Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go ja dinkgwe tsa tshupo ga ga Dafide le banna ba gagwe go supa gore fa motho a le kafa tlase ga maemo mangwe a a boima a ka tlola molao wa Modimo a bo a sa otlhaelwe seo?—1 Samuele 21:1-6.

Go ya ka Lefitiko 24:5-9, dinkgwe tsa tshupo tse di neng di ntshiwa ka Sabata nngwe le nngwe di ne di beelwa baperesiti gore ba di je. Molaomotheo o o neng o letla baperesiti gore ba je dinkgwe tseno e ne e le gore di ne di le boitshepo e bile di ne di tshwanetse gore e nne dijo tsa banna ba ba direlang Modimo—baperesiti. Go di naya modiri fela yo o tlwaelegileng kgotsa go di jela monate fela go ne go sa siama. Le fa go ntse jalo, moperesiti Ahimeleke ga a ka a dira boleo bope fa a ne a naya Dafide le banna ba gagwe senkgwe sa tshupo.

Ga go pelaelo gore Dafide o ne a diragatsa kabelo nngwe e e kgethegileng e a neng a e neilwe ke Kgosi Saulo. Dafide le banna ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala. Ahimeleke o ne a tlhomamisa gore ba ne ba le phepa go ya ka molao. Le fa gone ba ne ba sa letlelelwa go ja dinkgwe tsa tshupo, ba dirile jalo tumalanong le dipatlafalo tse di neng di beetswe ba ba neng ba tshwanetse go di ja. Go ba akanyetsa mono go ne ga dira gore Ahimeleke a ba letlelele go di ja. Jesu Keresete ka boene o ne a dirisa tiragalo eno go bontsha kafa go neng go le phoso ka gone go dirisa molao wa Sabata ka tsela e e sa tshwanelang jaaka fa Bafarasai ba ne ba dira.—Mathaio 12:1-8.

Le fa go ntse jalo, dintlha tse di fa godimo fano ga di reye gore motho a ka tlola molao wa Modimo fa maemo a nna boima. Ka sekai, go ne ga nna le boemo bongwe jo go bonalang bo ne bo le masisi fa batlhabani ba Iseraele ba ne ba lwantsha Bafilisitia. Kgosi Saulo o ne a ba reile a re: “Go hutsegile motho yo o jang senkgwe pele ga maitseboa le go fitlha ke ipusoloseditse mo babeng ba me!” Baebele ya re: “Mo letsatsing leo ba nna ba kgemetha Bafilisitia.” Masole a ne a lapisitswe ke ntwa e bile a tshwerwe ke tlala, ‘mme batho ba simolola go tlhabela diphologolo fa fatshe mme ba ja mmogo le madi.’ (1 Samuele 14:24, 31-33) Ba ne ba leofela Jehofa ka go tlola molao wa gagwe ka madi. Ditiro tsa bone di ne di sa dumalane le tsela e le nosi e Modimo a neng a laetse gore madi a dirisiwe ka yone, e leng ‘go dira tetlanyo’ ya maleo. (Lefitiko 17:10-12; Genesise 9:3, 4) Ka bopelotlhomogi, Jehofa o ne a amogela ditlhabelo tse di kgethegileng tsa ba ba neng ba leofile.—1 Samuele 14:34, 35.

Ee, Jehofa o lebeletse gore re ikobele melao ya gagwe mo maemong otlhe. Moaposetoloi Johane a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.”—1 Johane 5:3.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dinkgwe tse disha tsa tshupo di ne di tsenngwa mo motlaaganeng ka Sabata nngwe le nngwe