go tlhasela Iseraele. Saulo o a boifa mme o tlola molao ka go ntsha setlhabelo sa phiso ka boene. Jonathane yo o pelokgale o tsaya motsholadibetsa wa gagwe a le esi fela ba bo ba ya go tlhasela bothibelelo jo bongwe jwa masole a Bafilisitia. Le fa go ntse jalo, go dira maikano ga ga Saulo ka go phamoga fela, go ne ga dira gore masole a se ka a fenya gotlhelele. Saulo o tswelela go “lwa mo tikologong” le baba ba gagwe botlhe. (1 Samuele 14:47) Le fa go le jalo, fa a sena go fenya Baamaleka, ga a ikobele Jehofa ka go boloka se se neng se “neeletswe tshenyego.” (Lefitiko 27:28, 29) Ka ntlha ya moo, Jehofa o gana Saulo jaaka kgosi.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

9:9—Ke eng se se tlhomologileng ka polelwana e e reng “moporofeti wa gompieno o kile a bo a bidiwa mmoni”? Mafoko ano a ka tswa a supa gore fa baporofeti ba ne ba simolola go itsege thata mo malatsing a ga Samuele le ka motlha wa dikgosi kwa Iseraele, lefoko “mmoni” le ne la tseelwa sebaka ke la “moporofeti.” Samuele o tsewa e le wa ntlha mo losikeng lwa baporofeti.—Ditiro 3:24.

14:24-32, 44, 45—A Jonathane o ne a se ka a amogelwa ke Modimo ka go bo a ile a tlola ikano ya ga Saulo ka go ja tswina ya dinotshe? Ga go bonale seno se dirile gore Jonathane a se ka a amogelwa ke Modimo. Sa ntlha, Jonathane o ne a sa itse ka ikano ya ga rraagwe. Mo godimo ga moo, ikano eno e kgosi e neng ya e dira ka ntlha ya go tlhoafala ka tsela e e sa siamang kgotsa ka ntlha ya go dirisa maatla a gagwe a go nna kgosi ka tsela e e sa siamang, go ne ga bakela batho mathata. Modimo o ne a ka amogela jang ikano e e ntseng jalo? Le fa Jonathane a ne a iketleeleditse go amogela matswela a go tlola ikano eno, o ne a se ka a bolawa.

15:6—Ke ka ntlha yang fa Saulo a ile a bontsha Bakene bopelonomi jo bo kgethegileng? Bakene e ne e le bomorwa mogwagadiagwe Moshe. Ba ne ba thusa Baiseraele fa ba sena go tswa kwa Thabeng ya Sinai. (Dipalo 10:29-32) Kwa lefatsheng la Kanana, Bakene ba ne ba nna le bomorwa Juda ka lobakanyana. (Baatlhodi 1:16) Le fa kwa morago ba ne ba nna le Baamaleke le batho ba bangwe ba le mmalwa, Bakene ba ne ba sa ntse ba utlwana le Baiseraele. Ka jalo, Saulo o ne a na le lebaka le le utlwalang la go ba sireletsa.

Se re Ithutang Sone:

9:21; 10:22, 27. Boikokobetso jwa ga Saulo fa a ne a nna kgosi la ntlha bo ne jwa mo sireletsa gore a se ka a dira dilo ka go phamoga fela fa ‘banna bangwe ba ba se nang molemo wa sepe’ ba ne ba sa mo amogele jaaka kgosi. Ruri boikokobetso jo bo ntseng jalo bo ka re sireletsa gore re se ka ra dira dilo ka go phamoga!

12:20, 21. O se ka wa letlelela “dilo tse e seng tsa mmatota” tse di tshwanang le go ikanya batho, go tshepa sesole se se nonofileng sa ditšhaba kgotsa kobamelo ya medingwana go go faposa mo go direleng Jehofa.

12:24. Selo se se botlhokwa se se ka re thusang go nna re boifa Jehofa le go mo direla ka pelo yotlhe ke go ‘bona dilo tsotlhe tse dikgolo tse a di diretseng’ batho ba gagwe mo metlheng ya bogologolo le ya gompieno.

13:10-14; 15:22-25, 30. Itise kgatlhanong le boikgodiso—e ka ne e le ka go se utlwe kgotsa ka go nna boikgodiso.—Diane 11:2.

MOSIMANE WA MODISA O TLHOPHIWA GO NNA KGOSI

(1 Samuele 16:1–31:13)

Samuele o tlotsa Dafide wa lotso lwa Juda gore a nne kgosi ya mo isagweng. Moragonyana, Dafide o bolaya mokaloba wa Mofilisitia e bong Goliathe ka motsekedi le leje le le nosi fela. Dafide le Jonathane ba nna ditsala tse dikgolo fela thata. Saulo o dira gore Dafide a okamele batlhabani ba gagwe. Malebana le diphenyo tse dintsi tsa ga Dafide, basadi ba Iseraele ba opela jaana: “Saulo o kgemethile dikete tsa gagwe, mme Dafide dikete tsa gagwe di le masome.” (1 Samuele 18:7) Saulo o tlala lefufa a bo a batla go bolaya Dafide. Morago ga go tlhaselwa gararo ke Saulo, Dafide o a tshaba mme o nna mofaladi.

Ka dingwaga tse a leng mofaladi ka tsone, Dafide o boloka botshelo jwa ga Saulo makgetlho a le mabedi. O kopana gape le Abigaile yo montle mme kgabagare o a mo nyala. Fa Bafilisitia ba tla go tlhasela Baiseraele, Saulo o kopa kgakololo mo go Jehofa. Mme Jehofa o mo tlogetse. Samuele o tlhokafetse. A sa itse gore a ka dira eng, Saulo o ya kwa mothong yo o buisanang le meya, mme o mmolelela gore o tla bolawa mo ntweng kgatlhanong le Bafilisitia. Mo ntweng eo, Saulo o gobala botlhoko thata mme bomorwawe ba a bolawa. Pego eno e felela ka Saulo a tlhokafala a reteletswe. Dafide o sa ntse a iphitlhile.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

16:14—Ke moya ofe o o bosula o o neng o tshwenya Saulo? Moya o o bosula o o neng wa dira gore Saulo a se ka a ritibala mo maikutlong e ne e le tshekamelo e e bosula e a neng a na le yone ya mogopolo le pelo—keletso ya go dira se se bosula. Fa Jehofa a ne a tlosa moya wa gagwe o o boitshepo mo go Saulo, o ne wa se ka wa tlhola o mo sireletsa mme o ne a nna le moya wa gagwe o o bosula. E re ka Modimo a ile a letlelela gore moya wa gagwe o o boitshepo o tseelwe sebaka ke o o bosula, moya o o bosula ono o bidiwa “moya o o bosula o o tswang kwa go Jehofa.”

17:55—Go ya ka 1 Samuele 16:17-23, ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a botsa gore Dafide ke morwa wa ga mang? Go botsa ga ga Saulo e ne e se fela gore leina la ga rraagwe Dafide ke mang. Go bonala a ne a batla go itse gore rre yo o godisitseng mosimane yo o sa tswang go bolaya mokaloba e ne e le motho wa mofuta mang.

Se re Ithutang Sone:

16:6, 7. Go na le gore re kgatlhiwe ke tsela e ba bangwe ba lebegang ka yone kgotsa re ba atlhole ka bonako, re tshwanetse go leka go ba leba fela ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone.

17:47-50. Re ka lebana le dikganetso ka bopelokgale kgotsa dipogiso tsa baba ba ba tshwanang le Goliathe ka gonne “tlhabano ke ya ga Jehofa.”

18:1, 3; 20:41, 42. Re ka bona ditsala tsa boammaaruri mo go ba ba ratang Jehofa.

21:12, 13. Jehofa o lebeletse gore re dirise maatla a rona a go akanya le bokgoni jwa rona go lebana le maemo a a boima mo botshelong. O re neile Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le le re nayang botlhale, kitso le bokgoni jwa go akanya. (Diane 1:4) Gape re thusiwa ke bagolwane ba Bakeresete ba ba tlhomilweng.

24:6; 26:11. A bo Dafide a tlhoma sekao se se molemo jang ne sa go tlotla batho ba ba tloditsweng ke Jehofa!

25:23-33. Botlhale jwa ga Abigaile bo tlhoma sekao.

28:8-19. Meya e e boikepo e ka itira e kete ke batho ba ba rileng ba ba suleng fa e leka go faposa batho kgotsa go ba utlwisa botlhoko. Re tshwanetse go tila mefuta yotlhe ya go dirisana le meya.—Duteronome 18:10-12.

30:23, 24. Tshwetso eno, e e mo go Dipalo 31:27, e bontsha gore Jehofa o anaanela ba ba tshegetsang ba ba nang le maikarabelo mo phuthegong. Ka jalo, le fa e le eng se re se dirang, a re se “direng ka moya otlhe jaaka [re] se direla Jehofa mme e seng batho.”—Bakolosa 3:23.

Ke Eng se se “Botoka Go na Le Setlhabelo”?

Ke thuto efe e e botlhokwa e e gatelelwang ke se se neng sa diragalela Eli, Samuele, Saulo le Dafide? Ke thuto eno e e latelang: “Go utlwa go botoka go na le setlhabelo, go tlhwaya tsebe go na le mafura a diphelefu; gonne botsuolodi bo tshwana le boleo jwa boitseanape, mme go iketeletsa kwa pele ka boikgodiso go tshwana le go dirisa maatla a masaitseweng le modingwana wa terafime.”—1 Samuele 15:22, 23.

A bo re na le tshiamelo e e molemo jang ne ya go nna le seabe mo tirong ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe le mo tirong ya go dira barutwa! Jaaka fa re naya Jehofa “dipowana tsa dipounama tsa rona,” re tshwanetse go dira bojotlhe jwa rona go ikobela kaelo e a re nayang yoneka Lefoko la gagwe le le kwadilweng le ka phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng.—Hosea 14:2; Bahebera 13:15.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go bona mafelo a le mmalwa a a umakilweng mo bukeng ya Samuele wa Ntlha, bona ditsebe 18-19 tsa boroutšhara jwa “Bona Lefatshe le le Molemo,” jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Kgosi ya ntlha ya Iseraele e ne ya fetoga mo go nneng mmusi yo o ikokobeditseng go nna kgosi e e ikgantshang le e e mabela

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Ke tsholofelo efe e re ka nnang le yone fa re lebana le kganetso mo babeng ba ba tshwanang le Goliathe?